Go Falotsa Codex Sinaiticus
CODEX Sinaiticus e ile ya tlhalosiwa jaaka “buka e e botlhokwa thata, e e kgatlhisang, le e e mosola thata e e leng gone.” Seno ga se fela ka go bo e na le dingwaga di le 1 600 e le gone mme ka go bo e golaganya lenane la rona la dikwalo tsa Bibela. Kgang ya go ribololwa ga yone gape ke Tischendorf, mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo fela tse di fetileng, e kgatlhisa fela thata.
Konstantiñ voñ Tischendorf o ne a tsholelwa kwa Saxony, kwa Yuropa bokone, ka ngwaga wa 1815 mme a ithuta Segerika kwa Unibesithing ya Leipzig. Mo dithutong tsa gagwe, o ne a tshwenngwa ke go ganediwa go gogolo ga Bibela, goo go neng go buiwa ke baithuta-bomodimo ba ba itsegeng thata ba Majeremane bao ba neng ba batla go supa gore Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di ne di se boikanngo. Lefa go ntse jalo, Tischendorf o ne a tlhatswega pelo, gore go ithuta memeno ya bogologolo go tla bontsha bonnete jwa Bibela. O ne a fetsa ka gore a ikemisetse go batla memeno yotlhe e e itsegeng, a solofetse go bona e mengwe gape mo maetong a gagwe.
Morago ga go senya dingwaga di le nne a batla mo dilaeboraring tse di nonofileng tsa Yuropa, ka May 1844, Tischendorf, o ne a fitlha kwa Ntlong ya Baitlami ya St. Catherine, e e dimitara tse 1 400 kwa godimo ga Lewatle le Lehibidu kwa Sinai. Go tsenelela kwa lefelong la baitlami ba banna le le jaaka kago ya botshabelo e ne e le ka se roto se se gokeletsweng mogala ka phatlha e e mo leboteng.
DIPHITLHELELO TSE DI KGOTSOFATSANG
O ne a letlelelwa go batla mo dilaeboraring tse tharo tsa bone ka malatsi a sekae, mme a seka a boñ a sepe. Go tswa foo, fela fa a setse a batla go tsamaya, o ne a boñ a se a sa bolong go se batla—dikwalo tsa bogologolo! Di ne di tletse mo serotong se se emeng mo holong ya laeborari e kgolo. Motlhokomedi wa laeborari o ne a mmolelela gore di ne di tlile go tshubiwa fela jaaka go ne go set se go tshubilwe diroto tse dingwe tse pedi tse di tletseng. Mo dikwalong tseno, Tischendorf o ne a gakgamadiwa ke go fitlhela matlhare a le 129 go tswa kwa memenong ya bogologolo eo a iseng a ko a e bone, a phetolelo ya Segerika ya dikarolo dingwe tsa Dikwalo tsa Sehebera. O ne a fiwa matlhare a le 43, mme ba ne ba gana ka a mangwe otlhe.
Tischendorf o ne a etela lefelo leno la baitlami gape ka 1853 mme a fitlhela bontlhanngwe jwa Genesise jwa dikwalo tseo tsa lekgolo la bone la dingwaga. O ne a tlhatswegile pelo “gore pele momeno o ne o na le Testamente e Kgologolo yotlhe mme karolo e kgolo ya one e ne e setse e sentswe.” Momeno o o feletseng o ka bo o ne o na le matlhare a le 730. O ne o kwadilwe ka Segerika ka ditlhaka tsa seatla (tse dikgolo) mo letlalong, le le boleta la nku kana mo matlalong a dipodi.
Tischendorf o ne a etela baitlami ba banna la boraro kwa Sinai gape dingwaga di le thataro morago ga foo. Mo bosigong jwa go tsamaya ga gagwe o ne a bontshiwa eseng fela matlhare a a neng a a falotsa mo go fisiweng dingwaga di le 15 tse di fetileng mme le a mangwe gape a le mantsi. A ne a na le Dikwalo tse di feletseng tsa Segerika tsa Bokeresete le karolo nngwe ya phetolelo ya Segerika ya Dikwalo tsa Sehebera.
Tischendorf o ne a letlelelwa go tseela dikwalo tseo kwa Cairo, kwa Egepeto, go di kwalolola, mme kgabagare a di ise kwa mmusing wa Russia jaaka mpho e e tswang kwa baitlaming. Gompieno e mo British Museum, mme e beilwe fa thoko ga Codex Alexandrinus. Matlhare a a 43 a pele a mo Laeboraring ya Unibesithi ya Leipzig, mo Germañ Democratic Republic.
Re tshwanetse ra leboga Tischendorf go bo a ne a dirisa botshelo le dikgono tsa gagwe go batla dikwalo tsa bogologolo tsa Bibela mme segolo-bogolo go falotsa Codex Sinaitieus mo go senngweng. Mme ditebogo tsa rona tse dikgolo di ya kwa go Jehofa Modimo, yoo a ileng a tlhokomela gore Lefoko la gagwe le ne le beilwe sentle go re solegela molemo gompieno.
[Lebokoso mo go tsebe 30]
Go Dirisa “Codex”
Codex Sinaiticus ra bogologolo e tshwaiwa ka tlhaka ra Sehebera א. “Codex” eno e tlhomamisa gore dikwalo tsa bosheng jaana tsa Bibela tsa koma di tsepame. Mme gape e thasa batlhatlhobi ba Bibela ba segompieno go tshwaya diphoso tseo di ileng tsa tsenelela ka bokukuntshwane mo dikaelong tsa bosheng.
Ka sekai, Yohane 1:18 e balega jaanil: “Ga go motho ope ro o kileng a bona Modimo ka nako nngwe; modimo o o tsetsweng o le esi ro o leng fa sehubeng sa ga Rara ke ene ro o mo tlhalositseng.” Mokwalo o o kwa tlase wa “New World Translation Reference Bible” o senola gore “modimo o o tsetsweng o le esi,” go na le go e baya ka tsela eno e nngwe “Morwa ro o tsetsweng a le esi,” e tshegediwa ke Codex Sinaiticus le dikwalo tse dingwe gape tsa bogologolo. Tshupiso ra mokwalo o o kwa tlase אc e re tlhokomedisa go baakanngwa gape ga “Codex” eno ke mongwe go tlhomamisa go busediwa gape ga lebopi-tlhopho [“the only-begotteñ god,” ka Seesemane] “modimo o o tsetsweng o le esi.” Boemo jwa ga Jesu Keresete bo tlhaolesegile, jaaka lokwalo lono lo supela jalo.
[Ditshwantsho mo go tsebe 31]
Ntlo ya Boitlami ya St. Catherine fa moripong wa Thaba ya Sinai. [Setshwantsho se se fa gare] Laeborari ya yane ya jaanong
[Motswedi wa Setshwantsho]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Motswedi wa Setshwantsho]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]
Courtesy of the British Museum, London