LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 4/15 ts. 15-20
  • Ikanye Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ikanye Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lorato lwa Bokaulengwe lo Kae?
  • Go Falola ka go Ikanya Jehofa
  • Isagwe e e Phatsimang
  • Jehofa o Tshegetsa Batlhanka ba Gagwe
  • Ikanye Jehofa ka Pelo Yotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • “Jehofa, . . . Ke Ikantse Wena”
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
  • Go Kgona go Ikanya go Botlhokwa Gore re Nne re Itumetse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Tshepa Badumedimmogo le Wena
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 4/15 ts. 15-20

Ikanye Jehofa

“Ikanye Yehofa, u bo u dihè molemō; . . . u inatehisè mo go Yehofa.”—PESALEMA 37:3, 4.

1, 2. (a) Go ne ga diragala eng ka bao ba neng ba sa ikanye Jehofa mo lekgolong la ntlha la dingwaga, le ka bao ba neng ba mo ikanya? (b) Go ka bodiwa dipotso dife ka ga bodumedi jwa mo motlheng wa rona?

MO LEKGOLONG la ntlha la dingwaga la Motlha wa rona o o Tlwaelegileng, baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba iphaka gore ba obamela Modimo. Mme ba ne ba sa mo ikanye. Ba ne ba roba melao ya gagwe le go bogisa baemedi ba gagwe. (Mathaio 15:3; Yohane 15:20) Ka baka leo, ‘ntlo ya bone e ne ya tlogelwa e latlhilwe’ ke Jehofa. (Mathaio 23:38) Ka 70 C.E., masole a Roma a ne a senya Jerusalema le tempele ya one, baeteledipele ba bodumedi le balatedi ba bone ba latlhegelwa ke matshelo a le mantsi. Mme bao ba neng ba ikanya Jehofa ba ne ba sirelediwa, ka gonne ba ne ba utlwile ditlhagiso tsa mmueledi wa gagwe ba bo ba tshaba.—Mathaio 24:15-22; Luke 21:20-24.

2 Mo metlheng eno ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo, a ditumelo tsa lefatshe leno di ikanya Modimo wa boammaaruri, ebong Jehofa? A ba utlwa melao ya gagwe le go dira thato ya gagwe, kana a ba etsa baeteledipele ba bodumedi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba Modimo a neng a ba latlha? Ke ditumelo dife tsa gompieno tse di ka lebelelang gore di sirelediwe ke Jehofa ka gonne ‘ba ikanya Jehofa ba bile ba dira molemo’?—Pesalema 37:3.

Lorato lwa Bokaulengwe lo Kae?

3. Ke ka ntlhayang fa maiteko a bodumedi a go lere kagiso a retetse?

3 Maloba fela jaana, Mopapa John Paul II o ne a tlhagisa gore “phalolo ya batho botlhe e lebane le matshosetsi a magolo.” O ne a gatelela gore “go ka lwantshiwa matshosetsi ao botoka fa ditlhopha tse di farologaneng tsa bodumedi di dira mmogo.” O ne a bolela gore ke thato ya Modimo gore baeteledipele ba bodumedi “ba dirisane mmogo” go bona “kagiso le tetlano.” Lefa go ntse jalo, fa e le gore seo ke thato ya Modimo, he ke ka ntlhayang fa Modimo o sa segofatsa maiteko a a ileng a dirwa mo go seno ka makgolokgolo a dingwaga? Ga a dira jalo ka gonne ditumelo tseno ga di ikanye tsela ya Modimo ya go lere kagiso ka Bogosi jwa gagwe jwa selegodimo. (Mathaio 6:9, 10) Go na le moo, ba ile ba ema dipolotiki le dintwa tsa merafe nokeng. Ka baka la seo, ka nako ya ntwa, batho ba bodumedi ba morafe o mongwe ba ile ba bolaya batho ba bodumedi ba morafe o mongwe, le eleng go bolaya batho ba bodumedi jwa bone. Mokatoliki o ile a bolaya Mokatoliki, Moporotesetanta o ile a bolaya Moporotesetanta, mme ditumelo tse dingwe di dirile ka tsela e e tshwanang. A mme bakaulengwe ba boammaaruri ba semoya ba a bolaana lefa ba ntse ba iphaka gore ba direla Modimo?

4. Jesu o ne a re tekanyetso ya bodumedi jwa boammaaruri ke eng, mme ke ka ntlhayang fa seno e ne e le “taolō e ncha”?

4 Jesu o tlhometse bodumedi jwa boammaaruri ditekanyetso fa a ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Ke lo naea taolō e ncha, ea go re, Lo ratanè; hèla yaka ke lo ratile, go re, Le lona lo ratanè. Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” (Yohane 13:34, 35) Jalo bao eleng ba bodumedi jwa boammaaruri ba tshwanetse go ratana. Seno e ne e le “taolō e ncha” ka gonne Jesu o ne a re: “Hèla yaka ke lo ratile, . . . Le lona lo ratanè.” O ne a ikemiseditse go swela balatedi ba gagwe. Ba tshwanetse ba iketleeletsa go dira se se tshwanang—nnyaa, eseng go bolaya badumedi ka bone, mme ba ba swele fa go tlhokafala. Seo e ne e le selo se sesha, ka gonne seo se ne se sa batlege mo Molaong wa ga Moshe.

5. Lefoko la Modimo le gatelela jang ka maatla ka moo go tlhokafalang ka gone gore baobamedi ba gagwe ba boammaaruri ba nne le lorato le kutlwano?

5 Lefoko la Modimo le tlhalosa gore: “Ha motho a re, Ke rata Modimo, me a ila mogagabō, o maaka: gonne eo o sa rateñ mogagabō eo o mmōnañ ka matlhō, ga a kake a rata Modimo o a e señ a o bone. Me taolō e re e chotse mo go èna, go re, eo o ratañ Modimo, a a ratè le mogagabō.” (1 Yohane 4:20, 21) Ka lorato lono, bao ba ikanyang Jehofa ba boloka kutlwano ya boammaaruri ya meraferafe. Moaposetoloi Paulo, mo go 1 Bakorintha 1:10, a re: “Ba ga echo, kea lo rapèla, ka leina ya Morèna oa rona Yesu Keresete, gore lo nnè puō ñwe hèla lotlhe, le gore go se nne dikgaoganō mo go lona; me lo ko lo itekanèlè mmōgō, le mo mogopoloñ o le moñwe hèla, le mo tshekatshekoñ e le ñwe hèla.”—Bona le 1 Yohane 3:10-12.

6. Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa ba ka re ‘ga ba na molato wa madi a batho botlhe’?

6 The World Book Encyclopedia e bolela gore batho ba le dimilione tse 55 ba ile ba bolawa mo Ntweng ya Lefatshe II. Ba ile ba bolawa ke batho ba ditumelo tsotlhe tse dikgolo kwantle ga ya Basupi ba ga Jehofa. Ga go lope lwa dintsho tseo loo lo neng lo bakilwe ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ka gonne ba ne ba utlwa taolo ya gore ba ratane ba bile ba ne ba gana go kopanela mo dintweng tsa merafe. Lefa basupi ba le bantsi ba ile ba bolaelwa boemo jwa bone jwa boitlhaodi, ba ne ba ka bolela jaana jaaka go ne ga bolela moaposetoloi Paulo ba re: ‘Ga ke na molato mo mading a batho botlhe.’—Ditihō 20:26.

7, 8. Baruti bangwe ba itshupa jang gore ba na le molato wa madi?

7 Moruti wa Katoliki wa masole a difofane ao a neng a latlhela dibomo tsa atomo kwa Japane ka 1945 bosheng jaana o ne a tlhalosa gore: “Mo dingwageng di le 1 700 tse di fetileng kereke e ntse e dira gore ntwa e nne selo se se tlotlegang. E ntse e pateletsa batho gore ba dumele gore ke tiro e e tlotlegang ya Bokeresete. Seno ga se boammaaruri. Re akeditswe. . . . Efangele ya Ntwa ya Tshiamo ke efangele e Jesu a iseng a ko a e rute. . . . Ga go na sepe mo botshelong jwa ga Jesu kana mo thutong ya gagwe seo se ka akantshang gore lefa go fisa batho ka dibetsa tsa nuklea go se kafa molaong, go kafa molaong go fisa batho ka bomo ya molelo kana ka sebetsa se se kgwang molelo.”

8 Catholic Herald ya Lontone e ile ya tlhalosa gore: “Bakeresete ba ntlha . . . ba ne ba dumela mafoko a ga Jesu mme ba ne ba gana go patelediwa go tsena mo sesoleng sa Roma le eleng fa katlholo ya gone e ne e le loso. A histori yotlhe e ka bo e farologane fa Kereke e ka bo e ile ya ngaparela boemo joo jwa yone jwa ntlha? . . . Fa dikereke tsa gompieno di ne di ka nna seoposengwe mo go kgaleng ntwa . . . , seo se ka rayang gore leloko lengwe le lengwe le ne le tla bo le patelesega go ya ka segakolodi sa lone, jaaka Bakeresete, gore le nne yo o ganang go nna le seabe mo ntweng ka ntlha ya segakolodi, eleruri kagiso e ka tlhomamisega. Mme re itse gore seno ga se kitla se diragala le ka motlha ope.”

9. Ke ka ntlhayang fa re ka digela ka gore Jehofa o latlhile ditumelo tsa lefatshe jeno?

9 Ka gone, ditumelo tsa lefatshe leno di ile tsa itatola melao ya Modimo mo go maswe. Ga ba sa tlhole ba mo ikanya fela jaaka go ne ga dira Bafarasai. “Ba re, ba itse Modimo; me ba o itatole ka ditihō tsa bōnè, ka ba le makgapha, ba le kgōpō, ba tlhobosegile kaga tihō ñwe le ñwe e e molemō.” (Tito 1:16) Ka baka leo, Modimo o latlhile ditumelo tsa lefatshe leno fela jaaka a ne a latlha bodumedi jo bo itimokanyang jwa Bajuda mo lekgolong la ntlha la dingwaga.—Mathaio 15:9, 14.

Go Falola ka go Ikanya Jehofa

10, 11. Kgosi Hesekia o ne a dira eng fa Asiria a ne a batla gore Jerusalema a ineele mo go ene, mme mmueledi wa ga Sanakeribe o ne a sotla mang?

10 O seka wa ikanya ditsela tseo batho ba rarabololang mathata a lefatshe leno ka tsone. Go na le moo, ikanye Yo o ka kgonang go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. (Yoshue 23:14) Ka sekai, elatlhoko se se neng sa diragala mo lekgolong la borobedi la dingwaga la pele ga ga Keresete, mo metlheng ya ga Kgosi Hesekia wa Juda. Bibela e bolela jaana ka ga gagwe: “A diha se se siameñ mo matlhoñ a ga Yehofa.” (2 Dikgosi 18:3) Mo nakong ya puso ya gagwe, Asiria e e neng e le mmuso o o maatla wa lefatshe e ne ya tlhasela Jerusalema. Mmueledi wa ga kgosi Senakaribe wa Asiria o ne a batla gore Jerusalema a ineele, a re: “Kgosi e bua yana, ea re, A Hesekia a se lo tsietse; gonne ga a ketla a nonoha go lo golola mo seatleñ sa gagwè: Me le gōna a Hesekia a se lo ikanyisè Yehofa.”—2 Dikgosi 18:29, 30.

11 Hesekia o ne a dirang? Bibela e tlhalosa jaana: “Hesekia a rapèla ha pele ga Yehofa, a re, Yehofa, Modimo oa Iseraela, eo u dutseñ gare ga bocheruba, ke wèna Modimo, eboñ wèna wesi, oa magosi aotlhe a lehatshe; u dihile legodimo le lehatshe. A u ko u sekègè tsèbè, Yehofa, me u utlwè; u tlo u budulogè matlhō, Yehofa, u bōnè: me u utlwè mahoko a ga Senakaribe, a o mo romileñ ka aōna go tla go kgōba Modimo o o tshedileñ. . . . Yehofa, Modimo oa rona, kea gu rapèla, a ko u re gololè mo seatleñ sa gagwè, gore magosi aotlhe a lehatshe a itse ha e le wèna Yehofa Modimo, eboñ wèna wesi.”—2 Dikgosi 19:15-19.

12. Jehofa o ne a araba thapelo ya ga Hesekia jang?

12 Jehofa o ne a utlwa thapelo eno mme a roma moperofeti Isaia go ya go raya Hesekia a re: “Ka ntlha ea gōna mouō Yehofa o bua yana kaga kgosi ea Asiria, a re, Ga a ketla a tla mo motsiñ o, leha e le go hulèla mocwi gōna, le gōna ga a ketla a tla ha pele ga ōna ka thèbè, leha e le go o cosetsa lomōta.” A Hesekia o ne a tshwanetse go tlhabana le Asiria ka masole? Nnyaa, o ne a tshwanetse go ikanya Jehofa, mme o ne a dira jalo. Go ne ga felela ka eng? “Moengele oa ga Yehofa a cwa, me a tsèna bothibeleloñ yoa Baasiria, a gaila batho ba le bothousanda ba ba lekgolo, le ba mashomè a a hèrañ mebedi le . . . botlhano.” Senakaribe ka boene o ne a duelela go kgoba Jehofa le batlhanka ba ga Jehofa, ka gonne moragonyana ga moo barwa ba gagwe ba ne ba mmolaya. Fela jaaka lefoko la ga Jehofa le ne le boletse, go ne ga seka ga nna lefa e le lerumo le le lengwe je le neng la ama Jerusalema.—2 Dikgosi 19:32-37.

13, 14. Go ikaegile ka eng gore batho ba merafe yotlhe ba tle ba falole bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?

13 Mo motlheng wa rona go tla diragala selo se se tshwanang le seo. Bao ba ikanyang Jehofa ba tla falola dikgobo tsa lefatshe jeno le bokhutlo jwa lefatshe jeno. “Ba ba itseñ leina ya gago ba tla ikanya mo go wèna; gonne wèna, Yehofa, ga ua latlha ba ba gu batlañ.” (Pesalema 9:10) Mme pele ga Jehofa a senya lefatshe jeno je le nang le molato wa madi, o laletsa batho ba ba dipelo di ikanyegang gore ba tle kwa go ene go bona pabalesego. Bano ba bopa “boidiidi yo bogolo” jo bo tswang mo merafeng yotlhe, bao ba ‘tswang mo sepitleng se segolo.’ Ba falola bokhutlo jwa tsamaiso eno ka gonne ba ikanya Jehofa ebile ba mo direla “motshegare le bosigo.”—Tshenolō 7:9-15.

14 Bano ba arabela pitso e jaanong e oketsegelang pele ka maatla lefatshe ka bophara, jaaka e boleletswe pele go Isaia 2:2, 3: “Me go tla dihala mo metlheñ e e tla tlañ kwa pele pele, go re, thaba ea ntlo ea ga Yehofa [kobamelo ya gagwe ya boammaaruri] e tla tlhōñwa . . . Me dichaba di le dintsi di tla ea di re, Ntloñ, a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa, . . . me o tla re ruta ditsela tsa gagwè, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa gagwè.” Temana ya 4 ya re: “Me di tla thula dichaka tsa bōnè magale a megoma, le marumō a cōna dithipa tsa mabèlè: morahe ga o ketla o ekèla morahe chaka; le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.”

15. Ke bomang ba ba diragatsang polelelopele ya Isaia 2:2-4, mme jang?

15 Ke bomang, mo motlheng wa rona, bao ‘ba thulang ditšhaka tsa bone go nna megoma’? Ke bomang bao ‘ba sa tlholeng ba ithuta ntwa’? Ke bomang ba ba nang le lorato lo lo tiileng go bakaulengwe ba bone ba semoya le bokgaitsadi mo lefatsheng lotlhe ba bile ba utlwana nabo? Ke bomang tota ba ba ikanyang Jehofa ba bile ba laletsa ba bangwe gore ba dire se se tshwanang? Mabaka a motlha wa rona a bontsha gore karabo e ka nna fela: Basupi ba ga Jehofa. Bone, fela jaaka Hesekia, ba ikanya Jehofa ka pelo ya bone yotlhe mme ba go supa ka go boloka ditaolo tsa gagwe.

Isagwe e e Phatsimang

16, 17. Jehofa o neela bao ba mo ikanyang tsholofelo efe e e phatsimang?

16 Jehofa o naya bao ba mo ikanyang isagwe e e phatsimang go di feta tsotlhe fa a tla bo a emisetsa mokgatlho wa lefatshe jeno le legologolo ka wa gagwe o mosha. Mo lefatsheng je lesha mono mo lefatsheng, ga go kitla go nna le poifo le fa e le go sa tshepane, go sena khumanego, tshiamololo, kana bokebekwa. Batho ga ba kitla ba tlhola ba bolawa mo dintweng kana ka go senngwa ga dimpa. Tshenolō 21:4 e bile e solofetsa gore “ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko.”

17 Fa nako e ntse e ya, lefatshe le tla fetoga paradaise jaaka Jesu a solofeditse. (Luke 23:43) Mme ereka le eleng loso lo tla fedisiwa, ba ba ikanyang Jehofa ba tla kgona go tshelela ruri mo Paradaiseng. Mika 4:4 e tla diragadiwa ka botlalo: “Moñwe le moñwe oa bōnè o tla dula ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè; me opè ga a ketla a ba boihisa.” A o ke o akanye fela o tshela le batho ba mongwe le mongwe wa bone yo o kopanang nae e tla bong e le motho yo o ka mo ikanyang! Ke ka ntlhayang fa seo se tla nna jalo? Ka gonne, jaaka Isaia 54:13 e bolela: “Bana ba gago botlhe ba tla rutwa ke Yehofa; kagishō ea bana ba gago e tla nna kgolo.”

18. Bao ba ikanyang Jehofa ba roba melemo efe le eleng jaanong?

18 Lefa go ntse jalo, le eleng jaanong dimilione-milione tsa Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara ba solegelwa molemo ke go ikanya Jehofa. Ka sekai, ka ntlha ya gore batlhanka ba ga Jehofa ba utlwa melao le melao-metheo ya ga Jehofa, ga ba bolawe ke kankere ya makgwafo eo e bakiwang ke go goga motsoko. Ereka ba tshela mo tikologong ya boitsholo jo bontle, ka kakaretso ga ba mo kotsing ya leroborobo la malwetsi a a anameng lefatshe ka bophara a a tshelanwang ka go tlhakanela dikobo, go akaretsa le AIDS. Ereka ba sa dirise diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang seno se ba sireletsa thata mo makoeng a a senyang tlhaloganyo le a a bolayang ao batho ba le bantsi ba ba sa diriseng diokobatsi ka tshwanelo ba nang nao. Mme ereka ba sa amogele ditshelo tsa madi, ba tila malwetsi a a kotsi ao a tshelanwang ka go tshelwa madi, a a akareletsang bolwetsi jwa sebete, jo bo bolayang batho ba ba dikete tse di lesome ba ba tshelwang madi kana bo ba golafaletsa ruri ngwaga le ngwaga mo United States e le yosi.

19. Jehofa o tla golola bao ba mo direlang jang lefa jaanong ba ka swa?

19 Le eleng fa bangwe ba bao ba ikanyang Jehofa jaanong ba tshwanela go swa ka baka la botsofe, bolwetse, kana kotsi nngwe, Jehofa o tla ba golola. O tla ba rekolola ka tsogo. Ka gone, moaposetoloi Paulo o ne a re kgothaletsa gore “re se ka ra iikanya ka rosi, me re ikanyè Modimo o o cosañ bashwi.”—2 Bakorintha 1:9.

Jehofa o Tshegetsa Batlhanka ba Gagwe

20, 21. (a) Re ka solofela kganetso efe, jaaka go supilwe ke seo se neng sa diragalela Jesu? (b) Jehofa o tlotlomatsa batho ba gagwe jang, jaaka a ne a dira ka Jesu?

20 O gopole gore “lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula,” ebong Satane Diabolo. (1 Yohane 5:19) Jalo fa o ikanya Modimo, Satane o tla go ganetsa le lefatshe la gagwe. Ba tla leka go senya ikanyo ya gago ka tshotlo kana pogiso, fela jaaka go ne go ntse ka Jesu. Morago ga a sena go kokotelwa mo koteng ya tlhokofatso, “ba ba hetañ ba mo kgala, ba tshikinya ditlhōgō tsa bōnè, Ba re, . . . Ha u le Morwa Modimo, hologa mo mokgoroñ. Ditlhōgō tsa baperisiti le bōnè, ba na le bakwadi, le bagolwane, ba mo shotla hèla yalo, ba re, O nntse a nna a boloka ba bañwe; o retelèlwa ke go ipoloka ka esi. . . . O ikantse Modimo; a o ko o mo gololè yanoñ, ha o mo eletsa.”—Mathaio 27:39-43.

21 Morago ga malatsi a mararo, Modimo ka boammaaruri o ne wa golola Jesu ka go mo tsosa mo losong. Lefa go ntse jalo, losika loo lwa basotli lo ne lwa bolawa kana lwa tshwarwa ke masole a Roma. Ereka Keresete jaaka Kgosi ya Bogosi jwa selegodimo jwa Modimo e le ene a tla okamelang tsogo, fa basotli bao ba tsoga mo baswing, ba tla tshwanelwa ke gore ba ikobele Ene yo ba neng ba mo sotla mo dingwageng tse di dikete tse pedi tse di fetileng! Ee, Jehofa o galaletsa batlhanka ba gagwe, bao ba reng: “Ke ikantsè mo go ōna Modimo, ga nketla ke boiha: kana motho o ka ntihañ?”—Pesalema 56:11.

22. Jehofa o bolela eng mabapi le bao ba mo ikanyang, le bao ba sa mo ikanyeng?

22 Mabapi le batlhanka ba gagwe, Jehofa o bolela jaana: “Go segō monna eo o ikanyañ Yehofa, le eo Yehofa e leñ cholohèlō ea gagwè. Gonne o tla nna yaka setlhare se se tlhomilweñ ha metsiñ, se se namañ mecwe ha nokeñ, se se se ketlañ se boiha mogañ mogote o tlañ, me lekakaba ya shōna le tla nna letalana hèla; me ga se ketla se re ñwaga oa leuba sepè, leha e le go khutla mo go uñweñ.” Mme gape Jehofa o bolela jaana: “Go hutsegile monna eo o ikanyañ motho, a ba a diha nama lecōgō ya gagwè, le eo pelo ea gagwè e tlogèlañ Yehofa. Gonne o tla nna yaka logōlō mo sekakeñ, me ga a ketla a itse mogañ molemō o tlañ.”—Yeremia 17:5-8.

23. Ke eng seo re tshwanetseng ra se dira fa re batla botshelo jo bo sa khutleng?

23 Ka gone, mo metlheng eno e e boima, “ikanye Yehofa, u bo u dihè molemō; aga mo lehatshiñ u latèlèlè boikañō. Le gōna u inatehisè mo go Yehofa; me o tla gu naea dikeleco tsa pelo ea gago.” (Pesalema 37:3, 4) Ekete dikopo tsa gago tse di tla bong di diragaditswe di ka akareletsa le mpho ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng je lesha ja tshiamo, jeo le solofeditsweng ke Modimo yo re mo ikanyang.

Dipotso tsa Poeletso

◻ Ba ba ikanyang Jehofa ba tshwanetse go boloka tekanyetso efe?

◻ A ditumelo tsa lefatshe leno di ruta gore go ikanngwe Jehofa?

◻ Go ikanya Jehofa ga ga Kgosi Hesekia go ne ga tlotlomadiwa jang?

◻ Mo motlheng wa rona, polelelopele ya ga Isaia 2:2-4 e diragadiwa jang?

◻ Bao ba ikanyang Jehofa ba tla nna le isagwe e e ntseng jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Mmueledi wa kgosi ya Asiria o ne a kgoba Jehofa a bo a batla gore Jerusalema e ineele

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Mo lefatsheng je lesha, bao ba ikanyang Jehofa ba tla ipelela kagiso le polokesego ka botlalo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela