LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 3/15 ts. 10-15
  • Go Ikanya mo go Jehofa go Isa Boineelong le Kolobetsong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ikanya mo go Jehofa go Isa Boineelong le Kolobetsong
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Goreng o ka Ikanya mo go Jehofa?
  • Lebaka leo Bangwe ba sa Ikanyeng mo go Jehofa
  • Go Ikanya mo go Jehofa go Gogela kwa Boineelong
  • Go Ineela Ga se Tsela e Nngwe Fela ya go Ipofa
  • Goreng go Nwediwa mo Metsing go Tlhokafala?
  • Motho a Kolobediwe a le Dingwaga tse Kae?
  • Kolobetso le Kamano ya Gago le Modimo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Ineela mo go Jehofa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa o tshwanetse Go Kolobediwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • A o Siametse go Kolobediwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 3/15 ts. 10-15

Go Ikanya mo go Jehofa go Isa Boineelong le Kolobetsong

“Ikany[e] Yehofa, u bo u dihè molemō; aga mo lehatshiñ u latèlèlè boikañō.”—PESALEMA 37:3.

1. Ke bosupi bofe jwa banna ba ba botlhale ba lefatshe jo bo bontshang gore ke boeleele go ikanya mo baeteleding pele ba batho?

KE MANG yo re ka mo ikanyang? A ke baeteledi pele ba batho? Ditiro tse ba di dirileng di bontsha gore ke boeleele go ikanya mo bathong ba ba sa itekanelang. Ebu, le eleng banna ba ba botlhale ka tsela ya selefatshe ba lemoga lebaka leo! Ka gone, makasine wa kgwebo wa Yorupa wa Vision nako nngwe o ne wa re se se “maswemaswe kaga seemo sa gompieno ke gore ga go na ope yo o bonang tsela ya go se falola.” Mme raditiragalo mo go tsa ikonomi ebong Robert Heilbroner o ne a tlhalosa ka go re: “Go na le sengwe gape se se re tshwenyang. Ke pelaelo ya gore ga go na ope yo o laolang dilo, gore ga go na ope yo o ka kgonang go fenya mathata ao a re tlhaselang.”

2. Ke eng se se ka bolelwang kaga melemo e e tlisiwang ke boitseanape jwa segompieno?

2 Ke boammaaruri, batho ba ile ba dira dikgatelo pele tse dikgolo mo dikarolong tse di farologaneng tsa boitseanape. A mme seno sotlhe se ile sa nna le mosola? Nnyaa, ga go a ka ga nna jalo. Jaaka go ile ga supiwa ke mokwadi Lewis Mumford: “Mogopolo wa gore kgatelo pele ya boranyane le ya boitseanape ke tseo di ileng tsa lere melemo mo bathong . . . jaanong ga o sa tlhole o dumelesega gotlhelele.” Kgang e re ka e supang ke ya pula ya aseti, eo e kgotlelang matšha le dinoka mme ebile e oketsang tshenyego ya bontsintsi jwa ditlhare. Mme gape, seemo se se swabisang sa lefatshe—go oketsega ga bokebekwa, thubakanyo, le borukutlhi, tshwakgolo ya diokobatsi le tagi, le malwetsi a a fetisiwang ka tlhakanelo-dikobo, le seemo sa itsholelo se se reketlang—tsotlhe di supa gore ga go thuse ka sepe go ikanya mo baeteleding pele ba batho.

3. Lefoko la Modimo le fa kgakololo efe ya gore ke mang yo re tshwanetseng go mo ikanya?

3 Lefoko la Modimo le gakolola jaana kafa tshwanelong: “Lo se ka loa ikanya dikgōsana, leha e le ñwana oa motho, eo go senañ thushō epè mo go èna. Mōea oa gagwè oa cwa me a boèle mo mbuñ oa gagwè; ka letsatsi yeuō hèla maikaèlèlō a gagwè a nyèlèle.” (Pesalema 146:3, 4) Fa re ka seka ra ikanya batho, ke mang yo re ka mo ikanyang? Re ka ikanya mo Mmoping wa rona wa legodimo le lefatshe, jaaka fa re bala jaana: “Go segō monna eo o ikanyañ Yehofa, le eo Yehofa e leñ cholohèlō ea gagwè.”—Yeremia 17:7.

Goreng o ka Ikanya mo go Jehofa?

4. Ke dinonofo dife tse nne tsa ga Jehofa, mme di re fa jang mabaka a a utlwalang a gore re mo ikanye?

4 Re ka ikanya mo go Jehofa ka mabaka a a utlwalang. Selo sa ntlha, re ka ikanya mo go ene ka ntlha ya dinonofo tsa gagwe tse nne—lorato, botlhale, tshiamiso, le nonofo—le dinonofo tse dingwe gape tse di molemolemo. Lefoko la Gagwe le re tlhomamisetsa gore ke mothatiesi, nngwe ya direto tsa gagwe e le “Modimo Mothataeotlhe.” (Genesise 28:3) Abo seo e le motheo jang ne wa boikanyo! Ga go na ope yo o ka atlegang mo go ganetseng Jehofa, mme ebile ga go na ope yo o ka kgoreletsang maikaelelo a gagwe. Gape o na le Botlhale le Kitso. Ga a felele fela mo go itseng bofelo go tswa kwa tshimologong, isagwe e le selo se se apogileng fela mo go ene, mme gape mo go ene go na le kitso le botlhale, jaaka seo se bonwa mo ditirong tsa gagwe tse di gakgamatsang tsa popo. Ga a ise a ko a dire lefa e le sepe se se phoso mo ditirong tsa gagwe. (Isaia 46:10; Baroma 11:33-35) Mo godimo ga moo, Jehofa o ikanyega thatathata, ke Modimo wa tshiamo le boikanngo. Go retetse mo go ene go aka. (Duteronome 32:4; Tito 1:2; Bahebera 6:18) Go di feta tsotlhe, ereka jaana lorato lo lo senang bogagapa e le nonofo ya gagwe e kgolo, go buiwa jaana kafa tshwanelong ka ene: “Modimo o loratō.”—1 Yohane 4:8, 16.

5. Ke rekoto efe eo Lefoko la Modimo le e tshotseng, e le e e supelang boikanngo jwa gagwe?

5 Ditirisano tsa ga Jehofa le setho di supela gape gore ke Modimo yo o boikanngo yo o mothatayotlhe, yo o botlhale, yo o tshiamo, le lorato. Moshe o ne a tlhomamisetsa Baiseraele gore Jehofa o boloka kgolagano le bopelonomi le bao ba mo ratang le go boloka ditaolo tsa gagwe. (Duteronome 7:9) Pelenyana, Jehofa o ne a boloka Noa yo o boifang Modimo le lelapa la gagwe mo Morwaleleng o mogolo. Modimo o ne a falotsa Lote yo o tshiamo le bomorwadie ba babedi mo tshenyegong ya molelo ya Sodoma le Gomora. Moragonyana, Modimo o ne a ntsha Baiseraele mo Egepeto mme a ba tsenya mo lefatsheng la Kanana e le tumalanong le tsholofetso ya gagwe go Aberahame. (Genesise 7:23; 17:8; 19:15-26) A mme Jehofa o ne a seka a golola Bahebera ba bararo ba ba neng ba latlhelwa mo bokepisong jwa molelo, gammogo le Daniele mo mongobong wa ditau?—Daniele 3:27; 6:23.

6. Ke bosupi bofe jwa motlha wa segompieno jo re nang najo jwa gore go ikanya mo go Jehofa ruri go tshwanetse?

6 Gore Jehofa ke ene yo re ka mo ikanyang go ile ga supelwa ke maitemogelo a Basupi ba gagwe ba motlha wa segompieno. Ka sekai, Adolf Hitler o ne a ikgantsha a re o tla fedisa “ditsuanyane” tsa Basupi ba ga Jehofa mo Jeremane. Mme go na le moo Hitlara le phathi ya gagwe ya Bonazi ba ne ba nyelediwa, mme gompieno setlhophanyana seo sa Basupi se ntsifetse gantsintsi mo jaanong ba ka tshwarang 119 000. Mme gape, mo e ka nnang makgolokgolo a dipego tsa matshelo a Basupi ba ga Jehofa tse di gatisiwang go Tora ya Tebelo le molekane wa yone ebong makasine wa Awake! tsotlhe di supela ka botlalo gore ruri Jehofa ke Modimo yo re ka mo ikanyang.

Lebaka leo Bangwe ba sa Ikanyeng mo go Jehofa

7. Ke ka ntlhayang fa motho mongwe a ne a re “ke Moemela-thoko wa ga Jehofa”?

7 Lefa go le jalo, a bo e le ba sekaenyana fela gompieno ba ba ikanyang mo go Jehofa! Le eleng ba le bantsi ba ba ithutileng kaga dinonofo tsa gagwe le dilo tse a di dirileng ba palelwa ke go mo ikanya. Setlhogo se se bonalang mo lokwalo-pakeng lwa U.S. Catholic (January 1979) le bua jaana ka mongwe wa batho bao: “Fa mmotsolotsi a ne a botsa monna mongwe gore o rata bodumedi bofe, o ne a araba ka go re, ‘ke bona gore ke Moemela-thoko wa ga Jehofa.’ Fa a kopiwa gore a tlhalose ka botlalo, o ne a re, ‘tota ke dumela se Basupi ba ga Jehofa ba se dumelang—mme ga ke batle go ikgolega.’” Makasine o ne wa akgela ka go re: “Mosupi yo o ineetseng wa ga Jehofa ga go na se a ka se ikgethelang fa e se go kopanyelediwa gotlhelele.”

8. Ke dintlha dife tsa konokono tse di dirang gore motho a batle go tlhakanela mo go direleng Jehofa?

8 Ke ka ntlhayang fa bangwe ba sa batle go ikgolega? Ke ka go bo ba ile ba seka ba nna le boemo jo bo tshwanetseng jwa pelo. Motho o tshwanetse “a bo a gagamaletse go bona botshelo jo bo sa khutleng.” (Ditihō 13:48) Jaaka Jesu a ne a tlhalosa mo setshwantshong sa gagwe sa mojadi, ba ba tlhagisang maungo ba amogela lefoko la boammaaruri mo ‘dipelong tse dintle le tse di molemo.’ (Luke 8:15) Ee, boammaaruri ga bo ke bo ikuela mo bathong ba ba seng peloephepa. Patlafalo ya motheo ke go nna le pelo e e ikanyegang. Boammaaruri jwa Lefoko la Modimo gape ga bo ikuele mo bathong ba ba boikgodiso. Go tlhokafala boikutlo jwa boikokobetso. (Yakobe 4:6) Mme ebile gape, boammaaruri ga bo ke bo ikuela mo bathong ba ba ikgotsofaletseng, ba ba iponang tshiamo. Mme bo ikuela mo go bao ba tlhologeletsweng ditlhokafalo tsa bone tsa semoya, bao ba nyoretsweng le go bolaelwa ke tlala tshiamo, le bao ba sonelelang le go hutsafadiwa ke dilo tse di makgapha tse ba di bonang di diragala mo lefatsheng gompieno.—Mathaio 5:3, 6; Esekiele 9:4.

Go Ikanya mo go Jehofa go Gogela kwa Boineelong

9, 10. (a) Ke eng se se tlhokafalang pele ga motho a ka ikanya mo go Jehofa, mme bao ba nang le dipelo tse di siameng ba arabela jang? (b) Batho ba ba ntseng jalo ba bontsha tumelo ya bone mo go mang?

9 Pele ga motho a ka ikanya mo go Jehofa, o tshwanetse a utlwa kaga Ene. Mme “ba tla bitsa yañ èna eo ba e señ ba dumele mo go èna? me ba ka dumèla yañ mo go èna eo ba e señ ba utlwe kaga gagwè? me ba ka utlwa yañ ha ba sena moreredi?” (Baroma 10:14) Jaaka batlhanka ba ga Jehofa ba ntse ba rera, ba ba nang le dipelo tse di molemo baa arabela, jaaka bontsi jwa Bathesalonia ba bogologolo ba ne ba dira. Malebana le bano, Paulo o ne a kwala a re: “E rile lo chola lehoko ya taeco mo go rona, eboñ lehoko ya Modimo, loa le amogèla e señ yaka lehoko ya batho, ha e se yaka lehoko ya Modimo hèla, yaka e le yeōna rure, ye le bileñ le diha mo go lona ba lo dumèlañ.”—1 Bathesalonia 2:13.

10 Fa batho ba ba pelontle bao ba ithuta kaga Jehofa, ba bontsha tumelo mo go ene. Seno se botlhokwatlhokwa, ka go bo “kwa ntlè ga tumèlō go reteletse rure go o kgatlha: gonne eo o tlañ Modimoñ o na le go dumèla ha o leeō, e bile e le ōna moduedi oa ba ba o batlañ.” (Bahebera 11:6) Se sengwe gape se se botlhokwa ke go bontsha tumelo go Morwa Modimo. “Ga go nna poloka mo go ōpè o sele; le gōna ga go leina lepè le sele ha tlhatse ga legodimo, ye batho ba le neilweñ, ye re nañ le go bolokwa mo go yeōna”—ee, ga go leina lepe le lengwe kwantle ga la ga Jesu Keresete.—Ditihō 4:12.

11. Go ikanya mo go Jehofa go tla dira gore motho a latele kgakololo efe e e neelwang ke moaposetoloi Petere?

11 Go ikanya mo Lefokong la Modimo, mo go Jehofa, le mo go Morwawe Jesu Keresete go tla tlhotlheletsa motho go reetsa kgakololo ya ga moaposetoloi Petere go Bajuda ba motlha wa gagwe: “Ke gōna, ikwatlhaeeñ, lo shokologè, gore dibe tsa lona di phimolwè, gore go tlo go tlè metlha ea thudishō yalo, e e cwañ ha pele ga Morèna.” (Ditihō 3:19) Ka go bapala kitso ya ga Jehofa le dipatlafalo tsa Gagwe, motho o ithuta gore thato ya Modimo ke gore a nne molatedi wa ga Jesu Keresete. Fela jaaka Petere a ne a tlhalosa: “Lo biledicwe gōna mouō: gonne Keresete le èna o bogile botlhoko mo boemoñ yoa lona, a lo tlogèlèla sekaō, gore lo tsamaeè mo dikgatoñ tsa gagwè.” (1 Petere 2:21) Jesu o ne a phepafatsa sentle se se kopanyelediwang fa a ne a re: “Ha motho leha e le mañ a rata go ntshala moragō, a a iitatolè, me a a tseè mokgōrō oa gagwè, me a itse go ntshala moragō.” (Mathaio 16:24) Seo se raya gore motho o ineela mo go Jehofa Modimo go dira thato ya gagwe le go tsamaya mo dikgatong tsa ga Jesu Keresete.

Go Ineela Ga se Tsela e Nngwe Fela ya go Ipofa

12. Lefoko “boipofo” gantsi le dirisiwa jang mo go La-Bodumedi?

12 Mo go La-Bodumedi lereo “boipofo” le dirisiwa gangwe le gape go lebisa mo go nneng Mokeresete. Jalo he re bolelelwa gore Baefangele ba United States “ba otlelela boipofo jwa sebele mo go Jesu.” Moruti mongwe wa Roma Katoliki o ne a bua ka “boipofo jwa sedumedi jwa Katoliki.” Fa moruti mongwe wa Mokatoliki a ne a femela go itsenya ga gagwe mo dipolotiking, o ne a re: “Go tsena ga me mo dipolotiking e ne e le tsela e nngwe ya boipofo jwa me jwa (seruti).” Mme difeme tsa kgwebo di ipapatsa ka “Boipofo jwa Rona mo Badirelweng ba Rona.” Tota he, motho o ka ipofa ka dilo di le dintsintsi ka nako e le nngwefela: boipofo jwa kgwebo, boipofo jwa leago, boipofo jwa sepolotiki, le boipofo jwa sedumedi.

13. Ke eng se se kopanyelediwang mo boineelong go Jehofa?

13 Lefa go ntse jalo, go ineela mo go Jehofa Modimo ga se tsela e nngwe fela ya boipofo. Boipofo ke “tumalano fela kana boitlamo jwa go dira sengwe mo isagweng.” Mme go dira boineelo go raya ‘motho yo o ithebolang gotlhelele go direla kana go obamela Modimo kana ditiro tse di boitshepo.’ Batho ba le bantsi ba kgotsofadiwa fela ke go ipofa go na le go dira boineelo. Seo ruri ke sone se se dirang gore bodumedi jwa bone e nne fela selo se se tshwanang le mmino o o etleetsang. Go monate go bo reetsa mme tota ga bo itlhakanye le sepe se motho ruri a batlang go se dira.

14. Ke ka ntlhayang fa boipofo fela bo sa amogelwe ke Jehofa Modimo?

14 Go ineela mo Modimong go raya gore motho o dira thato ya gagwe selo se se botlhokwa thata mo botshelong. Go raya gore motho a dirise taolo ya ntlha le e kgolo go di feta tsotlhe, e Jesu a neng a e tsopola fa a ne a re: “U ratè Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago, le ka mōea otlhe oa gago, le ka tlhaloganyō eotlhe ea gago, le ka thata eotlhe ea gago.” Jesu o ne a gatelela mofuta o o kgethegileng wa go direla Modimo fa a ne a tlhalosa ka go re: “Ga go na motho opè eo o ka dihèlañ barèna ba le babedi: ka a tla ila eo moñwe, me a rate eo moñwe; goñwe a ñaparèle eo moñwe, me a nyatse eo moñwe. Ga lo kake loa dihèla Modimo le dikhumō.” (Mareko 12:30; Mathaio 6:24) Ka phepafalo he, go ipofa fela fela ga se selo se Jehofa a se amogelang.

Goreng go Nwediwa mo Metsing go Tlhokafala?

15. Ke sekao sefe se Jesu a neng a se tlhoma malebana le go ipolela tumelo phatlalatsa mo Modimong?

15 Ke ka ntlhayang fa motho a tshwanetse go tshwantshetsa boineelo jwa gagwe go Modimo ka go kolobediwa? Fa motho a batla go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ga go na tsela e nngwe gape e a ka e ikgethelang. Mme go ntse fela jalo fa keletso ya motho e le gore a itsiwe gore ke Mokeresete, ke molatedi wa ga Jesu Keresete. “Moshupi eo o ikanyègañ” wa ga Jehofa, Jesu, o ne a tlhoma motlhala wa seno, ka go bo a ne a kolobediwa mo ‘Nokeng ya Joredane. Ereka Johane a ne a kolobetsa baleofi ba ba ikotlhaileng, o ne a sa utlwisise gore ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a batla go kolobediwa, mme Jesu o ne a mo raya a re: “Mma go nnè yalo gompiyeno: gonne go re chwanetse go dihatsa tshiamō eotlhe yalo.” (Tshenolō 1:5; Mathaio 3:13-17) Morwa Modimo he o ne a dira boipolelo jwa phatlalatsa jwa tumelo ya gagwe ka go itlhagisa go Jehofa, a tlhomela botlhe ba ba eletsang go dira thato ya Modimo sekao.

16. Ke taolo efe e Jesu a neng a e neela balatedi ba gagwe mabapi le kolobetso, mme ke eng se se bontshang gore barutwa ba gagwe ba ne ba reetsa taolo eo?

16 Mo godimo ga moo, ka bokhutshwanyane fela pele ga a boela kwa go Rraagwe kwa legodimong, Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe a re: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō: Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ.” (Mathaio 28:19, 20) Rekoto e e mo bukeng ya Ditihō e bontsha gore barutwa ba ga Jesu ba ne ba tlhagafalela go utlwa taolo eo.—Ditihō 2:40, 41; 8:12; 9:17, 18; 19:5.

17. Ke ka ntlhayang fa go kgatshiwa ka metsi fela go ka se nne kolobetso e e tshwanetseng?

17 Batho bano ba ne ba kolobediwa jang? A ba ne ba dira fela jalo ka go kgatshiwa metsi, jaaka go tlwaelesegile mo dikerekeng di le dintsi tsa La-Bodumedi? Ruri nnyaa! Jesu o ne a “tlhatloga mo metsiñ” fa a sena go kolobediwa. Seno ka phepafalo se supa gore o ne a nwediwa mo metsing. (Mareko 1:9, 10) Tota, ga go na sepe se sengwe seo se ka nnang kolobetso, ka go bo lefoko la Segerika le le kwadilweng ka gore “kolobetso” le raya “go tiba gotlhelele.”—Ditihō 8:36-39.

18. Ke ka ntlhayang fa go tibisiwa mo metsing e le sesupo se se tshwanetseng sa boineelo jwa motho mo Modimong?

18 Kolobetso e e ntseng jalo ke sesupo se se tshwanelang thata sa boineelo. Fa motho a tsena kafa tlase ga metsi se se tshwantshetsa gore motho o a bo a swa mo ditirong tsa gagwe tsa bogologolo. Fa a tlhatlosiwa gape mo metsing go tshwantshetsa gore o tsogela botshelong jo bosha. Le eleng fela jaaka mokete wa lenyalo o gatisetsa mo megopolong ya monyadiwa le monyadi gore ba nyalane, jalo go tibisiwa mo metsing fa pele ga basupi ke moo go tla sekeng go lebalwe gotlhelele ke motho yo o kolobediwang. Ga go na pelaelo epe: Fa motho a kolobediwa, boineelo jwa motho yoo go Jehofa bo tshwanetse jwa gatisediwa thatathata mo mogopolong wa gagwe le kgakologelo gore ke tiragalo e e botlhokwatlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe. Go tshwaya go retologa mo go reng motho a itirele mme jaanong gore a direle Jehofa Modimo.

19. Lebaka le lengwe gape la go kolobediwa ke lefe?

19 A re se tlhokomologeng lebaka la gore kolobetso ya metsing ke selo se se tshwanetseng go tla pele gore motho a bone segakolodi se se molemo mo go Jehofa. Seno se phepafadiwa go 1 Petere 3:21, eo e balegang ka go re: “A le aōna a bolokañ lona gompiyeno kaha sechwanoñ sa amarure, eboñ kolobeco, e señ go tlosiwa ga leshwè ya nama, ha e se potsishō ea segakolodi se se siameñ se botsa kaga Modimo, ka go coga ga Yesu Keresete.”

Motho a Kolobediwe a le Dingwaga tse Kae?

20. Ke ka ntlhayang fa go ka se tshwanele gore masea a kolobediwe?

20 Mafoko a ga Jesu go Mathaio 28:19, 20 a bontsha gore bao ba fetogang barutwa ba gagwe ba tshwanetse go kolobediwa. Ka jalo, seo se kaya gore ga go lesea lepe kana ngwanyana yo o ka fitlhelelang dipatlafalo tsa kafa Dikwalong tsa kolobetso. Ga go lesea lepe le le ka bontshang tumelo mo Lefokong la Modimo, mo go Modimo Mmopi, le mo go Morwawe Jesu Keresete. Lesea le ka se tlhaloganye gore moya o o boitshepo ke maatla a a dirang a Modimo; lefa e le gone go ikotlhaela ditiro tsa nako e e fetileng le go dira ikano e e itshepileng ya go dira thato ya Modimo.

21. A go tshwanetse gore basha ba kolobediwe?

21 Mme go bonala ekete bangwe gareng ga batho ba ga Jehofa ba ile ba fetelela kgakala letlhakoreng je lengwe. Batsadi ba le bantsi ba Bakeresete ba lesa bana ba bone ba letela go fitlhelela ba setse ba le kgakala mo dingwageng tsa bolesome pele ga ba ka buisanya le bone ka kgang ya kolobetso. Nako le nako, re utlwa go twe babotlana bangwe ba ile ba dira boineelo jo bo tshwanetseng ka bobone fela mme ebile ba dirile seo kafa nonofong ya bone. Ka sekai, ngwana mongwe wa mosimane wa dingwaga tsa pele ga bolesome wa mogolwane o ne ruri a batla gore a kolobediwe. Jalo rraagwe le bagolwane ba bangwe ba le bararo ba ne ba buisanya le mmotlana yoo ka dipotso tse di rulaganyeditsweng bao ba akantseng ka kolobetso.a Phetso ya bone e ne ya nna ya gore, lemororo a ne a sa le mmotlana thata, o ne a tshwanelegela go kolobediwa jaaka modihedi yo o tlhomamisitsweng wa ga Jehofa Modimo. Aitsane, bao ba neng ba le gone mo sekolong sa Tirelo ya Bobulatsela mo Bahamas bosheng jaana e ne e le mosetsana wa dingwaga tse some yo o neng a kolobeditswe, e le morwadia badihedi ba le babedi ba nako e e tletseng!

22. Fa batsadi ba tlhagolela botho jwa Bokeresete mo baneng ba bone, ke eng se ba ka se lebelelang mo babotlaneng bano ba bone?

22 Mabapi le seno, go bonala ekete batsadi bangwe baa tlhaela. Ba dirisa go le kana kang ‘dilo tse di sa sheng’ go aga botho jwa Bokeresete mo baneng ba bone? (1 Bakorintha 3:10-15) Selo sa ntlha, go dira jalo go tlhoka gore kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa e nne selo se se botlhokwatlhokwa mo matshelong a batsadi. Mme gape, batsadi ba tshwanetse go reetsa kgakololo e e molemo e e neelwang go Duteronome 6:6, 7 le Baefesia 6:4. Go dirisana le seno e ka nna ka tsela ya gore batsadi ba name ba emisitse bana ba bone go se kae gore ba se kolobediwe ba sa le babotlana thatathata, go na le gore ba ba kgothaletse seo moragonyana.

23. Fa motho a sena go fitlha mo boemong jwa boineelo le kolobetso, ke eng se sengwe gape se se tlhokafalang?

23 Fa motho a sena go bontsha gore o ikanya Jehofa ka boineelo le kolobetso ya metsi, o tshwanetse go tswelela a supa boikanyo joo. Setlhogo se se latelang, “Go Direla Jaaka Badiri-mmogo le Jehofa ba ba Ikanyegang,” se tla re thusa go lemoga gore seno se kopanyeletsa eng.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Lenaneo la dipotso tseo di arabiwang ke botlhe ba ba eletsang go kolobediwa gore ba nne Basupi ba ga Jehofa le fitlhelwa mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona. E neelwa botlhe ba ba ipaakanyetsang go kolobediwa.

O ka Arabela Jang?

◻ Ke mabaka afe a a supang gore ke boeleele go ikanya mo bathong?

◻ Ke ka ntlhayang fa dinonofo tsa ga Jehofa le ditiro di re fa mabaka a a utlwalang a go mo ikanya?

◻ Ke ka ntlhayang fa go ikanya mo go Jehofa go tlhoka gore re ineele mme eseng go ipofa fela?

◻ Batsadi ba ka tiisetsa mo baneng ba bone jang keletso ya go ineela mo go Jehofa ba sa le babotlana?

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Re ka ikanya mo go Jehofa jaaka Mogolodi yo Mogolo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela