‘Modimo o Tla Feleletsa Thapiso ya Lona’
MOTSHAMEKI yo o ipaakanyetsang tiragalo ya botlhokwa o tshwanetse go ithapisa fela thata. O batla go baakanya mmele wa gagwe sentle gore e tle e re mo letsatsing la motshameko a tle a kgone go dira ka botswerere jo a ka bo kgonang. Bakeresete le bone, ba tshwanetse go ithapisa fela thata legale ba ithapisetsa mokgele o o farologaneng Moaposetoloi Paulo o ne a bua jaana: “Me o itshikinyè mo poihoñmodimo.”—1 Timotheo 4:7.
Ka gone. Mokeresete o tshwanetse go ipoloka a le mo seemong se se siameng sa semoya. Fela jaaka motshameki a sidila ditshika tsa mmele wa gagwe, Mokeresete o oketsa nonofo ya gagwe ya semoya le boitshoko. O dira seno ka go ithuta Lefoko la Modimo Bibela, ka thapelo, ka go kopanela ka metlha le Bakeresete-ka-ene, le ka go bolela tumelo ya gagwe phatlalatsa.
Gantsi motshameki o nna le mothapisi, mme Bakeresete le bone, ba na le mothapisi. Ke mang? Ga se ope fela fa e se Jehofa Modimo ka boene! Moaposetoloi Petere o ne a lemotsha go amega ga ga Jehofa ka thulaganyo ya go thapisa ya Bokeresete, ka go kwala jaana: ‘Modimo wa tshegofatso yotlhe . . . o tla feleletsa thapiso ya lona, o lo tiise, o le thatafatse.’ (1 Petere 5:10) Jehofa o re neela thapiso efe? E mefuta e mentsi, mme e botlhokwa yotlhe fa e le gore re batla go nna re le Bakeresete ba ba siameng sentle.
Kotlhao e e Tlhamaletseng
Petere ka boene o ne a thapisiwa ke Jehofa. Re ka ithuta mo gontsi mo boitemogelong jwa gagwe. Ka dinako tse dingwe thapiso ya ga Petere e ne e le botlhoko. Akanya kafa Petere a tshwanetseng a bo a ne a ikutlwa ka teng fa a ne a leka go kgoba Jesu marapo go diragatsa boikaelelo jwa Modimo, mme Jesu a mo araba ka gore: “Tloga ha pele ga me Satana: gonne o sekgopi mo go nna: ka go bo ga u tlhokomele dilō tsa Modimo, ha e se dilō tsa batho hèla.” (Mathaio 16:23) Akanya gape kafa a neng a ikutlwa ka teng dingwaga morago ga moo fa go boifa motho go ne go mo dira gore a itshware ka tsela e e seng botlhale. Moaposetoloi Paulo o ne a dirisa kotlhao ya ga Jehofa ka nako eo: “Me e rile Kefase (Petere) a hitlha mo Antioka, ka mo ganetsa mo matlhoñ, ka a hitlhèlwa a le molato.”—Bagalatia 2:11-14.
Lefa go le jalo, mo mabakeng oo mabedi Jehofa o ne a thapisa Petere. O ne a ithuta gore “ekete koatlhaō eotlhe e nntse yaka ekete ga e na boitumèdishō, ha e se tlhokohaco hèla: leha go nntse yalo, ea re kwa moragō, ba ba e rutintshicweñ, e ba uñwèle louñō loa kagishō, eboñ louñō loa tshiamō.” (Bahebera 12:11) Go amogela ga ga Petere dikgalemo tse di bogale tseo jaaka kotlhao e e tswang kwa go Jehofa go ne ga mo thusa go leba dilo sentle, le go mo thapisa mo dinonofong tse di botlhokwa tsa Bokeresete tsa bonolo le boikokobetso.—Diane 3:34; 15:33.
Go Dirisana le Maemo
Jehofa o ka re thapisa ka go letlelela maemo a a thata go dirisanngwa le one go tsoga—ebile ka dinako tse dingwe ano a tsoga mo teng ga phuthego ya Bokeresete. Re gola jaaka Bakeresete fa re rapelela kaelo, re dirisa melao-metheo ya Bibela e re e ithutileng, re ba re bona kafa go dirisa melao-metheo eno ka metlha e leng tsela e e siameng go di feta tsotlhe.
Petere o ne a kopanyelediwa mo dikgotlhannye tse di neng tsa tsoga gareng ga baaposetoloi ba ga Jesu. Go a kgatlhisa fa re bala dipego tsa ditiragalo tseno go bona kafa Jesu a neng a dirisa dikgotlhang tseno ka teng—tseo tota e neng e le diphelelo tsa go sa itekanelang le go tlhoka boitemogelo—jaaka dipaka tsa go thapisa balatedi ba gagwe mo dinonofong tse di botlhokwa tsa Bokeresete tsa lorato, boikokobetso, le go itshwarelelana.—Mathaio 18:15-17, 21, 22; Luke 22:24-27.
Paulo le ene o ne a nna le dikgotlhang le ba bangwe. (Ditihō 15:36-40; Bafilipi 4:2) O ne a tlhalosa kafa mathata a a ntseng jalo a neelang Bakeresete sebaka sa go amogela thapiso: “Lo iphapaanyanè moñwe le eo moñwe, lo ichwarèlanè, ha motho moñwe a na le ñōñōrègō kaga eo moñwe; hèla yaka Morèna a lo iohwaretse, le lona lo dihè hèla yalo: Me mo godimo ga dilō cotlhe tse lo aparè loratō, lo e leñ lōna sebōhō sa boitekanèlō.”—Bakolosa 3:13, 14.
Mo lekgolong lantlha la dingwaga, go ne ga nna le bodiphatsa jo bongwe jo bo maswe gareng ga Bakeresete. Petere o ne a tlhagisa jaana ka jone: “Le mo go lona go tla nna baruti ba e señ bōnè, ba ba tla tsenyañ dithutō tse di senyañ, ka go kukunèla mo teñ, ba ba ba itatola le eo e leñ èna Morèna eo o ba rèkileñ, me ba iteretse tshenyègō e e hehogañ. Me batho ba le bantsi ba tla sala ditihō tsa bōnè tsa bopèpè moragō; me tsela ya boamarure e tla kaiwa ka boshula ka ntlha ea bōnè.” (2 Petere 2:1, 2) Boitemogelo jono bo ne bo tla felela ka go senngwa ga “baruti ba e señ bōnè” ba ba sa ikotlhaeng. (2 Petere 2:3) Mme go tweng ka bao ba neng ba nna ba ntse ba ikanyegile?
Boitemogelo joo bo ne bo tla ba thapisa mo go ‘tlhagafatseng dipelo tse di phepa tsa bone.’ (2 Petere 3:1) Gore ba nne ba thantse ba disitse go tsenelela ga dithuto tsa maaka go ne go tla tlhoka gore ba nne ba boeletse se se kaiwang ke tumelo ya bone. Jaaka ba bona diphelelo tse di bosula tsa ditiro tsa “baruti ba e señ bōnè,” go tshepa ga bone boammaaruri jwa Bokeresete go ne go tla thathafalela pele.—2 Petere 3:3-7.
Ka sekai, mo phuthegong nngwe moaposetoloi Johane yo o godileng o ne a ganediwa ke mongwe yo o neng a bidiwa Dioterefese, monna mongwe yo o ratang maemo yo o neng a sa tlotle taolo ya ga Johane ka gope ebile a sa gane fela go amogela barongwa ba ba neng ba romilwe ke Johane mme ebile a ka ne a lekile go kgaola bao ba neng ba dira jalo. Selo seno se tshwanetse sa bo se ne sa utlwisa botlhoko Bakeresete ba ba tlhoafetseng botlhe ba ba neng ba le mo phuthegong e le nngwe le Dioterefese. Mme go ne ga ba neela sebaka sa go supa gore e ne e se ‘baetsi ba se se bosula’ mme ka gone ba amogela thapiso e kgolwane ya go ikanyega mo go Jehofa le mo taolong ya boaposetoloi.—3 Yohane 9-12.
Mo go Dirisaneng le ba Eseng Bakeresete
Jesu o ne a bolela gore balatedi ba gagwe ga se ba lefatshe. (Yohane 17:16) Santlha Mokeresete o tshwanetse go ikanyega mo go Jehofa le Bogosi jwa gagwe. O leka go tshegetsa ditekanyetso tsa boitsholo tsa Modimo, jalo dikgatlhego tsa gagwe tse dikgolo le dikamego di farologanye le tsa lefatshe. Lefa go ntse jalo, Mokeresete o tshwanetse go tshela mo lefatsheng, mme jaaka go lemotshega seno se dira gore ba nne ba sa wela dibete.
Petere, mo bodiheding jwa gagwe jwa nako e e telele, o tshwanetse a bo a bone makgetlo a mantsi ao Bakeresete ba neng ba tshwanelwa ke go dira diphetso tse di boima, ba lekalekanya dipatlafalo tsa lefatshe le seo digakolodi tsa bone di ba laolelang go se dira. Petere mo lekwalong la gagwe lantlha, o ne a neela kgakololo e ntle, e e ka dirisiwang ya kafa seno se ka dirwang ka teng e le gore Bakeresete ba tle ba nne “le segakolodi se se siameñ.”—1 Petere 2:13-20; 3:1-6, 16.
Legale, jaaka Bakeresete re lebeletse pele nakong ya fa re tla bong re sa tlhole re tlhoka go tlhokomela dipatlafalo tsa tsamaiso eno ya dilo. Mme mo nakong eno re thapisediwa go itshoka ebile re letlelelwa go bontsha boikanyegi jwa rona fa re lebane le teko le ditlhotlheletso tse e seng tsa bomodimo. Fa re ntse re nna le boitemogelo mo go diriseng melaometheo ya Bibela mo maemong a a farologaneng mme ka bopelokgale re itshwara ka tsela eo re itseng gore Jehofa o batla re itshwara ka yone, gape re thapisediwa go nna botlhale jo bo duleng diatla le bopelokgale Akanya gore re tla bo re amogetse thapiso e e kana kang ka gonne re ne ra tshela mo tsamaisong eno re bile re atlegile mo go dirisaneng le mathata a mantsi mo go kanakana!
Tlase ga Pogiso
Fa Petere a ne a bua kaga go thapisiwa ga rona ke Modimo, bogolo thata o ne a lebisitse mo pogisong. O ne a bontsha gore Bakeresete ba tshwanetse go solofela pogiso, ka go kwala jaana: “Lo nnè lo ikgapè, lo nnè tishō: mmaba oa lona, diabolo, o potologa yaka tau e e dumañ, a batla eo o ka mo kometsañ.”—1 Petere 5:8; bona le 2 Timotheo 3:12.
Petere o ne a tshwanelegela go bua kaga seno ka gonne ene ka boene o ne a bogisitswe. Mo metlheng ya pele ya phuthego ya Bokeresete, ene le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba itewa ba bo ba laolelwa go lesa go rera. Boikutlo jwa bone e ne ya nna bofe? Ba ne “ba cwa ha pele ga lekgotla, ba itumèla ka ba kailwe chwanèlō ea go tlotlololwa ka ntlha ea Leina.”—Ditihō 5:41.
Ka gone, Petere o ne a bua ka go bo a itemogeletse jalo, ebile a ne a tlhotlhelediwa, fa a ne a re: “Me ereka lo tlhakanetse le Keresete dipogishō tsa gagwè, lo itumèlè; gore e tlè e re mo tshenoloñ ea kgalalèlō ea gagwè le gōna lo bo lo itumèlè ka boitumèlō yo bo heteletseñ. Ha lo kgōywa ka leina ya ga Keresete, lo segō; ka Mōea oa kgalalèlō le Mōea oa Modimo o nntse mo go lona.”—1 Petere 4:13, 14.
Ee, pogiso e e setlhogo le yone e ka nna mofuta mongwe wa thapiso. Fa Mokeresete a bogisiwa, o ithuta go ikaega ka moya wa Modimo go feta pele. Tumelo ya gagwe e nna ‘nonofo e e lekilweng.’ (1 Petere 1:7) O thapisediwa bopelokgale jo bo thailweng mo maatleng a ga Jehofa. (2 Timotheo 1:7) O nna le boitshoko ka bopelotelele, gape jaaka Jesu, o “ithuta kutlō ka dilō tse o di bogileñ.”—Bahebera 5:8; 1 Petere 2:23, 24.
Jehofa o Feleletsa Thapiso ya Rona
Legale, mathata a a boima, go akareletsa le pogiso, a Mokeresete o a itshokelang ga a tswe kwa Modimong. Yakobe o gakolola jaana: “Motho opè a se ka a re a raèlwa, a re, Ke raèlwa ke Modimo: gonne Modimo ga o kake oa raèlwa oa diha boshula, le one ka osi ga o raele motho opè.” (Yakobe 1:13) Mathata a ka nna a tsosiwa ke dilo tse dintsi, go akareletsa le fa batho ba dira diphoso kana ba dira bosula ka boomo. Lefa go ntse jalo, ereka dilo tse di ntseng jalo di diragala, Jehofa o di dirisa go thapisa batlhanka ba gagwe mo dinonofong tse di botlhokwa tsa Bokeresete.
Jobe, Jeremia, Petere, Paulo, le batlhanka botlhe ba Modimo ba metlha ya Bibela ba ne ba thapisiwa ka tsela eno. Rona le rona, jaaka re thulana le maemo a a boima a a farologaneng, re tshwanetse go a leba jaaka tsela ya thapiso e e letlelelwang ke Jehofa. Fa re dirisana le one ka thata ya ga Jehofa, re tla thapisega mo kutlong, botlhale, boikokobetso, bopelokgale, lorato, go iphapaanya, le dinonofo tse dingwe tse dintsi.—Bapisa Yakobe 1:2-4.
Gape, re kgothalediwa go itse gore seemo seno sa go thapisiwa ga rona nako nngwe se tla bo se fedile. Ka gone, Petere one a gomotsa Bakeresete-ka-ene, ka go re: “Modimo oa tshegohacō eotlhe, o o lo bileditseñ kwa kgalaleloñ ea ōna e e sa khutleñ mo go Keresete, e tla re lo sena go nna lo boga botlhoko ka lobakanyana, ōna ka ōsi o [feteletsa thapiso ya lona], o lo tiise, o lo thatahatse.” (1 Petere 5:10) Mafoko ano a dira ka selekanyo se se tshwanang mo go ba “boidiidi yo bogolo” ba ba lebeletseng botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng la Paradaise.
Go akanya moo ka bogone go tshwanetse go re thusa go ikobela maitemogelo ano a a thapisang ka bopelotelele, re ikemiseditse go sa ineele. Ka gone, re tla itemogelela boammaaruri jwa mafoko a a kgothatsang a ga Paulo a a reng: “Me a re se lapeñ mo go diheñ molemō: gonne re tla rōba mo motlheñ o eleñ ōna, ha re sa ñodiege.”—Bagalatia 6:9.