Ke Mang Tota yo o ka mo Tshepang mo Metlheng ya Rona e e Boifisang?
“Lo se ka loa ikanya dikgōsana, leha e le ñwana oa motho, eo go senañ thushō epè mo go èna.”—PESALEMA 146:3.
1. Ke eng seo se tlwaelesegileng mo motlheng wa rona, mme se bontsha gore go tlhokafalang?
FA RE ne re santse re le bana mme re tshosiwa ke sengwe, re ne re ya go batsadi ba rona ba ba re tlhokomelang go bona kgomotso le gore re sirelediwe ka gonne re ne re ba ikanya. Jaaka bagolo, le rona re batla bao re ka ba ikanyang. Seno se ntse jalo segolo-bogolo mo malatsing ano ao go diragalang dilo tse dintsi jaana tse di tshosang mo go one. Fa pampiri ya dikgang ya Jeremane e ne e akgela malebana le metlha ya rona, e ne ya re: “Lefatshe le tletse ka poifo, go feta le fa e le leng pele.” Gangwe le gape, borapuso, boradikgang, le ba bangwe ba bolela ka moo ba boifisiwang ka gone ke mathata a a masisi a jaanong setho se lebaneng le one.
2. Poifo le go se tshepane di ne tsa bolelelwa pele jang mo losikeng lono?
2 Dikakgelo tse di ntseng jalo di supa seo Jesu Keresete a neng a se bolelela pele kaga motlha wa rona fa a ne a re o ne o tla tshwaiwa ka “pitlaganō ea merahe, e rarañwa . . . le batho ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ.” (Luke 21:25, 26) Bibela e boleletse pele gore “mo metlheñ [eno] ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ” le gore batho ba ne ba tla nna ‘baithati, ba ba sa ikanyegeng, basebi, le baoki.’ Mafoko ano a bontsha gore letshwao le lengwe la motlha wa rona e ne e tla nna go sa tshepane mo go masisi.—2 Timotheo 3:1-4.
Go Fela ga go Tshepana
3. Ke bosupi bofe jo bo leng gone jwa gore ikanyo e ntse e ngotlega mo motlheng wa rona?
3 Mo metlheng eno e e boifisang, re tlhoka fela thata bao re ka ba ikanyang, bao ba ka ikanyegang, bao e leng thuso ka nako ya go tlhoka. Mme ba le bantsi ba ikutlwa ba swabisiwa ke bao ba neng ba ba tshepa. Pampiri ya dikgang ya kwa lefatsheng lengwe e ne ya bolela jaana: “Batho ga ba Tshepe Mekgatlho ya Batho.” Bao ba neng ba sa tshepiwe go le kalo e ne e le baeteledipele ba dipolotiki le ba kgwebo. Go sa tshepane go ile ga oketsega le mo malapeng, jaaka go supiwa ke dipalo tse di kwa godimo tsa go tlhalana. Mo merafeng e mengwe, mo manyalong mangwe le mangwe a mararo le le lengwe la one le a tlhalana kana le eleng le le lengwe mo go a mabedi mangwe le mangwe. Mo nageng e nngwe, 70 lekgolong ya manyalo otlhe a masha a felela ka tlhalo mo dingwageng di le some! Jalo go tshepana go nyelelela pele. Go tseelwa sebaka ke go sa tshepane. Kakgelo ya motho yo o neng a re: “Ga ke sa tlhole ke tshepa ope,” ga e sa tlhole e le e e sa tlwaelegang.
4. Basha ba le bantsi ba amiwa jang ke poifo?
4 Go na le go sa tshepane mo gogolo ka gonne motlha ono ke o o boifisang thata mo ditiragalong tsotlhe tsa setho. Mo lekgolong leno la dingwaga go nnile le dintwa tse pedi tsa lefatshe lotlhe le dintwa tse dingwe tse dintsi tse di bolaileng batho ba ba fetang dimilione tse di lekgolo. Jaanong, dibetsa tsa nuklea di tshosetsa go nyeletsa botshelo jotlhe mo lefatsheng. Mme seno se ama ikanyo le eleng ya batho ba bannye thata. Lekwalo-paka lengwe la tsa kalafi le ne la bega jaana: “Bana ba bantsi go ya pele, le eleng ba ba santseng ba gagaba, ba boifisiwa ke matshosetsi a matlhotlapelo a nuklea.” Pampiri nngwe ya dikgang ya kwa Canada e ne ya bolela gore jaanong go na le “go sa tshepe ba bangwe, khutsafalo, kgalefo le boikutlo jwa boitlhobogo” mo bathong ba le bantsi ba basha. Mosha mongwe o ne a re: “Tota ga re ikutlwe re sireleditswe ke batho ba ba godileng. Re ka nna ra golela go nna kokomana e e sa tshepeng ba bangwe go feta epe e e kileng ya nna gone.”
5. Fa e le gore ba ne ba ka kgona go bua, setlhopha sa basha ba ba senang molato ka gope le ba ba sa kakeng ba itira sepe ba ne ba ka ikutlwa jang?
5 Mme setlhopha se sengwe sa basha ba ne ba tla reng—fa e le gore ba ne ba ka kgona go bua—malebana le gore ga ba ikutlwe ba sireleditswe ke bagolo? Re raya bao ba bolawang ka go senngwa ga dimpa pele ga ba tsholwa. Phopholetso nngwe e bolela gore palo ya go senngwa ga dimpa lefatshe ka bophara e ka nna dimilione tse 55 ngwaga le ngwaga. Abo seno e le boferefere jang ne joo bo direlwang setlhopha sa batho bao ba senang molato ka gope ba bile ba sa kake ba itira sepe!
6. Bokebekwa bo okeditse go se tshepane jang mo motlheng wa rona?
6 Go sa tshepane go oketsegile gape ka baka la poifo e nngwe e e oketsegang mo motlheng wa rona: go boifa go direlwa bokebekwa. Ba le bantsi jaanong ba dira jaaka mosadi mongwe yo o neng a re o robala a tsentse tlhobolo ka fa tlase ga mosamo wa gagwe. Mosadi yo mongwe yo o boifang o ne a re: “Ga ke go rate. . . . Mmemogolo o ne a seke a lotlela ditswalo tsa gagwe.” Ka gone, morulaganyi mongwe wa pampiri ya dikgang kwa Puerto Rico o ne a bolela jaana: “Tota ke rona bao re leng mo kgolegelong,” ee, mo magaeng a rona a a paregilweng ebile a lotletswe. Dipoifo tseno di na le mabaka. Ka sekai, kwa United States mosadi a le mongwe mo go ba le bararo a ka nna a betelelwa mo botshelong jwa gagwe. Mookamedi wa dingaka tse di arang wa koo o ne a lemotsha gore “Maamerika a ka nna dimilione tse nne ba diragalelwa ke bokebekwa jo bo masisi ngwaga le ngwaga—eleng polao, petelelo, go bediwa ga basadi, go sa tshwarwe sentle ga bana, go thukhuthiwa.” Bokebekwa jo bo ntseng jalo bo aname mo dinageng di le dintsi, bo bolaela ikanyo e batho ba nang nayo mo go ba bangwe pele.
7. Maemo a a maswe a itsholelo a tlatseleditse jang gore go nne le go se tshepane?
7 Mo merafeng e e sa tlhabologang, batho ba le bantsi ba tshelela mo lehumeng. Ga se ba ba kalo ba ba ikanyang mongwe gore o ka ba ntsha mo go lone. Tautona wa naga nngwe ya go nna jalo o ne a bolela gore mo kgaolong nngwe, mo baneng bangwe le bangwe ba le 1 000 ba ba tsholwang, ba le 270 ba swa pele ga ba tshela ngwaga. Ke ntlo e le nngwe fela mo go tse 100 e e nang le metsi. Puso ya naga nngwe e bolela gore 60 lekgolong ya bana ba yone ba humanegile, mme bana ba ba dimilione tse supa ba ba latlhilweng “ba gola ba sa itse go bala, ba dule baeng le batho ba ba latlhilweng ba ba sa kakeng ba hirwa.” Kwa United States, palo ya basha ba ba senang magae e fopholediwa go nna 500 000, mme ba bangwe ba bolela gore palo ya mmatota e kwa godimo go feta eo. Basha ba ba ntseng jalo ba ka tshepa batsadi ba bone, morafe wa ga bone, molao le tolamo, kana ditsholofetso tsa baeteledipele go le kana kang?
8. (a) Go ema sentle ga merafe e e humileng le itsholelo ya lefatshe lotlhe di tshosediwa jang? (b) Bomankge ba ka ikanngwa go ya bokgakaleng bofe go ka rarabolola mathata a itsholelo?
8 Mathata a tsa itsholelo a tlhasetse le eleng merafe e e humileng. Bosheng jaana, United States e nnile le palo e kgolo go di feta tsotlhe ya dibanka tse di ileng tsa wa fa esale ka Kwelotlase e Kgolo ya tsa Itsholelo ya bo-1930. Raitsholelo mongwe o ne a kwala jaana: “Go felela ka tsamaiso ya gompieno ya go boloka madi eo tota e sa nonofang fela jaaka e ne e ntse ka bo 1920,” pele fela ga e wa. Moela-dilo-tlhoko mongwe o ne a bua kaga “setsuatsue sengwe se se atamelang se go ka diragalang gore se bake tshenyo” mo go tsa itsholelo. Yo mongwe o ne a re: “Go nna le boikutlo jwa go potlaka ka gonne mathata ano a a leng mo tsamaisong ya boditšhabatšhaba ga a sa tlhole a atamela; a gorogile.” A boraitsholelo ba ka ikanngwa gore ba kaele merafe gore e tswe mo bothateng jono? Mongwe wa bone o ne a re pego ya bone ya ponelopele “e tshosa mo e leng gore ga go na pelaelo ya gore se ba se anamisang thata ke go tlhakanya batho tlhogo.”
Tsholofelo e e Phoso
9. (a) Go diragetseng ka tsholofelo e e neng e le teng fa lekgolo leno la dingwaga le ne le simologa? (b) Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba se kake ba batla go saena setlankana sa Lekgotla la Merafe e e Kopaneng ka 1945?
9 Abo seno sotlhe se farologane jang ne le tsholofelo e batho ba neng ba na nayo fa lefatshe le ne le simolola lekgolo la bo-20 la dingwaga. Go ne go na le masomesome a dingwaga tsa kagiso ya selekanyo se se rileng, mme go ne go akanngwa gore kagiso le katlego di ne di tla fitlha kwa ditlhoeng tse disha. Mme ka 1914 Ntwa ya Lefatshe I e ne ya tshela tebelelo eo metsi. Ka 1945, morago ga ntwa ya lefatshe ya bobedi e e neng e le maswe go feta eo, go ne ga saenwa Tumalano ya Lekgotla la Merafe e e Kopaneng. Merafe e ne ya kwala ka kagiso, katlego, le tshiamiso tseo ba neng ba bonela pele gore di ne di tla nna teng mo lefatsheng morago ga ntwa. Pego ya bosheng e ne ya bolela jaana: “Setlankana sa bofelo se ne sa saenwa ke dinaga di le 51, di emela lefatshe lengwe le lengwe, letso le bodumedi.” Lefa go ntse jalo go ne go na le bodumedi bo le bongwe fela jo bo neng bo sa emelwa, le gone bo sa batle gore bo emelwe, ebong jwa Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba itse gore ditsholofetso tseo tsa kagiso, katlego, le tshiamiso di ne di ka seke di diragadiwe ke morafe ope wa lefatshe jeno kana lefa e le ke lekgotla lepe la lone, le le tshwanang le la Merafe e e Kopaneng.
10. Ke eng se se diragalang gompieno fa go bapisiwa le seo se neng sa lorwa ke Lekgotla la Merafe e e Kopaneng bogologolo ka 1945?
10 Yone pego eo e bolela jaana: ‘Morago ga dingwaga tse di masome a mane go lebega go tshwanela gore go sekasekiwe dilo tsa mmatota le tseo go neng go akantswe ka tsone. Bosupi jwa gone bo a hutsafatsa. Lefatshe le le senang tshiamiso, le le sa babalesegang, le bothubaki jo bo oketsegang, ke tsone dilo tsa mmatota. Batho ba ba tlhokang dijo, metsi, borobalo, tlhokomelo ya botsogo, le thuto ba ntse ba oketsega ka bonya. Eno e ne e se toro e e neng ya lorwa ka 1945.’ E oketsa ka go re: ‘Morago ga dingwaga tse di masome a mane merafe e ne ya kopana mmogo go tlhomamisa gore batho botlhe ba ne ba ka kgona go tshela ba sa boife ebile ba sa tlhoke, lefatshe ka fa le ntseng ka teng mo dingwageng tsa bo-1980 ke la lehuma le legolo go bobotlana nngwe-nneng ya batho. Dintsho tse di bakiwang ke tlala di na le palogare ya 50-000 ka letsatsi.’ Lefa go le jalo, merafe e senya diranta tse di fetang dimilione di le makgolo a mabedi ka oura nngwe le nngwe mo ntweng!
11. Ditsholofetso tsa batho kaga lefatshe le le botoka di ikanyega go le kana kang?
11 Ka ntlha ya pego eno e e hutsafatsang ya morago ga ba sena go fiwa sebaka ka makgolo-kgolo a dingwaga, a re ka tshepa ditsholofetso tsa batho tsa go rarabolola mathata ano? Ditsholofetso tse di ntseng jalo di batla di ikanyega fela jaaka mafoko a mokgweetsi mongwe wa sekepe se segolo yo o neng a re: “Ga ke kgone go akanya ka boemo bope jo bo ka dirang gore sekepe se segolo jaana se nwele. . . . Mokgwa oo dikepe tsa segompieno di dirwang ka one di kgona go emelelana le seno.” Mongwe wa batsamaisi ba sekepe seo o ne a raya mopalami mongwe a re: “Modimo ka boone o ne o ka seke o nwetse sekepe seno.” Lefa go le jalo, sekepe seo, ebong sa Titanic, se ne sa nwela ka 1912 mme ga swa batho ba le 1 500. Ka 1931 National Education Association ya United States e ne ya bolela gore “bokebekwa bo tla bo bo batla bo fedisitswe pele ga 1950 ka go rutiwa ga batho.” Ka 1936 radikgang mongwe wa Britani o ne a kwala gore “dijo, diaparo le borobalo di tla bo di sa je madi a sepe” ka 1960. A ga o dumalane gore dilo tsa mmatota tse di diragalang gompieno di latola ditsholofetso tseo?
Yo Re Tshwanetseng go mo Ikanya ka Botlalo
12. Ke mang yo re ka mo ikanyang ka botlalo, mme o re neetse kaelo efe?
12 Ka gone, re tlhoka thata motswedi fela o re ka o ikanyang gore o re thuse mo metlheng eno e e boifisang. Motswedi oo o ka seke e nne wa motho. Setho se itsentse mo mathateng a magolo ao se ka sekeng se intshe mo go one. Motswedi oo o ka ikanngwang ka botlalo ke Mmopi wa batho, ebong Jehofa Modimo. O itse gore ke ka ntlhayang fa lefatshe le le mo boemong jo le leng mo go jone gompieno, koo le tla felelang teng, le gore o tla dira eng ka ga lone. Gape o senotse boikitsiso jono mo bukeng eo a e re neetseng gore e re kaele, eleng Bibela. 2 Timotheo 3:16, 17 e bolela jaana ka yone: “Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō: Gore motho oa Modimo a tlè a nnè boitèkanèlō, a iketleeleletse rure tihō ñwe le ñwe e e molemō.”
13. Basupi ba ga Jehofa ba anaanela eng kaga Bibela?
13 Ela mafoko ao a a otlelelang tlhoko. Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le tlhamalatsa dilo. Le re bolelela gore se se siameng ke eng. Le re dira gore re nne le bokgoni ka botlalo. Le re tlhomelela go dira se se molemo ka botlalo. Ka boammaaruri, batho ba le bantsi ga ba amogele Bibela jaaka e ntse—gore ke Lefoko la Modimo. Mme Basupi ba ga Jehofa ba e amogela jalo. (1 Bathesalonia 2:13) Re anaanela gore Mmopi wa lobopo lono lo lo boitshegang lwa dibilione-bilione tsa losagaripana lwa dinaledi le diketekete tsa dibilione tsa dinaledi ruri o na le kgono ya go kwala buka. Gape o na le kgono ya go tlhomamisa gore e nna e sena selabe gore e solegele bao ba batlang boammaaruri molemo.—1 Petere 1:25.
14. Bibela e dumalana jang le dilo tsa mmatota tse di diragalang gompieno?
14 Mo metlheng eno ya rona e e boifisang, Lefoko la Modimo le bolelang ka kgang eno ya go tshepana? Dikakgelo tsa yone di dumalana ka botlalo le maemo a mmatota a a diragalang. Yeremia 10:23 e bua sentle e re: “Yehofa, kea itse ha tsela ea motho e se mo go èna ka esi: ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.” Mme Pesalema 146:3 e kgothatsa sentle jaana: “Lo se ka loa ikanya dikgōsana, leha e le ñwana oa motho, eo go senañ thushō epè mo go èna.”
15. Bibela e re neela kgakololo efe mabapi le ikanyo?
15 Lefoko la Modimo le re tlhagisa gore re seka ra itshepa le eleng rona ka borona ka gonne batho ga baa itekanela. (Baroma 5:12) Yeremia 17:9 e lemotsha jaana: “Pelo e boherehere bogolo go dilō cotlhe, e botlhoko thata: e mañ eo o ka e itseñ?” Ka baka leo Diane 28:26 e bolela jaana: “Eo o ikanyañ pelo ea gagwè ka esi ke seeleele; me eo o tsamaeañ ka botlhale, o tla gololwa.” Re ka bona kae botlhale jono jo bo ka dirang gore re falole? Diane 9:10 e araba jaana: “Go boiha Yehofa ke tshimologō ea botlhale: me go itse Moitshepi ke eōna tlhaloganyō.” Ee, ke botlhale jwa Mmopi fela jo bo ka re kaelang mo metlheng eno e e boifisang. Ka gone, Diane 3:5, 6 e gakolola jaana: “U ikanyè Yehofa ka pelo eotlhe ea gago, me u se ka ua ikaèga tlhaloganyō ea gago hèla: Mo ditseleñ cotlhe tsa gago u ipolèlè èna, me o tla siamisa ditselana tsa gago.”
Tsela eo Modimo o Lebang Ditumelo tsa Lefatshe ka Yone
16. Ke eng seo ditumelo tsa lefatshe leno di se dumelang ka phoso, jaaka go ne ga dira Bafarasai ba motlha wa ga Jesu?
16 Botlhale jono jo bo tswang kwa Modimong bo tla re thusa gore re tile lemena le le kotsi leo ditumelo tsa lefatshe leno di wetseng ka lone. Di tsaya gore di siame ka gonne e le tsa sedumedi. Boikutlo jwa tsone bo tshwana fela le jo bo tlhalosiwang mo go Luke 18:9: “Sechwanchō ke se, a [Jesu] se bua le bañwe ba ba ikaeañ ha e le bōnè basiami.” Mofarasai o ne a lebogela Modimo go bo e ne e se moleofi, mme mokgethisi ene o ne a tswela pele a lopa jaana: “Modimo, nkutlwèla botlhoko, nna eo ke leñ moleohi.” Jesu o ne a re: “Kea lo bolèlèla, Monna eo [moleofi], o hologetse kwa tluñ ea gagwè a siamisicwe bogolo go eo moñwe [Mofarasai]; gonne moñwe le moñwe eo o ikgodisañ o tla ñōtlahadiwa; me eo o iñōtlahatsañ, o tla godisiwa.”—Luke 18:10-14.
17. Modimo o leba jang maiteko a bodumedi a bao ba tshwanang le Bafarasai?
17 Mofarasai o ne a seka a ingotlafatsa fa pele ga Modimo. Go na le moo, o ne a ikutlwa gore o ne a siame go ya ka ditekanyetso tsa gagwe. Mme Modimo o ne a sa go lebe jalo. (Mathaio 23:25-28) Moleofi yo o ikokobeditseng ke ene o neng a bontsha seo Lefoko la Modimo le se bolelang mo go Isaia 66:2: “Me motho ke eo, eo ke tla lebañ kwa go èna, eboñ èna eo o humanegileñ, a le mōea o o ñomogileñ, me a roroma ka lehoko ya me.” Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba sa roromisiwe ke Lefoko la Modimo. Ba ne ba le tlhokomologa. Ba ne ba dira seo ba neng ba se batla mme go tswa foo ba bo ba akanya gore Modimo o ne o ba amogela. Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a ba raya a re: “Ga se go re, moñwe le moñwe eo o nthaeañ, a re, Morèna, Morèna, o tla tsèna mo bogosiñ yoa legodimo: ha e se eo o dihañ go rata ga Rrè eo o kwa legodimoñ. E tla re mo letsatsiñ yeuō batho ba le bantsi ba tla nthaea, ba re, Morèna, Morèna, a ga rea ka ra rèra mo ineñ ya gago, ra ba ra kgoromeletsa ntlè badimo ka leina ya gago, ra ba ra diha ditihō di le dintsi tse di nonohileñ ka leina ya gago? Me ediha gōna ke tla ba ipolèlèlañ, ke re, Ga ke e se nke ke lo itse gopè; tlogañ ha go nna, lona ba lo dihañ tshiamololō.”—Mathaio 7:21-23.
18. Modimo o tla atlhola jang ditumelo tseo di iphakang gore di a mo direla mme di sa dumalane le melao ya gagwe?
18 Baeteledipele bao ba bodumedi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa ikanye Modimo. Go na le moo, ba ne ba ikanya dingwao tse di neng di roba melao ya Modimo. (Mathaio 15:3, 9) Jalo Jesu o ne a ba raya a re: “Ntlo ea lona lo e tlogelecwe e ropehetse hèla.” (Mathaio 23:38) Jaaka bosupi jwa gore eleruri Modimo o ne o tlogetse bodumedi jwa bone jwa Sejuda, ka ngwaga ya 70 ya Motlha wa rona o o Tlwaelegileng, motsemogolo wa bone wa semorafe, Jerusalema, le tempele ya bone di ne tsa senngwa ke masole a Roma. Ga go na pharologanyo le gompieno. Ditumelo tsa lefatshe leno di ipeetse ditekanyetso tsa tsone tsa kobamelo tse di sa dumalaneng le ditekanyetso tsa Modimo. Jalo ba dira thato ya bone eseng ya gagwe. Ka jalo, mo matlhong a Modimo, ba tsewa e le badira-tshiamololo. (Tito 1:16) Bosupi jwa gore Modimo o tlogetse ditumelo tseno, ke gore di tla tloga di senngwa ke merafe, fela jaaka Jerusalema le tempele ya yone di ne tsa senngwa ke masole a Roma mo lekgolong la ntlha la dingwaga.—Bona Tshenolō, dikgaolo 17, 18.
19. Go ka bodiwa dipotso dife mabapi le bodumedi?
19 A katlholo eno ya ditumelo tsa lefatshe e setlhogo thata? Re ka tlhomamisa jang gore Modimo o tla tloga a di atlhola? Bodumedi bo tshwanetse go dirang gore bo amogelwe ke Modimo? A go na le ditiragalo tsa pele tseo di bontshang gore Jehofa o sireletsa bao ba retologelang kwa go ene ka bopelo-e-phepa ba bile ba utlwa melao ya gagwe? Setlhogo se se latelang se tla akgela malebana le dipotso tseno.
Dipotso tsa Poeletso
◻ Ke eng se se dirileng gore go nne le go sa tshepane mo motlheng wa rona?
◻ Ke ka ntlhayang fa tsholofelo ya lefatshe leno e ne e le phoso?
◻ Ke mang yo re ka mo ikanyang ka botlalo, mme o re neetse kaelo efe?
◻ Ke ka ntlhayang fa re sa tshwanela go itshepa ka borona kana go tshepa batho ba bangwe?
◻ Modimo o leba jang ditumelo tsa lefatshe leno?
[Ditshwantsho mo go tsebe 13]
Mofarasai o ne a ithaya a re o siame, mme monna wa moleofi o ne a kopa kutlwelo botlhoko ya Modimo ka boikokobetso
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Modimo o nyatsa ditumelo tse di sa direng thato ya gagwe fela jaaka a ne a nyatsa bodumedi jwa Bajuda jwa lekgolo la ntlha la dingwaga fa masole a Roma a ne a senya Jerusalema