O ka Kgona Jang—Go Itekanela Sentle mo Mmeleng le go Itumela?
MOTHO ga a bolo go lemoga kafa go itekanela sentle mo mmeleng go amanang thata ka gone le go itumela. Hippocrates, yo go neng go akanngwa gore ke “mosimolodi wa melemo,” o ne a bolela jaana: “Motho yo o botlhale o tshwanetse go tsaya boitekanelo jwa mmele jaaka lesego le legolo tota le batho ba nang nalo.” Motlhalefi wa Mojeremane Arthur Schopenhauer o ne a akgela jaana: “Baba ba bagolo ba ba dirang gore batho ba se ka ba itumela ke bolwetsi le bodutu.”
Mo bukeng Anatomy of an Illness as Perceived by the Patient, Norman Cousins o ne a bolela kafa a neng a dirisa setshego ka gone go lwa le bolwetsi jo bo neng bo batla go mmolaya. O ne a bolela gore dingwe tsa dilo tse di dirileng gore a fole ke go nna a tshegela kwa teng ka nako ya fa a ne a lebile dibaesekopo tse di tshegisang. Dingaka dingwe tse di itsegeng di simolotse go tlhatlhoba fa dikemikale, tse di bidiwang endorphins, tse mmele o di ntshang fa re tshega di ka se ka tsa re thusa. Tota re ka kgona go bona botlhale jo bo mo seaneng seno se se tlhotlheleditsweng: “Pelo e e nntseñ mokete ke kalahō e e molemō.”—Diane 17:22.
Lefa go le jalo, go farologana le seo, babatlisisi ba lemogile gore lefa o itekanetse sentle mo mmeleng ga go tlhomamise gore o tla itumela, ka go bo batho ba bantsi ba ba itekanetseng sentle mo mmeleng ga ba a itumela. Patlisiso nngwe e e neng e thailwe mo go seo batho ba ba fetang 100 000 ba neng ba se bolela fa ba ne ba bodiwa le fa go ne go buisanngwa le bone, e ne ya dira gore Jonathan Freedman a konele ka tsela eo e neng e sa lebelelwa ya gore 50 lekgolong ya batho ba ba neng ba sa itumela mo botshelong totatota ba ne ba itekanetse mo mmeleng.
Boitekanelo le Boitumelo—Ka Bokhutshwane
Ke kwa kae he koo re ka lebang gone go bona gore boitekanelo le boitumelo di amana jang? Confucius o ne a bolela selo seno se se itumedisang thata makgolokgolo a dingwaga a a fetileng: “Puso e e molemo e kgona go atlega fa bao e ba busang ba itumetse, mme ba ba kgakala le yone ba eletsa go tla mo go yone.” Mo dingwageng tse di seng kgakala thata le tseno tsa rona, poresidente Thomas Jefferson o ne a bolela gore boikaelelo bo le bongwe fela jwa puso ke “go dira gore boidiidi jwa batho bao e ba busang ba itumele ka selekanyo se se kwa godimo thata.”
Ebile tota, fa go sekasekiwa ka kelotlhoko go fitlhelwa gore puso ke yone fela e e ka kgonang go khutlisa go batla ga batho tsela e ba ka itekanelang ka yone mo mmeleng le go bona boitumelo.
Motho ga a bolo go leba kwa go yone go ralala dingwaga—a lebile gore puso—e tla mo leretse boitumelo. Ka sekai, United States Declaration of Independence e na le mafoko ano a a itsegeng thata: “Re tsaya gore boammaaruri jono bo naya bosupi ka bojone, gore batho botlhe ba bopilwe ba lekana, le gore Mmopi wa bone o ba file Ditshwanelo tse ba ka se kang ba di amogiwa ke ope, tseo Botshelo, Kgololesego le go batla Boitumelo di leng dingwe tsa tsone.” Ela tlhoko gore puso e e neng e lebeletswe pele eo e ne e solofetsa batho ba e tla ba busang gore e tla ba naya tshwanelo ya go nna ba itumetse. Fa go tla mo kgannyeng ya go itekanela mo mmeleng, dipuso tse dintsi di ka akgolelwa go bo di ile tsa tshegetsa dithulaganyo tseo di tokafatsang boitekanelo jwa baagi ba tsone. Lefa go ntse jalo batho ba le bantsi ga ba a ka ba bona boitekanelo ka kakaretso.
Lefa go le jalo go tweng ka puso e e solofetsang le eleng dilo tse di fetang tseo? Go tweng fa e le gore ga e solofetse fela gore e tla ba batlela ditsela tsa gore ba bone kagiso mme gore e tla lere kagiso ka boyone? Mme go tweng fa e le gore ga e tlhomamise fela fa e tla dira gore batho ba itekanele, mme e solofetsa go lere boitekanelo ka bojone? A o ne o ka se ka wa itumelela gore jaanong yone e tla dira gore batho ba itekanele mo mmeleng le go bona boitumelo?
Bontsi gompieno bo ka nna jwa akanya gore seo ke toro e e ka se kang ya diragala, lefa go le jalo puso e e ntseng jalo e ile ya bolelelwa pele mme ebile e tlhalosiwa ka botlalo. Re ka bona tshedimosetso e re ka e ikanyang tota mo Bibeleng E E Boitshepo, mme puso eo ke Bogosi jwa Modimo jwa Bomesia.
Bogosi, kana Puso, ya Modimo
Bibela e bua thata ka “bogosi yoa Modimo.” Mme tota jone ke eng? Webster’s New World Dictionary of the American Language e tlhalosa “bogosi” jaaka “puso kana naga e e busiwang ke kgosi kana kgosigadi.” Fa seo se bewa motlhofo fela, Bogosi jwa Modimo ke puso, puso ya segosi e e busiwang ke Morwa yo o tloditsweng wa Modimo yo ebileng e le Kgosi ebong Jesu Keresete. Tota puso eno e botlhokwa go le kana kang mo boikaelelong jwa Modimo? A mafoko ano a ga Jesu a arabe: “Batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè . . . Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe. . . Ke na le go rèrèla metse e meñwe Mahoko a a Molemō a bogosi yoa Modimo. . . . Mahoko a a Molemō a bogosi yoa Modimo a nntse a rèrwa, me moñwe le moñwe o tsèna mo go yōna ka go ikeka.”—Mathaio 6:33; 24:14; Luke 4:43; 16:16.
Lefoko “bogosi” le dirisiwa ka makgetlo a a fetang a le lekgolo mo dipegong tsa Efangele tsa botshelo jwa ga Jesu, mme ka dinako tse dingwe le umakiwa le amana thata le boitekanelo le boitumelo. Ela tlhoko, Mathaio 9:35: “Me Yesu a tlhatlologanya metse le metsana eotlhe, a èta a ruta mo matluñ a bōnè a thutō, a rèra Mahoko a a Molemō a bogosi, a hodisa dipobolō diñwe le diñwe cotlhe, le malwetse mañwe le mañwe aotlhe hèla.” Lemororo Jesu a ne a fodisa batho malwetsi a mmele a ntse a rera mafoko a a molemo a Bogosi, re tshwanetse go ela tlhoko gore go fodisa go ne go tla morago ga go rera le go ruta. O ne a itsege jaaka “Moruti,” eseng “Mofodisi.” (Mathaio 26:18; Mareko 14:14; Yohane 1:38) O ne a sa tshwarega thata ka go fodisa batho kana go tlhokomela balwetsi. O ne a amega thata ka Bogosi ka metlha. Fa a ne a fodisa batho o ne a supa fela gore o ba rata thata le go supa gore Modimo o ne o mo ema nokeng.
Go fodisa goo Jesu a neng a go dira e ne e le sesupo fela sa seo a neng a tla se dira fa Bogosi jwa Modimo bo tla bo bo busa lefatshe ka botlalo. Seno se gatelelwa ke ponatshegelo eno e e tlhalosiwang mo go Tshenolō 22:1, 2: “Me a mpontsha noka ea metse a botshelō, e galalèla yaka legwèka, e cwa mo setuloñ sa bogosi sa Modimo le sa ga Kwana, E le mo gare ga mmila oa motse. Me moseya ono ga noka, le moseya ole, ga bo go le setlhare sa botshelō, se se uñwañ mauñō a le mehuta e le shomè le bobedi, se uñwa ka kgwedi ñwe le ñwe: me makakaba a setlhare e ne e le a a hodisañ merahe.”
Mme re tlile go kgona go itumelela seno kae? Go ka nna ga lebega e le selo se se ka se kang sa kgonega gore re ka lebelela go fodisiwa ka tsela e e molemolemo jalo mo lefatsheng. Lefa go ntse jalo, gakologelwa mafoko ano a ga Jesu ao le wena o ka tswang o kile wa a bua fa o rapela: “Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.”—Mathaio 6:10.
Ka gone, Bogosi jwa Modimo jwa Bomesia ke jone jo bo tla diragatsang tsholofelo ya rona ya mmatota, eo re e solofetseng ya go itekanela mo mmeleng le go bona boitumelo mo isagweng. Lefa go ntse jalo go santse go na le potso nngwe.
A Re Ka Kgona go Itekanela mo Mmeleng Ra Bo Ra Itumela le Jaanong?
Le gone jaanong, re ka kgona go ipela le go itekanela mo mmeleng ka selekanyo se se kwa godingwana, le go itumela ka tsela e kgolwane fa re latela melaometheo ya Bibela. Fela jaaka go ile ga nna ga supiwa kgapetsakgapetsa mo ditsebeng tsa lokwalopaka lono, bao ba dirisang Bibela mo matshelong a bone gantsi ba sirelediwa mo mathateng a boitekanelo a a bakiwang ke boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo, go goga, go nwa thata, le go sa diriseng diokobatsi sentle. Gape ba itumelela go tshela botshelo jo bo ritibetseng le go tshedisana sentle le bamasika a bone le ba bangwe.
Lefa go ntse jalo, re setse re bone gore go itekanela sentle mo mmeleng totatota ga go dire gore motho a itumele ka dinako tsotlhe. O tshwanetse go dira eng gore o kgone o itumela ka selekanyo se segolwane?
Mo patlisisong e e setseng e umakilwe, Jonathan Freedman o ne sekaseka kgang eno thata. O ne a tlhatlhoba dikarolo tse di tshwanang le “Lorato le Tlhakanelodikobo,” “Bosha le Bogolo,” “Madi A A Amogelwang ke Modiri le Thutego,” le eleng “Toropo le Motse.” O ka nna wa kgatlhiwa ke go itse gore o ile a fitlhela gore dilo tseno ga di ame boitumelo jwa motho mo go kalo. Ka sekai, fa a ne a umaka batho ba ba nang le dilo tse dintsi tse di bonalang mme ba ne ba ntse ba sa itumela, o ne a konela jaana: “Re setse re bone, mme ebile go lebega go gakgamatsa gore madi a motho a a bonang le yone thuto e lebega e sena seabe se se kalo mo go direng gore a itumele.”
Konelo e a neng a e dira e ne e tshwana le ya mokwadi mongwe yo o botlhale wa Bibela ebong moaposetoloi Paulo, yo a neng a bolela jaana: “Ke ithutile gore, leha ke ka nna mo popegoñ e e nntse[ng] yañ, ke bè ke itumèlè hèla mo go eōna.” (Bafilipi 4:11) Gakologelwa gape le mafoko ano a ga Jesu: “Tlhokomèlañ, lo bo lo itisè mo bopelotshetlheñ: gonne botshelō yoa motho ga boa èma mo letlotloñ ya dithoto tse o nañ nacō.”—Luke 12:15.
Eleruri, Porofesa Freedman o ne a fitlhela go ntse jaana: “Nako le nako fa re sekaseka dipolelo tsa batho ba ba sa itumelang bao ba lebegang ba na le sengwe le sengwe, re fitlhela ba akgela ka gore matshelo a bone ga a na bokao le boikaelelo bope.” O ne a oketsa jaana: “Ga ke batle go itlhaganelela go bua thata kaga seno, mme go lebega gore dilo tsa botlhokwa tsa semoya di lebega di kgona go tlhotlheletsa maikutlo a motho mo dilong tsa mmatota mo botshelong, mme fa motho a sena tsone go a senya kana go fokotsa boleng jwa sengwe le sengwe.”
Mo motlheng ono wa rona re bona kafa dikakgelo tseno di leng boammaaruri ka gone. Leba fela go go dikologa. A ga o bone gore mo e ka nnang batho botlhe—bangwe e le ba ba senang sepe, bangwe ba na le dilo tse dintsi—ba batla boitumelo mme ba sa bo ipelele go le kalo? Eleruri, ba bangwe ba ineetse go tshela fela go ya ka maemo ao ba leng mo go one mme ba tshela fela ba itlhobogile, lefa go le jalo bangwe ba tshela fela jaaka ekete ba dira mo lootwaneng le le dikolosiwang la tshilo, ba tlhola ba siane, mme ba se ka ba tshwara sepe sa dilo tse ba di batlang. Ba bangwe ba a nyala gore ba bone boitumelo, lemororo baagelani ba bone ba tlhala ka lebaka le le tshwanang. Ba bangwe ba dira ka natla tota, fa ba bangwe ba tlogela ditiro tsa bone ba bo ba tsaya boikhutso jo boleele jo bo tsayang madi a mantsi. Botlhe ba batla dilo dingwe tse ba sa di boneng, go itekanela mo mmeleng le boitumelo. A ba a di bona? A o di bone?
Go Itekanela mo Mmeleng le go Itumela
Boammaaruri ke gore o ka kgona go itekanela mo mmeleng ka selekanyo se segolo wa bo wa itumela le jaanong. Jang?
Eleruri go botlhale go leka go tlhokomela boitekanelo jwa gago ka tsela e e lekalekaneng, jaaka go dirisa kgakololo e e molemo ya Bibela. E tla go thusa gape gore o lebe dilo tota kafa di ntseng ka teng. Seo se akaretsa go lemoga gore mebele ya rona e e sa itekanelang e ka tlhaselwa ke bolwetsi, lefa go le jalo ga re kitla re tshwenyega maikutlo thata fa seo se direga. Seno se ka batla gore re dire maiteko a mangwe gape a gore re nne le boikutlo jwa go solofela dilo tse di molemo jaaka re ntse re lebile pele gore go diragadiwe tsholofetso ya go newa boitekanelo jo bo tletseng jwa mmele mo lefatsheng le lesha le le tlang.
Fa o batla go bona gore a o itumetse ka selekanyo se se kgotsofatsang jaanong, ipotse dipotso tseno: 1. A tota ke laola botshelo jwa me? 2. A ruri ke na le kagiso ka bonna mmogo le ba ke tshelang le bone? 3. A ka kakaretso fela ke itumelela dilo tseo ke di fitlhelelang mo botshelong fa ke di leba go ya ka Bibela? 4. A nna le lelapa la me re itumelela go bo re kgona go direla Modimo?
Totatota wena ke wena o tshwanetseng go tlhopha. Bontsi jwa rona bo ka tswa bo itekanetse sentle mo mmeleng, mme gape bo ka itumela. Mme re tshwanetse go nna le mekgele ya semoya mme re leke go dira gore re e fitlhelele. Gakologelwa mafoko ano a ga Jesu: “Kwa khumō ea gago e gōna, pelo ea gago le eōna e tla nna hèla gōna.” (Mathaio 6:21) Mme re na le lebaka le le thailweng mo Bibeleng la go lebelela gore re tla itekanela le go bona boitumelo jo bogolwane mo pusong e e siameng ya Bogosi jwa ga Mesia. Ka nako eo re tla kgona go itekanela mo mmeleng le go itumela ka botlalo.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Batho ba ba itumetseng ba itumelela go bolelela ba bangwe ka tsholofelo ya bone ya go itekanela sentle mo mmeleng