LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 10/15 ts. 15-20
  • Letsatsi la Morena le tla Rayang mo go Wena?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Letsatsi la Morena le tla Rayang mo go Wena?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Apolwa Phatlalatsa ga Babelona o Mogolo
  • Go Fifadiwa ga Magodimo
  • Ntwa e e Tswelelang!
  • Ditshiamelo tse di Molemo-lemo tsa Tirelo
  • Tshireletso ya Bomodimo
  • Kgololo ka Nako ya Go Senolwa Ga Ga Jesu Keresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • “Leno ke Letsatsi mo Malatsing Otlhe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Pitlagano e Kgolo ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Kgosi ya Motlhabani e a Fenya ka Haramagedona
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 10/15 ts. 15-20

Letsatsi la Morena le tla Rayang mo go Wena?

“A go busè wèna mo gare ga baba ba gago.”—PESALEMA 110:2.

1-3. (a) Ke ka ntlhayang fa go simolola ga letsatsi la Morena go ile ga nna nako ya ntwa, mme dingwe tsa ditsela tseo Jesu a ileng a atlega ka tsone ke dife? (b) Jesu o tla digela ‘phenyo’ ya gagwe jang?

JESU o ne a tlhongwa jaaka Kgosi ya Bogosi jwa Modimo ka 1914, mme letsatsi la Morena la simolola. Ka bonakonyana fela, Kgosi e ntšha e ne ya lebagana le kganetso e e masisi go tswa go Satane Diabolo le batho ba gagwe mono lefatsheng. (Pesalema 2:1-6) Jalo dingwaga tseno tsa ntlha tsa letsatsi la Morena di ne tsa nna nako ya ntwa eo mo go yone Jesu a neng a ‘busa mo gare ga baba ba gagwe.’—Pesalema 110:2.

2 Phenyo ya Kgosi eno e ntšha e ile ya kgatlhisa. Morago ga 1914, Satane o ne a leka go ‘ja’ Bogosi jo bo neng bo sa tswa go tsalwa mme, go na le moo, ka matlhabisaditlhong o ne a digwa kwa legodimong. (Tshenolō 12:1-12) O ne jaanong a ‘tlhasela’ masalela a a tloditsweng, mme a seka a kgona go ba thibela go “èma ka dinaō” ka 1919 kana go amogela “lokwalōnyana” mo seatleng sa ga Jesu Keresete. (Tshenolō 10:8-11; 11:11, 12; 12:17) o ne gape a seka a nna le nonofo ya go thibela go phuthiwa ga ba bofelo ba ba ba 144 000 le go kgobokanngwa ga boidiidi jo bogolo (go tswa mo merafeng yotlhe), bao ba ‘direlang motshegare le bosigo mo tempeleng [ya ga Jehofa].’—Tshenolō 7:1-3, 9-15.

3 Eleruri, fa esale ka 1914, Jesu o ntse a “cwèlèla pele go henya.” Lefa go ntse jalo, go santse go setse go le gontsi mo go tshwanetseng go dirwa. Jesu o santse a tla ‘wetsa phenyo ya gagwe.’ O santse a tla tsaya kgato go tlosa masalela otlhe a tsamaiso ya dilo ya lefatshe la ga Satane. (Tshenolō 6:1, 2; 19:11-21) Kgato e e botlhokwa eno e tla kayang mo go rona motho ka bongwe?

Go Apolwa Phatlalatsa ga Babelona o Mogolo

4. Bodumedi jwa maaka bo tlhalosiwa jang mo go Tshenolō?

4 Go senngwa ga lefatshe la ga Satane go simolola ka go khutlisiwa ga bodumedi jwa maaka. Tshenolō e tlhalosa mmuso wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka—go akareletsa le La-Bodumedi—jaaka seaka, kana Babelona o Mogolo, yo o akafalang le dikgosi tsa lefatshe mme a tagisa batho ka bojalwa jwa boaka jwa gagwe. Ene ka boene o tagilwe—ka mo go tlhabisang ditlhong—ke go nwa madi, madi a batlhanka ba Modimo. (Tshenolō 17:1-6) Tshenolō e tlhalosa gape bofelo jwa seaka se se makgapha seno sa bogologolo, mme re ka tlhaloganya botoka gore seno se tla rayang fa re ka tlhokomela seo se diragaletseng seaka se sengwe sa bodumedi seo se neng se le gone mo lekgolong la bosupa la dingwaga pele ga Motlha o o Tlwaelesegileng wa rona.

5, 6. Ke ka ntlhayang fa Jerusalema o o sa ikanyegeng o ne o bidiwa seaka, mme seno se ne sa mo tlisetsa katlholo efe go tswa mo seatleng sa ga Jehofa?

5 Seaka seo e ne e le motse wa Jerusalema. o ne o tshwanetse go bo o ne o le felo ga kobamelo ya ga Jehofa mo lefatsheng, mme Modimo o ne a mo raya are: “U molato mo madiñ a gago a u a cholotseñ.” (Esekiele 22:4) O ne a tshwanetse go bo a le phepa mo semoyeng, mme o ne a gokafetse ka go tsalana le merafe. “Ana pelo ea gago e motlhoho yañ,” Jehofa o ne a mmolelela, “ka e le ha u diha dilō cotlhe tse, e le tihō ea mosadi eo o seaka eo o boitaolō yo bogolo.”—Esekiele 16:30; 23:1-21; Yakobe 4:4.

6 Tlhokomela, he, katlholo ya ga Jehofa ya seaka seno: “Bōna, ke tla phutha dinyatsi cotlhe tsa gago [merafe], tse u yeleñ monate nacō, le botlhe ba u ba ratileñ, . . . ba tla gu apola diaparō, ba tla tsaea dilwana tsa gago tse dintlè: me ba tla gu tlogèla u sa ikatèga u le lehorotlhō hèla. Mme ba tla hisa matlo a gago ka molelō.” (Esekiele 16:37, 39, 41; 23:25-30) Hisitori e kwadile seo se diragetseng. Bababelona ba ne ba tla ka 607 B.C.E. mme ba apola Jerusalema. Batho ba gagwe le dikhumo tsa gagwe di ne tsa isiwa kwa Babelona. Motse o ne wa senngwa, tempele e ne ya tshubiwa, mme naga le yone e ne ya tlogelwa e kgakgabetse fela.—2 Ditihalō 36:17-21.

7. Bokhutlo jwa Babelona o Mogolo e tlile go nna eng?

7 Babelona o Mogolo o tla diragalelwa ke sengwe se se tshwanang. Tshenolō e tlhagisa jaana: “Me [“dikgosi” tsa segompieno, kana babusi bao Babelona o Mogolo a dirileng boaka jwa semoya nabo] di tla ila seaka seuō, di tla se diha chwahaco le bosaikatèga, me di tla ya nama ea shōna, di se hisetsa rure ka molelō.” (Tshenolō 17:2, 16) Go tswa mo sekaing sa Jerusalema wa bogologolo, re itse gore sena se tla rayang. Bodumedi jwa maaka bo tla senngwa ke dikgosi tsa merafe tseo pele di neng di ‘ratana’ le jone. Dikhumo tsa gagwe di tla tsewa, mme o tla fisiwa, a nyelediwa gotlhelele. A bokhutlo jo bo tshwanelang ruri phu the go eo e e makgapha!

Go Fifadiwa ga Magodimo

8. Sepitla se segolo e tla nna nako e e ntseng jang mo bathong?

8 Fa Babelona o Mogolo a sena go senngwa, re tla bo re tseneletse mo ‘sepitleng se segolo’ se se boleletsweng pele ke Jesu. (Mathaio 24:21; Tshenolō 7:14) Tshenolō e bua jaana, fa e bua ka nako eo: “Me ga bo go le thoromo e kgolo ea lehatshe; le letsatsi ya nchohala ya nna yaka letsela ya boditsi, le kgwedi eotlhe ea nna yaka madi a mahibidu. Le dinaledi tsa legodimo tsa wèla ha hatshe.” (Tshenolō 6:12, 13) Thoromo eno e kgolo ya lefatshe ke “thoromo e kgolo” mo “lehatshiñ ya Iseraela” eo e neng e boleletswe pele ke Esekiele. (Esekiele 38:18, 19; Yoele 3:14-16) Ke tshenyego ya bofelo ya tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. A letsatsi, ngwedi, le dinaledi tsa mmatota di tla diragalelwa ke sengwe ka nako eo?

9, 10. Ke eng se Esekiele a neng a se bolelela pele mabapi le Egepeto, mme sena se ne se diragadiwa jang?

9 Fa Esekiele a ne a tlhagisa ka go wa ga moagelani yo mogolo yo o kafa borwa, eleng Egepeto, o ne a bua jaana: “E tla re ke gu [Faro] tima, ke tla khurumetsa legodimo, ke tla hihatsa dinaledi tsa yeōna; ke tla khurumets a letsatsi ka leru, le kgwedi ga e ketla e ntsha lesedi ya eōna. Masedi aotlhe a legodimo a a betlameñ ke tla a hihatsa mo godimo ga gago, me ke tla baea lehihi mo lehatshiñ ya ga eno, go bua Morèna Modimo.”—Esekiele 32:7, 8.

10 Fa Faro le masole a gagwe a ne a bolawa, magodimo a mmatota ga a ka a fifala. Mme isagwe ya Egepeto e ne ya nna lefifi. Ke fela jaaka mokanoki wa Bibela C. F. Keil a ne a tlhalosa, “lefifi leo le neng la nna gone ka ntlha ya [go wa ga ga Faro] ke tshwantshetso ya boemo jo bo senang tsholofelo gotlhelele. ” Fa a sena go khutlela ruri go nna jaaka maatla a a ikemetseng a lefatshe, Egepeto e ne ya busiwa ke puso ya lefatshe e nngwe morago ga e nngwe! Gompieno, karolo e kgolo ya lefatshe la boFaro la bogologolo e busiwa ke morafe wa Ba-Arabia.

11. (a) Ke eng se se tshwantshediwang ke se se diragaletseng Egepeto? (b) Isagwe ya lefatshe la ga Satane e tla fifala jang ka nako ya sepitla se segolo?

11 Mme Keil o ne a bona bokao jo bo oketsegileng jwa polelelopele ya ga Esekiele. O kwala jaana: “Go digwa ga mmuso ono wa lefatshe [Egepeto] ke botlhodi jo bo supang go sa le gale kaga go digwa ga mebuso mengwe le mengwe e e seng ya bomodimo ka letsatsi la bofelo la katlholo.” Seno, le sone se boammaaruri. Jaaka Tshenolō e bontsha, ditebelelo tsa batho ba ba senang bomodimo di tla fifala ka sepitla se segolo fela jaaka tsa Egepeto. Go tla nna jaaka ekete letsatsi ga le a phatsimisa lesedi motshegare le legodimo le sena lesedi le le thethebatsang le le tswang mo ngweding bosigo mme ebile go sena dinaledi tse di botsalano, tse di nyedimang. Bao ba ganang go tlotla Kgosi ya ga Jehofa ba tla senngwa mme ga ba ne ba nna le eleng yone phitlho e e tlotlegang fa Mopalami wa pitse e tshweu a wetsa phenyo ya gagwe. (Tshenolō 19:11, 17-21; Esekiele 39:4, 17-19) Ga go gakgamatse go bo batho ba ba sa reng sepe ka Modimo ba tla goa “ba raea dithaba le mahika, ba re, Re weleñ godimo, lo re bipèlè sehatlhōgō sa eo o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le bogale yoa Kwana: Gonne letsatsi ye legolo ya bogale yoa bōnè le hitlhile; me go nonohile mañ go èma?”—Tshenolō 6:16, 17; Mathaio 24:30.

Ntwa e e Tswelelang!

12. Satane o ile a bontsha letlhoo la gagwe jang mo go Jesu Keresete mo letsatsing la Morena?

12 Lefa go le jalo, go tweng he, ka Bakeresete mo metlheng eno? Ebu, ba setse ba amilwe thata ke ntwa e e sa feleng e e fa gare ga ga Satane le Mopalami wa pitse e tshweu. Ereka Satane a sa kgona go tlhasela Jesu ka boene, o ile a ntshetsa bogale jwa gagwe jotlhe mo masaleleng a a tloditsweng mme—moragonyana jaana—mo go ba boidiidi jo bogolo jwa dinku di sele bao ba ba dikologileng. Jaaka Jesu a tlhagisitse, bano ba ne ba tla “ilwa ke merahe eotlhe ka ntlha ea leina ya [gagwe].” (Mathaio 24:9) Satane o ile a dirisa sebetsa sengwe le sengwe se se gone go lwa kgatlhanong le bone, go akareletsa le tlhaselo ya digopa, go tsenngwa mo kgolegelong, go tlhokofadiwa le go bolawa.—2 Timotheo 3:12.

13. Satane o dirisitse maano a a boferefere jang mo ntweng ya gagwe kgatlhanong le batho ba Modimo?

13 Satane o ile a dirisa gape maano a a boferefere ka botswerere jo bogolo. (Baefesia 6:11) Ka go dirisa “tsieco ea mahumō,” o ile a raela batho ba bangwe gore ba repise kana le eleng go tlogela tirelo ya bone e e boitshepo. (Mathaio 13:22; 1 Timotheo 6:9, 10) Bangwe o ile a ba hepisa gore ba tsenelele mo bomasweng le mo boitsholong jo bo sa siamang. (1 Bakorintha 5:1, 2) Ba le bantsi ba kafa tlase ga kgatelelo e kgolo ka ntlha ya “ditlhodiègèlō tsa botshelō,” mme Satane o dirisa sena go leka go ‘ba imahatsa.’ (Luke 21:34) Mo mabakeng a mangwe, o ile a dirisa go sa tshwaneng ga botho kana ditshekamelo tsa botsuolodi go faposa ba bangwe mo ‘dilong tse di molemo go gaisa.’—Bafilipi 1:10; 1 Bakorintha 1:11, 12; Yakobe 4:1-3.

14, 15. Re ka fenya jang mo kgaratlhong ya rona kgatlhanong le Satane?

14 Ka jalo, Bakeresete ba ile ba tshwanelwa ke go tlhagolela bopelotelele mo letsatsing la Morena. Bangwe ba ile ba palelwa, mme go palelwa gongwe le gongwe go ile ga thusa Satane go bona phenyo e potlana. (1 Petere 5:8) Mme ba le bantsi ba ile ba reetsa tsholofetso eno ya ga Jesu: “Eo o ichokèlañ bokhutloñ, èna eouō o tla bolokwa.” (Mathaio 24:13) Ba ile ba fenya le go ipedisa pelo ya ga Jehofa, ka thuso e e tswang mo go ene.—Diane 27:11; 1 Yohane 2:13, 14.

15 Eleruri, ga go ope wa rona yo o batlang go naya Satane boipelo jwa go re bona re felela mo phefong! Ka jalo, a re saleng kgakololo ya ga Paulo morago mme re apare boammaaruri, tshiamo, le tumelo—re rera mafoko a a molemo ka tlhagafalo le go ithuta gore re tle re boloke tumelo ya rona e tiile. A re rapeleng ka metlha le go nna podi-matseba. Ka tsela e e ntseng jalo, re tla nna re ‘sena ka moo re ka nyadiwang ka gone mo letsatsing la Morena wa rona Jesu Keresete.’ (1 Bakorintha 1:8; Baefesia 6:10-18; 1 Bathesalonia 5:17; 1 Petere 4:7) Go na le moo, letsatsi la Morena e tla nna motswedi wa masego a magolo mo go rona.

Ditshiamelo tse di Molemo-lemo tsa Tirelo

16. Ke ka ntlhayang fa Johane a ne a bolelelwa gore a seka a kwala se ditumo tse supa di se boletseng, mme se no se ne sa rayang mo Bakereseteng ba ba tloditsweng ka 1919?

16 Mo go Tshenolō 10:3, 4, Johane o bolela gore o ne a utlwa “ditumō di shupa” di utlwatsa mantswe a tsone. O ne a batla go kwala se a se utlwileng, mme o bega jaana: “Me ka utlwa lencwe le cwa legodimoñ, le re, Kanèla dilō tse ditumō tse di shupañ tsa maru di di boletseñ, me u seka ua di kwala.” Ka phepafalo, e ne e ise e nne nako ya gore tshedimosetso eo e gololwe. Go na le moo, Johane o ne a bolelelwa gore a tseye lokwalonyana mme a lo je. Go lebega ekete ditumo tse supa di emela go diragadiwa mo go feletseng ga ditsholofetso tsa ga Jehofa. (Pesalema 29:3; Yohane 12:28, 29; Tshenolō 4:5) Morago ka 1919, fa ka tshwantshetso Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba ja lokwalonyana, e ne e ise e nne nako ya gore ba ka tlhaloganya ditsholofetso tsa ga Jehofa ka botlalo. (Bapisa Daniele 12:8, 9.) Mme ba ne ba tswelela pele ka bopelokgale ka seo ba neng ba se tlhaloganya mme ba itshupa ba tshwanetse go amogela tshedimosetso e e oketsegileng.

17. Dingwe tsa ditshedimosetso tse disha tseo Jehofa a ileng a di naya batlhanka ba gagwe go kgabaganya dingwaga fa esale ka 1919 ke dife?

17 Jalo, go kgabaganya dingwaga, ba ile ba tlhaloganya go rata ga ga Jehofa botoka. Ka sekai, ba ile ba tlhaloganya gore dinku tsa setshwantsho sa ga Jesu di ne di tla kgaoganngwa le dipodi, le eleng pele ga Hara-Magedona. (Mathaio 25:31-46) Ba ne ba bona gore go tsalwa ga Bogosi ka 1914 e ne e le tiragatso ya Tshenolō kgaolo 12. Ba ne ba nna le kanaanelo e e boteng ya botlhokwa jwa leina la ga Jehofa, mme ba ne ba lemoga gore tota boidiidi jo bogolo jwa Tshenolō kgaolo 7 e ne e le bomang. Abo ditshenolelo tseno di ne tsa naya batho ba Modimo tsholofelo jang ne!—Diane 4:18; 2 Petere 1:19.

18. Ke ditshiamelo dife tse di tlhomologileng tsa tirelo tse batho ba ga Jehofa ba ileng ba kopanela mo go tsone mo letsatsing la Morena, mme sena se lemotsha dipelo tsa rona eng?

18 Ka nako e e tshwanang, Jehofa o ne a naya batlhanka ba gagwe ba selefatshe ditshiamelo tse di tlhaolesegileng tsa th’elo. Mo ponatshegelong e e goletsegileng, Johane o ne a bona baengele ba rerela batho mafoko a a molemo a a sa khutleng, ba bolela go wa ga Babelona o Mogolo, le go tlhagisa kgatlhanong le go amogela letshwao la sebatana. (Tshenolō 14:6-10) Fa kwantle ga pelaelo baengele ba ntse ba kaela ditshiamelo tseno tsa bolegodimo tsa tirelo, e ne e le batho, ebong Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng, bao tota ba neng ba bolelela batho melaetsa eo. Johane o ne a bona gape Jesu a roba “mabèlè a lehatshe.” (Tshenolō 14:14-16) Mme Jesu o ne a roba thobo eno ka tiro ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa ya batho ba gagwe mo lefatsheng. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Abo e le tshiamelo jang ne go kopanela le baengele le Jesu Keresete ka boene mo ditshiamelong tse di botlhokwatlhokwa tseno tsa tirelo! Ka go dira jalo, re ikutlwa eleruri re dumalana le phuthego ya ga Jehofa e kgolo, le e e sa bonaleng ya selegodimo ya dibopiwa tse di ikanyegang tsa semoya.

Tshireletso ya Bomodimo

19. (a) Letlhoo la ga Satane mo bathong ba Modimo le tla felela jang? (b) Ke mang yo kwa bofelong a tla fenyang ntwa e e konelang eno?

19 Jaaka bokhutlo jwa lefatshe la gagwe bo nt se bo atamela, Satane o tla tlisa kgatelelo e kgolo mo Bakereseteng. Go konelwa ga letlhoo la gagwe go tlhalositswe mo dikgaolong tsa 38, le 39 tsa Esekiele, koo ka seperofeti a bidiwang Goga wa Magoga. Go ya ka polelelopele eno e e tlhotlheleditsweng, Satane o tla tlhasela batho ba Modimo ka maatla le go leka go ba senyetsa ruri. A o tla atlega? Tshenolō e araba jaana: “Dinaka tse shomè [“dikgosi” tsa segompieno, kana babusi] . . . di tla tlhabana le Kwana, me Kwana o tla di henya . . . le bōnè ba o nañ nabō, ba tla henya, e le ba ba bidicweñ, ba itshenkecwe, ba boikanō.” (Tshenolō 17:12, 14) Bakeresete ba ba ikanyegang eleruri ba tla fenya fa fela ba ka nna ba ikanyegile mo Kgosing e kgolo ya bone e e fenyang. Masomosomo a ga Goga a tla nyelediwa gotlhelele.—Esekiele 39:3, 4, 17-19; Tshenolō 19:17-21.

20. Ke masego afe a letsatsi la Morena le tla a tlisetsang Bakeresete ba ba ikanyegang ka sepitla se segolo?

20 Ka jalo, letsatsi la Morena le raya poloko mo bathong ba Modimo. Setulo sa bolegodimo sa batlodiwa bao ba tla bong ba santse ba tshela jaaka batho ka nako ya sepitla se segolo se tla tlhomamisiwa, mme ba tla bo ba ititeile dihuba ba sa reketle gore ba tla digela botshelo jwa bone jwa selefatshe ka boikanyegi. (Tshenolō 7:1-3; 2 Timotheo 4:6-8) Boidiidi jo bogolo le jone bo tla falola mme Jesu o tla “ba gōgèla kwa mecwediñ ea metse a botshelō: me Modimo o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè.” (Tshenolō 7:14, 17) Abo seo e tla bo e le tuelo e e molemo jang ne ya go itshoka ka boikanyegi!

21. Ke eng seo se tla diragalelang lefatshe mo letsatsing la Morena morago ga sepitla se segolo?

21 Jaanong letsatsi la Morena le tsena mo nakong e e kgatlhisang: Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Jesu Keresete. (Tshenolō 20:6, 11-15) Noka ya metsi a botshelo e e boleletsweng pele mo go Tshenolō le mo go Esekiele, e tla elela go tswa kwa setulong sa bogosi sa ga Jehofa go ya mo bathong, mme ba ba nwang metsi a yone ba tla busediwa ka bonya ka bonya mo boitekanelong jwa botho. (Esekiele 47:1-12; Tshenolō 22:1, 2) Lebitla le tla tlhotlhorwa, mme dikete tse di dimilione tse di suleng di tla nna le tshiamelo ya go nwa metsi a noka eno.—Yohane 5:28, 29.

22. Ke ditiragalo dife tse di botlhokwa tseo di emetseng batho kwa bokhutlong jwa Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Keresete?

22 Kwa bofelong jwa dingwaga tse di sekete, batho ba tla bo ba itekanedisitswe. Abo eno e tla bo e le nako e e molemo jang ne gore Satane a tlhagelele la bofelo mo lefatsheng! o tla leka go tsietsa batho gape, mme le eleng ka nako eo, batho bangwe ba tla mo sala morago. Bao ke bao ka phepafalo ba bidiwang “Gogo le Magogo” ereka ba tla bontsha moya o o boikepo o o tshwanang le o o bontshiwang ke ‘boidiidi jwa ga Goga’ mo polelelopeleng ya ga Esekiele. Mme moya wa bone wa botsuolodi o tla senyediwa ruri fa bone, le Satane ka boene le badimona ba gagwe, ba latlhelwa mo bodibeng jwa molelo jwa tshwantshetso. (Tshenolō 20:7-10; Esekiele 39:11) Isagwe e e segofaditsweng e emetse bao ba nnang ba ikanyegile mo tekong eo ya bofelo, mme morago ga moo batho ba ba itekanedisitsweng ba tla nna phuthego ya lobopo lotlhe e e siameng ya ga Jehofa. Jehofa Modimo ka boene o tla nna “gotlhe mo go cotlhe hèla”!—1 Bakorintha 15:24, 28; Tshenolō 20:5.

23. Ka ntlha ya nako eo re tshelang mo go yone, ke kgakololo efe ya ga Paulo eo mongwe le mongwe wa rona a tshwanetseng go e tsaya tsia?

23 Abo re emetswe ke masego a magolo jang ne, fa fela re ka itshoka! Gakologelwa, letsatsi la Morena le setse le simolotse. Dilo tse di itumedisang di setse di simolotse go diragala. Jaanong, mafoko ana a ga Paulo a a tshwanela: “A re se lapeñ mo go diheñ molemō: gonne re tla rōba mo motlheñ o e leñ ōna, ha re sa ñodiege.” (Bagalatia 6:9) Eleruri a jaanong “re se lapeñ mo go diheñ molemō” mo letsatsing leno la Morena. Fa re itshoka, letsatsi leno le tla leretse mongwe le mongwe wa rona melemo ya goyagoile.

A O ka Tlhalosa?

◻ Kgato ya ntlha ya go senngwa ga lefatshe la ga Satane ke efe?

◻ Jesu o tla ‘digela phenyo’ ya gagwe mo babeng ba gagwe jang?

◻ Satane o ile a lwa jang kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa mo letsatsing la Morena?

◻ Ke masego afe a magolo ao bat ho ba Modimo ba ileng ba a ipelela go tloga ka 1919?

◻ Ka ntlha ya nako eo re tshelang mo go yone, ke eng seo wena ka bowena o ititeileng sehuba go se dira?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Seo se diragaletseng Jerusalema wa bogologolo se bontsha seo se tla tlogang se diragalela Babelona o Mogolo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela