Karolo 5—Gerika—Mmuso o Mogolo wa Botlhano wa Lefatshe
Alexander o ne a tswa mo Gerika go ya go fenya Asia Minor (eleng Turkey ya motlha wa segompieno), Palesetina, Egepeto, le mmuso wa Bameda le Baperesia le go ya go fitlha fela kwa India e simologang gone a tshwana le lengau le le lobelo, le le nang le diphuka. A o ka rata go itse mo go oketsegileng kaga mofenyi yono yo o tlhomologileng le kaga seo Bibela e se boletseng kaga gagwe?
FA ALEXANDER yo mmotlana a ne a na le dingwaga di le 20 fela, o ne a amogela puso ya Masedona jaaka boswa. Dingwaga di le pedi moragonyana ga moo, go ya ka thulaganyo ya ga rraagwe ebong Philip, Alexander o ne a simolola ntwa ya go ipusolosetsa kgatlhanong le Baperesia ba ba maatla, bao mmuso wa bone o neng o ikadile go ya kwa botlhaba. Pele ga fa a khutla, Alexander o ne a gapile lefatshe la motlha wa gagwe.
Lesole leno le le botlana le le tletseng matlhagatlhaga leo le rulaganyang dilo ka kelotlhoko le ne la lalaanya Asia Minor, Siria, Palesetina, Egepeto, Babelona, le mmuso otlhe wa Bameda le Baperesia go ya go fitlha kwa serepoding sa India wa bogologolo! Ereka gongwe a tsewa jaaka mojenerale yo mogolo go gaisa mo metlheng ya bogologolo, gompieno o itsege jaaka Alexander yo Mogolo.
Ka nako e khutshwane ka mo go gakgamatsang, Gerika e ne e fetogile mmuso wa botlhano mo mebusong ya lefatshe lotlhe ya ditiragalo tsa Bibela—o mogolo go e feta yotlhe eo e neng e le teng pele ga one. Selo se se ntseng jalo se ne sa diragala jang? Se amana jang le Lefoko la Modimo? Se kayang mo go wena?
Go ne go Boleletswe Pele mo Boperofeting jwa Bibela
Mo dingwageng di le makgolo a mabedi pele ga motlha wa ga Alexander, fa go ne go busa Babelona mme Bameda le Baperesia ba ise ba fetoge mmuso wa lefatshe, moperofeti wa ga Jehofa ebong Daniele o ne a neelwa diponatshegelo di le pedi tse dikgolo tsa seperofeti tseo di neng di bontsha ditiragalo tsa isagwe tsa mo lefatsheng lotlhe. Morago ga moo, fa Babelona e sena go wa, o ne a amogela polelelopele ya boraro e e malebana le dilo tseo di neng di tla diragala lobaka lo loleele morago ga motlha wa gagwe. Daniele o ne a di kwala. Dipolelelopele tseno, tseo di neng tsa seka tsa simolola go diragala go fitlhelela makgolo a dingwaga a le mabedi morago ga moo, di na le tshedimosetso ka tlhamalalo e e malebana le dilo tseo di neng di tla diragalela Alexander le bogosi jwa gagwe.
Ke eng seo se neng sa senolelwa Daniele? O ka nna wa bona dipolelelopele tseo mo bukeng ya Bibela ya Daniele, eo e kwadilweng mo e ka nnang ka ngwaga wa 536 B.C.E. Ka bokhutshwane, tse di latelang ke dilo tseo a neng a di bona tse di amanang le mmuso wa botlhano wa lefatshe, eleng Gerika:
Mo ponatshegelong ya ntlha ya seperofeti, Gerika o ne a emelwa ke lengau le le tshwereng lebelo. “Le na le diphuka di le nne tsa nonyane mo mokwatleng wa lone. . . . mme la newa puso ya mmatota.”—Daniele 7:6, NW.
Mo ponatshegelong ya bobedi ya seperofeti, go ne ga bonwa phoko nngwe e “cwa . . . ntlheñ ea bophirimatsatsi ea tla godimo ga lehatshe yeotlhe,” e taboga ka lobelo leo e leng gore e ne ya “se ka ea ama lehatshe.” E ne ya bo ya fitlha kwa phelehung nngwe e e nang le dinaka tse pedi eo moengele a neng a bolela gore “ke dikgosi tsa Media le Peresia.” Phoko e ne ya “shegola phelehu, ea rōba dinaka tsa eōna coo pedi.” Daniele o ne a bolelelwa jaana: “Phōkō e e maodi, ke kgosi ea Gerika.”—Daniele 8:5-8, 20, 21.
Mo lekgetlong la boraro, Daniele o ne a bolelelwa gore kgosi ya “Peresia . . . e tla tlhotlheletsa botlhe go gana bogosi yoa Gerika. Me kgosi ñwe e e nonohileñ e tla èma, e e tla laolañ ka pushō e kgolo, e ba e diha kaha e ratañ ka gōna.”—Daniele 11:2, 3.
Ditshwantshiso tseno di ne di kayang? A dilo tseno di ne tsa diragala ka tsela eo Daniele a neng a boleletswe gore di ne di tla diragala ka yone? A re boneng.
Go Diragadiwa ga Dipolelelopele
Ka dikgakologo tsa ngwaga wa 334 B.C.E., Alexander o ne a tsena mo Asia ka kgogomelo-watle ya Dardanelles (Hellespont ya bogologolo) a na le masole a a tsamayang ka dinao a le 30 000 le masole a le 5 000 a a palameng dipitse. O ne a lalaanya mafatshe ao a neng a le kafa tlase ga mmuso wa Peresia ka lobelo loo lo tshwanang le lwa lengau le le nang le diphuka di le nne kana la phoko eo e neng e lebega ekete ga e ame lefatshe—mmuso wa Peresia oo o neng o feta mmuso wa gagwe ka namana makgetlo a le 50! A o ne a tla ‘laola ka puso e kgolo, a ba a dira kafa a ratang ka gona’? Ditiragalo di a araba.
Alexander o ne a fenya ntwa ya gagwe ya ntlha kgatlhanong le Baperesia kwa Nokeng ya Granicus e e kwa sekhutlong se se kwa bokone-bophirima jwa Asia Minor (eleng Turkey ya segompieno). O ne a fenya Asia Minor bophirima mo marigeng ao. O ne a fenya masole a Peresia gotlhelele ao a neng a fopholediwa go nna banna ba le sephatlo sa milione, ka letlhabula le le latelang kwa Issus kwa sekhutlong se se kwa borwa-botlhaba jwa Asia Minor, mme kgosi e kgolo, ebong Darius III wa Peresia, o ne a tshaba, a tlogela lelapa la gagwe mo diatleng tsa ga Alexander.
Mo boemong jwa gore Alexander a beye Baperesia bao ba neng ba tshaba mangole, o ne a leba ntlheng ya borwa mo thoko ga lobopo lwa Mediterranean, a gapa mathibelelo ao a neng a dirisiwa ke masole a a maatla a dikepe a Peresia. Motse wa setlhaketlhake wa Ture o ne wa lala o padile ka dikgwedi di supa. Kgabagare, Alexander o ne a dirisa masalela a toropo ya kontinente eo Nebukadenesare o neng a e sentse, go aga tsela e e kgabaganyetsang kwa motseng oo wa setlhaketlhake. Masalela a tsela eo a a bonala le gompieno, go supa go diragadiwa ga boperofeti jwa ga Esekiele jwa gore lorole lwa Ture lo ne lo tla phailelwa mo lewatleng.—Esekiele 26:4, 12.
Alexander o ne a tlogela Jerusalema, eo e neng ya ineela mo go ene, a leba kwa borwa, a gapa Gasa le go atolosa “pushō e kgolo” ya gagwe mme a itirela “kaha [a] ratañ ka gōna” mo Egepeto, koo a neng a amogelwa gone jaaka mogolodi. O ne a direla Apis setlhabelo sa poo kwa Memphis, ka gone a kgatlhisa baperesiti ba Baegepeto. Gape o ne a tlhoma motse wa Alexandria, oo moragonyana ga moo o neng wa gaisana le Baathena jaaka lefelo le legolo la go ithuta leo ebile le santseng le bidiwa ka leina la gagwe.
Maitlhomo otlhe a thulaganyo ya ga Philip a ne a fitlheletswe le eleng go feta, mme Alexander o ne a sa le kgakala le go fetsa. Jaaka phoko e e tabogang ka lebelo le legolo, o ne a retologela kwa bokone-botlhaba, go kgabaganya Palesetina le go tswela pele go tlhatloga le Noka ya Tigris. Koo, ka ngwaga wa 331 B.C.E., o ne a tlhabana le Baperesia kwa Gaugamela, eo e seng kgakala le matlotla a a wang a motse-mogolo wa pele wa Asiria, eleng Ninife. Banna ba ga Alexander ba le 47 000 ba ne ba senya masole a Peresia a le 1 000 000 ao a neng a rulagantswe sesha. Darius III o ne a tshaba mme moragonyana ga moo o ne a bolawa ke batho ba gagwe ka namana.
Ereka phenyo e ne e mo tsene mo mading, Alexander o ne a retologela kwa borwa mme a gapa motse-mogolo wa mariga wa Peresia, eleng Babelona. Gape o ne a thopa metse-megolo e e kwa Susa le Persepolis, a tsaya letlotlo le legolo la mahumo la Peresia ka dikgoka a bo a fisa ntlo e kgolo ya segosi ya ga Xerxes. Kwa bofelong, motse-mogolo o o neng o le kwa Ekemetha o ne wa wela ka fa tlase ga gagwe. Monna yono yo o neng a fenya ka ponyo ya leitlho morago ga moo o ne a fenya puso yotlhe ya Peresia, a tsenelela kwa botlhaba go isa kwa Nokeng ya Indus kwa Pakistan wa motlha wa segompieno. Kwantle ga pelaelo, Gerika e ne e fetogile mmuso wa botlhano mo mebusong e megolo ya lefatshe ya mo ditiragalong tsa Bibela.
Phenyo ya ga Alexander gape e ne ya anamisa puo le setso tsa Segerika go ralala mmuso ono o mogolo. Ereka go ne go tlhomilwe dikolone tsa Gerika mo mafatsheng ao a fentseng, Segerika se se tlwaelegileng sa Sekoine se ne sa fetoga puo ya boditšhabatšhaba ya motlha oo. E ne e le puo eo moragonyana ga moo e neng ya dirisediwa go kwala Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete tsa Bibela.
Bogosi jwa ga Alexander bo a Kgaoganngwa
Alexander o ne a batla go aga Babelona sesha gore e nne motse-mogolo wa mmuso wa gagwe. Mme seno se ne se se kitla se diragala. Dipolelelopele di ne di ile tsa tlhalosa phoko e e maodi gore e ne e na le lenaka le le lengwe le legolo, eo Daniele o neng a bolelelwa jaana ka yone:
“Phōkō ea ikgodisa thata: me e rile e le thata, lonaka lo logolo loa rōbèga; me mo boemoñ yoa lōna ga tlhoga dinaka di le nnè tse di bōnalèsègañ di lebanye le diphehō coo nnè tsa legodimo. . . . phōkō e e maodi, ke kgosi ea Gerika: me lonaka lo logolo lo lo ha gare ga matlhō a eōna ke kgosi ea ntlha. Me kaga lo lo rōbegileñ, lo dinaka di le nnè di emeñ mo boemoñ yoa lōna, magosi a le manè a tla èma a cwa mo morahiñ o le moñwe hèla [wa yone], me e señ ka thata ea eōna kgosi euō.”—Daniele 8:8, 21, 22.
“E tla re e eme ka dinaō bogosi yoa eōna bo tla thuywa, bo tla kgaoganyediwa kwa diphehoñ coo nnè tsa legodimo, me e señ kwa go ba losika loa ga eōna, le e señ kaha pushoñ e e ne e busa ka eōna; gonne bogosi yoa eōna bo tla khumolwa, bo khumolèlwa ba sele kwa ntlè ga bauō.”—Daniele 11:4.
Jaaka Bibela e ne e boleletse pele, Alexander o ne a ipelela go busa lefatshe lotlhe ka nako e khutshwane. Diphenyo tse di setlhogo tsa ga Alexander di ne tsa tla bokhutlong fa a ne a le kwa setlhoeng sa phenyo ya gagwe, a na le dingwaga di le 32 fela. O ne a tswela pele a keteka moletlo go fitlhelela a tagwa mme a swa ka bonako kwa Babelona ka 323 B.C.E., a tsenwe ke letshoroma la malaria. Setopo sa gagwe se ne sa isiwa kwa Egepeto mme sa fitlhelwa kwa Alexandria. “Lonaka lo logolo” loo e leng “kgosi ea ntlha” lo ne lo robegile. Go ne ga diragalang ka mmuso wa gagwe morago ga moo?
Polelelopele e ne e ile ya bolela gore bogosi jwa gagwe bo ne bo tla kgaoganyediwa “eseñ kwa go ba losika loa ga eōna.” Morwarraagwe Alexander yo o neng a sena bokgoni ebong Philip Arrhidaeus o ne a busa ka lobaka lo lo khutshwane mme a bolawa. Go ne ga nna jalo le ka morwa wa ga Alexander ebong Alexander (Allou) le morwa wa gagwe wa mpa ya dikgora ebong Heracles (Hercules). Ka gone ba losika lwa ga Alexander yo Mogolo, yoo e neng e le motsholodi yo mogolo wa madi, le ne la nyelela.
Gape go ne go boleletswe pele gore “magosi a le manè [a ne] a tla èma a cwa mo morahiñ o le moñwe hèla [wa gagwe], me eseñ ka thata ea eōna kgosi euō” le gore bogosi jwa gagwe bo ne bo tla “kgaoganyediwa kwa diphehoñ coo nnè tsa legodimo, me . . . e señ kaha pushoñ e [a ne a] busa ka eōna.” A seno se ne sa diragala?
Fa nako e ntse e tsamaya, mmuso o mogolo wa ga Alexander o ne wa kgaoganngwa magareng a bojenerala ba gagwe ba le bane: (1) Mojenerala Cassander—Masedonia le Gerika. (2) Mojenerala Lysimachus—Asia Minor le Thrace ya Europa. (3) Mojenerala Seleucus Nicator—Babelona, Media, Siria, Peresia le dikgaolo tse di kwa botlhaba jwa Noka ya Indus. (4) Mojenerala Ptolemy Lagus—Egepeto, Libya, le Palesetina. Jaaka go ne go boleletswe pele, go ne ga tswa magosi a le mane a Segerika mo mmusong o le mongwe fela o mogolo wa ga Alexander.a
Bogosi joo bo neng jwa tsaya lobaka lo loleele go a feta otlhe e ne e le jwa ga Ptolemy kwa Egepeto. Bo ne jwa wela kafa tlase ga Roma ka 30 B.C.E., fa Roma e ne e tsena mo maemong a Gerika le go fetoga mmuso wa borataro wa mebuso e megolo ya lefatshe lotlhe.
Setho se Na le Ditebelelo tse di Molemo tsa mo Nakong e e Tlang
A mebuso ya lefatshe e e gatelelang e ne e tshwanetse ya tswela pele ka go tlhatlhamana go ya go ile? Nnyaa, ka gonne Bibela e re bolelela gore re tshela gaufi le bokhutlo jwa wa bofelo wa yone.—Tshenolō 17:10.
Fa Daniele a sena go bona dipuso tseno tsa batho tsa sephologolo, o ne a bona sengwe se se farologaneng le tsone. O ne a neelwa ponatshegelo e e tlhomologileng ya kwa magodimong ka boone, koo a neng a bona “moñwe eo o leñ mogologolo” gone, ebong Modimo ka namana, a neela Bogosi, eseng go moeteledipele mongwe yo o bogagapa wa motho, mme go “moñwe eo o chwanañ le moñwe morwa motho”—go Jesu Keresete wa kwa legodimong, yo o tsositsweng mo baswing!—Daniele 7:9, 10, 13.
Abo seo se farologane jang ne! Abo Bogosi joo jwa selegodimo le puso ya jone di ne di tla farologana jang ne le jwa dikgosi tsa pele tsa lefatshe tsa batho tse di lwang. Daniele o ne a bolela jaana ka “morwa motho” yono yo o tlotlomaditsweng: “A nèwa pushō, le kgalalèlō, le bogosi, gore batho botlhe ba dichaba, le ba merahe, le ba dipuō ba mo dihèlè: pushō ea gagwè ke pushō e e sa khutleñ, e e se ketlañ e heta, le bogosi yoa gagwè ke yo bo se ketlañ bo señwa.” (Daniele 7:14) E ne e tshwanetse go nna Bogosi jwa kagiso le tshiamo.—Isaia 9:6, 7.
Fa re gadima kwa morago re bona ka moo puso ya motho e leng bogagapa le go nna tirisa-dikgoka ka gone, abo re ka itumela jang ne go itse gore Bogosi jono jwa selegodimo bo setse bo tlhomilwe le gore puso ya jone ya tshiamo ya lefatshe ka bophara e atametse!—Tshenolō 12:10, 12.
“Gonne pōnatshègèlō e sa nntse e na le lobaka lo lo laocweñ, me e be e itlhaganèlèla bokhutlō, ga e ketla e aka: leha e ko e dièga, lo e letè; gonne rure e tla tla, ga e ketla e dièga.”—Habakuke 2:3.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ditiragalo tsa matlhotlapelo tseo di neng tsa latela morago ga go kgaoganngwa ga mmuso wa ga Alexander di ne di boleletswe pele mo boperofeting jwa “kgosi ea botsheka” le “kgosi ea borwa.” Polelelopele eno, eo e begilweng mo go Daniele kgaolo 11, e tlotliwa ka botlalo mo ditsebeng 229-48 tsa buka ya “Your Will Be Done on Earth,” eo e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Mmapa mo go tsebe 23]
(For fully formatted text, see publication)
Bogolo jwa puso ya ga Alexander
Pella
Saredisa
Issus
Damaseko
Ture
Jerusalema
Alexandria
Memphis
Thebesa
Noka ya Euferatese
Noka ya Tigris
Guagamela
Babelona
Ekemetha
Shushana
Persepolis
Alexandria Eschate
Taxila
Noka ya Indus
Lewatle le Legolo
[Mmapa mo go tsebe 25]
(For fully formatted text, see publication)
Go kgaoganngwa ga mmuso wa ga Alexander
Lewatle le Legolo
CASSANDER
Pella
LYSIMACHUS
Lysimachia
PTOLEMY LAGUS
Alexandria
SELEUCUS NICATOR
Antioka
Seleucia
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Losi lwa lewatle lo lo gaufi le Alexandria ya motlha wa segompieno
[Motswedi wa Setshwantsho]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.