Go Lemoga Dikgang
“Mogopolo o o Maswe”
Go amega go go oketsegang ka madi a a kgotletsweng go pateletsa baitseanape ba tsa kalafi gore ba sekaseke sesha botlhale jwa go tshelwa ga madi. Henry B. Soloway, M.D., mokwadi wa koranta ya Pathologist, o ne a bolela gore fa esale go tshelwa ga madi go ne go simologa go nnile ga nna le mathata. O tlhalosa jaana, “Pelenyana, go tshelwa ga madi a a kgotletsweng ka nako eo a neng a tsewa ka yone le go bolokiwa . . . a ne a baka dintsho tse dintsi ka ntlha ya go tshelanwa ga malwetsi le ditwatsi tse di nang le botlhole. Go tshelwana ga go ruruga ga sebete ka madi le dikuno tsa madi go ne ga baka malwetsi a mantsi ka Ntwa ya Lefatshe II.” Tota le ka go tla ga didirisiwa tsa boteginiki tse di diretsweng go tlhomamisa neelano ya madi e e “bolokesegileng,” go tshelanwa ga malwetsi a a jaaka AIDS go a tswelela.
Jaanong go tlhagile mathata a masha a a malebana le go falola ga nako e telele ga balwetsi ba kankere morago ga karo eo mo go yone go neng ga nna le ditshelo tsa madi. Soloway a re: “Go na le go falola go go bonalang go ka se atlege fa . . . ditshelo di neelwa balwetsi ba ba arelwang kankere ya makgwafo, sehuba, le ya ngati.” He, go ka dirwang se se fapaaneng? Soloway o dumela ka go re: “Basupi ba ga Jehofa ba ne ba gatelela gore . . . tshelo ya madi ke mogopolo o o maswe. Gongwe mo go lengwe la malatsi ano ba tla supiwa fa ba le phoso. Mme ga jaanong go na le bosupi jo bogolo jo bo tshegetsang mogopolo wa bone, go sa kgathalesege dikganelo tse di tswang go bao ba bolokang madi kgatlhanong le seo.”
Tota, ke go utlwa molao wa Modimo go go golotseng Basupi ba ga Jehofa mo matsweleng a mantsi a a sa siamang a ditshelo tsa madi. Lefitiko 17:14 e re: “Lo se ka loa ya madi a nama epè: gonne botshelo yoa nama eotlhe ke madi a eōna.” Bakeresete ba ne ba bolelelwa gore ba ‘ithibe mo mading.’ (Ditihō 15:28, 29) Ka mo go phepafetseng, Modimo o leba go tsaya madi ka tsela epe jaaka “mogopolo o o maswe.”
“Bothata mo Thuto-tlhagelelong”
“Diphofa tsa ditshenekegi ga di a ka tsa itlhagelela ka diphelelo dipe kana go sengwe se sele. Di ne tsa simolola jaaka dikarolonyana tse dinnye thata tse di tlhagelelang go tswa kafa morago.” Go boletse jalo lekwalo-dikgang lengwe la Sweden la Svenska Dagbladet, le bega ka patlisiso ya bosheng ya ka moo ditshenekegi di boneng diphofa tsa tsone ka gone. Pego e a re, “Go ya ka thuto nngwe, di ne di ka bo di dirisitse diphofa tsa tsone tse di tla golang jaaka sengwe sa go tshwara ditshenekegi, go fitlhela fa ka letsatsi lengwe di lemoga gore le tsone di ka kgona go fofa le go ithwala ka botsone gape go tloga mo lefatsheng go ya mo moyeng kana go tloga mo ditlhareng go ya tlase.”
Gape pego e bontsha gore baithuta-botshelo ba sekaseka mogopolo wa gore “diphofa tse di golang,” lemororo di santse di le dinnyane thata go fofa, di ne di ka bo di diretse jaaka diamogela marang a letsatsi go thuthafatsa mmele le go o neela maikatlapelo. Ke eng se se dirileng gore di gole go tloga bonnyaneng go ya bogolong jo bo tletseng? “Jono ke bothata jwa thuto-tlhagelelo joo go leng thata go bo tlhalosa,” pego e dumela jalo.
Lefa go ntse jalo, Bibela ka phepafalo e bontsha ka moo ditshenekegi di boneng diphofa tsa tsone ka gone. “Modimo oa tlhōla . . nōnyane ñwe le ñwe e e diphuka, kaha losikeñ loa cōna,” go bolela jalo Genesise 1:21. Lemororo dingwaga tsa patlisiso ya boitseanape di feletse fela mo dithutong tse di sa tlhomamang le “bothata . . . joo go leng thata go bo tlhalosa,” polelo ya Bibela e neela mabaka a a itsiweng. Go diriwa le go dira go go gakgamatsang ga diphofa tsa tshenekegi ga go neye thuto-tlhagelelo e e foufetseng tlotlo mme e e neela Mmopi yo o botlhale.
Go Gobolola Batsofe
Batho ba bagolo ba ntse ba nna batswa-setlhabelo ba go gobololwa le go tlhokomologiwa ka mo go oketsegileng. Go setse go tlwaelegile mo malatsing ano go utlwa dipego tsa batsofe ba tsholwa makgwakgwa, ba tseelwa dilo tsa bone, ba bediwa le go bolawa—tota le mo mafatsheng ao batsofe ka ngwao ba neng ba tlotlwa thata gone. Mo nageng nngwe ya Botlhaba, “modiredi-loago mongwe o bolela ka mosadimogolo mongwe yo o neng a gokelelwa ka ketane ke ba lelapa la gagwe ka dingwaga di le lesome le bone mme a letlelelwa go tlhapa mmele gangwe fela mo dibekeng tse pedi,” go bega jalo Asiaweek. E oketsa ka gore mosadimogolo mongwe wa dingwaga di le 60 mo lefatsheng lengwe la Asia “o ne a swa bosheng jaana kwa legaeng la batsofe. Morwawe le ngwetsi ya gagwe ga baa ka ba tla fa a sena go swa.” Boemo bo ntse bo tshwana le jwa kwa dinageng tsa kwa Bophirima. “Mo e ka nnang a le 1 mo go ba le 25 ba batsofe ba Maamerika o a tlhokomologiwa kana o a gobololwa, mo gae kana kwa mafelong a batsofe,” go bolela jalo U.S.News & World Report. “Go tlhokomologa ke mofuta o o tlwaelegileng thata wa go tshwara makgwakgwa . . . Mme go gobolola mo mmeleng gammogo le go gobolola kafa dikobong go tlhatloga thata.”
Baagi ba Iseraele wa bogologolo gammogo le maloko a phuthego ya pele ya Bokeresete a ne a tlhagisiwa gore ba tlotle batho ba bagolo le go ba akanyetsa. (Ekesodo 20:12; Lefitiko 19:32; Baefesia 6:1, 2; 1 Timotheo 5:1, 2) Lefa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ne a bolelela pele gore mo metlheng ya bofelo re ne re tla fitlha mo ‘dipakeng tse di tlhokofatsang’ fa batho ba ne ba tla katogela kgakala le kaelo ya Modimo. (2 Timotheo 3:1) Nngwe ya dibopego tseo Paulo a di tlhaotseng e ne e le gore batho ba ne ba tla “tlhoka gotlhelele . . . lorato lo lo tlwaelegileng lwa batho.” (2 Timotheo 3:2, 3, The New Testament in Modern English, ka J. B. Phillips) Ke mang yo o ka belaelang boammaaruri jwa mafoko a gagwe?