Bosaitsiweng jo bo Boitshepo bo a Senoga
“Bosaitsiweñ [jo bo boitshepo, “NW”] jwa poihō Modimo bo bogolo.”—1 TIMOTHEO 3:16.
1. Ke bosaitsiweng bofe jo bo tlhalosiwang mo go 1 Timotheo 3:16?
A O KGATLHIWA ke masaitsiweng? A o ipelela go batlisisa dilo tse di sa itsiweng? Go ntse jalo ka ba le bantsi ba rona! Jalo he, tlaya re batlisise bosaitsiweng jo bo molemolemo go gaisa—bosaitsiweng jo bo sa bolong go fitlhega mo Lefokong la Modimo ka diketekete tsa dingwaga. Bosaitsiweng jono jo bo boitshepo bo ama matshelo a rona tota, a jaanong le a isagwe. Ke ‘bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa poifomodimo,’ joo re bo tlhalosediwang mo go 1 Timotheo 3:16. Abo re tshwanetse go leboga Jehofa jang ne, “eo o senolañ dilō tse di sa itsiweñ” ka go bo a ile a re itsise ka bosaitsiweng jono jo bo botlhokwa le thanolo ya jone!—Daniele 2:28, 29.
2. (a) Jehofa o ne a bua lantlha leng ka bosaitsiweng jo bo boitshepo, mme o ne a solofetsa eng ka nako eo? (b) Ke dipotso dife tse di tshwanetseng go arabiwa?
2 Jehofa o ne a bua ka bosaitsiweng jono jo bo boitshepo lantlha morago ga gore Noga e raele Efa, le gore Adame a kopanele le ene mo go tsuologeng ga gagwe. Modimo o ne wa solofetsa gore “losika,” kana ngwana, o ne a tla kgoba tlhogo ya Noga. (Genesise 3:15) Losika loo ke mang? O ne a tla fenya Noga jang? A o ne a tla goletsa go nna boammaaruri ga Modimo le boikaelelo jwa Gagwe ka lefatshe?
3. Boperofeti jwa bomodimo bo re supetsa jang gore Losika ke mang le gore le tla dira eng?
3 Fa nako e ntse e tsamaya, boperofeti jwa bomodimo bo ne jwa senola gore e ne e le mang le gore tiro ya Losika loo e ne e tla nna efe mo isagweng. O ne a tla nna setlogolwana sa ga Aberahame, a rua bogosi jwa ga Dafide, gape o ne a tla bidiwa Kgosana ya Kagiso. “Go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō.” (Isaia 9:6, 7; Genesise 22:15-18; Pesalema 89:35-37) Mme jaaka Baroma 16:25 e bontsha, bosaitsiweng jo bo boitshepo joo bo ne bo ‘bolokilwe mo tuulalong ka lobaka lo loleele.’
Go Rarabolola Bosaitsiweng
4. Bosaitsiweng jo bo boitshepo bo ne jwa simolola go senoga jang ka 29 C.E.?
4 Kgabagare, fa morago ga di-millennium tse nnè, lesedi le ne la bonala! Ka tsela efe? Ka 29 C.E., fa Johane a ne a kolobetsa Jesu wa Nasaretha mo Nokeng ya Joredane, go ne ga tswa lentswe kwa legodimong leo le neng la re: “Eo ke morwake eo o ratègañ, eo ke itumèlañ thata mo go èna.” (Mathaio 3:17) Ahe, kgabagare Losika lo lo solofeditsweng ke leno! Dikarolo tse di kgatlhisang tsa bosaitsiweng jono jo bo boitshepo di ne tsa simolola go senoga, go akareletsa le kgang ya poifomodimo.
5. “Poihō Modimo” ke eng, mme e ama bao ba nang nayo jang?
5 Re tlhaloganya eng ka “poihō Modimo”? Mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika, polelwana eno e tlhaga ka makgetlo a le 20, mme e tlhaga mo e ka nnang go feta sephatlo sa seno mo dikwalong tse pedi tseo Paulo a di kwaletseng Timotheo. Buka Insight on the Scriptures e tlhalosa “poihō Modimo” jaaka “go sisimoga, go obamela, le go direla Modimo, ka go ikanyega mo bolaoding jwa gagwe jwa lobopo.” Go sisimoga go tswa mo pelong e e atamalaneng thata le Modimo, ka go boifa bogolo jwa gagwe, bosenabokhutlo jwa gagwe, le dipopo tsa gagwe tse dintsintsi tse di molemolemo, ka go lebogela dineo tsa semoya le tse di bonalang tseo a di tshololelang batho ba ba anaanelang. Eleruri, mongwe le mongwe wa rona yoo a boifang Modimo a ka bua jaana, jaaka mopesalema mo go Pesalema 104:1: “Baka Yehofa, mōea oa me. Yehofa, Modimo oa me, u mogolo thata; u apere tlotlō le borèna.”
6. (a) Baobamedi ba ga Jehofa ba farologana jang le batsenakereke ba La-Bodumedi? (b) Paulo o ne a reng mo go Baroma 11:33, 34, mme ka gone seno se tsosa dipotso dife?
6 Re tshwanetse go bontsha gore re boifa Modimo, mme seno se dirwa ka ditiro. Mabapi le seno, baobamedi ba Modimo wa boammaaruri, Jehofa, ba farologana gotlhelele le batho ba ba tsenang dikereke tse di nyelelang tsa La-Bodumedi. Mo bathong ba le bantsi ba lefatshe, bodumedi—fa e le gore ba santse ba na le bodumedi—ke selo modiro fela, seaparo seo ba se aparang go ba dira ekete ba boitshepo fa ba tshela botshelo joo bo dumalanang le lefatshe le le bodileng le ba leng mo go lone. Ga ba itse le gore Modimo ke mang. Batho bao eleruri ba tshwanetse go akanyetsa mafoko a ga Paulo a a mo go Ditihō 17:23, fa a ne a raya Baathena bao ba neng ba obamela “MODIMO MOÑWE O O SA ITSIWEÑ” a re: “Ke gōna, se lona lo se ōbamèlañ ka go tlhōka go itse, ke shōna se ke se lo ranolèlañ.” Paulo o bua jaana mo go Baroma 11:33, 34 kaga Modimo o o boitshepo oo: “A boteñ yoa khumō, le yoa botlhale, le yoa kicō ea Modimo! dikatlholō tsa ōna ga di hopholesege yañ, le ditsela tsa ōna ga di tlhotlhomisege yañ! Gonne mañ eo o itsileñ mogopolō oa Morèna? kgotsa mañ eo o kileñ a nna mogakolodi oa gagwè?” Ka jalo he re ka kgona go itse jang ditsela tsa Modimo? Ke ka go ithuta ‘bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa poifomodimo.’ Mme re dira seo jang?
7. Ke ka ntlhayang fa go ka twe ‘bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa poifomodimo eleruri bo bogolo’?
7 Mo go 1 Timotheo kgaolo ya boraro, moaposetoloi Paulo la ntlha o bolela seo se tlhokegang mo batlhankeng ba ba nang le boikarabelo mo ntlong ya Modimo, jaaka e tlhalosiwa mo temaneng ya 15 jaaka “phuthègō ea Modimo o o tshedileñ, lekotwana le setshegeco sa boamarure.” Morago Paulo o oketsa jaana, mo temaneng ya 16: “Bosaitsiweñ [jo bo boitshepo, NW] yoa poihō Modimo bo bogolo.” Eleruri bo bogolo ka go bo Jehofa o ne a roma Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng go tla go senola bosaitsiweng joo, go bontsha gore poifomodimo eleruri ke eng le gore e botlhokwa, ke motheo wa kobamelo ya boammaaruri. Bosaitsiweng jono jo bo boitshepo jwa poifomodimo bo sedifadiwa ke botshelo jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng. Botlhe ba ba ratang Jehofa ba tshwanetse go aga tumelo le matshelo a bone mo go Keresete, yoo e leng sekao sa poifomodimo. Jesu o ne a sedifatsa bosaitsiweng jono jo bo boitshepo jwa poifomodimo jang?
Dikarolo tse Thataro
8. (a) Ke dikarolo dife tse thataro tsa bosaitsiweng jo bo boitshepo tseo Paulo a di tlhalosang mo go 1 Timotheo 3:16? (b) “Èna” yoo a bonadiwang ke mang?
8 Paulo o araba potso eo ka tlhotlheletso ya bomodimo. O tlhalosa dikarolo di le thataro tsa bosaitsiweng jono jo bo boitshepo, mo go 1 Timotheo 3:16 jaana: “Èna [1] eo o bōnadicweñ mo nameñ, [2] a siamisiwa ke Mōea, [3] a bōnwa ke baengele, [4] a rèrwa mo merahiñ, [5] a dumèlwa mo lehatshiñ [6] a cholelediwa kwa kgalaleloñ.” “Èna” yo a bonadiwang yono ke mang? Ka phepafalo fela, “Èna” ke Losika lo lo solofeditsweng, Jesu, yo a neng a tlile go dira go rata ga Modimo. Ke ene boremelelo jwa bosaitsiweng jo bo boitshepo, yo o bo dirang go nna jo bogolo eleruri.
9. Ke bosupi bofe jo bo leng gone jwa gore 1 Timotheo 3:16 ga e a tshwanela go balega ka go re: “Modimo o ne a bonala mo nameng”?
9 Ba ba dumelang Tharonngwe ba leka go tlhakatlhakanya go tlhaloganngwa ga bosaitsiweng jo bo boitshepo ka go bolela gore “Èna” mo go 1 Timotheo 3:16 ke Modimo ka boone. Ba theile seno mo Bibeleng ya King James eo e balegang jaana “o ne a bonala mo nameng.” Lefa go ntse jalo, dikwalo tseo di ka ikanngwang tsa Segerika tsone di a reng? Di dirisa leemedi “Èna” mo boemong jwa “Modimo.” Bao ba tlhatlhobang Dikwalo jaanong ba dumela gore go tsenngwa ga “Modimo” mo lokwalong lono ke phoso ya bakwadi. Ka gone, dithanolelo tsa bosheng jaana, jaaka American Standard Version, The New English Bible, le New World Translation, di balega jaana ka tshwanelo: ‘Ena [kana, Ena yoo] o ne a bonadiwa mo nameng.’ Nnyaa, e ne e se Modimo ka boone o o neng wa ‘bonadiwa mo nameng.’ Go na le moo, e ne e le Morwawe yo o rategang le leitibolo la popo ya gagwe, yoo moaposetoloi Johane a neng a kwala jaana ka ene: “Me Lehoko a tla a nna nama, me a aga mo go rona, me ra bōna kgalalèlō ea gagwè, ekete kgalalèlō ea eo o tsecweñ a le esi a cwa kwa go Rara, a tletse tshegōhaco le boamarure.”—Yohane 1:14.
“Eo o Bōnadicweñ mo Nameñ”
10. (a) Karolo ya ntlha ya bosaitsiweng jo bo boitshepo e ne ya bonala jang fa Jesu a kolobediwa? (b) Ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a nna “Adame oa moragō”?
10 Karolo ya ntlha ya bosaitsiweng jo bo boitshepo e ne ya senoga fa Jesu a ne a kolobediwa: Jesu ‘o ne a bonadiwa mo nameng’ jaaka Morwa yo o tloditsweng wa Modimo. Jehofa Modimo o ne a fetiseditse botshelo jwa Morwawe go tswa kwa legodimong go ya mo popelong ya ga Maria gore Jesu a tsalwe mo nameng jaaka motho yo o itekanetseng. Ka gone, jaaka 1 Bakorintha 15:45-47 e bontsha, Jesu o ne a nna Adame wa bobedi, kana wa “moragō,” moya o o itekanetseng wa motho o o neng o tshwana ka botlalo le Adame wa ntlha. Boikaelelo e ne e le bofe? Mo go 1 Timotheo 2:5, 6 “Adame oa moragō” o supiwa e le “motho ka esi, Keresete Yesu, eo o intshitseñ go nna thèkololō ea botlhe.” Ke mo motheong ono wa kafa molaong wa setlhabelo se se itekanetseng sa motho, Jesu a tsereganyang kgolagano e ntšha le batho ba ba 144 000 bao ba fetogang baruaboswa le ene mo Bogosing jwa gagwe.—Tshenolō 14:1-3.
11. Melemo ya setlhabelo se se gololang sa ga Jesu e ne ya atolosediwa go bomang?
11 A go ne go na le bangwe bao ba neng ba tla solegelwa molemo ke loso lwa ga Jesu lwa setlhabelo? Ee go ntse fela jalo! Jesu Keresete mo go Yohane wa Ntlha 2:2 o bolelwa gore ke “seletlanyō se se ntshedicweñ dibe tsa rona [ke gore, dibe tsa Bakeresete ba ba tloditsweng jaaka Johane]; me e be e se sa tsa rona cosi hèla, me le gōna e le sa tsa lehatshe yeotlhe.” Ka gone melemo ya setlhabelo se se gololang sa ga Jesu e ne ya atolosediwa go feta Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba 144 000 go akaretsa lefatshe lotlhe la batho. “Boidiidi yo bogolo” joo jaanong bo tshelang le dimilione tse di diketekete tseo di tla tsosiwang mo baswing mo lefatsheng la Paradaise bo tla amogela botshelo jo bo sa khutleng mo motheong wa go dumela ga bone mo setlhabelong se se gololang sa ga Jesu. Boidiidi jo bogolo jo go perofesitsweng ka jone mo go Tshenolō 7:9, 10 bo setse bo tlhatswitse diaparo tsa jone mme bo di sweufaditse ka go bontsha tumelo mo mading a a tsholotsweng a ga Kwana, Jesu Keresete. Ba lejwa e le ba ba siameng ka ntlha ya botsalano jwa bone le Modimo. Ba ipelela go ithuta dikarolo tse di farologaneng tsa bosaitsiweng jo bo boitshepo mme ba bontsha poifomodimo go dumalana le sekao sa ga Jesu!
Dikarolo tse Dingwe
12. Jesu o ne a “siamisiwa ke Mōea” jang?
12 Go tweng he ka karolo ya bobedi e e mo go 1 Timotheo 3:16? Jesu o ne a “siamisiwa ke Mōea.” Mme jang? Ka go tsosiwa ke Jehofa mo baswing a tsosediwa mo botshelong jwa semoya jaaka Morwawe yo o ikanyegang. Seno se ne se tshwana fela le fa Modimo o ne o bolela gore Jesu o ne a siame le gore o ne a tshwanela go ka newa dikabelo tse dingwe gape tse di kwa godingwana. Jaaka Baroma 1:4 e bua ka Jesu jaaka, “eo o tlhomamisicweñ ha e le Morwa Modimo ka nonohō, kaha moeeñ oa boitshèpō, ka go coga mo bashwiñ.” Fa a tlhomamisa seno, Petere o re bolelela jaana mo lekwalong la gagwe la ntlha, kgaolo 3, temana 18: “Ka Keresete le èna a bogile botlhoko gañwe hèla ka ntlha ea maleo, a le mosiami mo boemoñ yoa basiamolodi, gore a re lere mo Modimoñ; a bolawa mo nameñ, me a rudisiwa mo moeeñ.” A sekao seno sa ga Jesu sa poifomodimo se go lebisa go Modimo?
13. Jesu yo o tsositsweng mo baswing o ne a itlhagisa mo baengeleng bafe, mme o ne a ba rerela molaetsa wa mofuta ofe?
13 Morago fa a tswelela ka 1 Timotheo 3:16, Paulo o bua ka karolo ya boraro ya bosaitsiweng jono jo bo boitshepo, a bolela gore Jesu o ne a “bōnwa ke baengele.” Baengele bano e ka tswa e le bomang? Ereka Jesu jaanong a ‘siamisitswe ke moya,’ Petere o kwala jaana mo go 1 Petere 3:19, 20: “O e leñ ōna o ileñ a rèrèla meōea e e mo tluñ ea kgolegèlō ka ōna, E e rileñ mo metlheñ ea pele ea bo e gana go utlwa, yale ka bopelotelele yoa Modimo bo ba lebeletse mo metlheñ ea ga Noa.” Go ya ka Yude 6, meya eo ke “baengele ba ba se kañ ba tshegetsa boèmō yoa bōnè” kwa legodimong. Ba ne ba iphetolela mo mebeleng ya nama e le gore ba tle ba ipelele go tlhakanela dikobo le basadi ba sa tshwanela. Fa Morwalela o ne o dira gore baengele bao ba boele kwa lefelong la semoya, ba ne ba latlhelwa mo Moleteng, boemo jwa go nna ba ba boikepo. (2 Petere 2:4) Jesu yo o tsositsweng mo baswing o ne a ba rerela. Mme a molaetsa oo e ne e le wa poloko? Eleruri nnyaa! Go na le moo, Jesu o ne a ba kgalela boikepo jwa bone joo bo leng kgatlhanong le poifomodimo. Batho bape fela ba Modimo bao ba ipayang mo kotsing ya go tlhakanela mo boitsholong jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo gompieno ba tshwanetse go tsaya tlhagiso mo katlholong ya baengele bano!
14. Jesu o ne a simolola go “rèrwa mo merahiñ” jang?
14 Karolo ya bonè e e mo go 1 Timotheo 3:16 ke gore Jesu o ne a “rèrwa mo merahiñ.” Seo se ile sa diragadiwa jang? Pele a tshwarwa, Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Amarure, amarure, kea lo raea, Eo o dumèlañ mo go nna, ditihō tse ke di dihañ, le èna o tla di diha; me o tla diha ditihō tse di kgolo go heta tse; ka gonne ke ea kwa go Rara.” (Yohane 14:12) Go ise go e kae morago ga foo, Jesu o ne a tshololela balatedi ba gagwe moya o o boitshepo, ka Pentekosete 33 C.E., mme mafoko a a gakgamatsang a go re “Yesu eo, Modimo o mo cositse” a ne a simolola go rerelwa Bajuda. Moragonyana, Basamaria le bone ba ne ba amogela lefoko la Modimo mme ba simolola go amogela moya o o boitshepo. (Ditihō 2:32; 8:14-17) Morago, ka 36 C.E., Paulo o ne a rerela Korenelio le Baditšhaba bao ba neng ba phuthegile mo ntlong ya gagwe. Ka gone, mafoko a a molemo ka ga Jesu a ne a simolola go “rèrwa mo merahiñ,” ke gore, fa gare ga bao e neng e se Bajuda, bao le bone ba neng ba tlodiwa ka moya o o boitshepo.
15. Ke eng seo se supang gore Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba ithutile bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa poifomodimo sentle?
15 Jaaka go begilwe mo go Ditihō 12:24, “lehoko ya Modimo ya tota, ya ata.” Ditihō 17:6 e bolela gore bao ba neng ba ganetsa ba ba kwa bokone jwa Gerika ba ne ba tlhaeletsa jaana fela jaaka ba ntse ba dira gompieno: “Batho ba, ba ba tshelepantseñ lehatshe, le mono ba tsile.” Mo dingwageng di le 30, Paulo o ne a ka kgona go kwala go tswa kwa Roma gore ‘mafoko a a molemo ano a reretswe lobopo lotlhe lo lo kafa tlase ga legodimo.’ (Bakolosa 1:23) Bakeresete ba nako eo ba ne ba ithutile bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa poifomodimo sentle. Abo ba ne ba bo dirisa ka botlhaga jang ne! Mme a le rona re bo ithute re bo re bo dirise mo motlheng ono wa bofelo wa go rerwa ga Bogosi!
16. Karolo ya botlhano ya bosaitsiweng jo bo boitshepo e ne e le efe, mme e bonadiwa ke tiro efe?
16 Karolo ya botlhano ya bosaitsiweng jo bo boitshepo jo bo mo go 1 Timotheo 3:16 e ne ya bonala sentle mo karabelong ya go rerwa goo go neng go dirwa mo lekgolong leo la ntlha la dingwaga. Jesu jaanong o ne a “dumèlwa mo lehatshiñ.” Seno e ne e le ka ntlha ya poifomodimo e e tshwanang le ya ga Keresete ya barongwa ba ba tlhaga, go akareletsa Paulo le Timotheo. Ba ne ba isa mafoko a a molemo kwa Asia Minor le kwa Yuropa, gongwe le go fitlha kwa Spain, le go ya kwa Afrika Botlhaba ka molomo wa Moithiopia yo a neng a kolobeditswe, fa Petere a ne a dira kwa Babelona.
17. Ke ka ntlhayang fa lefatshe lotlhe la segompieno le dumela mo go Jesu?
17 Go tweng ka motlha wa rona? Fa esale go tloga ka 1919 masalela a a tloditsweng a ile a supa poifomodimo e e tshwanang. Batlodiwa bano ba ile ba aga motheo o o tlhomameng wa tumelo mo go Jesu. Ba ne ba tswelela go phutha boidiidi jo bogolo, joo bo tla ipelelang go ralala “sepitla se segolo” le go ipelela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise, segolo bogolo fa esale ka 1935. (Tshenolō 7:9, 14) Ka gone, mafoko a a molemo ao a lebisitseng mo go Jesu a dumelwa lefatsheng lotlhe la segompieno. Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 3 700 000 ba rera ka poifomodimo ba bile ba tswelela pele mo kgolokweng yotlhe!
18. Jesu o ne a “cholelediwa kwa kgalaleloñ” jang?
18 Karolo e nngwe gape ya bosaitsiweng jo bo boitshepo e santse e setse, e e leng ya borataro: Jesu o ne “a cholelediwa kwa kgalaleloñ.” Mo malatsing a le 40 morago ga go tsosiwa jaaka moya, Jesu o ne a iphetolela mo mmeleng wa senama, a bonala mo barutweng ba gagwe mme a ba bolelela “dilō tse e leñ tsa bogosi yoa Modimo.” Morago o ne a tlhatlogela kwa legodimong. (Ditihō 1:3, 6-9) Ka gone, thapelo ya gagwe e e kwadilweng mo go Yohane 17:1-5, e ne ya arabiwa: “Rara, . . . galaletsa Morwao, gore Morwao a gu galaletsè: . . . Ke gu galaleditse mo lehatshiñ, . . . Me yana, Rara, A u ko u nkgalaletsè nau, ka kgalalèlō e ke ne ke nntse ke na naeō nau pele lehatshe le e se le nne.”
19. Jesu o tshwanetse a bo a ne a amogelwa jang fa a boela kwa legodimong?
19 Jesu o tshwanetse a bo a ne a amogelwa ka boipelo jo bogolo jang ne fa a boela kwa legodimong! Bogologolo, fa Jehofa a ne a bopa lefatshe, “bomorwa Modimo botlhe ba [ne ba] thèla loshalaba loa boitumèlō.” (Yobe 38:7) Mo go fetang foo baamogedi bano ba gagwe ba baengele ba tshwanetse ba bo ba ne ba ipela fela thata fa ba mo amogela gape mo go bone jaaka Mofenyi yo o ikanyegang wa bolaodi jwa ga Jehofa!
20. Ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a amogela leina le le gaisang, mme o ne a dira eng fa a santse a le mo lefatsheng?
20 Paulo o bua jaana ka Jesu yo o fentseng mo go Bahebera 1:3, 4: “E rile a sena go diha bontlahaco yoa dibe, a dula kaha lecogoñ ye legolo ya Borèna kwa godimodimo; Ka a dihegile mogolo go heta baengele, hèla yaka a ruile leina ye le gaisañ ya bōnè.” Keresete o ne a amogela leina leo ka ntlha ya go fenya ga gagwe tshiamololo. Morwa yono wa Modimo eleruri ke ene a simolotseng tsela ya poifomodimo mo lefatsheng. O ne gape a beetse botlhe bao ba tla bonang botshelo jo bo sa khutleng sekao. Dikarolo tsotlhe tsa bosaitsiweng jono jo bo boitshepo jwa poifomodimo di ne tsa senolwa tsotlhe ka go golelediwa ga ga Jesu kwa letsogong le legolo la Modimo kwa legodimong.
O ne O ka Araba Jang?
◻ “Poihō Modimo” ke eng?
◻ Jesu o ne a ‘bonadiwa mo nameng’ mme morago “a siamisiwa ke Mōea” jang?
◻ Jesu o ne a itlhagisa mo baengeleng bafe, mme ka molaetsa ofe?
◻ Jesu o ile a “rèrwa mo merahiñ” le go “dumèlwa mo lehatshiñ” jang?
◻ Jesu o ne a “cholelediwa kwa kgalaleloñ” leng, mme morago ga go dira eng ka poifomodimo?