LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 10/15 ts. 10-15
  • “Leno ke Letsatsi mo Malatsing Otlhe”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Leno ke Letsatsi mo Malatsing Otlhe”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bapagami ba Bane ba Dipitse
  • Go Lekanngwa ga Tempele
  • Lokwalonyana
  • Tlhalosa “Tsela e Tempele e Lebegang ka Yone”
    Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela e e mo Itumedisang!
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Esekiele—II
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • “O Tlhome Pelo ya Gago” mo Tempeleng ya Modimo!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • ‘Ba Tla Itse Fa Ke Le Jehofa’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 10/15 ts. 10-15

“Leno ke Letsatsi mo Malatsing Otlhe”

“Ka ho ke tsenywe ke Mōea ka letsatsi ya Morèna.”—TSHENOLŌ 1:10.

1. Ke “letsatsi” lefe leo re tshelang mo go lone, mme ke ka ntlhayang fa ntlha eno e kgatlhisa jaana?

“LENO ke letsatsi mo nialatsing otlhe. Bonang, Kgosi e abusa!” Mafoko ano a a tlhaolesegîleng ao a neng a buiwa ke mookamedi wa bobedi wa Watch Tower Bible and Tract Society pelepele ka 1922 a santse a re kgatlha le gompieno. A tswelela go re gakolola gore re tshela mo nakong e e kgatlhisang thata mo ditiragalong tsotlhe, nako eo mo Bibeleng e bidiwang “letsatsi ya Morèna.” (Tshenolō 1:10) Eleruri ke “letsatsi mo malatsing otlhe,” ka go bo e le nako eo ka yone Jehofa, a tla diragatsang maikaelelo a Gagwe a magolo le go itshepisa leina la Gagwe le le boitshepo mo popong yotlhe, ka Bogosi jwa ga Keresete.

2, 3. (a) Letsatsi la Morena le boleele jo bo kae? (b) Ke kae koo re ka batlisisang gone ka letsatsi leno?

2 Letsatsi leno le simolotse ka 1914 fa Jesu a ne a tlhongwa jaaka Kgosi ya Bogosi jwa Modimo. Mme le tla tswelela go fitlha kwa bofelong jwa Puso ya Dingwaga tse di Sekete, fa Keresete a tla “neèlañ Modimo, eboñ Rara, bogosi ka yōna.” (1 Bakorintha 15:24) Bakeresete ba ba ikanyegang ba ile ba lebelela letsatsi la Morena ka makgolokgolo a dingwaga. Jaanong, le gorogile! ‘Letsatsi leno mo malatsing otlhe’ le ile la rayang mo bathong ba Modimo le mo lefatsheng ka kakaretso?

3 Buka ya Bibela e e re bolelelang go le gontsi ka letsatsi la Morena ke ya Tshenolō. Mo e ka nnang dipolelelopele tsotlhe tsa buka eno di diragadiwa mo letsatsing la Morena. Mme Tshenolō ke konelo fela ya dibuka tse dintsi tsa dipolelelopele tse di re bolelelang ka letsatsi leo. Gareng ga ba bangwe, Isaia, Jeremia, Esekiele, le Daniele, le bone ba re bolelela ka lone. Gantsi, seo ba se buang se re thusa go tlhaloganya dipolelelopele tsa Tshenolō botoka. A re boneng ka moo buka ya Esekiele e re sedimosetsang tiragatso ya Tshenolō mo letsatsing la Morena ka gone.

Bapagami ba Bane ba Dipitse

4. Go ya ka Tshenolō kgaolo 6, go ne ga diragala eng kwa tshimologong ya letsatsi la Morena?

4 Ka sekai, mo kgaolong ya borataro ya Tshenolō, moaposetoloi Johane o tlhalosa ponatshegelo e e tlhaolesegîleng jaana: “Ka leba, me bōnañ, ga bo go le pitse e le chweu, me eo o e pagameñ a bo a chotse bora: me a nèwa serwalō: me a cwa a henya, a ba a cwèlèla pele go henya.” (Tshenolō 6:2) Mopalami yo o fenyang yono wa pitse ke mang? Ga se ope fela fa e se Jesu Keresete, yo o tlhomilweng Kgosi ya Bogosi jwa Modimo mme a pagame go ya go fenya baba ba gagwe. (Pesalema 45:3-6; 110:2) Jesu Keresete o ne a simolola go pagamela phenyo ka 1914, fela fa letsatsi la Morena le simolola. (Pesalema 2:6) Phenyo ya gagwe ya ntlhantlha e nnile go latlhela Satane le badimona ba gagwe mo lefatsheng. Mme ga felela jang ka setho? “A bo go latlhèga lehatshe le lewatlè!”—Tshenolō 12:7-12.

5. Ke dilo dife tse di tshosang tseo di setseng Mopagami wa pitse e tshweu morago, mme sengwe le sengwe se na le thata efe?

5 Morago mo ponatshegelong go ne ga latela dilo tse di tshosang tse tharo: pitse e khunou e e tshwantshetsang ntwa, pitse e ntsho e e tshwantshetsang tlala, le pitse e tshetlha e mopalami wa yone a neng a bidiwa “Losho.” Re bala jaana, ka pitse eno ya bone: “Me ka leba, me bOnañ, ga bo go le pitse e le tshètlha, me eo o e pagameñ, leina ya gagwè, ga twe, Losho; me Bobipo a bo a na naè a mo setse morago. Me ba nèwa taolO ea go re, lehatshe ha le kgaoganwa senè ba bolaeè kgaolo ea senè, ka chaka, le ka popamo, le ka losho, le ka dibatana tsa lehatshe.”—Tshenolō 6:3-8; Mathaio 24:3, 7, 8; Luke 21:10, 11.

6. Dipitse tseno tse tharo le tse di boitshegang le bapagami ba tsone di ile tsa dira tiro efe mo lefatsheng?

6 Fela jaaka polelelopele e boletse, batho ba ile ba boga thata-thata ka ntlha ya ntwa, leuba, le bolwetsi fa e sale ka 1914. Mme mopagami wa pitse ya bo ne le ene o bolaya ka “dibatana tsa lehatshe.” A sena se ile sa tshwaega fa esale ka 1914? Go tlotla ka polelelopele e e tshwanang ya Esekiele go re thusa go tlhaloganya karolo eno ya polelelopele.

7. (a) Ke polelelopele efe e Esekiele a neng a e bua mabapi le Jerusalema? (b) Polelelopele eno e ne ya diragadiwa jang?

7 Fa a ne a kwala mo e ka nnang dingwaga di le tlhano pele ga go senngwa ga Jerusalema ka 607 B.C.E., Esekiele o ne a bolelelapele ka kotlhao e e botlhoko e e neng e tlela Bajuda ka ntlha ya go sa ikanyege ga bone. O ne a kwala jaana ka tlhotlheletso: “Bogolo yañ mogañ ke lereñ ditshekishō tsa me tse nnè tse di botlhoko mo Yerusalema, eboñ chaka, le popamō, le dibatana tse di boshula, le kgogodi, go tla ke kgaola mo go ōna motho le kgomo?” (Esekiele 14:21; 5:17) A seno se ne sa diragadiwa fela jaaka se nt se morago koo? Kwantle ga pelaelo Jerusalema e ne ya tlhaselwa ke leuba le ntwa fa bokhutlo jwa yone bo ntse bo atamela. Mme gant si leuba le tlisa malwetse. (2 Ditihalō 36:1-3, 6, 13, 17-21; Yeremia 52:4-7; Dikhutsahalō 4:9, 10) A mme gape go ne go na le tlhaselo ya dibatana tsa naga tsa mmatota ka nako eo? Go tshwanetse ga bo go ne go tle go diragale gore batho bangwe ba phamolwe kana le eleng go bolawa ke dibatana, ereka Jeremia a ne a boleletse se no pele.—Lefitiko 26:22-33; Yeremia 15:2, 3.

8. Ke seabe sefe seo dibatana tsa naga di nnileng le sone go tla go fitlha jaanong?

8 Go tweng ka gompieno? Mo mafatsheng a a tlhabologileng, diphologolo tsa naga ga di sa tlhole di baka kotsi jaaka di ne di dira pele. Lefa go ntse jalo, mo dinageng tse dingwe, diphologolo tsa naga di ntse di bolaya batho, segolo bogolo fa re akareletsa dinoga le dikwena gareng ga “dibatana tsa lehatshe.” Gantsi dintsho tse di ntseng jalo tse di setlhogo di begwa fela ka sewelo mo dikgannyeng tsa boditšhabatšhaba, mme di a lemosega. Buka Planet Earth—Flood e bua ka Ba-India le Ba-Pakistañ ba bantsi bao ba “suleng botlhoko ka go lomiwa ke dinoga tse di botlhole” fa ba ne ba leka go tshaba merwalela. lndia Today e ne ya bega ka motse mongwe wa West Bengal koo go neng go fopholediwa gore basadi ba ba ka nnang 60 ba latlhegetswe ke bañ na ba bone ka ntlha ya go tlhaselwa ke dinkwe. Matlhotlhapelo a a ntseng jalo a ka nna a oketsega mo isagweng fa tshenyego ya batho e ntse e oketsega le fa leuba le oketsega.

9. Ke mofuta ofe o mongwe wa “phōlōhōlō” o o dirileng gore batho ba bogisege mo lekgolong leno la dingwaga?

9 Mme Esekiele o ne a supela go mofuta o mongwe wa “phōlōhōlō” fa a ne a re: “Go kgōlaganyeco ea baperofeti ba yeōna mo gare ga yeōna, yaka tau e e dumañ ha e garola phōlōhōlō: ba shupuditse meōea ea batho . . . Dikgōsana tsa yeōna mo gare ga yeōna di nntse yaka diphiri tse di garolañ phōlōhōlō.” (Esekiele 22:25, 27) Jalo batho le bone ba ka itshwara jaaka diphologolo, mme abo batho ba ile ba bogisiwa jang ke diphologolo tseno tse di bolayang mo lekgolong la rona la dingwaga! Ba le bantsi ba bolailwe ke dikebekwa le ke barukhutlhi ba seka-diphologolo. Ee, loso lo ile lwa gapa batho ba le bantsi ba ba bolailweng ke “dibatana tsa lehatshe” ka ditsela tse dintsi.

10. Go bo Johane a umakile gore ntwa, leuba, bolwetse, le dibatana tsa naga di tla bolaya batho go re thusa go lemoga eng?

10 Go umakiwa ga ntwa, leuba, malwetsi, le dibatana tsa naga mo ponatshegelong ya ga Johane go re thusa go bona gore matlhoko ao a ileng a diragalela Jerusalema ka 607 RC.E. a ne a tla bonala gape ka ditsela di le dintsi mo motlheng wa rona. Jalo letsatsi la Morena le setse le kaile pogisego mabapi le lefatshe, segolo jang ka go bo bontsi jwa babusi ba batho ba gana go ineela mo Mopagaming yono wa pitse ya ntlha, Kgosi e e tlhomilweng mo setilong sa bogosi, ebong Jesu Keresete. (Pesalema 2:1-3) Lefa go le jalo, go tweng ka batho ba Modimo? Letsatsi la Morena le setse le ile la rayang mo go bone?

Go Lekanngwa ga Tempele

11. Mo go Tshenolō 11:1, ke eng seo Johane a neng a tewa ga twe a se dire, mme seno e ne e le mabapi le tempele efe?

11 Moaposetoloi Johane o bua jaana mo go Tshenolō 11:1: “Me ka nèwa lotlhaka lo lo chwanañ le thobane: me moñwe a re, Èma u lekanyè tempela ea Modimo.” Go lekanngwa gono ga ponatshegelo ga tempele go ne go raya sengwe thata mo bathong ba Modimo. Ke tempele efe eo Johane a neng a e lekanya? Eseng tempele ya mmatota ya Sejuda koo Johane a neng a kile a bo a rapela gone pele a fetoga Mokeresete. Tempele eo e ne ya ganwa ke Jehofa, mme e ne ya senngwa ka 70 C.E. (Mathaio 23:37-24:2) Go na le moo, e ne e le paakanyetso ya ga Jehofa ya tempele e kgolo ya semoya. Bakeresete ba ba tloditsweng ba direla jaaka baperesiti ba bahotlana mo lolwapeng lwa selefatshe lwa tempele eno ya tshwantshetso.—Bahebera 9:11, 12, 24; 10:19-22; Tshenolō 5:10.

12. Tempele eo e nnile gone leng, mme ke ditiragalo dife tse di neng tsa diragala mabapi le yone mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

12 Tempele eo e ne ya nna gone ka 29 C.E. fa Jesu a ne a tlodiwa jaaka moperesiti yo mogolo. (Bahebera 3:1; 10:5) E ne e tshwanetse go nna le laperesltlla laLiana la la 144 000, mme bontsi jwa bano ho ne jwa tlhophiwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ba tshwaiwa, mme ba swa ba ikanyega. (Tshenolō 7:4; 14:1) Mme fa Bakeresete bao ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba swa, ba ne ba robala mo mabitleng, mme ba seka ba tsosediwa ka pele fela kwa legodimong. (1 Bathesalonia 4:15) Mo godimo ga moo, morago ga lekgolo la ntlha la dingwaga go ne ga nna le botenegi jo bogolo, mme Bakeresete ba ba tloditsweng ba baperesiti ba ne ba dikaganyeditswe ke “mohoka,” eleng batenegi. (Mathaio 13:24-30) Go kgabaganya makgolo a dingwaga go tloga koo, go ka nna ga ho go boditswe jaana: ‘A baperesiti botlhe ba ba 144 000 ba ba kafa tlase ga yo mogolo ba ne ba tla tshwaiwa eleruri?’ ‘A ba ba suleng ba ikanyega ba ne ba tla tsosiwa eleruri go ya go direla kwa felong ga hoitshepo ga legodimo?’ Go lekanngwa mo ponatshegelong ga tempele go ne ga bontsha gore karabo ya potso nngwe le nngwe ya tseno ke ee. Ka ntlhayang?

13. Go lekanya ga ga Johane tempele go tlhomamisa eng, mme ke eng se se neng sa diragala pele mo letsatsing la Morena?

13 Ka go ho mo dipolelelopeleng tsa Bibela fa selo sengwe se lekanngwa go bontsha gore boikaelelo jwa ga Jehofa ka sone go tlhomamisega gore bo tla diragadiwa thata-thata. (2 Dikgosi 21:13; Yeremia 31:39; Dikhutsahalō 2:8) Ka jalo, go lekanngwa ga tempele ya ponatshegelo ya ga Johane e ne e le tlhomamisetso ya gore mo letsatsing la Morena, boikaelelo jono jwa ga Jehofa mabapi le tempele bo ne ho tla diragadiwa. Tumalanong le seo le go ya ka bosupi jotlhe, botlhe ba ba tloditsweng bao ba neng ba setse ba sule ba ikanyega ba ne ba simolola go tsosediwa kwa lefelong leo ba le solofeditsweng eleng kwa bonnong jwa selegodimo go simolola ka 1918. (1 Bathesalonia 4:16; Tshenolō 6:9-11) Mme go tweng ka bao ba setseng ba ba ba 144 000?

14. Ke eng se se neng sa diragalela Bakeresete ba ba tloditsweng pele le mo ntweng ya ntlha ya lefatshe?

14 Le eleng pele ga letsatsi la Morena le simolola, Bakeresete ba ba tloditsweng bao ba neng ba dule mo go La-Bodumedi wa botenegi ba ne ba simolola go kgobokanela mo phuthegong e e farologaneng. Ba ne ba tshwanelwa ke go itirela leina je lentle la boikanyegi ka go itsise botlhokwa jwa ngwaga wa 1914, mme ba ne ba simolola go bogisiwa mo ngwageng oo, fa ntwa ya ntlha ya lefatshe e ntse e lowa ba ‘gatakwa.’ E ne ya fitlha kwa setlhoeng sa yone ka 1918 fa baokamedi ba Watch Tower Society ba ne ba golegwa, mme tiro e e rulagantsweng ya go rera ya ema gotlhelele. Ka nako eo, ba ne ba ‘bolawa.’ (Tshenolō 11:2-7) Go lekanngwa ga tempele go ne go rayang mo Bakereseteng bano?

15. Go lekanngwa ga tempele ya ponatshegelo go ne ga rayang mo bathong ba Modimo ba motlha wa ga Esekiele?

15 Ka ngwaga wa 593 RC.E., dingwaga di le 14 morago ga go senngwa ga tempele ya ga Jehofa mo Jerusalema, Esekiele o ne a bona ntlo ya ga Jehofa mo ponatshegelong. O ne a tsamaisiwa mo tempeleng eno ka botlalo mme o ne a bona fa dikarolo tsa yone di ne di lekanngwa ka kelotlhoko. (Esekiele, dikgaolo 40–42) Se no se ne se rayang? Jehofa ka boene o ne a tlhalosa: Go lekanngwa ga tempele go ne go raya teko mo bathong baabo Esekiele. Fa ba ne ba ka ikokobetsa, ba sokologa mo diphosong tsa bone, mme ba fitlhelela ditekanyetso tsa melao ya ga Jehofa, ba ne ba tla bolelelwa dilekanyo tsa tempele. Seno ka phepafalo se ne se tla ba tlhotlheletsa go nna le tsholofelo ya gore letsatsi lengwe batho ba ga Jehofa ba ne ba tla gololwa mo Babelona mme ba obamele Jehofa gape mo tempeleng ya gagwe ya mmatota.—Esekiele 43:10, 11.

16. (a) Go lekanya ga ga Johane tempele go ne ga tlhomamisetsa batho ba Modimo eng morago koo ka 1918? (b) E ne ya diragadiwa jang?

16 Ka mo go tshwanang, fa Bakeresete bao ba neng ba kgobegile marapo morago koo ka 1918 ba ne ba ka ikokobetsa mme ba sokologa mo diphosong dipe fela tseo ba neng ba di dirile, ba ne ba tla gololwa mme ba bona masego a ga Jehofa le go nna le seabe se se tletseng mo thulaganyong ya gagwe ya tempele. Mme seno ke se se diragetseng. Go ya ka Tshenolō 11:11, ba ne ba “èma,” kana ka tshwantshetso ba tsosiwa. Ponatshegelo ya tsogo e e amanang le eo mo go Esekiele ke go tsosolosiwa gape ga Bajuda kwa lefatsheng la bone. (Esekiele 37:1-14) ‘Tsogo’ eno ya segompieno e ne ya nna go tsosolosiwa ga batho ba Modimo go tswa mo boemong jwa go kgobega marapo, kana jwa go sa dire gotlhelele, go ya mo boemong jwa botshelo, jo bo tlhaga joo mo go jone ba neng ba tla tsaya karolo e e tletseng mo tirelong ya ga Jehofa. ‘Tsogo’ eo e diragetse ka 1919.

Lokwalonyana

17. (a) Tlhalosa ponatshegelo ya ga Johane e e mo go Tshenolō 10:1. (b) Moengele yo o bonweng ke Johane e ne e le mang, mme ponatshegelo e ne e tla diragadiwa mo letsatsing lefe?

17 Mo go Tshenolō 10:1, Johane o ne a bona “moengele eo moñwe eo o ‘thata, a hologa mo legodimoñ, a apere leru; me motshe oa godimo oa bo o le mo tlhogoñ ea gagwè, me sehatlhōgō sa gagwè sa bo se nntse yaka letsatsi, le maoto a gagwè a nntse yaka dithōgōmosi tsa molelō” Se no se tshwana le diponatshegelo tsa ga Jehofa tseo di neng tsa bonwa pelenyana ke Esekiele le Johane ka boene. (Esekiele 8:2; Tshenolō 4:3) Mme Johane fano o bone moengele, eseng Jehofa. Ka jalo, e tshwanetse ya bo e ne e le Morwa wa ga Jehofa yo mogolo wa moengele, ebong Jesu Keresete, yo e leng “sechwanō sa Modimo o o sa bonweñ.” (Bakolosa 1:15) Mo godimo ga moo, Tshenolō 10:2 e tlhalosa Jesu jaaka yo o nang le taolo e kgolo, ‘lonao lwa gagwe lo logolo a lo tlhomile mo lewatleng, mme lwa mole ma a lo tlhomile mo lefatsheng.’ Jalo moengele o emela Jesu mo letsatsing la Morena.—Bona Pesalema 8:4-8; Bahebera 2:5-9.

18. (a) Johane o ne a laelwa go ja eng? (b) Mo ponatshegelong e e tshwanang, ke eng seo Esekiele a neng a laelwa go se ja, mme seo se ne sa felela jang?

18 Jesu, mo sebopegong sena se se galalelang sa ponatshegelo, o tshotse lokwalonyana mo seatleng, mme Johane o bolelelwa gore a tseye lokwalo mme a lo je. (Tshenolō 10:8, 9) Ka tsela eno, Johane o itemogela sengwe se se tshwanang le sa ga Esekiele, yoo le ene a neng a bolelelwa go ja momeno wa ponatshegelo. Mo kgannyeng ya ga Esekiele, Jehofa ka boene o ne a naya moperofeti yoo momeno, mme Esekiele o ne a bona “go kwadilwe mo go lōna dikhutsahalō, le selelō, le tatlhègō.” (Esekiele 2:8-10) Esekiele o bega jaana: “Hoñ ka o ya; me mo ganoñ ya me oa bo o nntse yaka dinotshe ka moñ a te.” (Esekiele 3:3) Go ja momeno go ne go raya eng mo go Esekiele?

19. (a) Ke eng seo se neng se emelwa ke go ja momeno ga ga Esekiele? (b) Ke bomang bao ba neng ba tla amogela melaetsa e e bogalaka eo Esekiele a neng a romilwe go e bolela?

19 Ka phepafalo, momeno o ne o na le tshedimosetso e e tlhotlheleditsweng ya seperofeti. Fa Esekiele a ne a ja momeno, o ne a amogela thomo ya go bolela tshedimosetso eo go ya bokgakaleng jwa gore e nne karolo ya gagwe. (Bapisa Yeremia 15:16.) Mme diteng tsa momeno di ne di sa natefelele ba bangwe. Momeno o ne o tletse ka “dikhutsahalō, le selelō, le tatlhègō.” Molaetsa ono o o galakang e ne e le wa bomang? Lantlha, Esekiele o ne a tewa ga twe: “Morwa motho, tloga u eè kwa go ba ntlo ea Iseraela, me u buè nabō ka mahoko a me.” (Esekiele 3:4) Moragonyana, molaetsa wa ga Esekiele o ne wa atolosiwa go akareletsa le merafe ya baheitane e e neng e le mo tikologong.—Esekiele, dikgaolo 25–32.

20. Go ne ga diragala eng fa Johane a ne a ja lokwalonyana, mme go dira ga gagwe jalo go ne ga felela ka eng?

20 Mo kgannyeng ya ga Johane, go ja ga gagwe momeno go ne ga felela ka go tshwana. o bega jaana: “Me ka tsaea lokwalōnyana mo seatleñ sa moengele, me ka lo ya ka lo shwetsa; me mo ganoñ ya me loa bo lo le monate yaka dinotshe; me ea re ke sena go lo ya, mala a me a hetoga a nna bogalaka.” (Tshenolō 10:10) Johane le ene o ne a natefelelwa ke go ja momeno. Go ne go itumedisa gore lefoko la ga Jehofa e nne karolo ya gagwe. Lefa go ntse jalo molaetsa o ne o na le bogalaka mo go one. o ne o le bogalaka mo go bomang? Johane o ne a tewa ga twe: “U na le go ba u perofesa gapè kaga batho ba le bantsi, le merahe, le dipuō, le dikgosi.”—Tshenolō 10:11.

21. (a) Ke eng seo Bakeresete ba ba tloditsweng ba neng ba se dira ka 1919 seo se neng se tshwana le go ja ga ga Johane lokwalonyana, mme ga felela jang? (b) Go ne ga felela jang ka La-Bodumedi le lefatshe ka kakaretso?

21 Sotlhe se no se diragaditswe jang mo letsatsing la Morena? Go ya ka dintlha tsa ditiragalo, morago ka 1919 Bakeresete ba ba ikanyegang ba ne ba amogela tshiamelo ya go direla Jehofa ka botlalo mo eleng gore go ne ga nna karolo ya bone, mme sena se ne se le monate eleruri. Mme mas ego a bone le tshiamelo di ne tsa iponatsa di le bogalaka mo go ba bangwe—segolo bogolo mo baruting ba La-Bodumedi. Ka ntlhayang? Ka go bo Bakeresete bano ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ba ne ba bolela molaetsa otlhe wa ga Jehofa ka tlhagafalo mo bathong. Ga ba a ka ba rera fela ‘mafoko a a molerno a bogosi’ mme gape ba ne ba senola boemo jwa go swa semoyeng jwa La-Bodumedi le jwa lefatshe ka kakaretso.—Mathaio 24:14; Tshenolō 8:1–9:21; 16:1-21.

22. (a) Go fitlha jaanong Jehofa o dirisitse batlodiwa ka tsela efe e kgolo mo letsatsing la Morena? (b) Letsatsi la Morena le ile la rayang mo lefatsheng la ga Satane le mo bathong ba Modimo?

22 Setlhopha sena sa Bakeresete ba ba ikanyegang se ne sa dirisiwa ke Jehofa go phutha ba bofelo ba ba ba 144 000 gore ba tshwaiwe, mme ba ne ba etelela pele mo go phutheng ba boidiidi jo bogolo, bao ba nang le tsholofelo ya selefatshe. (Tshenolō 7:1-4, 9, 10) Boidiidi jono jo bogolo bo na le seabe se segolo mo boikaelelong jwa ga Jehofa ka lefatshe leno, mme go tlhagelela ga jone go ne ga tlisa boipelo jo bogolo kwa legodimong le mo lefatsheng. (Tshenolō 7:11-17; Esekiele 9:1-7) Ka jalo, ‘letsatsi leno mo malatsing otlhe’ le setse le reile pogisego mo lefatsheng la ga Satane mme mas ego a magolo mo bathong ba ga Jehofa. Jaanong, are boneng, gore sena se tla tswelela se le boammaaruri jang fa letsatsi la Morena le ntse le tswelela.

A o ka Tlhalosa?

◻ Letsatsi la Morena ke eng?

◻ Ke karolo efe ya tshenyo e e diriwang ke “dibatana tsa lehatshe” mo letsatsing la Morena?

◻ Ke tlhomamisetso efe e Jehofa a neng a e naya ka go lekanngwa ga tempele ke Johane?

◻ Go ja lokwalonyana ga ga Johane go ne go rayang go masalela a a tloditsweng ka 1919?

◻ Go fitlha jaanong, letsatsi la Morena le He la rayang mo bathong ba Modimo le mo lefatsheng ka kakaretso?

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Go lekanya ga ga Johane tempele go ne ga naya batlodiwa ditlhomamisetso tse di tiileng mo letsatsing la Morena

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela