Lefatshe la Botswere le Utlwa ‘Pina E Ntšha’
KA MAHUBE a naka tsa kgomo, go tswirinya go go molotsana ga tswere go utlwala go ralala Liberia. Molotsana wa yone o o etang o tlhatloga o ile wa nna wa tsosetsa baagi ba metse mo letsatsing le lengwe gape la boboatsatsi go ya go dira ditiro tsa bone tsa letsatsi, ka dikokomana di le dintsi. Tswere eno e e tlwaelegileng a ne ya naya Liberia leina “lefatshe la botswere.”
Lefa go ntse jalo, leina Liberia, le re gakolola kgang nngwe. Ka 1822 makgoba a a neng a golotswe kwa Amerika a a neng a boela kwa nageng ya borraabonemogolo a ne a goroga fa Nokeng ya Mesurado mme a dira bothibelelo joo morago bo neng jwa nna Monrovia. Mathibelelo a mangwe a ne a nna gone kwa Buchanan, Greenville, le Harper, mme bathibeledi ba ne ba dira ditumalano le dikgosi tsa ditso tse di tlholegileng koo. Baboelagae bao ba ntlha ba ne ba tla le dipina tsa Bokgoba—dipina tseo di neng di kopantse moribo wa Afrika le ditlhogo tsa Bibela mme di bontsha go eletsa ga bone kgololesego. Go dumalana le keletso eo ya bone, kolone ya bone a ne ya bidiwa Liberia ka 1824. E ne ya nna yone repaboliki ya ntlha ya batho ba bantsho mo Afrika ka 1847.
Lefa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng jaana, go ne ga utlwiwa pina a ntsha mo nageng eo. Eno ke pina e e opelwang, eseng ke botswere kana makgoba a a boetseng gae, mme ke palo e e golang ya batho bao ba arabelang kgothatso eno ya mopesalema wa Bibela: “A lo ko to ōpeleleñ Yehofa sehela se sesha: lehatshe yeotlhe, ōpelèla Yehofa. Buañ mo merahiñ, lo re, Yehofa oa busa.” (Pesalema 96:1, 10) Ee, eno ke pina ya Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo, joo Jesu Keresete a leng Kgosi ya jone. E opelwa ke bao ba lebeletseng go nna baruaboswa mo pusong ya selegodimo ya ga Jehofa. Bone le balekane ba bone ba bolela ka boipelo ‘mafoko a a molemo’ a Bogosi mo merafeng yotlhe—go akareletsa le Liberia—mo ‘bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo,’ eo re tshelang mo go yone jaanong. (Mathaio 24:3, 14) Pina eno a ne ya utlwiwa la ntlha leng le gone jang mo lefatsheng leno la botswere? Mme molodi wa yone o o hukutsang maikutlo o ile wa ama jang bareetsi ba ba anaanelang? A re reetseng.
‘Pina E Ntsha’ E Fitlha kwa Liberia
Ka 1946 Harry C. Behannan, motshamekapiano wa montsho yo a neng a tshameka go ralala Yuropa, o ne a tlogela tiro ya gagwe ya go opela gore a direle jaaka morongwa. O ne a direla jaaka mmulatsela wa Mosupi wa ga Jehofa ka dikgwedi tse thataro a le esi, a tsamaya ka ntlo le ntlo a anamisa boammaaruri jwa Bogosi. O ne a tsamaisa dibuka di le 500 mme a dira ditsala di le dintsi. Ka mo go utlwisang botlhoko, morago Mokaulengwe Behannan o ne a tlhokafala ka ntlha ya letshoroma la boboatsatsi. Mme ‘ping a ntšha’ ga e a ka ya ema, ka gonne barongwa ba bangwe ba ne ba tla morago ga gagwe.
Ka 1947 George Watkins (yoo pele a neng e le moithutamabole) le mosadi wa gagwe Willa Mae ba ne ba tla go direla mo Monrovia, moshate wa Liberia. Ba ne ba le pelotelele ba bile ba le tlhaga go ruta batho ba ba boikokobetso ba Liberia go “tlhōkōmèla dilò cotlhe tse [Jesu a di ba] laoletseñ.” (Mathaio 28:19, 20) Ka September 1948 go ne go setse go na le setlhopha sa ba ba 15 bao ba neng ba arola mo tirelong ya Bogosi. Ka jalo, phuthego ya ntlha ya Basupi ba ga Jehofa a ne ya tlhomiwa mo Liberia.
Tiro ya go rera a ne ya anama ka bonako go ya le lotshitshi lwa lewatle go fitlha kwa boemelakepeng jwa Harper, mo Kakata le mo metseng e e e dikologileng, le gareng ga batho ba ba buang Se-Kisi bao ba beeletsang raba kwa masimong a Firestone. Ka 1952 go ne ga tlhomiwa ofisi ya lekala ya Mokgatlo wa Watch Tower mo Liberia. Mo ngwageng o o latelang, go ne ga agiwa Holo ya ntlha ya Bogosi le legae la barongwa mo McDonald Street mo Monrovia. Tseo a ne a le dinako tse di itumedisang. Gompieno, go na le babaki ba ba 1 724 ba ga Jehofa mo lefatsheng leno mme ba nna le matswela a a molemo mo bathong ba ba botsalano, ba ba tsholang baeng, bao le ba ba boikokobetso.
Go Arabela ‘Pina a Ntšha’ Gompieno
Basupi ba ga Jehofa go tswa mo merafeng e megolo a 16 ya Liberia, gammogo le barongwa le batho bao ba tlileng go direla koo go nang le tlhokego a kgolo gone, jaanong ba kopantse mantswe a bone mo go boleleng molaetsa wa Bogosi. Moragonyana jaana, ba Re ba oketsa lobelo mo go ikueleng mo go bao ba batlang boammaaruri. Mosupi mongwe le mongwe o senya palogare ya dioura di le 27 ka kgwedi mo tirong ya go rera, mme palo ya bao ba leng mo bodiheding jwa nako e e tletseng a ile ya menagana go feta gararo mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng. Maiteko a a ntseng jalo a ile a lere masego mo go bone le mo go ba bangwe. A re utlweng ka bangwe ba bone.
Emmanuel o ne a baakanya maemo a gagwe gore a tle a kgone go tlhokomela lelapa la gagwe le legolo le go tsaya karolo mo tirong ya bobulatsela ya nako e e tletseng mo Gardnersville. O ne a kopana le Varney le Lucinda mme a simolola thuto ya Bibela ya legae le bone. Lefa go ntse jalo, ba ne ba dumela gore a ne e le boleo gore motho a fetole bodumedi jwa gagwe. Emmanuel o ne a ba bont“sha seo buka Go Fetolana ka Dikwalo a se bolelang ka kgang eo. Ba ne ba adima buka eo, ba bala tshedimosetso a nngwe e e mo go yone, mme ba simolola go tla dipokanong tsa Bokeresete. Ka bonako fela morago ga foo, ba ne ba tsenela bodihedi jwa Bokeresete. Ka nako eo, motho yo ba neng ba nna mo ntlong ya gagwe—moruti—o ne a tlhokomela phetogo mo boitsholong jwa bone mme a ba laletsa gore ba dirisetse kamore ya gagwe ya baeng thuto ya bone ya Bibela. Morago ga go ya kwa kopanong ya kgaolo, monna yono yo ba neng ba hirile mo go ene o ne a tlhatswegile pelo gore o ne a bone boammaaruri mme a ikopela thuto eo a leng ya gagwe ya Bibela.
Go arabela ‘pina a ntšha’ go ne ga golola Tamba, yo a neng a kile a bo a dirisana le badimo wa kwa Lefelong la Lofa. Ka go bo a ne a tshwenyegile ka bolwetsi jwa ga morwawe, o ne a ikopanya le meya. E ne a mo tlhomamiseditse gore morwawe o ne a tla tshela gore mosadi wa gagwe ke ene yo a logang maano a go bolaya morwawe. Tamba o ne a kopa meya go bolaya mosadi wa gagwe ka go isa ditshupelo le go ntsha ditlhabelo, a le gore a thibele mosadi wa gagwe gore a seka a bolaya morwawe. Go ne ga felela jang? Morwawe o ne a tlhokafala mme mosadi ene a seka a direga sepe. A galefile ebile a tlaletswe, Tamba o ne a latlha didirisiwa tsotlhe tsa gagwe tsa meya. Mo kutlobotlhokong ya gagwe, o ne a amiwa thata ke molaetsa wa tsholofelo ya tsogo le lefatshe le le tlang la paradaise. O ne a amogela thuto ya Bibela, a phepafatsa botshelo jwa gagwe, mme a ineela go Jehofa. Fa esale ka nako eo o setse a thusitse lelapa la gagwe le batho ba bangwe ba le robonngwe ba mo tikologong ya bone go ineela.
Matshelo a batho ba bantsi ba ba dipelo di ikanyegang a ne a amiwa ke ‘pina a ntšha.’ Herbert o ne a gapa go duelelwa go ya kwa unibesithing ya Monrovia a ba a bona le tiro mo pusong ka go bo a ne a le motshameki yo o tlhomologileng wa kgwele ya dinao. Lefa go ntse jalo, fa a ne a ithuta seo Bibela a se buang ka moya wa go gaisanya, o ne a tlhotlheletsega go tlogela go nna motshameki. (Bagalatia 5:26) Jaanong o ipelela tiro ya gagwe a ntsha jaaka modihedi wa nako e e tletseng.
James o ne a botsa mosupi yo a neng a ithuta le ene gore o ka fenya jang go tshwakgolwa ga gagwe ke matekwane. Ereka a ne a kgothaleditswe go rapelela kgang eo, James o ne a kopa Jehofa go mo thusa gore a a tlogele. Dibeke di sekae fela morago ga foo, o ne a seka a kgona go emelelana le keletso mme a goga gape. Mo tseleng fa a ya gae, o ne a thula tshipi mme a tswa madi thata go dikologa leitlho. A gakologelwa thapelo ya gagwe, ga a ise a ko a tlhole a boela gape mo mokgweng oo wa gagwe. Gompieno, o direla jaaka mmulatsela wa ka metlha le motlhanka wa bodihedi mo phuthegong.
Boikuelo jwa ‘pina a ntsha’ bo ne jwa fitlha le mo monneng mongwe yo o godileng, ebong Samuel wa morafe wa Ba-Krahn, yoo pele e neng a le mookamedi wa Lefolo la kwa Montserrado. Ke eng seo se ileng sa mo tlhotlheletsa go tlogela tiro e e duelang madi a mantsi mme a tsenele bodihedi jwa nako e e tletseng? “Seo se ileng sa nkgatlha thata ke ntlha ya gore ke ne ke kgona go bona seo se tshegetsang sengwe le sengwe seo Basupi ba ga Jehofa ba neng ba se bua, ba se ruta, le go se dira mo Bibeleng ya me,” ga bua jalo Samuel. O ne a oketsa ka gore o ne a bona lorato loo Jesu a neng a le tlhalosa mo go Yohane 13:34, 35 mo Basuping ba ga Jehofa. Samuel o ne a tlhokomela gape gore maloko a kereke e a neng a e tsena pele, go farologana le seo, “ba ne ka metlha ba tlhola ba gogagogana le go lwela madi gone mo kerekeng.” Samuel jaanong o direla jaaka mmulatsela wa ka metlha.
‘Pima E Ntšha’ E Fitlha kwa Setlhoeng
Fa go tla mo go opeleleng Jehofa dipako, ga go na dinako tseo di itumedisang thata mo bathong ba ga Jehofa jaaka kwa dikopanong tsa bone tsa ngwaga le ngwaga tsa kgaolo. Lefa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng, go ne ga nna le bothata mono Liberia jwa go bona mafelo ao a neng a le bogolo jo bo lekanyeng go ka tsenya Basupi botlhe le batho ba ba kgatlhegang bao ba neng ba ka tla. Go ne ga tshwarelwa dikopano di le pedi ka 1986 mo holong ya metshameko e e neng a le yone fela e e tshwanelegang, mme palogotlhe ya bao ba neng ba le gone ba ba neng ba feta 4 000 a ne a sa lekane lefelo leo. Go ne go tlile go dirwa jang ka 1987? Ebu, Samuel K. Doe Sports Complex a ne ya kgona go fediwa fela ka nako ka thuso ya puso ya China. Mme a re ne re ka kgona go dirisa lefelo leo?
Ka go bo thulaganyo ya rona a ne a le ya mofuta wa thuto, batsamaisi ba ile ba re letla go dirisa setadiamo seo ka tlhwatlhwa e e kwa tlase. Mme dibeke di le mmalwa fela pele ga letlha la kopano, batsamaisi ba ne ba batla go oketsa tlhwatlhwa. Ka ntlhayang? Ka go bo moefangele mongwe yo o kwa godimo wa TV go tswa United States o ne a sa tswa go digela tsosoloso mo setadiamong seo, mme boidiidi joo bo ne bo se tlogetse se le mo seemong se se maswe, go latlhetswe matlakala gongwe le gongwe. Batsamaisi ba ne ba tlhomamisediwa gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba farologane. Letsatsi pele ga kopano, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba fetang 500 ba ne ba phepafatsa setadiamo seo ka botlalo. Morago ga kopano, leloko lengwe la setlhopa sa batsamaisi sa Ba-China le ne la utlwiwa le bolela gore maiteko ao re a dirileng go boloka setadiamo se le phepa a ne a feta madi ao re a dueletseng go se dirisa.
Kopano a ne ya atlega. Tlhoro e ntšha e e kwa godimo ya ba ba 5 852 a ne a reeditse puo ya phatlhalatsa e e neng a re “Mo Metlheng Eno e e Boifisang, O ka Ikanya Mang?” Abo e ne a le boipelo jang ne go bona ba ba 101 ba basha ba tshwantshetsa go ineela ga bone mo Modimong ka go kolobediwa! Go ne ga kolobelediwa mo matangwaneng a mabedi a a tlhomiwang gone mo lefelong leo la kopano—seo e neng a le sa ntlha mo Liberia!
Ka go bo palo ya batho ba ba arabelang ‘pina e ntšha’ e ntse e oketsega, ofisi ya ntlha ya lekala e e mo McDonald Street mo Monrovia e supegile fa a le nnye. Le eleng dikago tse dingwe tse di mo Sinkor le tsone di ne di se dikgolo ka mo go lekaneng go ka baya dibuka tsotlhe tsa Bibela tse di neng di tlhokega go tlhokomela ditlhokafalo tsa semoya tsa batho ba Liberia. Ka gone, go ne ga rekiwa ga ba ga tlhabololwa lefelo le legolo la bonno gaufi le Holo ya Bogosi ya Paynesville, mme ofisi e ntšha ya lekala a ne ya neelwa ka March 28, 1987. Ereka kago eno a le kgolo ebile a le eo e ka kgonang go fitlhelelwa ke botlhe, batlhanka ba ga Jehofa ba na le didirisiwa tse di siameng tsa go kgona go tlhokomela kgatlhego e e golang.
Ke tiro e e kana kang e e santseng a tshwanetse go dirwa mo Liberia? Palo ya ba ba 8 600 bao ba neng ba thle Segopotsong ka 1988—palo e e menaganeng ga tlhano ya baboledi ba Bogosi—e bontšha gore go santse go na le barutwa ba le bantsi ba ba ka dirwang. Mme Basupi ba ba dirang ka natla ba Liberia ba thulana le kgwetlho eo sentle. Ba tsamaisa dithuto tsa magae tsa Bibela tse di fetang 3 000 kgwedi nngwe le nngwe. Re rapelela gore ba le bantsi mono ba tle go kopanela le “boidiidi yo bogolo” jo bo ntseng bo oketsega joo bo galaletsang Jehofa ka go arabela ‘pina a ntsha.’—Tshenolō 7:9, 10.
[Lebokoso mo go tsebe 28]
Go Tsamaya ka Ntlo le Ntlo mo Liberia
Jaaka re atamela ntlo e e agilweng ka dikgong le seretse, go na le go kokota, re bolela gore re teng ka go bitsa re re: “Kpaw, kpaw, kpaw!”
Ka re sa Awe karabo, ra ya ka kwa morago ga ntlo mme ra fitlhela lelapa le ntse mo “kitsing”—mokgoro o o ka kwa morago. Pitsa e e nang le botoro a khibidu ya dipalema a kurukutsa mo molelong wa dikgong. Mmè, yoo a tsholang reise, o roma bana ka lobelo gore ba ye go re tseela ditulo.
Maloko a lelapa jaanong a nna fa fatshe. Ba nna mo bankeng, ba reetsa ka kelot1hoko jaaka re ba bolelela molaetsa wa Bogosi. Ka boitumelo ba amogela sekaelo sa boroutshara ya Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! mme re dira dithulaganyo tsa go boa gape. Fa re emelela, ba re: “A re jeng!”
[Dimmapa/Ditshwantsho mo go tsebe 26]
(For fully formatted text, see publication)
SIERRA LEONE
LIBERIA
LEFELO LOFA
LEFELO LA MONTSERRADO
Monrovia
Kakata
Buchanan
Greenville
Harper
GUINEA
IVORY COAST
ATLANTIC OCEAN
Km 0 100 200 300
mi 0 100 200
[Mmapa]
AFRIKA