“Boihañ Modimo, lo o Neè Kgalalèlō”
“Boihañ Modimo, lo o neè kgalalèlō.”—TSHENOLŌ 14:7.
1. Re tshwanetse go boifa mang, mme ke eng seo re sa tshwane1ang go se boifa?
RE TSHWANETSE GO BOIFA MANG? Eleruci ga re a tshwanela go boifa kgoge1a e khibidu, ebong Satane, le matsholo a badimona ba gagwe! Keresete Jesu o ne a latlha banD go tswa kwa legodimong morago ga go tsalwa ga Bogosi ka 1914. Mme morago diponatshegelo tsa Apokalipise di senola phuthego eo Satane a e dirisang mono lefatsheng mo boitekong jwa gagwe jwa bofelo jwa go senya maikaelelo a Modimo. Tse di tlhomolosegileng mo setshwantshong sena ke dibatana tse pedi tse di galefileng le seaka se se tagilweng—ebong Babelona o Mogolo. A re tshwanetse go tshaba bano? Legoka! Go na le moo, re tshwanetse go boifa Jehofa le Keresete wa gagwe, bao Bogosi jwa bone jaanong bo lerileng lefatshe le le bodileng la ga Satane mo katlholong ya lone ya bofelo.—Diane 1:7; Mathaio 10:28; Tshenolō 12:9-12.
Sebatana se se Tlhapatsang
2. Go bonala sebatana sefe mo ponatshegelong ya borobabobedi, mme seno se emela eng?
2 Jaaka ponatshegelo ya borobabobedi e bonala, go tlhatloga sebatana sengwe mo lewatleng le le kgaphaselang la setho. Se na le ditlhogo di supa le dinaka di le some le mekgabo e le some, seo se kayang thata ya segosi eo se e neetsweng ke Satane. Se tlhapatsa Jehofa, se gagolaka batlhanka ba Gagwe fela jaaka ba ka gagolakwa ke nkwe, bera, kana tau; mme thata ya sone ke ya nakwana fela, eo se e neilweng ke kgogela, ebong Satane, yoo se tshwanang nae fela thata. Pe1enyana moperofeti Daniele o ne a ile a tlhalosa dipuso tsa selefatshe tsa sepolotiki jaaka dibatana, mme dipuso ka botsone gantsi di ile tsa tlhopha dibopiwa dingwe tsa naga jaaka direto tsa morafe wa bone, jaaka tau ya Britane le ntsu ya Amerika. (Daniele 8:5-8, 20-22) Lefa go le jalo, jaanong re bona sebatana sa dipopego tse dintsi, seo se akareletsang dipuso tsotlhe tsa sepolotiki go ya ka ditiragalo tsa Bibela tseo go le gantsi di ileng tsa gatelela batlhanka ba boammaacuri ba Modimo mo lefatsheng. “Ditlhogō” tse di tlhomologileng gareng ga tseno e nnile Egepeto, Asiria, Babelona, Medo-Persia, Gerika, Roma, mme labofelo Mmuso wa Lefatshe o o Maphatamabedi wa Maesemane le Maamerika.—Tshenolō 13:1, 2; 12:3, 7-9.
3. (a) Nngwe ya ditlhogo tsa scbatana e ne ya ‘itewa ka tš haka’ jang? (b) Sebatana sa dinaka tse pedi se ete1ela pele jang mo go direng setshwantsho sa sebatana sa ntlha? (c) teina la sebatana sa ntlha le seo se kaiwang ke lei na la sone ke eng?
3 Ka ntwa ya lefatshe ya 1914-18, Great Britain, jaaka mmuso wa lefatshe wa bosupa, o ne a ‘itewa ke tšhaka’ eo e ka bong e ne ya mmolaya. Mme o ne a falodisiwa ke United States of America. Fa esale go tloga nakong eo, Amerika le Britane ba ile ba dirisana jaaka mmuso o o maphatamabedi, oo Johane a tswelelang ka go o tlhalosa jaaka sebatana se se dinaka di pedi, seo se tswang mo bathong ba ba rulagantsweng, eleng “lehatshe.” Sebatana seno se se dinaka di pedi se etelela pele mo go direng setshwantsho sa sebatana sa ntlha le go se tsenya moya wa botshelo, go tshwantshetsa kafa Mmuso wa Lefatshe wa Maesemane le Maamerika e nnileng morotloctsi o mogolo le monei-botshelo wa Lekgotla la Kgolagano ya Merafe le motlhatlhami wa lone, eleng Lekgotla la Merafe e e Kopaneng. Sebatana sa ntlha se na le leina la palo, eleng 666. Palo ya borataro ke e e sa felelang—e tlhaela go nna ya bosupa ya boitekanelo go ya kafa Bibeleng—mo go rayang gare palo ya borataro fa e menagantswe gararo e kaya go sa itekanelang mo go feteletseng ga babusi ba batho gompieno. Lemororo Basupi ba ga jehofa ba tlotla puso ba bile ba tlhoma sekao se se molemo mo go utlweng melao ya lefatshe leo ba tshelang mo go lone, ba gana ka bopelokgale go obamela “sebatana” kana setshwantsho sa sone.—Tshenolō 13:3-18; Baroma 13:1-7.
Boifang Modimo—Ka Ntlhayang?
4. (a) Ke bomang bao ba bonwang ba eme mo Thabeng ya Siona ya selegodimo, mme ke bomang bao ba tshwantshediwang ke bagolwane ba ba 24 ba ba emeng fa pele ga setilo sa bogosi sa Modimo? (b) Pharologanyo gareng ga “sehela se sesha” seo se opelwang ke batlodiwa le “sehela se sesha” seo se opelwang ke boidiidi jo bogolo ke eng?
4 Go tla go fitlha jaanong, go lekane ka dibatana tseo! Phapaanong le seo ka mo go lapolosang, ponatshegelo ya borobabongwe e lebisa go Kwana. O eme mo Thabeng ya Siona, a na le ba ba 144 000 bao a ba rekang mo bathong jaaka mabutswapele. Lemororo bangwe ba banc ba santse ba direla mo lefatsheng, ka kutlwisiso ya semoya ootlhe ba ba 144 000 ba “tsile mo thabeii ea Siona, le mo . . . Yerusalema oa selegodimo.” (Bahebera 12:22) Ka tshwanelo, bagolwane ba ba 24 le bone ba bonwa fano fa pele ga setilo sa bogosi sa Modimo, ka gonne ba tshwantshetsa sone setlhopha seo sa batlodiwa ka pono e e farologaneng—jaaka ba ba setseng ba tsositswe ebile ba tlhomilwe jaaka dikgosi le baperisiti. Ba ba 144 000 ba opela “sehela se sesha.” Se thaiwa ke boitemogelo jwa bone jo bo sa tshwaneng le bope jwa go bo ba rekilwe mo lefatsheng go tla go nna baruaboswa mmogo ba Bogosi. Ba boidiidi jo bogolo le bone ba ‘opelela jehofa sefela se sesha,’ mme seno se farologane ka gonne ba opela ba na le tebelelo ya go amogela botshelo jo bo sa khutleng mo sebakeng sa selefatshe sa Bogosi.—Tshenolō 7:9; 14:1-5; Pesalema 96:1-10; Mathaio 25:31-34.
5. (a) Ke mafoko afe ao a bolelwang ke moengele yo o fofang fa gare ga legodimo, mme ke ka ntlhayang fa e le a bosakhutleng? (b) Moengele yoo o ntsh:i taolo efe ka lentswe le legolo, mme ke ka ntlhayang fa seo se tshwanela?
5 jaanong ponatshegelo eo e a atologa. johane o bona moengele yo mongwe a fofa fa gare ga legodimo. Mme a bo a bolela mafoko a a itumedisang jang ne! Ke mafoko a a molemo a bosakhutleng, ka gonne a raya botshelo jo bo sa feleng go bao ba morafe mongwe le mongwe le ba lotso le ba dipuo le batho bao ba utlwang Modimo mo nakong eno ya katlholo ya gagwe. Phapaanong le sebatana se se setlhogo se johane a sa tswang go se tlhalosa, ke ka ntlhayang fa Modimo yo o gakgamatsang yono a sa tshwanelwa go obamelwa, ee, go tlotliwa? Ke Ene yo o tlhodileng legodimo le lefatshe. Ke Motswedi wa sengwe le sengwe se se leng teng, se se tshelang le se se sa tsheleng. Go na le lebaka le legolo, he, la gore moengele a bo a ka ntsha taolo ka lentswe le legolo are: “BOIHAÑ MODIMO, LO O NEÈ KGALALÈLŌ”! Lentswe la moengele yoo le utlwala mo lefatsheng lotlhe, mme Basupi ba ga jehofa ba bolelela setho sotlhe ka dipuo tse di ka nnang 200 taletso eo ya gagwe e e tlhagafatsang.—Tshenolō 14:6, 7; Isaia 45:11, 12, 18.
Go wa ga Babelona o Mogolo
6. Ke mafoko afe a a tsitlisang marapo ao moengele yo mongwe o a bolelang?
6 Go tlhaga moengele yo mongwe. Molaetsa o a o bolelang o tsitlisa marapo eleruri: “Babelona o mogolo o ole, o ole, o o dihileñ gore merahe eotlhe e nosiwè boyalwa yoa bogale yo bo cosicweñ ke kgokahalō ea gagwè.” (Tshenolō 14:8) Babelona o Mogolo ke mang, yo o bileng a kgona go hepisa merafe yotlhe le go e tagisa?
7. Babelona o Mogolo ke eng, mme o ne a simologa jang?
7 Babelona wa bogologolo ke ene a simolotseng bodumedi jwa maaka, joo bo neng jwa anamela mo lefatsheng lotlhe go nna mmuso wa lefatshe wa bodimona, oo ka tshwanelo o bidiwang “Babelona o mogolo.” Fa nako e ntse e tsamaya, Roma o ne a etelela pele mo mmusong oo wa bodumedi, gonne Bokeresete jwa botenegi bo ne jwa simologa mo pusong ya Roma. Roma e santse e le boremelelo jwa bodumedi jwa Sebabelona. Seno se ne sa bonala sentle ka 1986 fa baeteledipele ba lefatshe ba bodumedi ba ne ba araba pitso ya Mopapa wa Roma ka go kopanela le ene kwa Assisi, gaufi le Roma, ba rapelela Ngwaga wa Kagiso ya Merafeyotlhe o o neng o bolelwa ke Lekgotla la Merafe e e Kopaneng.
8. (a) Babelona o Mogolo o ne a wa mo gogolo jang, mme seno se bonetse fa esale leng? (b) Ke eng se se bontshang gore dithapelo tsa baeteledipele ba LaBadumedi tsa kagiso ga di arabiwe?
8 Lefa go ntse jalo, Babelona o Mogolo o ole fela thata! Fa esale ka 1919 seno se supegile ka go ngotlega ga go engwa nokeng ga bodumedi jwa maaka lefatshe ka bophara. Bokomanisi jwa bolatola-Modimo jaanong 00 laola dikarolo tse dikgolo tsa lefatshe. Basha ba gompieno ba rutiwa thutotlhagelelo, eo e ganetsanang le Lefoko la Modimo. Mo Yuropa wa Boporotesetanta ke batho ba sekae fela ba ba santseng ba ya kerekeng, mme mopapa yo o etelang mafatshe o kgaratlhela go bopaganya mmuso wa gagwe wa Katoliki. Go phepafetse gore dithapelo tsa medumo e mentsi ya bodumedi jwa lefatshe ga di arabiwe. Ruth L. Sivard o ne a bega jaana: “Go ne go na le dintwa di le masome a mabedi le bobedi ka 1987, e le dintwa tse dintsi go feta lefa e le mo ngwageng ope pele mo ditiragalong tse di kwadilweng. Batho ba ba suleng mo dintweng tseno go tla go fitlha gompieno ba ka nna bobotlana 2 200 000—mme ebile ba oketsega ka potlako.”a Abo pokano ya thapelo ya kwa Assisi e se kile ya nna le matswela jang ne! Mme lefa go le jalo mopapa o ne a tshwaya Segopotso sa 1987 sa kopano eo ka go dira metale oo o nang le setshwantsho sa gagwe mo letlhakoreng le lengwe le setshwantsho sa pokano eo ya thapelo mo go le lengwe. Ba ntse “ba re, Kagishō, kagishō; le morōrō go sena kagishō.”—Yeremia 6:14.
Go Senolwa ga Boaka jwa Babelona
9. Baruti ba Babelona o Mogolo ba itsege ka ditsela dife tsa boitsholo jo bo sa siamang?
9 Tshenolō 14:8 e bontsha gore Babelona o Mogolo ke mogokahadi. Baruti ba gagwe ba itsege ka ditsela tsa boitsholo jo bo sa siamang. Baefangele ba thelebishene ba amogile letsomane la bone makgolo a dimilione a diranta, lefa ka nako e e tshwanang ba ne ba dira boitsholo jo bo sa siamang kwantle ga go iphitlha. Baruti ba Katoliki le bone ba tshwana fe1a, jaaka go kaiwa ke pego e e latelang ya The Beacon Journal ya Philadelphia, Pennsylvania, ya January 3, 1988: “Makgolokgolo a bana ba ba bete1etsweng ke baruti ba Katoliki mo United States mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng ba nnile le matshwenyego a a maswe a maikutlo, go bolela jalo batsadi ba bone, baithuta-tlhaloganyo ya motho, mapodise le boagente bao ba neng ba dirisana le dikgang tseo.” Boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelo-dikobo bo sentse baruti ba le bantsi ba Babelona o Mogolo leina.
10. (a) Mo go Tshenolō 18:3, ke eng se se kaiwang ke go “gokahala” ga Babelona o Mogolo? (b) Jaaka go lemotshitswe mo go Tshenolō 18:24, ke ka ntlhayang fa baruti ba Babelona o Mogolo ba na le seabe mo molatong o mogolo wa madi?
10 “Boyalwa yoa bogale yoa kgokahalō ea gagwè,” lefa go le jalo, bo lebisitse segolo bogolo go go hepisa babusi ga bodumedi jwa maaka, ka go ema nokeng ditlhabano tsa sepolotiki le dintwa, ba pate1etsa batho go obame1a karolo ya bomorafe ya sebatana. Gantsi boradipolotiki ba bone fa bodumedi e le molekane yo o nang le thuso mo go fitlheleleng maikaelelo a bone, jaaka go ka bonwa mo kgolaganong ya ga Hitler le Vaticañ ka 1933 le Ntwa ya Selegae ya Spaiñ ya 1936-39. Ka Ntwa ya Lefatshe II, baruti ba Katoliki, Baporotesetanta, ba Babuda, le ba bodumedi jo bongwe mo matlhakoreng oo mabedi ba ne ba nna jaaka ekete ba tagilwe ke moya wa bomorafe wa ntwa. Ba na le seabe mo molatong o mogolo wa madi a masole le batho bao eseng masole ba ba dimilione tse di masomesome bao ba suleng mo ntweng fa esale ka 1914. Baruti bao ba neng ba ema nokeng Ba-Fascist le BaNazi le bone ba na le molato wa madi a Basupi ba ga Jehofa, le ba bangwe, bao ba neng ba bolawa kana ba neng ba swela mo dikampeng tsa pogisetso.—Yeremia 2:34; Tshenolō 18:3, 24.
11. (a) Bakeresete ba ba tloditsweng le ba boidiidi jo bogolo ba ganne go obamela eng? (b) Ke ditebelelo dife tse dikgolo tseo di re nayang lebaka le legolo la go boifa Modimo le go o naya kgalalelo?
11 Mo dingwageng tse 74 tse di fetileng, Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng, gammogo le ba boidiidi jo bogolo ba dipalo tse di oketsegang, ba nnile ba tswelela go BOIFA MODIMO LE GO O NAYA KGALALELO. Re ganne ka nitamo go obamela karolo lefa e le efe ya bomorafe ya sebatana. Re ganne go galaletsa setshwantsho sa sebatana—eleng Lekgotla la Kgolagano ya Merafe le Lekgotla la Merafe e e Kopaneng—ka gonne lemoga gore ke “bogosi yoa Morèna [Jehofa] oa rona, le yoa ga Keresete oa gagwè” fela jo bo ka tlisang kagiso ya boammaaruri le polokesego. Re nnile ra ikemisetsa go utlwa “ditaolō tsa Modimo, le tumèlō mo go Yesu.” Boitshoko joo bo onile le tuelo! Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba “shwèlañ mo Moreneñ” ba boletswe fa ba le sego, ka gonne “ditihō tsa bōnè di ba setse moragō.” Fa e le ka bape ba boidiidi jo bogolo bao ba ka bolawang ke dipogiso, bolwetsi, kana ke dikotsi, botsalano joo ba bo tlhagoletseng le Modimo bo ba tlhomamisetsa gore e tla ona bone ba pele go tsogela mo mokgatlhong wa “Iehatshe ye lesha.” Ditebelelo tse di molemo tseno eleruri ke mabaka a magolo a go BOIFA MODIMO LE GO O NAYA KGALALELO.—Tshenolō 11:15, 17; 12:10; 14:9-13; 21:1.
12. Go diragala dithobo dife tse pedi, mme leng?
12 Jaaka katlholo e tswelela, baengele ba bolela fa go tlhokega dithobo tse pedi. Ka phepafalo Morobi wa ntlha ke Jesu, yo o tlhomilweng mo setilong sa bogosi sa kgalalelo ya Bogosi fa esale ka 1914, ka gonne o palame leru je lesweu, o rwesitswe serwalo, ebile o tshwana le “morwa mot ho.” Jaanong, mo letsatsing leno la Morena, o roba lefatshe, santlha o roba ba ba setseng ba Bakeresete ba ba tloditsweng mme go tswa foo o roba dimiliooe tsa ba boidiidi jo bogolo. (Bapisa Mathaio 25:31-34; Yohane 15:1, 5, 16.) Phapaanong le ya ntlha, thobo ya bobedi ke ya “mofine oa lehatshe,” oo o latlhelwang mo “segatisecoñ se segolo sa bogale yoa Modimo.” Eno ke katlholo eo e diragadiwang ka Hara-Magedona, fa baikepi, e1eng mokgatlho wa batho ba ba raraaneng ba khumolwa mme loungo lwa bone lo lo botlhole lo shobotliwa go fitlhela lo nna letshotlho fela. Ekete Jehofa o ka galalediwa ka go tlosa mofine o o botlhole ono mo lefatsheng!—Tshenolō 14:14-20; 16:14, 16.
‘Jehofa . . . O Tshiamo Ebile o Boammaaruri’
13. (a) Mo ponatshegelong ya lesome, batlodiwa ba ba tsositsweng ba opela sefela sefe, mme mafoko a sone a reng? (b) Dikatlholo tsa tshiamo (sa Modimo di bolelwa jang ka phepafalo mo ponatshegelong eno?
13 Mo ponatshegelong ya lesome ya Tshenolō, re bona gape ditiragalo tsa selegodimo fa pele ga setilo sa bogosi sa Modimo. Abo fa a leng teng go na le boipelo jo bogolo jang ne! Batlodiwa ba ba tsositsweng—ba ba tswang ba fentse ka baka la go BOIFA MODIMO LE GO O NAYA KGALALELO—ba opela ‘sefela sa ga Moshe le sa ga Kwana’: “Ditihō tsa gago di dikgolo di bile di kgakgamaco, Morè-na, Modimo, Mothataeotlhe; ditsela tsa gago di tshiamo le boamarure, Kgosi ea metlha. Morèna, emañ eo o se ketlañ a boiha a gatatetsa teina ya gago? gonne o boitshèpō u le wesi: gonne merahe eotlhe e tla tla e ōbamèla ha pele ga gago; gonne ditiho tsa gago tsa tshiamō di bōnadicwe.” Eleruri dikatlholo tsa Modimo di tshiamo ebile di boammaaruri, jaaka go bolelwa ka phepafalo mo ponatshegelong eno yotlhe! Baengele ba tshe1a megotšana e supa ya bogale jwa Modimo, seo se gogelang kwa go phuthelweng ga merafe yotlhe kwa Hara-Magedona le go gakololwa gore “Babelona o mogolo oa gopolwa mo ponoñ ea Modimo”! Eleruri tlhagiso ya go BOIFA MODIMO LE GO O NAYA KGALALELO e mo nakong.—Tshenolō 15:1–16:21.
14. Mo ponatshegelong ya 11 le ya 12 ke boemo bofe jo bo kwa godimo joo Babelona o Mogolo a leng mo go jone, mme ke ka ntlhayang fa e setse e le nako ya go kgaogana le ene?
14 Babelona o Mogolo o umakiwa gangwe le gape mo go Tshenolō. Re mmona gape e le selo sa botlhokwa mo diponatshegelong 11 le 12. O ‘dutse mo metsing a le mantsi: a laola batho a bile a ba tagisa dithuto tsa motheo tsa gagwe tse di botlhole, tsa maaka. Ene ka boene o tagilwe ke “madi a baitshepi,” bao a ba bolaileng ka dipogiso, gape o molato wa madi a “botlhe ba ba bolailweñ mo lehatshiñ,” ka baka la go nna ntwa-dumela ga gagwe ka boferefere. Go pataganela kgwebo ga gagwe le borakgwebo ba ba kwa godimo le go amoga batho madi a bone go mo leretse khumo e kgolo ka boferefere. Se ebileng e le mokgobo go feta tsotlhe ke go akafala ga gagwe ga sepolotiki, le e1eng go ya ntlheng ya go loga maano a go batla maemo ka go palama sebatana sa kagiso le polokesego—eleng Lekgotla la Merafe e e Kopaneng. Mme dinaka tsa sesole tsa sone sebatana seo di tloga di mo gagoganya di ba di mo senya. Ke nako ya gore botlhe ba ba BOIFANG MODIMO LE GO O NAYA KGALALELO ba kgaogane le ene, “gonne dibe tsa gagwè di ile go hitlha le kwa legodimoñ, me Modimo o gakologecwe maikèpō a gagwè.”—Tshenolō 17:1–18:24.
15. Go senngwa ga seaka se segolo go gogela kwa go opelweng ga dipina dife tsa pako mme go latelwa ke tiragalo efe e nngwe e e itumedisang?
15 Ka jalo, go senngwa ga Babelona o Mogolo go tla bo e le katlholo ya tshiamo e e tswang kwa go Jehofa. Kanaanelong ya seno, go utlwala ‘BoHaleluja,’ kwa legodimong mme go tswa foo mo lefatsheng, ba kaya fa poloko, kgalalelo, le maatla e le tsa ga Jehofa. Mafoko ana a a bueIwang magongwe a ‘Bakang Jah, lona batho!’ a bolela boipelo jo bogolo jwa go senyediwa ruri ga seaka se segolo. Abo go senngwa ga gagwe go fapaana jang ne le tiragalo e e itumedisang fela thata kwa legodimong—eleng lenyalo la Kwana, Keresete Jesu, le monyadwi wa gagwe, ebong bafenyi ba ba ikanyegang ha ba 144 000! Sefela se se maatla sa pako se opelelwa “Morèna [Jehofa] Modimo oa rona, Mothataeotlhe,” ee, “a re itumeleñ, a re ipeleñ thata, a re o galaletseñ: gonne nyalō ea Kwana e hitlhile, le mosadi oa gagwè o ipaakantse”!—Tshenolō 19:1-10.
16. Go ya ka ponatshegelo ya 13, ke kganetsano efe eo labofelo e tla rarabololwang, mme jang?
16 Lefa go ntse jalo, pele ga lenyalo la se legodimo le diragala, ponatshegelo ya 13 e bontsha kafa kganetsano eo e kopanyeletsang bolaodi jwa ga Jehofa e rarabololwang ka teng. Kgosi ya gagwe ya dikgosi le Morena wa barena, ebong Jesu, a patilwe ke masomosoma a baengele, ‘o atlhola a ba a tlhabana ka tshiamo,’ a gataka segatisetso sa bogale jwa Modimo Mothatayotlhe. Karolo nngwe le nngwe e e setseng ya tsamaiso ya ga Satane ya selefatshe e thubaganngwa go nna ditokitoki, e a silwa! (Tshenolō 19:11-21) Jaaka re bona phenyo e e atamelang ka potlako eo ka diponatshegela tsa Tshenolō, eleruri re na le mabaka a le mantsi a go BOIFA MODIMO LE GO O NAYA KGALALELO!
Go Galaletsa Modimo ka Bosakhutleng
17. Ponatshegelo ya 14 le 15 di senola eng kaga phelelo e e itumedisang botlhe ba ba boifang Modimo le go mo naya kgalalelo?
17 Diponatshegelo 14 le 15 tsa Tshenolō di senola phelelo e e itumedisang go botlhe bao ba BOIFANG MODIMO LE GO O NAYA KGALALELO. Ereka Satane le badimona ba gagwe ba latlhetswe mo moleting ka dingwaga tse di sekete, lenyalo la selegodimo la Kwana le monyadwi wa gagwe le a jewa, mme dikgosi tseno le baperisiti ba ba 144 001 ba busa ka djngwaga di le sekete jaaka ba tsosolosetsa setho boitekanelong. Morago ga teko ya bofelo, bao ba tswelelang ba BOIFA MODIMO LE GO O NAYA KGALALELO ba da fenya ba bo ba amogelesega go bana botshelo jo bo sa khutleng. Seno se tla kopanyeletsa dikete tsa dimilione tsa baswi ba ba tsositsweng, “bagolo le bannye,” bao ba supegang fa ba tshwanelega gore maina a bone a kwalwe ma lokwalong lwa botshelo. “Legodimo ye lesha le lehatshe ye lesha” di tla leretse setho masego a a iseng a ko a bonwe, eleng masego ao a tlhomamisegang, ka gonne Mmopi wa ‘dilo tsotlhe tse disha,’ ebong Jehofa o bolela jaana: “K wala: gonne mahoko a, a boikañō le boamarure.”—Tshenolō 20:1–21:8.
18. Go ya ka ponatshegelo ya 16, ke eng seo e leng konelo ya baka ya Tshenolō?
18 Ponatshegelo ya 16 e re bontsha konelo ya Tshenolō. Seo ke eng? Ke ponatshegelo ya motse. Motse ano, eleng Jerusalema o Mosha, o farologane thata le motse ope fela oo motho a ka tswang a kile a o aga mono lefatsheng—o farologane thata-thata le Babelona o Mogolo, eleng motse 00 botenegi jwa one, maitsholo a one a a bodileng, le boaka jwa one jwa sepolotiki di tlomlolotseng Modimo fela thata. Motse o o boitshepo ono o itshekile, o phepa, gape ke wa botlhokwa. Ke monyadi wa ga Kwana, eleng mothusi wa gagwe mo go neyeng batho mo lefatsheng lotlhe botshelo jo bo sa khutleng. (Yohane 3:16) Ga go gakgamatse go bo pitso ya go tswa mo motseng ono wa tshwantshetso, eleng Babelona o Mogolo, e utlwalela kwa godimo, ka phepafalo!—Tshenolō 18:4; 21:9–22:5.
19. (a) Ke taletso efe eo e ntshiwang ka setlhopha sa monyadwi, mme bapelonomi ba arabela jang? (b) Go arabela ga rona ka tshwanelo taletsong e e reng “Boihañ Modimo, lo o neè kgalalèlō” go tla felela ka eng?
19 Moya o o maatla wa ga jehofa o fetisa taletso e e pateletsang ka setlhopha sa monyadwi e e reng: “Tla.” Ee, lona bapelonomi botlhe bao ba eletsang botshelo jo bo sa khutleng mo paradaiseng ya lefatshe lotlhe, tlang fa ‘nokeng ya metsi a botshelo’ lo amogele dipaakanyetso tsotlhe tsa ga jehofa ka Keresete le monyadi wa gagwe le gore lo bone botshelo jo bo sa khutleng! Abo e le tebelelo e e gakgamatsang jang ne—botshelo jwa batho jo bo itekanetseng mo lefatsheng la paradaise! E tla nna tuelo go batho ba bantsi ba ba arabang ka tshwanelo taolo ya: “BOIHAÑ MODIMO, LO O NEÈ KGALALELŌ”!—Tshenolō 22:6-21.
[Ntlha e e kwa tlase]
a World Military and Social Expenditures 1987-88.
O NE O KA ARABA JANG?
◻ Ke tao efe go rona e e leng mo nakong mo ponatshegelong ya dibatana tse pedi?
◻ Re tshwanetse go arabela jang go mafoko a moengele yo o fofang fa gare ga legodimo?
◻ Babelona yo Mogolo o tseneletse jang mo kgokafalong, mme se no se tsewa jang ke bao ba boifang Modimo?
◻ Lefatshe le robiwa jang mo letsatsing la Morena?
◻ Ke ditiragalo dife tse di itumedisang tseo di konelang Tshenolō, mme batho ba Modimo ba ka tsaya karolo jang mo go tsone?
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Ledi leno la kgotlho le ne la ntshiwa ka October 1987 ka segopotso sa ngwaga le ngwaga sa Thapelo ya Kagiso ya kwa Assisi. Mo letlhakoreng le lengwe go setshwantsho sa “Rara yo o Boitshepo” yoo mo tikologong ya gagwe go nang le letlha le mokwalo o o reng: “John Paul II Pontifex Maximus.” Mo letlhakoreng le lengwe “Moitshepi Francis” o kgothaletsa “Kagiso e e leng Mpho ya Modimo” kwa Pokanong ya Thapelo ya Kagiso ya kwa Assisi