LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jr kgao. 8 ts. 92-102
  • A o Tla “Nna o Tshela” Fela Jaaka Jeremia?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Tla “Nna o Tshela” Fela Jaaka Jeremia?
  • Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • TAELO E E SA TLWAELEGANG
  • ITHUTE SENGWE MO KGANNYENG YA GO BO JEREMIA A NE A SA NYALA
  • LAPOLOSA BA BANGWE LE WENA O TLA LAPOLOSIWA
  • Go Dira ka Botlalo mo Tirelong ya Modimo le Kwantle ga Lenyalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Go sa Nyala Tsela e e Duelang ya Botshelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ba Direla Jehofa Ba se Mo Lenyalong Mme ba Kgotsofetse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Kgakololo e e Molemo ka Lenyalo Le go Se Nne mo Lenyalong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
jr kgao. 8 ts. 92-102

KGAOLO YA BOROBEDI

A o Tla “Nna o Tshela” Fela Jaaka Jeremia?

1, 2. Ke eng fa go utlwala gore go buiwe ka tlhamalalo le motho le lelapa la gagwe?

FA Joshua a sena go rotloetsa Baiseraele gore ba tlhophe yo ba batlang go mo direla, o ile a re: “Nna le ba ntlo ya me, re tla direla Jehofa.” (Josh. 24:15) Joshua o ne a ikemiseditse go ikanyega mo Modimong, mme o ne a tlhomamisegile gore le ba lelapa la gagwe ba tla dira fela jalo. Moragonyana, fa go senngwa ga Jerusalema go ntse go atamela, Jeremia o ne a bolelela Kgosi Sedekia gore fa a ka ineela mo Bababeloneng, ‘kgosi le ba ntlo ya gagwe ba tla nna ba tshela.’ (Jer. 38:17) Tshwetso e e seng botlhale e kgosi e neng ya e dira e ne ya ama ene, basadi ba gagwe le barwa ba gagwe. Barwa ba gagwe ba ne ba bolawa a ntse a ba lebile; go tswa foo ene o ne a foufadiwa mme a isiwa botshwarwa kwa Babelona.—Jer. 38:18-23; 39:6, 7.

2 Mo dipolelwaneng tse pedi tse di kwadilweng ka mokwalo o o sekameng, go buiwa ka tlhamalalo le motho a le mongwe. Mme gone, lelapa la gagwe le lone le a umakiwa. Seno se a utlwala ka gonne motho mongwe le mongwe yo o godileng o ikarabelela mo Modimong. Le fa go ntse jalo, setšhaba sa Iseraele se ne se dirilwe ka malapa. Le gompieno Bakeresete ba tsaya lelapa le le botlhokwa tota. Re lemoga seno mo go se re se balang mo Baebeleng le mo go se re ithutang sone kwa dipokanong tsa Bokeresete malebana le lenyalo, go godisa bana le go tlotla maloko a lelapa.—1 Bakor. 7:36-39; 1 Tim. 5:8.

TAELO E E SA TLWAELEGANG

3, 4. Ke ka ditsela dife seemo sa ga Jeremia se neng se farologane le sa batho ba bangwe ba bantsi, mme seo se ne sa mo solegela molemo jang?

3 Jeremia ke ene a neng a “nna a ntse a tshela” mo motlheng wa gagwe. Le fa seemo sa gagwe se ne se farologane le sa batho ba bangwe ba bantsi ba mo motlheng wa gagwe, o ne a falola fa Jerusalema e senngwa. (Jer. 21:9; 40:1-4) Modimo o ne a mo laetse gore a se ka a nyala kgotsa a nna le bana le gore a se ka a dira ditiro dingwe tse Bajuda ba motlha wa gagwe ba neng ba tlwaetse go di dira.—Bala Jeremia 16:1-4.

4 Batho ba motlha wa ga Jeremia ba ne ba dumela gore motho o tshwanetse go nyala mme a tshole bana. Banna ba le bantsi ba Bajuda ba ile ba nyala, gore naga ya borraabonemogologolwane le losika lwa bone di se ka tsa ba latlhegela.a (Dute. 7:14) Ke eng fa Jeremia ene a ne a ileditswe go nyala? Ka ntlha ya se se neng se larile kwa pele, Modimo o ne a mo laela gore a se ka a nna le seabe mo meletlong e e tlwaelegileng ya khutsafalo kgotsa ya go ipela. O ne a sa tshwanela go gomotsa ba ba hutsafetseng kgotsa go ja le bone morago ga phitlho; e bile o ne a sa tshwanela go nna le seabe mo manyalong a Bajuda a a neng a sa tsewe masisi. Go ise go ye kae meletlo eo le mekete e ne e tla felela ruri. (Jer. 7:33; 16:5-9) Tsela e Jeremia a neng a dira dilo ka yone e ne e tla tlhotlheletsa batho gore ba dumele molaetsa wa gagwe e bile e ne e tla gatelela mo megopolong ya bone kafa katlholo e e tlang e tla nnang botlhoko ka gone. Kgabagare masetlapelo ao a ne a goroga. Akanya fela kafa batho ba neng ba ikutlwa ka gone fa ba tshwanelwa ke go ja nama ya batho gonne ba tlhoka dijo kgotsa kafa ba neng ba ikutlwa ka gone fa baratiwa ba bone ba ba tlhokafetseng ba bola ba ntse ba ba lebile! (Bala Jeremia 14:16; Dikhu. 2:20.) Jeremia yo o sa nyalang ene o ne a sa tlhoke go utlwelwa botlhoko. Mo dikgweding di le 18 tsa fa Jerusalema e ntse e dikaganyeditswe mme malapa a le mantsi a gailwa, Jeremia o ne a se kitla a utlwa botlhoko jwa go swelwa ke molekane kgotsa ke ngwana gonne a ne a sa nyala.

5. Kgakololo e e mo go Jeremia 16:5-9 e ama Bakeresete jang?

5 Mme gone, a go ka twe mafoko a a mo go Jeremia 16:5-9 a a dira le mo go rona? Nnyaa. Bakeresete ba kgothalediwa gore ba ‘gomotse ba ba leng mo mofuteng ofe fela wa pitlagano’ le gore ba ‘ipele le batho ba ba ipelang.’ (2 Bakor. 1:4; Bar. 12:15) Jesu o ne a ya kwa lenyalong mme o ne a oketsa boipelo jo bo neng bo le gone koo. Le fa go ntse jalo, se se tlileng go direga mo isagweng ka tsamaiso eno e e boikep, se a tshosa. Bakeresete ba ka nna ba lebana le mathata ba bo ba tlhoka dilo dingwe. Jesu o ne a gatelela gore go botlhokwa gore re nne re ipaakanyeditse go dira sotlhe se re ka se kgonang gore re kgone go itshoka le go nna re ikanyega fela jaaka bakaulengwe ba rona ba ba ileng ba tshaba kwa Judea mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Ka jalo, motho o tshwanetse go akanya ka thata fa a dira tshwetso ya go se tsene mo lenyalong, ya go nyala kgotsa go nyalwa kgotsa ya go nna le bana.—Bala Mathaio 24:17, 18.

Setshwantsho mo go tsebe 94

6. Ke bomang ba ba ka solegelwang molemo ke go akanya ka kelotlhoko ka taelo e Modimo a neng a e naya Jeremia?

6 Re ka ithuta eng mo taelong e Modimo a neng a e naya Jeremia ya gore a se ka a nyala kgotsa a nna le bana? Gompieno go na le Bakeresete bangwe ba ba ikanyegang ba ba seng mo lenyalong kgotsa ba ba se nang bana. Ba ka ithuta eng mo kgannyeng ya ga Jeremia? Mme ke eng fa Bakeresete ba ba mo lenyalong e bile ba na le bana le bone ba tshwanetse go sekaseka karolo eno ya botshelo jwa ga Jeremia?

7. Kgang ya gore Jeremia o ne a sa tshwanela go nna le bana e tshwanetse go dira gore re akanyetse eng gompieno?

7 Sa ntlha, ela tlhoko gore Jeremia o ne a sa tshwanela go nna le bana. Jesu ga a ka a laela balatedi ba gagwe gore ba se ka ba nna le bana. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore o ne a re “go latlhega” basadi ba baimana le ba ba anyisang masea fa pitlagano e tlela Jerusalema ka 66-70 C.E. Nako eo e ne e tla nna thata le go feta mo go bone segolobogolo ka ntlha ya seemo se ba leng mo go sone. (Math. 24:19) Gone jaanong re lebane le pitlagano e kgolo go feta eo. Banyalani ba Bakeresete ba ba dirang tshwetso ya go nna le bana ba tshwanetse go akanyetsa kgang eno ka kelotlhoko. O tshwanetse wa bo o lemoga gore go ntse go nna thata le go feta go lebana le dinako tseno tse di boima. Mme banyalani ba le bantsi ba a dumela gore go thata go godisa bana ba ba tla ‘tswelelang ba tshela’ fa tsamaiso eno ya gone jaanong e ya bokhutlong. Le fa gone banyalani bangwe le bangwe ba tshwanetse go itirela tshwetso ya gore a ba tla nna le bana kgotsa ga ba kitla ba nna le bone, go botlhokwa go sekaseka kgang ya ga Jeremia. Mme gone, go tweng ka taelo e Modimo a neng a e neile Jeremia ya gore a se ka a ba a nyala?

Jeremia o ne a newa taelo efe e e sa tlwaelegang, mme seno se tshwanetse sa re tlhotlheletsa go akanyetsa eng?

ITHUTE SENGWE MO KGANNYENG YA GO BO JEREMIA A NE A SA NYALA

8. Ke eng fa re ka re motho ga a tlhoke gore a bo a le mo lenyalong gore a itumedise Modimo?

8 Fa Modimo a ne a laela Jeremia gore a se ka a nyala, o ne a sa beele batlhanka botlhe ba gagwe molao o ba tshwanetseng go o latela. Lenyalo le monate. Boikaelelo jwa Modimo fa a simolola lenyalo e ne e le gore a tlatse lefatshe ka batho le gore ba itumelele lenyalo le go le kgotsofalela. (Dia. 5:18) Le fa go ntse jalo, ga se batho botlhe ba ba neng ba le mo lenyalong. Fa Jeremia a ntse a porofeta, go ka tswa go ne go na le bangwe mo gare ga batho ba Modimo ba e neng e le baopafadiwa.b Gape go tshwanetse ga bo go ne go na le batlholagadi le baswagadi. Ka jalo, Jeremia e ne e se ene fela moobamedi wa boammaaruri yo o neng a se na molekane. Gone ke boammaaruri gore o ne a na le lebaka la go bo a sa nyala, mme go ntse jalo le ka Bakeresete bangwe ba mo motlheng wa rona.

9. Ke kgakololo efe e e tlhotlheleditsweng e e malebana le lenyalo e re tshwanetseng go e akanyetsa ka kelotlhoko?

9 Bakeresete ba le bantsi ba tsena mo lenyalong, mme gone ga se botlhe. O a itse gore Jesu o ne a sa nyala, mme o ne a re barutwa bangwe ba ne ba tla kgona go “tshola” mpho eno ya go sa nyale mo megopolong le mo dipelong tsa bone. O ne a kgothaletsa ba ba ka kgonang gore ba dire jalo. (Bala Mathaio 19:11, 12.) Ka jalo, go na le gore re dire metlae ka batho ba ba batlang go nna ba se mo lenyalong gore ba kgone go dira go le gontsi mo tirelong ya Modimo, go molemo gore re ba akgole. Gone ke boammaaruri gore Bakeresete bangwe ba tlhopha go nna ba se mo lenyalong ka lobaka lo lo rileng ka ntlha ya maemo. Ka sekai, ba ka tswa ba ise ba bone molekane wa Mokeresete yo o ba tshwanetseng mme go molemo go bo ba ikemiseditse go boloka molao wa Modimo o o reng ba nyale “mo Moreneng fela.” (1 Bakor. 7:39) Mme go na le batlhanka bangwe ba Modimo ba ba seng mo lenyalong gonne e le baswagadi kgotsa batlholagadi.c Ga ba a tshwanela go lebala gore Modimo (le Jesu) ga ba a bolo go nna ba bontsha gore ba amega ka batho ba ba mo seemong seo.—Jer. 22:3; bala 1 Bakorintha 7:8, 9.

10, 11. (a) Ke eng se se neng sa thusa Jeremia gore a nne a itumetse le fa a sa nyala? (b) Ke maitemogelo afe a mo motlheng wa rona a a bontshang gore batho ba ba seng mo lenyalong ba ka kgona go itumelela botshelo?

10 Ga go pelaelo gore e re ka Jeremia a ne a sa nyala, o ne a ikaegile ka Modimo gore a mo eme nokeng. Jang? Aitsane, se lebale gore Jeremia o ne a itumedisiwa ke lefoko la ga Jehofa. Le tshwanetse la bo le ne le mo nonotsha le go mo naya tsholofelo ka masomesome a dingwaga fa a ntse a tlhomile mogopolo mo bodireding jo Modimo a neng a mo abetse jone. Mo godimo ga moo, o ne a nna kelotlhoko gore a se ka a tsalana le batho ba ba neng ba ka mo sotla ka ntlha ya go bo a sa nyala. O ne a bona go le molemo go ‘nna a le nosi’ go na le go nna mo gare ga batho ba ba nang le mekgwa eo.—Bala Jeremia 15:17.

11 Bakeresete ba le bantsi ba ba seng mo lenyalong—banna le basadi, ba ka tswa ba le basha kgotsa ba godile—ba latela sekao se se molemo sa ga Jeremia. Maitemogelo a batho ba bangwe a bontsha kafa go thusang thata ka gone gore motho a dirise nako e ntsi a direla Modimo, a nne le seabe ka botlalo mo ditirong tsa semoya. Ka sekai, Mosupi mongwe yo o direlang mo phuthegong ya puo ya Se-China a re: “Bobulatsela bo dira gore botshelo jwa me bo nne le bokao. E re ka ke sa nyalwa, ke nna ke tshwaregile thata, mme seo se nthusa gore ke se ka ka jewa ke bodutu. Kwa bokhutlong jwa letsatsi lengwe le lengwe ke ikutlwa ke kgotsofetse tota ka gonne ke kgona go bona gore bodiredi jwa me bo thusa batho. Seno se intumedisa fela thata.” Mmulatsela mongwe yo o nang le dingwaga di le 38 a re: “Ke akanya gore se se tlisetsang motho boitumelo ke gore a ipelele melemo e a e bonang mo boemong le fa e ka nna bofe jo a leng mo go jone.” Mokeresete mongwe yo o sa nyalwang wa kwa borwa jwa Yuropa o dumela jaana: “Botshelo jwa me bo ka tswa bo se ka tsela e ke neng ke eleditse gore bo nne ka yone, mme gone ke itumetse e bile ke tla tswelela ke ntse ke itumetse.”

Setshwantsho mo go tsebe 97

12, 13. (a) Re tshwanetse go nna le pono efe e e siameng malebana le kgang ya go se tsene mo lenyalong le go tsena mo lenyalong? (b) Botshelo jwa ga Paulo le kgakololo ya gagwe di gatelela ntlha efe malebana le go se tsene mo lenyalong?

12 A gongwe Jeremia o ne a bona gore botshelo jwa gagwe ga bo a nna ka tsela e a neng a eleditse gore bo nne ka yone fa a ntse a gola? Mme gone, a ka tswa a ile a lemoga gore le batho ba bangwe ba bantsi ba ba ileng ba tsena mo lenyalong ba bo ba nna le bana, dilo ga di a ka tsa nna jaaka ba eleditse. Mmulatsela mongwe wa kwa Spain o tlhalosa se a se lemogileng jaana: “Ke itse banyalani ba ba itumetseng le ba bangwe ba ba sa itumelang. Seno se dirile gore ke bone gore boitumelo jwa me ga bo a ikaega ka gore a ke tla nyalwa mo isagweng kgotsa ga nkitla ke nyalwa.” Ga go pelaelo gore se se ileng sa diragalela Jeremia—mongwe wa batho ba bantsintsi ba ba seng mo lenyalong—se bontsha gore go a kgonega gore motho yo o seng mo lenyalong a itumelele botshelo jo bo kgotsofatsang, jo bo nang le bokao le jo bo itumedisang. Re tlhomamisediwa seno ke moaposetoloi Paulo yo le ene a neng a kwala jaana: “Ke raya batho ba ba seng mo lenyalong le batlholagadi ke re, go molemo gore ba nne fela jaaka ke ntse.” (1 Bakor. 7:8) Gongwe Paulo e ne e le moswagadi. Mme gone se re se itseng ke gore, o ne a sa nyala fa a ne a dira go le gontsi mo tirelong ya gagwe ya borongwa. (1 Bakor. 9:5) A ga go utlwale go swetsa ka gore go nna a sa nyala go mo thusitse go dira go le gontsi mo bodireding? Mo go ene, seno se ne se bolela go “direla Morena ka metlha yotlhe kwantle ga go iteega tsebe,” mme o ne a kgona go dira dilo di le dintsi tse di molemo.—1 Bakor. 7:35.

“Dinako tsa fa ke le nosi ke tsa botlhokwa thata mo go nna. Ke kgona go bua le Jehofa ka thapelo. Ke itumelela go tlhatlhanya le go ithuta ke le nosi ke sa kgorelediwe ke sepe. . . . Go se nne mo lenyalong go ntliseditse boipelo jo bogolo fela thata.”—Babette

13 Paulo o ne a tlhotlhelediwa go bua sengwe gape: “Ba ba [tsenang mo lenyalong] ba tla nna le pitlagano mo nameng ya bone.” Modimo o ne a tlhotlheletsa Paulo gore a kwale mafoko ano a a boammaaruri: “Fa mongwe a ema a tlhomame mo pelong ya gagwe . . . gore a boloke bokgarebane jwa gagwe, o tla dira sentle. Ka gone le yo o neelang bokgarebane jwa gagwe mo lenyalong o dira sentle, mme yo o sa bo neeleng mo lenyalong o tla dira botoka.” (1 Bakor. 7:28, 37, 38) Jeremia o ne a sa itse mafoko ano, mme tsela e a ileng a tshela ka yone ka dingwagangwaga e bontsha gore motho a ka kgona go itumelela go direla Modimo le fa a se mo lenyalong. Tota e bile, go ka thusa motho gore a nne le botshelo jo bo itumedisang fa a ntse a direla Modimo. Le fa Kgosi Sedekia a ne a nyetse, ga a ka a reetsa kgakololo ya ga Jeremia gore a tle a ‘nne a tshela’; mme moporofeti yo o neng a sa nyala ene o ne a latela tsela e e neng ya mo thusa go nna a tshela.

O ka ithuta eng mo sekaong sa ga Jeremia sa go nna dingwagangwaga a sa nyala?

LAPOLOSA BA BANGWE LE WENA O TLA LAPOLOSIWA

14. Botsala jwa ga Paulo le lelapa la ga Akhwila bo gatelela ntlha efe?

14 Jaaka re bone pelenyana, banna le basadi ba le bantsi ba motlha wa ga Jeremia ba ne ba le mo lenyalong e bile ba na le malapa. Go ne go ntse jalo le mo motlheng wa ga Paulo. Ke boammaaruri gore Bakeresete ba le bantsi ba ba neng ba na le malapa ba ne ba sa kgone go nna le seabe se segolo mo bodireding jaaka Paulo, mme gone ba ne ba na le tiro e ntsi go e dira mo lefelong le ba neng ba nna mo go lone. Seo se ne se akaretsa gore ba eme nokeng bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba seng mo lenyalong. Se lebale gore fa Paulo a ne a goroga kwa Korintha, Akhwila le Perisila ba ne ba mo amogela mo lelapeng la bone mme ba bereka le ene mo tirong ya bone ya letsatsi le letsatsi. Mme ba ne ba dira se se fetang seo. Ga go pelaelo gore botsala jo lelapa la ga Akhwila le neng le bo bontsha Paulo, bo ne bo lapolosa tota. Akanya fela ka dinako tse di monate tsa fa ba ne ba ja mmogo le fa ba itumelela botsalano jo bo lorato. A Jeremia le ene o ne a na le ditsala tse di ntseng jalo? E re ka a ne a sa nyala o ne a dirisa nako e ntsi a direla Modimo, mme gone ga re a tshwanela go akanya gore e ne e le motshelanosi. A ka tswa a ne a itumelela botsalano jo bo lorato le ba malapa a batlhanka ba ba ineetseng ba Modimo, gongwe le Baruke, Ebede-meleke kgotsa ba bangwe.—Bar. 16:3; bala Ditiro 18:1-3.

15. Malapa a Bakeresete a ka thusa jang Bakeresete ba ba seng mo lenyalong?

15 Le gompieno, Bakeresete ba ba seng mo lenyalong ba ka solegelwa molemo ke botsala jo bo lorato jo bo tshwanang le jo lelapa la ga Akhwila le neng le bo bontsha Paulo. Fa e le gore o na le lelapa, a o tlhomamisa gore o bontsha batho ba ba seng mo lenyalong botsalano jo bo molemo? Kgaitsadi mongwe o ne a tlhalosa maikutlo a gagwe jaana: “Ke tlogetse lefatshe e bile ga ke eletse go boela kwa go lone. Mme gone ke sa ntse ke tlhoka go kgathalelwa le go bontshiwa lorato. Ke rapela Jehofa gore rona ba ba seng mo lenyalong re newe dijo tsa semoya tse di oketsegileng re bo re kgothadiwe. Re tlhoka go engwa nokeng e seng go tlhokomologiwa, mme ga se gore rotlhe re eletsa go nyalwa. Le fa go ntse jalo, go bonala e kete ga go ope yo o re kgathalelang. Ee, re ka ikanya Jehofa ka dinako tsotlhe mme gone re tlhoka batho ba re ka tsalanang le bone, re kopa gore bakaulengwe ba rona ba semoya ba se ka ba re itlhokomolosa!” Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba seng mo lenyalong ba dumalana le mafoko ano. Ba itumelela go nna le ditsala mo diphuthegong tsa bone. Ga ba tsalane fela le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lekanang le bone ka dingwaga. E re ka ba rata go nna mo gare ga batho ba bangwe, ba itumelela go tsalana le batho ba dingwaga tse di farologaneng, go akaretsa bagodi kgotsa basha ba ba mo diphuthegong tsa bone.

Setshwantsho mo go tsebe 100

16. Ke dilo dife tse o ka di dirang go lapolosa Bakeresete ba ba seng mo lenyalong ba ba mo phuthegong ya lona?

16 O ka akanyetsa go sa le gale gore o nne motswedi o o lapolosang mo bathong ba ba seng mo lenyalong ka gore ka dinako tse dingwe o ba akaretse mo ditirong tsa lelapa la gago, tse di jaaka go ba laletsa mo maitseboeng a lona a Kobamelo ya Lelapa. Go laletsa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o seng mo lenyalong go tla go ja le lona dijo tse di monate go ka mo kgothatsa fela thata. A o ka tsaya kgato pele go dira dithulaganyo tsa gore o bereke le ene mo tshimong? Gape a o ka akanyetsa go laletsa Mokeresete mongwe yo o seng mo lenyalong gore a tle go bereka le lelapa la gago mo porojekeng nngwe ya go baakanya Holo ya Bogosi kgotsa gore ka dinako tse dingwe lo ye mabenkeleng mmogo? Malapa mangwe a ile a laletsa motlholagadi, moswagadi kgotsa mmulatsela yo o seng mo lenyalong gore a tsamaye le bone kwa kopanong kgotsa kwa lefelong lengwe la boikhutso. Ga go pelaelo gore seo se ka ba lapolosa fela thata.

17-19. (a) Ke eng fa bana ba ba rulaganyetsang go tlhokomela batsadi ba bone ba ba lwalang kgotsa ba ba godileng ba tshwanetse go akanyetsana ka lorato le go nna tekatekano? (b) Re ka ithuta thuto efe e e molemo mo go Jesu malebana le tsela e a ileng a tlhokomela mmaagwe ka yone?

17 Kgang e nngwe gape e e amanang le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba seng mo lenyalong e re tlhokang go e ela tlhoko e malebana le go tlhokomela batsadi ba ba godileng. Mo motlheng wa ga Jesu, Bajuda bangwe ba ba leng mo maemong a a kwa godimo ba ne ba itlhokomolosa ka bolotsana kgang ya go tlhokomela batsadi ba bone. Ba ne ba re go diragatsa maikarabelo a ba neng ba ithwesitse one a bodumedi go ne go tla pele ga go diragatsa boikarabelo jo Modimo a neng a ba neile jone jwa go tlhokomela batsadi ba bone. (Mar. 7:9-13) Malapa a Bakeresete ga a tshwanela go dira jalo.—1 Tim. 5:3-8.

18 Mme gone, go tweng fa batsadi ba ba godileng ba na le bana ba le mmalwa ba e leng Basupi? Fa mongwe wa bana bano a se mo lenyalong, a seo se raya gore go tshwanetse ga lebelelwa gore e nne ene a rwalang boikarabelo jwa go tlhokomela batsadi bano? Kgaitsadi mongwe wa kwa Japane o kwala jaana: “Nka rata go nyalwa, mme gone ga ke kgone ka gonne ke nna ke rweleng boikarabelo jwa go tlhokomela batsadi ba me. Ke a itse gore Jehofa o tlhaloganya go ngomoga pelo go go tlisiwang ke go tlhokomela batsadi le kutlobotlhoko e batho ba ba seng mo lenyalong ba lebanang le yone.” A gongwe kgaitsadi yono o na le bokgaitsadie le bomonnawe ba ba leng mo lenyalong, ba kwantle ga go buisana le ene, ba sweditseng ka gore e nne ene a rwalang boikarabelo jwa go tlhokomela batsadi gonne a sa nyalwa? Batho ba ba leng mo seemong seo ba tshwanetse go lemoga gore Jeremia le ene o ne a na le bomorwarraagwe ba ba neng ba sa mo tshware sentle.—Bala Jeremia 12:6.

19 Jehofa o tlhaloganya maemo a batho ba ba seng mo lenyalong ba lebanang le one e bile o amega ka batho ba ba lebanang le maemo a a thata. (Pes. 103:11-14) Mme gone, go tlhokomela batsadi ba ba godileng le ba ba lwalang ke boikarabelo jwa bana botlhe mo lelapeng, e seng jwa ba ba seng mo lenyalong fela. Gone ke boammaaruri gore bana ba bangwe ba ka tswa ba le mo lenyalong e bile ba na le bana. Le fa go ntse jalo, seo ga se reye gore ba gololesegile mo batsading ba bone kgotsa gore ga ba tlhoke go ba bontsha lorato, e bile ga se ba golole mo boikarabelong jwa bone jwa Bokeresete jwa go tlhokomela batsadi ba bone fa go tlhokega. Re sa ntse re gopola gore tota le fa Jesu a ne a le mo koteng a letetse go swa, o ne a itse gore ke boikarabelo jwa gagwe gore a dire sengwe go tlhokomela mmaagwe. (Joh. 19:25-27) Baebele ga e na melao e e gagametseng ya kafa batsadi ba ba godileng le ba ba lwalang ba tshwanetseng go tlhokomelwa ka gone; e bile ga e re bana ba ba seng mo lenyalong ke bone ba tshwanetseng go rwala maikarabelo a magolo a go tlhokomela batsadi ba bone. Mo kgannyeng eno e e masisi, botlhe ba ba amegang ba tshwanetse go akanyetsa sentle tsela e ba tla dirang seno ka yone e bile e le ka tekatekano, ba gakologelwa sekao se Jesu a re tlhometseng sone ka go tlhokomela mmaagwe.

20. O ikutlwa jang ka kgang ya go tsalana le batho ba ba seng mo lenyalong ba ba mo phuthegong ya gago?

20 Jeremia o ne a bolelela pele jaana a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo: “Mongwe le mongwe ga a kitla a tlhola a ruta molekane wa gagwe le mongwe le mongwe morwarraagwe, a re, ‘Itseng Jehofa!’ gonne botlhe ba tla nkitse.” (Jer. 31:34) Boammaaruri ke gore gone jaanong re setse re itumelela botsalano jo bo ntseng jalo mo phuthegong ya Bokeresete, go akaretsa le jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba seng mo lenyalong. Ga go pelaelo gore rotlhe re batla go nna le botsala jo bo lapolosang le batho ba ba seng mo lenyalong mme re batla go ba bona ba ‘nna ba tshela.’

Ke dikgato dife tse dingwe tse o ka di tsayang go lapolosa ba bangwe le go lapolosiwa ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba seng mo lenyalong?

a Mo Dikwalong tsa Sehebera, ga go na lefoko le le kayang “kgope.”

b Fa Isaia a ne a porofeta, o ne a bua ka baopafadiwa ba mmatota ba motlha wa gagwe, ba ba neng ba sa nne le seabe ka botlalo mo kobamelong mo Iseraele. O ne a bolelelapele gore fa ba ikoba ba tla amogela “sengwe se se botoka go na le barwa le barwadi,” e leng “leina ka bosakhutleng” mo ntlong ya Modimo.—Isa. 56:4, 5.

c Ba bangwe ba ka tswa ba nna ba le bosi ka gonne balekane ba bone, gongwe ba ba sa dumeleng, ba kgaogane le bone kgotsa ba tlhalane le bone semolao.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela