Dipotso tse di Tswang go Babadi
O Ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a solofetsa ba ba neng ba dumela mo go ene gore “ga [ba] ketla ba shwa gope,” fa totatota bareetsi ba gagwe botlhe ba He ba swa?—Yohane 11:25, 26.
Fa Jesu a ne a bua ka go sa swe, kana ka go tshelela run, go phepafetse sentle gore o ne a sa reye gore bareetsi bao ba gagwe ba ne ba se kitla ba swa lose lwa bathe botlhe. Ntlha ya motheo eo Jesu a neng a e bua ke gore go dumela me go ene go ne go ka isa botshelong jo be sa khutleng.
Ka nako nngwe, Jesu o ne a ipitsa “senkgwb sa botshelo.” Morago o ne a oketsa ka go re: “Se ke shōna senkgwb se se hologan se cwa legodimon, gore motho a se ye, me a se ka a shwa. Ke nna senkgwb se se tshedilen se se hologilen se cwa legodimon: ha motho leha a le man a ya senkgwe se, o tla tshela ka bosakhutlen.”—Yohane 6:48-51.
Fa motho a leba mafoko ao fela, a ka nna a fetsa ka gore Jesu o ne a bolelela bareetsi ba gagwe gore ba ne ba ka tila lose. Leta go ntse jalo, ditemana tse di a dikologileng, ga di tshegetse tshwetso eo. Jesu o ne a sa tswa go re: “Go rata ga eo o nthomilen, ke go re, gotlhe mo o go nneilen, ke se ka ka latlhegelwa ke sepe, ha a se gore ke tle ke se cose me letsatsin ya bohelo. . . . monwe le monwe eo o bonan Morwa Modimo, a me dumela, a bone botshelo yo be sa khutlen; me ke tla me cosa mo letsatsiri ya bohelo. . . . Ga go motho cob eo o ka tlan me go nna, ha Rara eo o nthomilen a sa me goge: me ke tla mo cosa mo letsatsin ya bohelō.” (Yohane 6:39-44) Mme moragonyana o ne a oketsa ka go re: “Eo o yan nama ea me, a ba a nwa madi a me, o na le botshelo yo be sa khutlen; me ke tla me cosa mo letsatsin ya bohelō.” (Yohane 6:54) Ka jalo, go solofetsa ga ga Jesu ‘go tshelela ruri; ga go kake ga tlhaloganngwa gore go raya gore bareetsi ba gagwe ba ne ba se kitla ba swa.
Seno se tshwana fela le tsholofetso eno e e itsegeng ya ga Jesu go Maratha: “Ke nna cogo le botshelo; eo o dumelan mo go nna, leha a shwa, leha go nntse yalo o tla tshela, Me leha a le man eo o tshelan, a ba a dumela me go nna, ga a ketla a shwa gope.” (Yohane 11:25, 26) Go phepafetse sentle gore Jesu o ne a sa reye gore baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang, ka sekai, ba ne ba se kitla ba swa jaaka bathe ba bangwe. Me lobakeng lwa ngwaga, ba ne ba tla tlodiwa ka moya o o boitshepo mme ba ne ba tla newa tsholofelo ya go busa jaaka dikgosi kwa legodimong. Gore ba amogele tuelo eo, ba ne ba tshwanetse go swa jaaka batho. (Baroma 8:14-23; 1 Bakorintha 15:36-50) Mme tlhokomela gape gore Jesu o ne a rile: “Eo o dumblan me go nna, leha a shwa, leha go nntse yalo o tla tshela.”
Tsholofetso ya ga Jesu a tla diragadiwa le mo batlhankeng ba Modimo ba ba ileng ba tshela ba bo ba swa pele ga nako ya fa batho ba simolola go baakanyediwa botshelo jo be sa khutleng. Ba ba ikanyegang bao ba tshwanelwa ke tsogo me isagweng. Fa ba ka nna ba ntse ba ikanyega morago ga go tsosiwa, ga ba kitla ba itemogela “losho lea bobedi,” eleng loso Iwa bosakhutleng.—Tshenolō 20:15; 21:8; Yohane 8:51.
Mme polelelopele ya Bibela a bontsha gore rona gompieno re na le tshiamelo e e kgethegileng. Jaaka re tshela mo nakong ya bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo, re ka nna ra falola ‘pitlagano a kgolo; e e tlang mme ra fetela me lefatsheng je lesha. Bathe bao ba nang le tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise le bao ba tshegetsang boikanyegi jwa bone go Modimo ga ba kitla ba swa lose Iwa bathe botlhe ka gope. Morago ga go falola’pitlagano a kgolo,’ ba tla isiwa ‘kwa metsweding ya metsi a botshelo.’—Tshenolō 7:9-17.
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Mafoko a ga Jesu go Maretha o o utlwileng botlhoko a re naya tsholofelo ya botshelo jo bosakhutleng