LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 12/15 ts. 26-29
  • Jehofa O Agile Ntlo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa O Agile Ntlo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Go Fenya Mathata
  • Kago e e Tlotlometseng mo Lefelong le Lentle
  • Thulaganyo ya Kgakolo
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 12/15 ts. 26-29

Jehofa O Agile Ntlo

MATLHATSO, March 21, 1987, e ne e le letsatsi le maloko a lekala la Afrika Borwa la Watch Tower Society a se kitlang a le lebala. E ne e le tiragalo ya hisitori. Dikago tse disha kwa Roodekrans di ne di kgakolwa​—bokhutlo jwa tiro e e tlhagafetseng ya dingwaga tse thataro. Mme tlotlo e ya kwa go Jehofa. Jaaka Solomone a ile a tlhalosa: “Ha Yehofa a sa age ntlo, ba ba e agañ ba dihèla lehèla.”​—Pesalema 127:1.

Ka bokhutshwane a ke re latedise go gola ga Basupi ba ga Jehofa mo Afrika Borwa. Ka 1902 batho ba le babedi ba lefelo leo ba ntlha ba ne ba simolola go ithuta dikgatiso tsa Mokgatlho mme ba rerela ba bangwe. Ka 1910 Will Johnston o ne a laelwa ke Mokaulengwe Russell go bula ofisi ya lekala la monna a le mongwe kwa Durban. Ngwaga e e latelang nngwe ya diphuthego tsa ntlha tsa Ma-Afrika e ne ya rulaganngwa go bapa le Ndwedwe. Mo ngwageng o o maswe wa 1914, kopano ya ntlha e ne ya tshwarwa kwa Durban mme e ne e na le batho bale 50. Lekala le ne la fudusediwa kwa Kapa ka 1923, mme ngwaga e e latelang motšhine o o gatisang o o motlhofo o ne wa dirisiwa. Lekala le ne la fudusediwa kwa didirisiweng tse dikgolwane ka 1933, mme go ne go sena Legae la Bethele.

Go ne ga nna gape le go fuduga mo go botlhokwa ka 1952, go ya kwa Elandsfontein​—mo e ka nnang dikilometara di le 1 500 mo bokone jwa Kapa le mo e ka nnang dikilometara dile 20 mo botlhaba jwa Gauteng. E ne e le mofuta wa ntlha wa kago mo Afrika Borwa o o neng o rulagantswe ke mokgatlho, ka gone o ne o akareletsa phatlha e kgolo ya go gatisa gammogo le Legae la Bethele, kana bonno. Fa go ntse go ntse jalo, tiro ya Bogosi e ne e bulega mo dinageng di le mmalwa eo e neng e tlhokomelwa ke lekala la Afrika Borwa. Ka gone go ne ga tlhokafala gore lekala le godisiwe ka 1959, gape ka 1971, le gape-gape ka 1978. Fa go ntse go ya ga seka ga tlhola go nna le phatlha ya katoloso epe kwa setsheng seo.

Baboledi ba ntlha ba babedi mo Afrika Borwa ba ne ba oketsegile go nna ba ba ka nnang 28 000. E ne e le nako ya go batla lefelo le lesha, mo go neng go kopanyeletsa go batla ga lobaka lo lo leele. Kwa bofelong polase e ntle ya diheketara di le 87 e ne ya bonwa kwa Roodekrans, eo e leng dikilometara di ka nna 60 go tswa Elandsfontein. Kaelo ya ga Jehofa le thuso di ne tsa itshupa sentle mo go bonweng le go rekwa ga lefelo leno le lentle.

Go Fenya Mathata

Lefa go ntse jalo, mathata a a masisi a ne a tshwanetse go fenngwa. Ditshenyegelo tsa pele di ne di lebega di le dikgolo thata, gape go ne go batlega ditetla tse di kgethegileng go aga madirelo, diofisi, le marobalo mo lefelong la setoropo. Marara a mangwe e ne ya nna keletso ya gore Basupi ba Ma-Afrika ba baranodi ba nne koo. Go ne ga lebega e le dikgakgamatso ka moo mathata ano a neng a fenngwa ka gone, go neela tshupo ya gore Jehofa o ne a aga ntlo. Bothata jo bongwe e ne e le letlhoko le le masisi la bo-radikitso. Mme baithaopi ba badiri ba ne ba nna bofefo go ithuta ditiro di le mmalwa. Seno se ne sa akareletsa bokgaitsadi Molebedi mongwe o ne a akgela ka go re: “Basetsana ba ba rutilweng ba ba neng ba sa tshwanele lefelo la kago ba ne ba nna ba ba ditswerere mo go aleng dithaele. Ga ke ise nke ke bone se se gaisang seo.”

Tiro ya kago e ne ya simolola ka bonya pele. Go tswa foo baithaopi ba ne ba olosegela kwa Roodekrans-bantsho, basweu, makhalate, le ma-India. Bakaulengwe ba bile ba tla le eleng go tswa kwa dinageng tse dingwe, jaaka New Zealand le United States. Seno ruri se ne se sa tlwaelega mo Afrika Borwa. “Go go ntle go bona bakaulengwe le bokgaitsadi ba bereka mmogo, merafe e e farologaneng, ditso go tswa ditlhagong tse di farologaneng,” go ne ga rialo moithaopi mongwe. Ba le bantsi ba ne ba tlogela ditiro tse di molemo kana ba tsaya malatsi a boikhutso a maleele go thusa kwa kagong ya Roodekrans. Go ne go akareletsa bomakheneke, radikitso wa dikago, moenjineere, bo-radikitso ba dipolene, le balebedi ba dikago. Go ne ga neelwa kana ga adimiwa dimatšhine tse di turang.

Go tweng ka madi a mantsi a a neng a kopanyelediwa? Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se ne sa thusa ka go adima madi a mogolo, le Basupi ba lefelo ba ditso tsotlhe le dingwaga tse di farologaneng ba ne ba ntsha meneelo ka bopelotshweu thata. Mosetsanyana wa dingwaga tse thataro o ne a kwala jaana: “Ke ne ke bolokela madi ano go reka mpopi, mme ke a a le romelela. Ke solofela gore lo ka aga Roodekrans ka madi ano. Fa ke gola, le nna ke batla go ya Roodekrans le go bereka koo.” Mosimanyana wa Mo-India wa dingwaga tse tlhano o ne a neela madi a gagwe a a neng a a bolokile ka dikgwedi di le thataro!

Mo mafelong a beke makgolo a Basupi ba bangwe a tla go nna le seabe mo tirong eno ya botlhokwa. Baithaopi ba bangwe ba ne ba tla ka metlha, gantsi ba intsha setlhabelo tota le go dira maiteko a magolo go dira jalo. Baeti ba e neng e se Basupi ba ne ba tshikhinya ditlhogo ka kakabalo fa ba bona tshegetso e e tlhagafetseng. Bontsi jwa batho ba ba nnang mo tikologong ba ne ba kgatlhega thata. Difeme tsa kgwebo tsa lefelo di ne tsa italetsa go dira kgwebo kwa Roodekrans, mme baemedi ba tsone gantsi ba ne ba akgela ka seemo sa kagiso le kutlwano.

Kago e e Tlotlometseng mo Lefelong le Lentle

Dithaba tsa mantswe mo letlhakoreng la borwa la setsha sa dikago di okametse mogorogoro o montle le molapo. Lemororo dikago di le gaufi le lefelo la setoropo le lentle, go santse go na le diphologolo tsa naga, jaaka dikgaka le mebutla. Dintsu le bophokoje gantsi di e tle di ete. Kago ya borobalo e e leng mo maelelong a dithaba, e e ka nnang dimetara di le 360, e agilwe ka setena se sehibidu. E na le matlhatlaganyane a le mararo, ka dipono tse dintle. Mo gare go na le lefelo la maphata a tlhokomelo mo go nang le kamore ya bojelo, kitsi, botlhatswetso, le fa go alafelwang teng. Gautshwane go na le kago ya dioñsi le ntlo ya bogatisetso e kgolo, e e fopholediwang e ka nna kanang ka Araka ya ga Noa. Mo teng go na le motšhine o o gatisang wa offset wa TKS o mogolo wa mebala e mene.

Mo bophirima jwa kago ya bonno ke lefelo la temo-thuo le ntlo ya bobolokelo, e e neng e dirisiwa jaaka kamore ya bojelo le kamore ya boapoelo ka nako ya kago. Masimo a bojang jo bontsi le lesereng di dirisiwa jaaka dijo tsa dikgomo tsa mashi. Go na le makgolo-kgolo a ditlhatsana tsa protea mo dithabeng tse di kwa morago ga ntlo ya bonno. Mo godimo ga ditlhare tse ditelele tsa mabolukomo, ditlhare tse dintsi tse disha, dithunya tse di mebalabala, le motlho o montsi di ile tsa jalwa.

Thulaganyo ya Kgakolo

Bontsi jwa batho ba ba ka nnang 4 000 bo ne jwa phuthegela kgakolo mo maitseboeng a Matlhatso mo lefelong le le bulegileng gaufi le kago ya bonno, ka March 21, 1987. Serala sa nakwana se ne se lebagane le dithaba, go lebega jaaka lebala le legolo la metshameko. Modula-setilo, ebong mokaulengwe R. F. Stow, o ne a bala melaetsa ya kemo-nokeng go tswa kwa dinageng di le 17. O o neng o tshikhinya maikutlo mo go eno o ne o tswa kwa go Maud Johnston, ebong mosadi wa molebedi wa lekala wa ntlha kwa Durban. O santse a direla kwa Bethele ya Australia a na le dingwaga tse 92.

P. J. Wentzel, ebong molebedi wa Lephata la Tirelo, e ne ya nna sebui sa ntlha, mme o ne a neela hisitori e khutshwane ka tiro ya Bogosi mo Afrika Borwa. O ne a bapisa ba ba 50 ba ba neng ba le gone kwa kopanong ya 1914 le ba ba neng ba le gone ba ba 99 000 mo dikopanong tsa 1986. Go tswa foo J. R. Kikot, ebong molebedi wa madirelo, o ne a tlhalosa go gatisiwa ga dibuka ka dipuo tse dintsi le tiro ya baranodi ba ba fetang 50. Gape o ne a umaka gore ka 1979 motšhine o o gatisang o mogolo wa TKS, eleng mpho e e tswang kwa lekaleng la Japane, o ne wa tlhomiwa, mme o ne o gatisa ka mebala e mebedi fela. Bosheng jaana, dikarolo tse dingwe tse pedi, le tsone e le mpho go tswa kwa Japane, di ne tsa momelelwa mo motšhineng Ka ntlha ya gone moo, Tora ya Tebelo ya April 1, 1987 e ne ya gatisiwa ka mebala yotlhe, se se neng sa kgatlhisa botlhe.

C. F. Muller ebong mookamedi wa Komiti ya Lekala, o ne a tlhalosa ka moo Jehofa a neng a thusa go baakanyetsa ka setsha, madi, le bo-radikitso, le badiri ba ba rutilweng ka teng. Gape moya wa Modimo o ne wa baka kutlwano gareng ga ditso tse di farologaneng Lemororo nako nngwe go ne go lebega go ka seke go kgonagale go aga madirelo mo lefelong le le kgethetsweng bonno fela le gore bantsho ba nne koo, Jehofa o ne a bula tsela, ka gone o ne a le Moagi wa Popota!

Sebui se se latelang e ne e le Carey Barber, leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Puo ya gagwe e e molemo e ne e theilwe mo go Isaia 65:17-19, eo e bolelelang pele ka moo batho ba ga Jehofa ba tla ‘e ipelelang ka teng le gore go tla nna boipelo ka bosakhutleng.’ Sebui se ne sa tlhalosa gore ‘go ipela’ go raya “go tlolela kwa godimo ka boitumelo” le gore ke mofuta o mogolo wa go thama. Ruri e ne e le letsatsi le le ipedisang go bao ba neng bale gone. Puo ya kgakolo e ne ya neelwa ke Milton Henschel, le ene e le wa Setlhopha se se Laolang. O ne a isa thapelo e e kgethegileng kwa go Jehofa, a mo leboga ka go baakanyetsa ka kago, e jaanong e neng e neelwa go ene.

Letsatsi le le latelang Basupi ba le 28 250 le batho ba ba kgatlhegang ba ne ba phuthega kwa Rand Stadium, mo Gauteng, kwa ba neng ba utlwa tshobokanyo e khutshwane ya thulaganyo kwa Roodekrans. Mo puong e e neng e ranolelwa mo Sezulung, Henschel o ne a bontsha ka moo Basupi ba ga Jehofa, ba eteletswe pele ke Jehofa le Jesu, ba itumelelang katlego gongwe le gongwe mme ba anamisa “lonko lo lo monate loa ga Keresete” le kitso e nngwe ya Bibela. (2 Bakorintha 2:14-17) O ne a konela ka maitemogelo a mantsi a a kgothatsang a a neng a kgatlhisa bareetsi ba bantsi bao.

Mo malatsing a sekae a a latelang, go ne ga tshwarwa dikokoano tse di tshwanang kwa Durban le Kapa. Tseno e ne e le ditiragalo tse di se kitlang di lebalwa ke Basupi ba ga Jehofa mo Afrika Borwa. Lelapa la Bethele kwa Roodekrans ruri le tla gakologelwa ka lobaka lo loleele kgakolo ya legae la bone le lesha. Ka Basupi bao gompieno ba fetang 40 000 ba gompieno ba tlhagafetseng mo Afrika Borwa mo boemong jwa ba ba 28 000 fa tiro e ne e simologa kwa Roodekrans, ‘ntlo e Jehofa a e agileng’ e diragatsa tlhokafalo e e potlakileng le e e botlhokwa-tlhokwa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela