Go Lemoga Dikgang
Ga E A Fetwa ke Nako
Batho ba le bantsi ga ba bolo go nna le pono ya gore melao-metheo ya go tshela sentle eo e kwadilweng mo Bibeleng e fetilwe ke nako ebile ga e bereke. Lefa go le jalo, dipatlisiso tsa bosheng jaana di dirile gore balaodi bangwe ba tsa kalafi ba akanye sesha kaga mosola wa kgakololo ya Bibela mabapi le go direla ba bangwe molemo.
Go ya ka Americañ Health, dingaka dingwe tse pedi di tlhalosa gore “go dira molemo go ka nna molemo mo pelong ya gago, mo tsamaisong ya mmele wa gago ya go iphelemela mo malwetsing—le mo maatleng otlhe a gage ka kakaretso.” Kwa Michigañ setlhopha se sengwe sa tsa kalafi se ne sa dira patlisiso eo e tshotseng sebaka sa dingwaga di le sorne go tlhomamisa gore dikamana tsa batho di ama pholo go ya bokgakaleng bofe. Selo se se gakgamatsang se se ileng sa lemogiwa ke gore tiro ya go ithaopa mo setshabeng e ne e oketsa selekanyo sa dingwaga tseo ba di tshelang ebile gape e oketsa maatla a bone ka mo go gakgamatsang. Patlisiso eo e ne ya senola gore ke banna bao ba neng ba amega thata-thata. Bao ba neng ba sa dire tiro ya go ithaopa go ne go twe go na le kgonagalo ya gore ba swe makgetlo a mabedi le sephatlo mo lobakeng loo go neng go dirwa patlisiso eno ka yone go go feta banna bao ba neng ba dira mofuta mongwe wa tiro ya go ithaopa bobotlana gangwe ka beke.
Ngaka nngwe ya kwa California e bega gore thulaganyo ya gagwe ya gore balwetsi ba le babedi bao ba neng ba sa rata ne ba tlhatswetsane diaparo e ne ya feleletsa ka gore cholesterol le ditlhabi tsa mo sefubeng tsa bone di fokotsege.
Makgolokgolo a dingwaga a a fetileng moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Timotheo gore a “laeè ba ba humileñ mo motlheñ ono, gore ba se ka ba ipègèla gOdimo, leha e le go sholohèla mo basenañtlhōmamō yoa khumō,” mme “ba dihè molemō, ba humè ditiho tse di molemō, ba iketleeletsè go aba, ba itumèlèlè go abalana.” Gape o ne a gakolola Bakeresete ba Bahebera gore ba se ke ba lebala “go diha molemō le go thusanya.” Ka ntlhayang? “Go nn[a] kgalalèlō le tlotlō mo mothuñ moñwe le moñwe eo o dihañ molemō.” Bakeresete ba boammaaruri ga ba bolo go itse go tloga bogologolo gore go utlwa kgakololo eno e e mo nakong go sOlegela motho molemo mo mmeleng gammogo le semoyeng.—1 Timotheo 6:17, 18; Bahebera 13:16; Baroma 2:10.
“Tshekishō E E Bokete Bogolo”
Maloko a General Synod ya Anglicañ Church bosheng jaana ba ile ba iphitlhela ba tshwaragane le phage ka mangana. Ba ne ba ile ba bua ka bongwe fela jwa pelo ba buelela “thuto ya lotso e e mabapi le boitsheko le boikanyego mo dikamanong tsa batho.” Le fa gole jalo, fa moruti mongwe wa kereke ebong Tony Higton a ne a neela tshikhinyo a kopa sinoto eo gore e bolele gore baruti ba tshwanetse go nna “dikao mo mefuteng yotlhe ya boitsholo, go akareletsa le boitsholo jwa kafa dikobong, e le gore ba ke ba tlhophiwe kana ba nne ba le mo tirong eno,” e ne ya ganwa. Ka ntlhayang? Ecumenical Press Service e bega gore maloko a senoto eo a ne a fitlhela fa tshikhinyo eo “e gagametse thata,” e oketsa ka gore “Michael Baugheñ, ebong bishopo wa Chester, o ne a akantsha gore go ne go tla raya gore bobishopo botlhe ba dikereke le baruti ba bangwe ba role tiro.”
Go na le moo, tshikhinyo ya ga Higtoñ e ne ya fetolwa gore go ikuelwe mo Bakereseteng botlhe, “segolo-bogolo . . . baeteledipele ba Bakeresete,” gore ba nne dikao “mo mefuteng yotlhe ya boitsholo, go akareletsa le boitsholo jwa ka fa dikobong.” Press Service le yone e tlhalosa gore senoto e ne ya nyatsa kopo ya gore baruti ba bone “kotlhao e e tshwanetseng” fa ba nnile le boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong.
Lemororo ditekanyetso tseno tsa kotlhao e ka nna tse di “gaga metseng” thata mo baruting ba le bantsi ba gompieno, Lefoko la Modimo le phepafetse: “Tlosañ motho eo o boshula mo gare ga lona.” (1 Bakorintha 5:13) Modimo o laela gore go tsewe kgato e e gagametseng kgatlhanong le botlhe bao ba dirang se se sa siamang mme ba sa ikotlhae e le gore go sirelediwe bophepa jwa boitsholo le jwa semoya jwa phuthego ya Bokeresete. Eleruri, kotlhao e tshwanetse ka mo go oketsegileng mo baeteledipeleng ba Bakeresete, ka gonne morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Ba ga echo lo se ka loa nna baruti lo le bantsi, ka lo itse ha rona baruti re tla bona tshekishō e e bokete bogolo.”—Yakobe 3:1.
Go Galaletsa Modimo
“Boleng jwa tsela eo motabogi a tabogang ka yone bo ka senola boleng jwa lorato lwa gagwe go Modimo.” A maiphako ana a ga Wes Neal, ebong mookamedi wa IAP (Institute for Athletic Perfection), jaaka fa a begilwe mo go Christianity Today, a boammaaruri? IAP, eleng mokgatlo oo o dirisiwang ke bareri ba efangeli go “itshepisa metshameko ya go gaisana,” e godisitse kgopolo ya gore batabogi ba ba mo mabaleng a go tshameka ba tshwanetse ba etsa boikutlo jo bo tshwanang le jo Jesu a neng a bo bontsha malebana le go “diragatsa boikaelelo jwa ga Rragwe.” Kakanyo e e ntseng jalo e fetogile thuto ya motheo eo e tumfleng ya “bodumedi jwa phaposi e borametshameko ba aparelang mo go yone” jwa bareri banc ba efangeli, go tlhalosa jalo Christianity Today. Tota-tota, setlhogo se no se tsopola sekai sa motshameki mongwe wa porofešenale wa kgwele ya maoto yo “o neng a kwalakwadile difapaano mo ditlhakong tsa gagwe le mo matseleng a a tsenngwang mo magwejaneng jaaka selo se se mo gokalolang gore o ne a tshamekela go galaletsa Keresete.”
Lefa go le jalo, a go ka twe go tsaya karolo mo motshamekong o go gaisanwang thata mo go one kana o o nang le thubakanyo ke go galaletsa Modimo? Legoka! Jaaka fa Psychology Today e tlhalosa jaana: “Kgaisano ka boyone kafa e ntseng ka teng e batla gore motabogi a nne le go ikgatlha ka nakwana fa a ntse a lekela go fenya.” Lefa go le jalo Bibela e bolela gore Bakeresete ba tshwanetse ba se ‘tlhokomele dilo tse e leng tsa bone fela, fa e se gore ba tlhokomele le tse eleng tsa ba bangwe.’ (Bafilipi 2:3, 4) Bakeresete ba boammaaruri ba galaletsa Modimo ka go dira thato ya gagwe, eseng ya bone.—Bapisa Isaia 58:13, 14.