Go Ithuta Bosaitsiweng jo bo Boitshepo Jwa Poifomodimo
“Keresete le èna o bogile botlhoko mo boemoñ yoa lona, a lo tlogèlèla sekaō, gore lo tsamaeè mo dikgatoñ tsa gagwè.—1 PETERE 2:21.
1. Boikaelelo jwa ga Jehofa mabapi le ‘bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa poifomodimo’ e ne e le eng?
‘BOSAITSIWENG jo bo boitshepo jwa poifomodimo’ ga bo tlhole e le sephiri! (1 Timotheo 3:16) Abo bo farologana jang ne le masaitsiweng a bodumedi jwa maaka, jaaka Tharonngwe e e sa itsiweng, eo e santseng e le bosaitsiweng mo go bone! Ga go ope yo o bo tlhaloganyang. Go na le moo, boikaelelo jwa ga Jehofa e ne e le gore bosaitsiweng jo bo boitshepo jo bo senotsweng ka Jesu Keresete ka sebele sa gagwe bo bolelwe phatlalatsa ka mo go kgonegang. Jesu ka boene o ne a nna sekao se se tlhomologileng sa mmoledi yo o tlhaga wa Bogosi jwa Modimo. Re ka ithuta go le gontsi mo molaetseng wa gagwe le tsela eo a neng a rera ka yone, jaaka re tla bona jaanong.
2. Ke ka ntlhayang fa bodihedi jwa ga Jesu bo bewa kwa pele ga thekololo? (Mathaio 20:28)
2 A re sekasekeng ka mo go oketsegileng, he, go ‘bonadiwa mo nameng’ ga ga Jesu. (1 Timotheo 3:16) Mo go Mathaio 20:28 re bala gore Jesu o ne a “sa tla go dihèlwa, me e le go dihèla, le go ntsha botshelō yoa gagwè go nna thèkololō ea batho ba le bantsi.” Seno se baya bodihedi jwa gagwe le eleng kwa pele ga thekololo. Ke ka ntlhayang fa go le jalo? Ebu, bogologolo kwa Edena Noga e e boferefere e ne e ile ya gwetlha tshwanelo ya ga Jehofa ya go nna molaodi mo godimo ga batho, e supa gore seo Modimo o neng o se bopile se ne se na le bogole le gore ga go motho ope yo a neng a ka kgona go boloka bothokgami go Mogodimodimo fa a lekwa. (Bapisa Yobe 1:6-12; 2:1-10.) Bodihedi jwa ga Jesu jo bo senang selabe sepe jaaka motho yo o itekanetseng, “Adame oa moragō,” bo ne jwa supa gore mogwetlhi Satane ke moaki. (1 Bakorintha 15:45) Mo godimo ga moo, Jesu o ne a supa ka botlalo gore o ne a tshwanelega go direla Modimo jaaka “Kgōsana le Mmoloki” le go ‘atlhola lefatshe lotlhe ka tshiamo,’ a goletsa bolaodi jwa ga Jehofa.—Ditihō 5:31; 17:31.
3. Jesu o ne a supa ka botlalo gore kgwetlho ya ga Satane e ne e le maaka jang?
3 Jesu o ne a supa ka botlalo gore kgwetlho ya tshotlo ya ga Satane e ne e le maaka! Mo hisitoring yotlhe, ga go motho ope mo lefatsheng leno yo a kileng a direla Modimo a ineetse jalo—go sa kgathalesege go sotliwa, go itewa, go kgalwa, le go bogisiwa mo mmeleng le mo mogopolong. Keresete o ne a tshwanela go itshokela ditshotlo tseo di neng di mo kgoba jaaka Morwa Modimo. Mo go tseno tsotlhe—le eleng mo losong lo lo setlhogo—o ne a tlhomame, a sa tshikhinyege mo go ikanyegeng ga gagwe mo go Rraagwe. Mo go Bafilipi 2:8, 9, Paulo o kwala gore ka gonne Jesu a ile a ikoba le eleng mo “loshuñ, eboñ e e leñ losho loa mokgōrō. Ke gōna ka mouō Modimo le ōna o mo godisitseñ thata, me oa mo naea leina ye le hetañ maina aotlhe.” Jesu o ne a senola Satane jaaka moaki yo o bolayang!
4. Ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a ka bolelela Pilatwe gore o ne a tlile mo lefatsheng go naya bosupi ka boammaaruri?
4 Ka gone, kwa bokhutlong jwa dingwaga di sekae fela tsa go rera, Jesu o ne a ka supa ka bopelokgale mo go Pilatwe a re: “Wèna ua re, Ke Kgosi. Ke tsalecwe gōna mouō, me ke tletse gōna mouō mo lehatshiñ, gore ke shupè kaga boamarure. Moñwe le moñwe eo e leñ oa boamarure o utlwa lencwe ya me.” (Yohane 18:37) Jesu o ne a bontsha poifomodimo e e boteng fa a ne a bolela boammaaruri jwa Bogosi jwa Modimo go ralala Palesetina. O ne a katisa barutwa ba gagwe go nna baboledi ba ba tlhaga le bone. Abo sekao sa gagwe se re tlhotlheletsa go latela dikgato tsa gagwe jang ne gompieno!
Go Ithuta mo Sekaong sa Rona
5. Re ka ithuta eng ka poifomodimo ka go lebelela mo go Jesu?
5 Le rona re ka supa Satane e le moaki ka go supa poifomodimo ya rona fa re dira go rata ga Modimo. Go sa kgathalesege dipogiso dipe tseo re ka nnang ra di itshokela, ga go epe e e ka lekanang le dipogiso le ditshotlo tseo di neng tsa diragalela Jesu. Jalo he a re ithuteng go tswa mo Sekaong sa rona. Jaaka Bahebera 12:1, 2 e re kgothaletsa gore re siane lobelo ka boitshoko “re nntse re lebile kwa go Yesu, mosimolodi le mowetsi oa tumèlō ea rona.” Go farologana le Adame, yo a neng a palelwa fa poifomodimo ya gagwe e ne e lekwa, Jesu o ne a nna ene motho fela mo lefatsheng yo a neng a fenya diteko tseo ka botlalo. O ile a itshupa a le “boitshèpō, a sena boleo, a sena leshwè, a lomologanye le baleohi,” go fitlha kwa losong. (Bahebera 7:26) O ne a ka kgona go raya baba ba gagwe ka boikanyegi a sena selabe a re: “Ke ohe oa lona eo o ka tlhōmamisañ boleo mo go nna?” Jesu o ne a araba kgwetlho ya ga Satane, ka go bua jaana: ‘Kgosana ya lefatshe leno . . . ga e na thata mo go nna.’ Mme fa a ne a konela puo ya gagwe ya bofelo pele a okiwa le go tshwarwa, o ne a ba raya a re: “Nametsègañ; ke hentse lehatshe.”—Yohane 8:46; 14:30; 16:33.
6. (a) Ke ka ntlhayang fa Jesu a itse mofuta wa tapologo oo batho ba o tlhokang? (b) Jesu o ne a bontsha poifomodimo go ya bokgakaleng bofe?
6 Jesu o ne a itemogela gore go nna motho, go nna ‘kwa tlase ga baengele’ go ntse jang, fa a ne a le mo nameng mono lefatsheng. (Bahebera 2:7) O ne a kgona go itse makoa a batho mme ka gone o tshwanelega go dira jaaka Kgosi le Moatlhodi wa batho ka dingwaga tse di sekete. Morwa yono wa Modimo, yo a neng a re, “Tlañ kwano go nna lotlhe ba lo lapileñ, ba lo imèlwañ, me ke tla lo lapolosa,” o itse gore batho ba tlhoka tapologo ya mofuta ofe. (Mathaio 11:28) Bahebera 5:7-9 e re bolelela jaana: “(Eboñ Yesu,) eo e rileñ mo metlheñ ea gagwè a le mo nameñ, a sena go isa merapèlō le mekokotlèlō e e nañ le selelō se se tona le dikeledi kwa go èna eo o nonohileñ go mo golola mo loshuñ, me ea re a sena go utlwiwa ka ntlha ea go boiha Modimo ga gagwè, Leha a le Ñwana, leha go nntse yalo, a ithuta kutlō ka dilō tse o di bogileñ; Me e rile a sena go dihwa boitekanèlō [mo kutlong], a cwa mosimolodi oa poloka e e sa khutleñ mo go botlhe ba ba mo utlwañ.” Jesu o ne a sa etsaetsege, le eleng lefa a ne a tshwanela go itshoka go fitlha a bo a swa jaaka motho a longwa ke Noga e e letlhoo ‘mo seretheng.’ (Genesise 3:15) Jaaka Jesu, a ka metlha re bontsheng go boifa Modimo, le eleng lefa re ka tshwanela go swa, re tlhomamisega gore Jehofa Modimo o tla utlwa mekokotlelo ya rona mme a re boloke.
‘Go Tshelela Tshiamo’
7. Go ya ka 1 Petere 2:21-24, Jesu o ne a re tlogelela sekao sefe, mme botshelo jwa gagwe bo tshwanetse go re ama jang?
7 Fa a ne a le mo nameng, Jesu o ne a senola bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa poifomodimo ka boikanyego. Re bala jaana mo go 1 Petere 2:21-24: “Gonne Keresete le èna o bogile botlhoko mo boemoñ yoa lona, a lo tlogèlèla sekaō, gore lo tsamaeè mo dikgatoñ tsa gagwè: Eo o se kañ a diha boleo bopè, le boherehere bo se kañ yoa hitlhèlwa mo molomuñ oa gagwè: Eo e rileñ a kgōywa, a se ka a ba a kgōba; eo e rileñ a boga botlhoko, a se ka a bōpa; me a ineèla hèla mo go eo o atlholañ ka tshiamō: Eo e leñ èna ka esi o belegeñ dibe tsa rona mo mmediñ oa gagwè a le mo setlhariñ, gore rona, ka re shule kaga dibe, re tlè re tshelèlè tshiamō.” Abo go tlhatlhanya ka botshelo jwa ga Jesu, go re kgothatsa jang ne go latelela poifomodimo, go boloka bothokgami, le go tshelela tshiamo fela jaaka ene!
8. Re ka tshelela tshiamo jaaka Jesu a dirile jang?
8 Eleruri Jesu o ne a tshelela tshiamo. Pesalema 45:7 e ne ya perofesa jaana ka ene: “U ratile tshiamō, ua ila boikèpō.” Moaposetoloi Paulo o ne a bua jaana fa a ne a dirisetsa mafoko ao mo go Jesu, mo go Bahebera 1:9: “U ratile tshiamō, me ua ila boikèpō.” Fa re tlhaloganya bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa poifomodimo, a rona jaaka Jesu ka metlha re rate tshiamo re ile boikepo. Mo boitsholong jwa Bokeresete, joo gompieno bo tlhasetsweng fela thata ke lefatshe la ga Satane, le mo ditirisanong tsotlhe tsa rona le ba ba ka mo teng le ka kwantle ga phuthego ya Modimo, a re swetseng go tshelela tshiamo, re goletsa melaometheo ya ga Jehofa ya tshiamo. Mme a re tsweleleng re ipelela Lefoko la Modimo e le gore re tle re nne le temogo ya Modimo eo re e tlhokang go ganela maano otlhe a ga Diabolo!
9. Ke eng seo se neng sa oketsa botlhaga jwa ga Jesu mo bodiheding, mme seno se ne se kopanyeletsa eng malebana le badisa ba ditumelo tsa maaka?
9 Sengwe se se oketsegileng se ne sa tlhotlheletsa Jesu gore a nne tlhaga mo bodiheding jwa gagwe. E ne e le eng? Re bala jaana mo go Mathaio 9:36: “Me ea re a bōna machutichuti a batho, a ba tlhomogèla pelo, ka ba patikegile ba gasagasame, yaka dinku tse di senañ modisa.” Ka jalo Jesu o ne a “simolola go ba ruta dilō di le dintsi.” (Mareko 6:34) Go ne go kopanyeletsa gape sengwe seo se leng botlhokwa, eleng go senola boikepo le go sa direng go ya ka molao ga badisa ba bodumedi jwa maaka. Go ya ka Mathaio 15:7-9, Jesu o ne a raya bangwe ba bone a re: “Baitimokanyi ke lona, Isaia o boletse sentlè kaga lona, a re, Chaba e, e ntlotla ka dipounama; me dipelo tsa bonè di kgakala le nna. Me ba nkōbamèlèla lehèla, ka ea tle e re ba ruta, dithutō tsa bōnè e be e le dipolèlō tsa batho hèla.”
Bosaitsiweng jo bo Boikepo
10. Gompieno, “bosaitsiweñ yoa boiphèhèrō mo molaoñ” bo remeletse mo go bomang, mme ba na le molato wa eng?
10 Fela jaaka Jesu a ne a bua kgatlhanong le baeteledipele ba bodumedi jwa maaka, le rona gompieno re kgala bosaitsiweng joo bo farologaneng gotlhelele le bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa poifomodimo. Paulo mo go 2 Bathesalonia 2:7 o ne a bo bitsa “bosaitsiweñ yoa boiphèhèrō mo molaoñ.” E ne e le bosaitsiweng mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. ka gonne bo ne jwa seka jwa senolwa go fitlha morago ga loso lwa baaposetoloi. Gompieno, bo remeletse mo baruting ba La-Bodumedi, bao ba kgatlhegelang thata dipolotiki go na le go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa gagwe jwa tshiamo. Ba tletse boitimokanyo botlhe. Baefangele ba thelebishene ba dikarolo tsa La-Bodumedi tsa Boporotesetanta ke sekai se se tlhomologileng: baitimokanyi bao ba thukhuthang matsomane a bone madi, ba aga dikago tse dikgolo tsa dimilionemilione tsa diranta, ba tsalana le diaka, ba lela dikeledi tsa mathe fa ba senolwa, ba ntse ba kopa madi ba sa kgaotse, ka metlha ba batla madi a a oketsegileng. Vatican ya Roma Katoliki le yone e na le mekgwa e e tshwanang e e sa itumediseng, ya go tsalana le boradipolotiki e sa tshwanela, boikgodiso, le mekgwa e e seng ya kafa molaong ya tiriso ya madi a dibanka.
11. Ke eng seo se tla diragalelang baruti ba La-Bodumedi le Babelona o Mogolo ka kakaretso?
11 Ga go gakgamatse go bo setlhopha sa baruti ba La-Bodumedi se ka supiwa e le “monna oa boleo”! (2 Bathesalonia 2:3) Karolo eno e e kwa godimo ya Babelona o Mogolo wa sekaseaka e tla senolwa e bo e senngwa, gammogo le bodumedi jotlhe jwa maaka. Jaaka re bala mo go Tshenolō 18:9-17, boradipolotiki le borakgwebo (gammogo le boradibanka) ba tla mo lelela ba re: “Iya! Iya wè! a motse oa mogolo!” Babelona o Mogolo le masaitsiweng a gagwe o tla bo a beilwe mo pepeneneng, a farologana gotlhelele le seo se sedifatsang bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa poifomodimo.
12. Go rata ga ga Jesu tshiamo go ne ga dira gore a dire eng?
12 Go rata ga ga Jesu tshiamo le go ila ga gagwe boikepo go ne ga mo dira gore a dire ka natla mo kobamelong ya boammaaruri. Mo loetong lwa gagwe lwa ntlha kwa Jerusalema jaaka Morwa yo o tloditsweng wa Modimo, Keresete o ne a leleka barekisi le bao ba neng ba ananya madi mo tempeleng, a bua jaana: “Tlosañ dilō tse ha; se ntsheñ ntlo ea ga Rrè ntlo ea thèkèlō.” (Yohane 2:13-17) Mo loetong lwa gagwe lwa moragonyana kwa tempeleng, Jesu o ne a raya Bajuda bao ba neng ba mo ganetsa a re: “Lo ba rra eno diabolo, le dithatō tsa ga rra eno ke cōna tse lo ratañ go di diha. Èna o sa le a nna mmolai le mo tshimologoñ, me a se ka a èma mo boamarureñ, ka go ne go sena boamarure mo go èna. E re ha a bua maaka, o bua mo e leñ ga gagwè, gonne ke moaki, le rra aōna maaka.” (Yohane 8:44) Abo Jesu a ne a bontsha bopelokgale jang ne mo go boleleleng badumedi bao mo matlhong gore e ne e le baaki le barwa ba ga Diabolo!
13. (a) Go ila ga ga Jesu boikepo go tlhalosiwa kae segolo bogolo? (b) Ke ka ntlhayang fa baruti ba ba boikepo ba tshwanelwa ke katlholo e e tshwanang le eo Jesu a neng a e digela bakwadi le Bafarisai?
13 Go ila ga ga Jesu boikepo ga go kake ga tlhalosiwa botoka go gaisa fa a ne a kgala bakwadi bao ba sekadinoga ba Bafarisai, jaaka go kwadilwe mo go Mathaio kgaolo 23. Koo o ne a bua gore ba ‘latlhegile’ ka makgetlo a le supa, a ba tshwantsha le diphuphu tse di sweufaditsweng—tseo di tletseng ka bomaswe bongwe le bongwe, boitimokanyo, le boikepo.’ Abo Jesu a ne a eletsa go golola batho mo boikepong joo jang ne! “Yerusalema wè! Yerusalema wè!,” o ne a tlhaeletsa jalo, “eo o bolaeañ baperofeti, a kgobotletse ba ba romilweñ kwa go èna! Ke ratile gantsintsi yañ go phutha bana ba gago, hèla yaka koko e tle e phuthe mamphorwana a eōna mo diphukeñ tsa eōna, me lo ganne! Bōnañ, ntlo ea lona lo e tlogelecwe e ropehetse hèla.” (Ditemana 37, 38) Baruti ba ba boikepo ba motlha wa rona ba tshwanelwa ke katlholo e e tshwanang ka gonne, go ya ka mafoko a a mo go 2 Bathesalonia 2:12, ‘ga ba dumele boammaaruri mme ba natefelwa ke tshiamololo.’ Boikepo jwa bone ke sengwe se se leng kgatlhanong fela thata le poifomodimo eo Jesu a neng a e supa ka boikanyego fa a santse a le mo lefatsheng.
Go Bolela Dikatlholo tsa Modimo
14. Go anaanela bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa poifomodimo go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go dira eng?
14 Go anaanela ga rona bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa poifomodimo go tshwanetse ga re dira gore re latele dikgato tsa ga Jesu. Jaaka ene, re tshwanetse go nna tlhaga mo go boleleng seo Isaia 61:2 e se tlhalosang jaaka “ñwaga o o lebosègañ oa ga Yehofa, le letsatsi ya pusholoshō ya Modimo oa rona.” Mme a re direng seabe sa rona ka botlhaga re “gomotsa botlhe ba ba hutsahetseñ.” Gompieno fela jaaka fa Jesu a ne a santse a le mo lefatsheng, re tlhoka go nna pelokgale go bolela dikatlholo tsa ga Jehofa, go akareletsa melaetsa e e nonofileng mo ditlhogong tse di tlhamaletseng tsa Tora ya Tebelo le tse di mo bukeng Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse! Re tshwanetse go rera ka bopelokgale le ka botlhale, puo ya rona e “lokilwe ka lecwai” gore e natefele bao ba ratang tshiamo. (Bakolosa 4:6) Fa jaanong re ithutile mo sekaong sa ga Jesu sa poifomodimo, a le rona re direng gore ka nako e e tshwanetseng re kgone go bega gore re weditse tiro eo Jehofa a e re neileng.—Mathaio 24:14; Yohane 17:4.
15. Go ile ga nna ga diragala eng fa esale ka 1914 malebana le bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa Modimo?
15 Abo Jesu e ne e le Sekao se se molemo jang ne fa a santse a le mo nameng! Abo bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa poifomodimo bo ile jwa diragadiwa ka phepafalo fela jang ne mo go ene! Abo a ile a godisa leina la ga Jehofa ka bopelokgale jang ne! Mme abo Rraagwe Jesu a ne a mo duela ka mo go gakgamatsang jang ne ka go bo a ile a boloka bothokgami mo botshelong jwa gagwe! Mme go santse go na le go le gontsi ka bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa Modimo. Re ntse re tshela mo ‘letsatsing la Morena’ fa esale ka 1914. (Tshenolō 1:10) Jaaka Tshenolō 10:7 e bolela, ke nako ya ‘go wediwa ga bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa Modimo go ya ka mafoko a a molemo.’ Mantswe a selegodimo jaanong a setse a ile a tlhaeletsa jaana: “Bogosi yoa lehatshe bo dihegile bogosi yoa Morèna [Jehofa] oa rona, le yoa ga Keresete oa gagwè: me o tla busa ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.” (Tshenolō 11:15) Jehofa o tlhomile Kgosi ya Bomesia, Jesu Keresete, mo setilong sa gagwe se se galalelang sa bogosi gore e buse le Ene!
16. Kgosi e e neng e sa tswa go tlhongwa bosha, Jesu Keresete, e ne ya supa jang ka bonako fela kwa legodimong fa e na le tlotlo mo bomodimong?
16 Jaaka yo o busang le Modimo mo Bogosing jo bo tsetsweng sesha, Jesu gape o bidiwa Mikaele (moo go rayang, “Ke Mang yo o Tshwanang le Modimo?”). Ga go setsuolodi se se santseng se ka atlega go nna jaaka Modimo, mme Kgosi e e sa tswang go tlhongwa e ne ya bontsha seno ka bonako ka go digela Noga ya bogologolo, Satane, le baengele ba gagwe mo lefatsheng. (Tshenolō 12:7-9) Ee, Jesu o rata gore go nne le bomodimo kwa legodimong, fela jaaka a ne a supa poifomodimo fa a santse a le mo lefatsheng. Jesu Keresete yo o galaleditsweng ga a kitla a ikhutsa pele a nyeletsa bodumedi jwa maaka, le go senya phuthego ya ga Satane e e bonalang le e e sa bonaleng gotlhelele.
17. Go ile ga nna ga diragala eng fa esale ka 1914 e le seo se diragatsang Mathaio 25:31-33?
17 Fa esale ka 1914 go diragadiwa ga boperofeti jo e leng jwa ga Jesu jo bo mo go Mathaio 25:31-33 go ne ga sedifatsa bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa Modimo. Jesu o ne a bua jaana: “Me e tla re Morwa Motho a tla ka kgalalèlō ea gagwè, a na le baengele botlhe, hoñ o tla dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō; Me merahe eotlhe e tla phuthèlwa ha pele ga gagwè. Me o tla ba kgaoganya bañwe mo go ba bañwe, yaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi; Me dinku o tla di baea kaha lecogoñ ye legolo, me dipodi kaha go ya molèma.” Go tswa kwa boemong jono jo bo kwa godimo kwa legodimong, Kgosi eno e e galaleditsweng, Moatlhodi, le Mmueledi wa poifomodimo o tla ipusolosetsa, pele mo monneng wa boleo le dikarolo tse dingwe tsa Babelona o Mogolo, mme morago mo dikarolong tse di setseng le mo go basekadipodi bao ba tshegetsang phuthego ya selefatshe e e boikepo ya ga Satane. Ka nako eo Satane o tla bo a latlhetswe mo moleteng. (Tshenolō 20:1-3) Mme “basiami” ba sekadinku ba tla ya botshelong jo bo sa khutleng. (Mathaio 25:46) A go latelela ga gago poifomodimo go go beye mo setlhopheng seo sa basiami!
18. Ke tshiamelo efe e e ipedisang eo re nang le yone malebana le bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa poifomodimo?
18 Tshenolō 19:10 e re kgothaletsa go “ōbamèla Modimo.” Ka ntlhayang? Lokwalo loo lo tswelela ka go re: ‘Gonne go supa ka Jesu go tlhotlheletsa perofeso.’ Ka jalo boperofeti jo bontsi jo bo tlhotlheleditsweng jwa metlha ya bogologolo bo ne jwa naya bosupi ka Jesu! Mme jaaka boperofeti jono bo ntse bo diragadiwa, bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa Modimo bo bonala sentle fela ka phepafalo. Ka gone, re ipelela, go bo re itse gore bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa poifomodimo jaanong bo bontshitswe ka Jesu. Mme abo re na le tshiamelo e kgolo jang ne go bo re latela dikgato tsa gagwe jaaka badihedi ba ba boikobo ba Bogosi jwa Modimo. Ee, re tlotlomaditswe ka re na le seabe mo go tlhaloganyeng le go boleleleng botlhe bosaitsiweng jwa Modimo ka mafoko a a molemo!
O ne O ka Araba Jang?
◻ Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Jesu sa poifomodimo?
◻ Re ka tshelela tshiamo jang jaaka Keresete?
◻ Ke bosaitsiweng bofe jo bo boikepo joo bo farologanang gotlhelele le bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa poifomodimo?
◻ Go anaanela ga rona bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa poifomodimo go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go dira eng?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Jaaka mmueledi wa poifomodimo le mmoledi yo o tlhaga wa Bogosi, Jesu o ne a ka raya Pilatwe a re: “Ke tletse gōna mouō mo lehatshiñ, gore ke shupè kaga boamarure”
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Jesu o ne a supa poifomodimo ya gagwe fa a ne a kgala bakwadi le Bafarisai