Go Senola Noga
“Me yana go no go le letsatsi leñwe ye bomorwa Modimo ba eañ go ipōnatsa ha pele ga Yehofa ka yeōna, me Satane le èna a ea nabō.”—YOBE 1:6.
1. (a) Satane o simologile jang mme leina leo le rayang? (b) “Satane” o bonala ga kae mo DikwalongJ mme ke dipotso dife tse di tlhagang?
LEINA Satane le simologile kae? Le raya go reng? Go ya kafa le ntseng ka gone mo Bibeleng, le kwadilwe ka ditlhaka di le tharo tsa Sehebera ש (Sin), ט (Tehth), le נ (Nun). Fa di na le ditumanosi, ditlhaka tseno di bopa leina “Satane,” leo, go ya ka radikitso Edward Langtoñ, a reng le “tserwe mo moding wa leo le rayang ‘go ganetsa,’ kana ‘go nna kana go itshwara jaaka mmaba.”’ (Bapisa 1 Petere 5:8.) Lemororo leina Satane le tlhaga makgetlo a a fetang 50 mo Bibeleng, le bonala ga 18 fela mo Dikwalong tsa Sehebera mme go tswa foo mo dibukeng tsa 1 Ditihalō, Yobe, le Sekaria fela. Jalo go tsoga potso, Motho o ne a itse leng kaga botsuolodi jwa ga Satane le ditiro tsa gagwe? Ke leng Satane a senolwang gone la ntlha ka tsela e e phepafetseng mo Dikwalong tsa Sehebera?
2. Ke potso efe e e neng ya seka ya arabelwa gone fela foo morago ga botsuolodi jwa ga Adame le Efa?
2 Bibela e tlhalosa motlhofo fela le ka mafok‹: a a utlwalang sentle kaga tsela eo boleo le botsuolodi di simologileng ka gone mo lefatsheng, mo go seo e neng e le tshingwana ya paradaise mo Botlhaba-Gare. (Bona Genesise, dikgaolo 2 le 3.) Lemororo mosimolodi wa botlhokakutlo jwa ga Adame le Efa a kgethololwa jaaka noga, ga go na bosupi bope jo bo gaufi jo bo neelwang jwa gore ke mang tota yo o neng a le motlhotlheletsi wa mmatota le yo o botlhale wa lentswe le le neng la utlwadiwa ke noga. Lefa go le jalo, Adame o ne a na le sebaka se se lekaneng sentle go tlhatlhanya ka ditiragalo tsa mo Edena tse di neng tsa dira gore a lelekiwe mo parakeng ya paradaise.—Genesise 3:17, 18, 23; 5:5.
3. Lemororo a ne a seka a tsiediwa, Adame o ne a leofa jang, mme seo se ne sa felela jang mo bathong?
3 Ka phepafalo, Adame o ne a itse gore diphologolo ga di bue jaaka batho ba ba botlhale. O ne a itse gape gore Modimo o ne a ise a ko a bue le ene ka phologolo epe pele ga Efa a raelwa. Jalo ke mang yo o neng a boleletse mosadi wa gagwe gore a seka a utlwa Modimo? Paulo o bolela gore lemororo mosadi a ne a tsiediwa thata-thata, Adame o ne a seka a tsiediwa. (Genesise 3:11-13, 17; 1 Timotheo 2:14) Gongwe Adame o ne a lemoga gore go ne go na le sebopiwa sengwe se se sa bonaleng se se neng se kgothaletsa go sa utlwe Modimo. Lefa go le jalo, lemororo ene ka sebele a ne a seka a atamelwa ke noga, o ne a itlhophela go dumalana le mosadi wa gagwe mo go tlhokeng kutlo. Tiro e e dirilweng ke Adame ya ka boomo ya go sa utlwe e ne ya fe‹Iisa boitekanelo, mme e ne ya lere bogole jwa boleo, mme ya tlisa katlholeloIoso eo e neng e boleletswe pele. Mme ka jalo, ka gore a emelwe ke noga, Satane o ne a fetoga mmolai wa ntlha.—Yohane 8:44; Baroma 5:12, 14.
4, 5. (a) Ke katlholo efe ya polelelopele e e neng ya fiwa kgatlhanong le noga? (b) Ke malepa afe a a neng a akarediwa mo polelelopeleng eo?
4 Botsuolodi jo bo neng jwa diragala kwa Edena bo ne jwa felela ka gore Modimo a bolelele pele kaga katlholo. Katlholo eo e ne ya kopanyeletsa ‘bosaitsiweng jo bogolo’ jwa gore go ne go tla tsaya diketekete tsa dingwaga gore bo lemosege gotlhelele. Modimo o ne a bua jaana ka noga: “Ke tla tsenya bobaba ha gare ga gago le mosadi, le ha gare ga losika loa gago le losika loa gagwè: lōna lo tla tapeta tlhōgō ea gago, me wèna u tla kgōba serèthè sa gagwè.”—Baefesia 5:32; Genesise 3:15.
5 Polelelopele eno e e botlhokwatlhokwa e ne e akareletsa dilo di le dintsinyana tse di akabatsang. Ke mang yo tota a neng a kaiwa ke “mosadi”? A e ne e le Efa, kana e ne e le mosadi wa tshwantshetso yo o rayang selo sengwe se se botlhokwa go feta Efa? Gape, ke eng se se neng se bolelwa ke ‘losika lwa mosadi’ le ‘losika lwa noga’? Mme ebile tota-tota noga e ne e le mang yoo losika lwa gagwe lo neng lo tla nna bobaba mo losikeng lwa mosadi? Jaaka fa re tla buisana ka bokhutshwane, ka phepafalo Jehofa o ne a tlhomamisa gore dipotso tseno di tle di arabiwe ka botlalo mo nakong e e tshwanetseng ya gagwe.—Bapisa Daniele 12:4 le Bakolosa 1:25, 26.
Bosupi jo Bongwe Gape Jwa Botsuolodi kwa Legodimong
6. Ke sesupo sefe sa botsuolodi sa kwa legodimong se se neng sa bonwa pele fela ga Morwalela?
6 Fa ditiragalo tsa Bibela di ntse di tswelela pele, tshupo e nngwe ya gore go ne ga nna le botsuolodi jo bongwe jwa ditshedi tse dingwe tse di fetang batho ka seemo bo senolwa pele fela ga Morwalela, dingwaga tse di ka nnang 1 500 morago ga motho a sena go leofa. Polelo ya Bibela e re bolelela gore “bomorwa Modimo ba bōna bomorwadia batho ha ba le bantlè, me ba tsaea basadi mo go bonè, botlhe ba ba ba ratañ.” Bana ba dibopiwa tseno tse tlholego ya tsone e sa tshwaneng ba ne ba itsiwe jaaka “Banefilimo,” “diganka tsa metlha ea bogologolo, banna ba ba itsegeñ.” (Genesise 6:1-4; bapisa Yobe 1:6 gore o itse kaga “bomorwa Modimo” gore ke bomang.) Dingwaga di ka nna 2 400 moragonyana, Jude o ne a akgela ka bokhutshwane kaga tiragalo eno fa a ne a kwala are: “Baengele ba ba se kañ ba tshegetsa boèmō yoa bōnè, . . . ba tlogèla yo e leñ bonnō yoa bōnè, o ba letisitse letsatsi ye legolo ya tshèkō, ba le mō dikgolegoñ tse di sa hunololweñ ka bosakhutleñ, ba le kwa tlhatse ga lehihi.”—Yude 6; 2 Petere 2:4, 5.
7. Go sa kgathalesege bosula jwa batho, ke selo sefe seo ka tsela e e akabatsang se ileng sa tlogelwa mo dibukeng tsa ditiragalo di le dintsi tsa Bibela?
7 Mo nakong eno ya pele ga Morwalela “boikèpō yoa motho bo le bogolo mo lehatshiñ, le go akanya ga megopolō ea pelo ea gagwè gotlhe, . . . go le boshula ka metlha eotlhe.” Lefa go ntse jalo, Satane o ne a seka a kgethololwa ka tlhamalalo mo bukeng e e tlhotlheleditsweng ya Genesise gore e ne e le ene motlhotlheletsi yo mogolo wa botsuolodi jono jwa baengele le wa boikepo jwa batho. (Genesise 6:5) Eleruri, go kgabaganya ditiragalo tsotlhe tsa morafe wa Iseraele le Juda, ka go nna ba ntse ba wela mo kobamelong ya medimo ya disetwa le ya maaka, Satane ga a ke a umakiwa mo dibukeng tse di tlhotlheleditsweng tsa Baatlhodi, Samuele, le Dikgosi gore ke ene motlhotlheletsi yo o sa bonaleng mo ditiragalong tsenoseno se nt se jalo go sa kgathalesege go bo Satane a ile a ipolela gore o ne a ntse a “kgarakgatshèga molehatshiri.”—Yobe 1:7; 2:2.
8. A Jobe o ne a akofa a itse ka seabe se Satane a neng a na naso mo go bogeng ga gagwe? Re itse jang?
8 Le eleng fa re akanya ka polelo e e botlhokwa ya ga Jobe le diteko tsa gagwe, re bona gore Jobe le ka motlha o ne a seka a re diteko tsa gagwe di tswa mo mmabeng, Satane. Ga go belaesege gore ka nako eo o ne a sa tlhaloganye kganetsano e e neng e ikaegile ka gore o tla itshwara jang. (Yobe 1:6-12) O ne a seka a lemoga gore Satane ke ene a neng a tlhotlheleditse bomadimabe joo ka go gwetlha bothokgami jwa ga Jobe fa pele ga ga Jehofa. Ka jalo, e ne ya re fa mosadi wa ga Jobe a mo omanya ka mafoko a a reng: “A u sa nntse u tshegeditse bosenari molato yoa gago? itatolè Modimo, me u shwè” o ne a araba fela are: “A re tla amogèla molemo mo seatleri sa Modimo, me re se ke re amogele boshula?” Ka go sa itse gore tota-tota yo o neng a tlisa diteko tsa gagwe e ne e le mang, go bonala gore o ne a akanya gore di tswa kwa Modimong jalo e le selo seo a tshwanetseng go se amogela. Ka gone, sena e ne ya nna teko e e botlhokotlhokG ya bothokgami jwa ga Jobe.—Yobe 1:21; 2:9, 10.
9. Ke potso efe e e utlwalang eo e ka tsosiwang mabapi le Moshe?
9 Jaanong go tsoga potso. Fa e le gore, jaaka re dumela, Moshe ke ene a kwadileng buka ya y obe mme jalo a itse gore Satane o ne a kgarakgatshega mo lefatsheng, ke eng fa a sa bue sepe ka Satane a mmitsa ka leina mo Dibukeng tse Tlhano tsa gagwe, tse le tsone a di kwadileng? Ee, ke ka ntlhayang fa Satane a sa umakiwe thata mo Dikwalong tsa Sehebera?a
Go sa Senolweng Thata ga ga Satane
10. Ke ka ntlhayang fa Satane a ne a bewa mo pepeneneng go sekae fela mo Dikwalong tsa Sehebera?
10 Lemororo a ne a kgala ditiro tse di neng di tlhotlhelediwa ke badimona, go bonala sentle gore Jehofa ka botlhale jwa gagwe o ne a na le mabaka a a molemo a go tiisetsa gore Mmaba wa gagwe, Satane, a seka a senolwa thata-thata mo Dikwalong tsa Sehebera. (Lefitiko 17:7; Duteronome 18:10-13; 32:16, 17; 2 Ditihalō 11:15) Ka jalo, lemororo bakwadi ba Bahebera ba ne ba na le kitso nngwe kaga Satane le botsuolodi jwa gagwe kwa legodimong, ba ne ba tlhotlhelediwa fela go tlhalosa le go senola maleo a batho ba Modimo le a merafe e e neng e le mo tikologong ya bone go ba kgothatsa gore ba seka ba dira bosula. (Ekesodo 20:1-17; Duteronome 18:9-13) Leina la ga Satane le ne le sa umakiwe thata.
11, 12. Re itse jang gore bakwadi ba Bibela ba Bahebera e ne e se gore ga ba itse kaga Satane le tlhotlheletso ya gagwe?
11 Ka ntlha ya ditiragalo tsa mo Edena, go senyega maitsholo ga “bomorwa Modimo,” le se se kwadilweng mo bukeng ya Y obe, e ne e se gore bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng ba Bahebera ba ne ba sa itse ka tlhotlheletso e e bosula, e e fetang motho ka maatla ya ga Satane. Moperofeti Sakaria, yo o neng a kwala boaphelong jwa lekgolo la dingwaga la borataro B.C.E., o ne a nna le ponatshegelo ya moperesiti yo mogolo Joshua le “Satane a eme kaha ntlheñ ea lecōgō ye legolo oa gagwè, gore a nnè moganetsi oa gagwè. Me [moengele wa ga] Yehofa a raea Satane, a re, A Yehofa a gu kgalemèlè, wèna Satana; E, Yehofa . . . a a gu kgalemèlè.” (Sekaria 3:1, 2) Gape, mokwadi Esere, fa a ne a kwala hisitori ya Iseraele le Juda mo lekgolong la botlhano la dingwagaB.C.E., one a tlhalosagore “Satane a cogèla ba Iseraela, me a tlhōtlheletsa Dafide, gore a balè ba Iseraela.”—1 Ditihalō 21:1.
12 Ka jalo, mo motlheng wa ga Sakaria, moya o o boitshepo o ne o nt se o dira gore ditiro tsa ga Satane di nne di phepafadiwe mo Dikwalong. Mme go ne go santse go tla feta makgolo a mangwe a le matlhano a dingwaga pele ga sebopiwa sena se se bosula se ka senolwa gotlhelele mo Lefokong la Modimo. Ka thuso ya Bibela, ke lebaka lefe le re ka le bonang mo nakong eno e e neng e beetswe go senola Satane gotlhelele?
Sephiri sa Malepa
13-15. (a) Ke boammaaruri bofe jwa motheo joo e leng sephiri sa go tlhaloganya gore ke ka ntlhayang fa Satane a ile a seka a bewa mo p’epeneneng thata mo Dikwalong tsa Sehebera? (b) Ka go tla ga ga Jesu, Satane o ne a bewa mo pepeneneng jang?
13 Mo Mokereseteng yo o dumelang mo Lefokong la Modimo, sephiri se segolo mo dipotsong tseno le tse di fetileng tse re di tsositseng ga se fitlhelwe mo tlhatlhobisong ya boitseanape, jaaka ekete Bibela e ne e ikwaletswe fela ka botlhale bongwe, e le selo fela se se ikwaletsweng ke batho. Sephiri se senolwa mo boammaaruring jwa motheo bo le bobedi. Santlha, jaaka Kgosi Solomone a kwadile: “Tselana ea mosiami e nntse yaka lesedi ye le phatsimafi, ye le phatsimèlafi pele hèla go ea motshegarifi o mogolo.” (Diane 4:18; bapisa Daniele 12:4; 2 Petere 1:19-21.) Boammaaruri bo nna bo ntse bo senolwa ka bonya ka bonya mo Lefokong la Modimo le ka nako ya Modimo, go ya fela kafa batlhanka ba gagwe ba tlhokang ka teng le go ya kafa kgonong ya bone go tlhaloganya boammaaruri joo.—Yohane 16:12, 13; bapisa 6:48-69.
14 Boammaaruri jwa bobedi jwa motheo ke jo bo mo go se moaposetoloi Paulo a neng a se kwalela morutwa wa Mokeresete Timotheo: “Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō go ruta, . . . Gore motho oa Modimo a tlè a nnè boitèkanèlō, a iketleeleletse rure tihō ñwe le ñwe e e molemō.” (2 Timotheo 3:16, 17) Morwa Modimo, Jesu o ne a tla senola Satane, mme sena se ne se tla kwalwa mo Dikwalong, ka jalo phuthego ya Bokeresete e thusiwa go ema e tiile kgatlhanong le Satane go tshegetsa bolaodi jwa ga Jehofa.—Yohane 12:28-31; 14:30.
15 Ka ntlha ya mabaka ano, malepa a Genesise 3:15 a ile a sinosiwa ka bonya ka bonya. Ka kaelo ya moya o o boitshepo wa Modimo, kana maatla a a dirang, Dikwalo tsa Sehebera di ne tsa latlhela lesedi ka go tla ga Mesia, kana Losika. (Isaia 9:6, 7; 53:1-12) Gammogo le seno, di ile tsa nna tsa sedifatsa ka bokhutshwane seabe se Satane jaaka Mmaba wa Modimo le batho a neng a tla nna le sone. Mme ka go tla ga ga Jesu, Satane o ne a bewa mo pepeneneng fa a ne a supa bodipa ka go itebaganya le Losika lo lo solofeditsweng, ebong Jesu Keresete. Fa ditiragalo di ntse di tswelela pele mo lekgolong leo la dingwaga la motlha wa Bokeresete, dilo tse “mosadi,” ebong phuthego ya selegodimo ya moya ya ga Jehofa, le Losika, ebong Jesu Keresete, a neng a tla nna le seabe mo go tsone se ne sa phepafadiwa sentle mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika. Ka yone nako eo, seabe sa ga Satane, “nōga ea bogologolo,” se ne sa senoga tota-tota ka botlalo.—Tshenolō 12:1-9; Mathaio 4:1-11; Bagalatia 3:16; 4:26.
Go Bipolola Bosaitsiweng jo bo Boitshepo
16, 17. Ke eng seo ‘bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa ga Keresete’ bo neng bo se kopanyeletsa?
16 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala thata kaga ‘bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa ga Keresete.’ (Baefesia 3:2-4; Baroma 11:25; 16:25) Bosaitsiweng jono jo bo boitshepo bo ne bo amana le “losika” lwa boammaaruri loo kgabagare lo neng lo tla tapeta noga ya bogologolo, Satane Diabolo. (Tshenolō 20:1-3, 10) Bosaitsiweng bo ne bo kopanyeletsa lebaka la gore Jesu e ne e le leloko la ntlha le la konokono la “losika” 100 mme o ne a tla kopanngwa le ba bangwe, “baruaboshwa mmogo,” santlha e le ba ba tswang mo Bajudeng mme go tswa foo mo Basamarieng le mo Baditshabeng, go digela palo ya “losika” loo.—Baroma 8:17; Bagalatia 3:16, 19, 26-29; Tshenolō 7:4; 14:1.
17 Paulo o tlhalosa jaana: “Yo e rileñ mo metlheñ e e hetileñ, bo se kañ yoa itsisiwe bana ba batho, yaka gompiyeno bo senolecwe baaposetoloi ba gagwè ba ba boitshèpō le baperofeti, ka Mōea.” Mme bosaitsiweng joo e ne e le eng? “Ke go re, Badichaba ke baruaboshwa mmōgō nabō, le ditokololō tsa mmele mmōgō nabō, le batlhakanedi nabō ba polèlō ea choloheco mo go Keresete Yesu, ka Mahoko a a Molemō.”—Baefesia 3:5, 6; Bakolosa 1:25-27.
18. (a) Paulo o bontsha jang gore nako e ne e tlhokafala gore go senolwe seo se neng se kaiwa ke ‘bosaitsiweng jo bo boitshepo’? (b) Tshenolō eno e ne e tla ama jang go tlhaloganya kaga “noga ea bogologolo”?
18 Paulo o ne a gakgamaditswe thata ke go bo go dirisitswe ene mo boemong jwa batho botlhe go bolela “mahumō a a sa kakeñ a hukudiwa a ga Keresete; Le go diha gore batho botlhe ba bōnè kabō ea bosaitsiweñ yo, yo bo sa leñ bo hitlhwa go cwa Cosè, mo Modimoñ o o tlhodileñ dilō cotlhe.” Kana jaaka fa a ne a tlhalosetsa Bakolosa: “Eboñ bosaitsiweñ yo bo sa leñ bo lobèlwa metlha eotlhe le ditshika cotlhe: me gompiyeno bo senolecwe baitshepi ba ōna.” Ka mo go utlwalang, fa bosaitsiweng jo bo amanang le “losika” bo ne bo senolwa kgabagare, bo ne bo tla kopanyeletsa gape go senolwa ga Mmaba yo mogolo, “nōga ea bogologolo.” Ka phepafalo, Jehofa o ne a seka a dira kganetsano le Satane selo se segolo go fitlhelela Mesia a sena go tla. Mme ke mang yo o neng a ka senola Satane botoka go gaisa Losika, Keresete Jesu ka boene?—Baefesia 3:8, 9; Bakolosa 1:26.
Jesu o Baya Mmaba mo Pepeneneng
19. Jesu o ne a baya Mmaba jang mo pepeneneng?
19 Mo tshimologong fela ya bodihedi jwa gagwe, Jesu o ne a ganetsa Moraedi gotlhelele ka mafoko a a reng: “Tloga u eè koñ, Satana: gonne go kwadilwe, ga twe, U ōbamèlè Yehofa Modimo oa gago, ke èna esi eo u tla mo dihèlañ.” (Mathaio 4:3, 10) Mo pakeng e e farologaneng, Jesu o ne a baya mo pepeneneng baba ba gagwe ba bodumedi ba ba mo kgobang le bao ba nang le maikaelelo a go mmolaya ka go latofatsa motlhotlheletsi wa bone le go mmaya mo pepeneneng gore ke ene yo o tlhotlheleditseng noga kwa Edena, ka go re: “Lo ba rra eno diabolo, le dithatō tsa ga rra eno ke cōna tse lo ratañ go di diha. Èna o sa le a nna mmolai le mo tshimologoñ, me a se ka a èma mo boamarureñ, ka go ne go sena boamarure mo go èna. E re ha a bua maaka, o bua mo e leñ ga gagwè, gonne ke moaki, le rra aōna maaka.”—Yohane 8:44.
20. Ke motheo ofe o Jesu a neng a na le one gore a kgone go baya Satane mo pepeneneng?
20 Jesu o ne a kgona go bua jang a sa bonye fa a ntse a latofatsa Satane? Ke ka ntlhayang fa a ne a mo itse thata-thata jaana? Ke ka go bo a ile a tshela le Satane kwa legodimong! Le eleng pele ga ene yoo ka boikgodiso a tsuologela Jehofa Morena Modimo, Jesu, jaaka Lefoko, o ne a ntse a mo itse. (Yohane 1:1-3; Bakolosa 1:15, 16) o ne a ile a bona ditiro tsa gagwe tsa boferefere fa a buisa noga mo Edena. O ne a ile a bona tlhotlheletso ya gagwe ya bonokwane mo go Kaine yo o bolaileng morwarraagwe. (Genesise 4:3-8; 1 Yohane 3:12) Moragonyana, Jesu o ne a le teng mo kokoanong ya selegodimo ya ga Jehofa fa “bomorwa Modimo ba [ya] . . . me Satane le èna a ea nabō.” (Yobe 1:6; 2:1) Ee, ruri, Jesu o ne a itse boteng jwa gagwe mme ebile o ne a iketleeleditse go mmaya mo pepeneneng go supa se a leng sone—moaki, mmolai, mosebi, le mmaba wa Modimo!—Diane 8:22-31; Yohane 8:58.
21. Ke dipotso dife tse di tshwanetseng go arabiwa?
21 Ka mmaba yo o ntseng jalo yo o nonofileng yo o tlhotlheletsang batho le tsela ya bone ya botshelo, dipotso tse di salang jaanong ke: Satane o senotswe ka selekanyo se se kana kang mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika? Mme re ka ganetsana jang le maano a gagwe a boferefere mme ra tshegetsa bothokgami jwa rona jwa Bokeresete?—Baefesia 6:11.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Moporofesa Russell o tlhalosa mo bukeng ya gagwe The Devil—Perceptions of Evil From Antiquity to Primitive Christianity: “Lebaka la go bo go sa tlhalosiwe thata ka Diabolo mo Testamenteng e Kgologolo ga se lebaka le legolo la go ganetsa gore o gone mo thutabomodimong ya motlha wa segompieno ya Sejuda le Sekeresete. Seo e tla bo e le maaka a a itshimololetsweng: mogopolo wa gore boammaaruri jwa lefoko—kana kgopolo—bo ka bonwa fela kwa tshimologong. Go na le moo, boammaaruri jwa ditiragalo bo nna gone fa nako e ntse e feta.”—Tsebe 174.
A o A Gakologelwa?
◻ Ke malepa ate a a amanang le Genesise 3:15 a a neng a tshwanetse go tlhalosiwa?
◻ Ke bosupi bote jo bo kaga botsuolodi kwa legodimong jo bo leng gone mo Dikwalong tsa Sehebera?
◻ Ke boammaaruri bote jo bo gabedi jo bo re thusang go tlhaloganya gare ke ka ntlhayang ta Satane e se gantsi a umakiwa mo Dikwalong tsa Sehebera?
◻ ‘Sosaitsiweng jo bo boitshepo jwa ga Keresete’ bo amana jang le go senolwa ga ga Satane le seabe sa gagwe?
[Ditshwantsho mo go tsebe 9]
Tlhotlheletso ya ga Satane e ne ya iponatsa ka phepafalomobathong ba pele ga Morwalela
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
E ne e le Satane—motho wa mmatota—yo o neng a gwetlha Modimo kaga bothokgami jwa ga Jobe