LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 8/15 ts. 8-12
  • Go Batla Kgololesego kwa Senegal

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Batla Kgololesego kwa Senegal
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • ‘Jehofa O Batla Kago Eno E Nne ya Lona’
  • Mo Tshimong le Barongwa
  • Go Gololwa go Tswelela Pele ka Bodihedi jwa Nako E E Tletseng
  • Go Nyala Basadi Ba Bantsi go Thulana le Mokgwa wa Bokeresete wa go Nyala Mosadi A Le Mongwe
  • Go Itshireletsa ka Ditlhare go Thulana le Kobamelo ya Boammaaruri
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 8/15 ts. 8-12

Go Batla Kgololesego kwa Senegal

GO TSWA fela mo lotshitshing lwa Dakar, moshate wa segompieno wa Senegal, go na le Setlhaketlhake se sennye sa Gorée. Mo go sone go na le sengwe seo se gakololang karolwana e e botlhoko thata ya hisitori—ntlo ya makgoba e e neng ya agiwa ka 1776.

Ke nngwe ya matlo a mantsi a a ntseng jalo ao go neng go tsenngwa makgoba a ka nna 150 go ya go a le 200 mo go one a le leswe jalo ka dikgwedi tse di ka nnang tharo pele a ka isiwa kwa dinageng tse di kwa kgakala ka sekepe. Malapa a ne a kgaoganngwa, maloko a one a ne a kgaoganela ruri; rre o ne a ka nna a isiwa kwa Louisiana kwa Amerika Bokone, mmè kwa Brazil kana Cuba, mme bana ba isiwa kwa Haiti, Guyana, kana Martinique. Abo seo e ne e le go tlhokomologa kgololesego ya batho jang ne! Seno se gakolola ka tsela e e nonofileng gore kgololesego ke tshiamelo e e botlhokwatlhokwa eo batho ba iseng ba ko ba e bone.

Ke ile ka utlwa seno go tswa mo boroutšhareng ya bajanala eo ke neng ke e bala fa ke le mo sefofaneng se se neng se ya kwa Senegal, naga e e kafa bophirima thata ya Afrika Bophirima. Naga e e omileng ya Senegal e dikologilwe ke dikaka kafa bokone le kafa botlhaba le sekgwa se se kitlaneng kafa borwa. Fano o fitlhela ditlhare tse dikgolo tsa bogologolo tsa moana, ka maungo a tsone a a eletsegang a a bidiwang senkgwe sa tshwene, seo lobebe lwa tatariki lo dirwang ka sone. Naga eno gape e tletse ditshwene le dinonyane tse di mebala le metse e e agilweng ka botswerere e e leng mo ditlhareng tsa menku.

Ke ne ka itsheega mo setulong ka iketla ka akanya ka loeto lo ke sa bolong go lo emela lono lo lo neng lo tla dira gore ke tsene kwa Afrika Bophirima. Gompieno, Senegal, e e nang le baagi ba le dimilione di le supa ba ba tswang mo merafeng e e farologaneng jaanong e gololesegile ka botlalo. Mme gone a tota motho a ka gololesega, lefa go ntse jalo a santse a le mo bokgobeng jwa ditiro dingwe le tumelabotlhodi tseo di dirang gore a se ka a bo a gololesegile tota? Ke ne ke tlhoafaletse thata go kopana le bakaulengwe ba me ba semoya mme ke ikutlwele go tswa mo go bone ka namana gore boammaaruri jo bo gololang batho bo ntse bo gatela pele jang mo karolong eo ya lefatshe.—Yohane 8:32.

‘Jehofa O Batla Kago Eno E Nne ya Lona’

Se ke neng ke tlile go se dira la ntlha mo thulaganyong ya me e ne e le go etela ofisi ya lekala la Watch Tower le ntlo ya barongwa kwa Dakar. Fa re goroga mo kagong eno e e lebegang e le ya segompieno e e neng e le mo karolong e e didimetseng, ke ne ka bona J yo mogolo kafa pele. Potso ya me ya ntlha fa ke tsamaisiwa mo ofising eo ya lekala e ne ya nna gore tlhaka J e emela eng.

“Go kgatlhisa tota,” motho yo o ntsamaisang o ne a tlhalosa. “Fa re ne re batla kago e kgolwane ya lekala ka 1985, re ne ra tla fa kagong eno, e santse e agiwa. Mme re ne ra akanya gore e ne e le kgolo thata go ka e dirisa. Fa mong wa yone a ne a utlwa gore re Basupi ba ga Jehofa, o ne a batla gore re hire kago eno, ereka a ne a itse gore re a ikanyega. ‘Ke tlhomamisega gore Modimo wa lona, Jehofa, o batla kago eno e nna ya lona,’ o ne a bolela jalo. ‘Ebu bonang! Go na le J o mogolo fa pele! Fa ke ne ke laela gore e bewe foo, ke ne ke akanya gore o emela leina la me John, mme jaanong ke tlhomamisega gore ke leina la Modimo ebong Jehofa!’ Re sale re ntse re itumelela go nna mo kagong eno ka dingwaga tse tlhano tse di fetileng.”

Morago ga foo ke ne ka batla go itse gore tiro ya go rera e simologile jang mo Senegal.

“Metsi a a gololang a boammaaruri a ne a tlisiwa mo Senegal kwa tshimologong ya bo 1950 ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa go tswa kwa Fora a tlile go dira koo ka lobakanyana. Go ne ga bulwa ofisi ya lekala ka 1965 kwa Dakar gore e tlhokomele tiro mo dinageng tseo di neng di bua Sefora tsa Senegal, Mali, le Mauritania, mmogo le naga eo go buiwang Seesemane mo go yone ya Gambia. Re sale re ntse re tlhokometse tiro gape kwa Guinea-Bissau, koo go buiwang Sepotokisi teng go tloga ka 1986.”

Ereka ke ne ke tlhokometse gore 90 lekgolong ya baagi ba fano e ne e se Bakeresete, ke ne ka botsa gore go dirilwe kgatelopele e e kana kang. “Ke boammaaruri gore bontsi jwa batho ba ba mo dinageng tseno ga bo a tlwaelana le Bibela,” motho yo o ntsamaisang o ne a bolela, “mme tiro e ntse e tswelela pele ka bonya ka bonya. Ka January 1991 re ne ra itumelela go nna le baboledi ba Bogosi ba le 596. Seo se supa gore bakaulengwe ba mo lefelong leno le barongwa ba dira ka natla tota.”

“Ke utlwile gore go na le barongwa ba bantsi fano,” ke ne ka akgela jalo.

“Ee, re na le ba ba ka nnang 60 ba ba abetsweng go thusa mo ditshimong tse di farologaneng, mme ba tswa kwa dinageng di le 13. Ba dira ka natla tota mme ba dirile go le gontsi gore tiro e kgone go tlhomama. Moya ono o bonwa mo bakaulengweng ba mo lefelong leno ka ba rata boammaaruri le go nna tlhaga thata mo go jone. Lemororo ba na le mathata a go tlhoka tiro le dilo tse di bonalang, bakaulengwe ba bantsi ba senya diura di le 15 le go feta mo bodiheding jwa tshimo kgwedi le kgwedi. Re solofela gore o tla kopana le mongwe wa badiri ba ba tlhaga bano fa o etile.”

Ke ne ke ntse ke lebile pele go ba bona.

Mo Tshimong le Barongwa

Margaret (yo a sa bolong go dira tiro ya borongwa ka dingwaga tse di fetang 20 pele a swa bosheng jaana) o ne a ithaopela go tsamaya le nna kwa tshimong ya gagwe e e kwa gare ga toropo. Re ne ra pagama car rapide (koloi e e tsamayang ka bofefo) go utlwa fela kafa batho ba lefelo leo ba tshelang ka teng. Totatota e ne e le besenyana e e neng e ema kgapetsakgapetsa. E ne e rwala bapagami ba le 25, mme fa e le gore botlhe ba ne ba le basesanyane, loeto lo ne lo ka nna monate thata. Basadi ba babedi ba ke neng ke ntse le bone mo setulong ba ne ba le bakima tota, mme ke ne ka nyenya fela.

“Mo tshimong eno ya me ya mo toropong, o ka bona dilo tse dintsi tse di kgatlhisang,” Margaret o ne a tlhalosa jalo. “A o bona boramphatšhane bale ba ba mebalabala?” o ne a botsa, a supa ditafole dingwe tse di neng di le fa thoko ga tsela. “Ba dirwa ka matlalo a dinku le a dipodi a a tsentsweng mebala.” Re ne ra atamela batho ba ba dirang boramphatšhane bano, mme Margaret o ne a simolola go bua le bone ka puo ya bone eleng Se-Wolof. Ba ne ba reetsa ka tlhoafalo mme ba kgatlhiwa ke ditshwantsho tsa ga Adame le Efa tse di neng di le mo boroutšhareng e e mebalabala.

Go ise go e kae re ne ra atamelwa ke barekisi bao ba itsiweng fano jaaka banna ba ba-bana-bana, bao ba neng ba rekisa dilo tse dintsi tse di farologaneng. Bangwe ba bone ba ne ba tshotse mafeelo; bangwe ba re bontsha diaparo, dilotlele, melemo, dikgetsana tse dinnye tsa madi, dinamune, le eleng dinonyane tse di tshelang. Yo mongwe o ne a batla go nthekisetsa kora eleng seletso se se ditlhale se se dirilweng ka sego se se segilweng fa gare, se molala wa sone o dirilweng ka thobane; mme se tshamekiwa ka diatla tse pedi. Ke ne ka lemoga gore kafa morago ga sone go na le setshwantsho se sennye sa mamatlhwane se se dirilweng ka letlalo, lonaka lwa podi, le dikgapetla tse dinnye tsa go nna le “lesego.” Re ne ra tlhalosa gore ga re ne re reka sepe seo se kgabisitsweng ka ditshwantsho tseo di ka tswang di amana thata le tirisabadimo kana dingwao tse eseng tsa Bokeresete. Se se neng sa re gakgamatsa ke gore monna yono wa mo-bana-bana o ne a dumela, a supa gore e ne e le Momoselema. O ne a fitlha kora eno mo seaparong sa gagwe se setona se se neng se tsewa ke phefo, kana boubou, mme a reetsa ka kelotlhoko fa Margaret a mmontsha boroutšhara e e neng e kwadilwe ka Searabia. O ne a kgatlhega tota mo a neng a tsaya boroutšhara mme a simolola go e bala gone fela foo. Fa a sena go re leboga jalo a sa fetse, o ne a tsamaya le boroutšhara le kora e e neng e sa rekwa eo. Re ne ra tloga foo re tlhomamisegile tota gore o tla fitlha a ithuta boroutšhara eo fa a goroga kwa gae.

Moragonyana, ke ne ka bua le John, yo a sa bolong go nna morongwa ka dingwaga di le 20.

“Batho ba ba nnang fano ba botsalano thata, mme o kgona go bua le mongwe le mongwe yo o kopanang le ene,” John o ne a mpolelela jalo. “Tumediso e e tlwaelegileng ‘assalam alaikum’ e kaya ‘a kagiso e nne le wena,’ ebile batho ba bantsi ba rata kagiso. Naga eno ke ya teranga, kana ya go amogela baeng, mme go supiwa ke bopelonomi, le lorato, le boitumelo.” Ke ne ke kgona go tlhofofalelwa go bona lebaka la go bo Basupi ba bantsi ba babotlana ba ba tswang kwa dinageng di sele ba ne ba kgona go tlogela malapa a bone le ditsala go tla go dira mo tshimong eno ya borongwa.

Go Gololwa go Tswelela Pele ka Bodihedi jwa Nako E E Tletseng

Moya wa borongwa o tlhotlheletsa Basupi ba mo lefelong leno fela thata. Seno se bonala thata ka tsela e e kgethegileng gonne go tlhoka ditiro go go tletsetletseng go dira gore go tsena mo tirelong ya bobulatsela jwa nako e e tletseng e nne kgwetlho tota. Marcel le Lucien bao go ithuta Bibela go neng ga ba thusa go tlogela mekgwa e mentsi e e diphatsa, ba ne ba tlhalosa jaana:

“Re ne re batla go supa fa re leboga ka go tsena mo tirelong ya bobulatsela. Mme go ne go se motlhofo go bona tiro e e sa tseyeng letsatsi lotlhe. Re ne ra leka go dira mo ditshingwaneng, mme ga se ka ga kgonega. Go tlhatswetsa batho diaparo go ne go tsaya nako yotlhe ya rona. Jaanong re mo kgwebong ya go apaya senkgwe, mme re na le mabenkele mangwe ao re a isetsang senkgwe ka metlha, mme seo se dira sentle tota.” Go phepafetse sentle ba ne ba tshwanetse go nna le tumelo le go dirisa botlhale, mmogo le go dira maiteko tota, mme seno ke bosupi jwa gore go a kgonega go tsena mo tirelong ya nako e e tletseng le eleng lefa maemo a itsholelo a le thata.

Michel o ne a tsena kwa yunibesithing nngwe kwa Dakar fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolola go ithuta le ene Bibela. “Ke ne ke tshwenngwa maikutlo ke moya wa boitsholo jo bo maswe o baithuti ba bantsi ba neng ba na le one, ebile ke ne ke na le dipotso dingwe tse di neng di nkgakgamatsa,” o ne a anela jalo. “Ke ka ntlha yang fa motho e ne e le lekgoba la dilo le maemo a a neng a le kotsi mo go ene jaana? Bibela e ne ya nkaraba. Go ne ga nna jaaka ekete morwalo o o bokete o tlositswe mo magetleng a me. Lemororo batsadi ba me ba ne ba gatelela gore ke tswelele ka dithuto tsa me, ke ne ka nna mmulatsela yo o thusang mme ka bo ba ka nna mmulatsela wa ka metlha ka nako e ke neng ke ntse ke le mo yunibesithing ka yone. Ke fitlhela gore go rerela batho mafoko a a molemo jaaka mmulatsela go intumedisa thata go feta go batla thutego mo tsamaisong eno e e tla tlogang e fela.” Michel jaanong ke mmulatsela yo o kgethegileng kwa Mbour.

Go Nyala Basadi Ba Bantsi go Thulana le Mokgwa wa Bokeresete wa go Nyala Mosadi A Le Mongwe

Dingwao tsa mo lefelong leno ga se gantsi di dumalanang le melaometheo ya Bokeresete, mme seno se ka lere kgwetlho tota. Alioune, yo e leng molebedi yo o okamelang mo go nngwe ya diphuthego tse thataro tsa Basupi ba ga Jehofa tse di mo Dakar le tse di mo tikologong ya yone, o ne a anela jaana: “Ke ne ke na le basadi ba babedi fa ke simolola go utlwa boammaaruri jo bo gololang jono. Ereka ke ne ke le Momoselema yo o tlhaga, bodumedi jwa me bo ne bo ntetla gore nka nna le ba ba oketsegileng. Rre o ne a na le ba le bane, le bontsi jwa ditsala tsa me bo ne bo na le ba le mmalwa. Ke selo se se amogelwang mo Afrika.” Mme tsela eno ya botshelo e ne e ntse jang?

“Go nna le basadi ba bantsi go ka dira mathata tota,” Alioune o ne a tlhalosa, “segolobogolo fa go tla mo baneng. Ke na le bana ba le lesome le mosadi wa me wa ntlha le ba le babedi le wa bobedi. Bana ba ba mo malapeng a a ntseng jalo ga ba ke ba tlwaelana le rraabone ka jalo raabo ga a ba solegele molemo ka gope fa go tla mo go reng a ba thuse le go ba otlhaya gonne ba sa mo tlwaela. Mme ebile gape, go nna le basadi ba bantsi go ne ga se ka ga nthiba mo boakeng. Go na le moo, boikgapo, joo e leng leungo la moya wa Modimo, bo ile jwa kgona go dira jalo.” Ka jalo, Alioune o ne a dira eng?

“Ke ne ka busetsa mosadi wa me wa bobedi kwa lelapeng la batsadi ba gagwe,” o ne a tswelela, “mme ka ba tlhalosetsa ka botlhale gore ke ne ke sa dire seno ka go bo ke bone sengwe se se sa itumediseng mo go ene, mme e ne e le fela gore ke ne ke batla go dira kafa Modimo o batlang ka teng. Ke ne ka dira dithulaganyo tse di kgethegileng tsa go tlhokomela bana ba me senameng le semoyeng, mme ke itumelela go bo gompieno le bone ba direla Jehofa. Mo go ba le robong bao e leng baboledi, ba batlhano ba kolobeditswe, ba babedi ba dira jaaka babulatsela ba ba kgethegileng, mme ba bangwe ba bararo ke babulatsela ba ka metlha le ba ba thusang. Boammaaruri eleruri bo nkgolotse mo mathateng a mantsi a a amanang le go godisa bana.”

Go Itshireletsa ka Ditlhare go Thulana le Kobamelo ya Boammaaruri

Morago ga foo ke ne ke tshwanetse go etela kwa kgaolong e e kwa borwa ya Casamance. Ke ne ka kgatlhiwa ke kafa sengwe le sengwe se neng se lebega se le sentle le botala ka teng. Lefelo leno le le nosediwang ke Noka ya Casamance e e dikilometara tse di ka nnang 300, le ntsha reisi e ntsi, mmidi, le manoko. Mo nageng eno go na le mekgoro e e tshekeletsa ya matlhatlaganyane a le mabedi, e e ruletsweng ka bojang jo bo dirwang motsu kwa godimo gore ba kgone go dibeletsa metsi a a tla dirisiwang mo setlheng se eseng sa pula. Moshate wa teng, Ziguinchor, o agilwe mo sekgweng se segolo sa dipalema. Ke ne ka itumelela go kopana le phuthego ya batho ba ba tlhaga ba ga Jehofa koo.

Dominic, morongwa mongwe yo o dirang mo Ziguinchor le mo tikologong ya yone, o ne a mpolelela gore tiro ya go rera mo lefelong leno e tsamaya sentle thata. “Mo dingwageng tse di lesome fela tse di fetileng,” o ne a bolela, “go ne go na le baboledi ba le 18 fela mo Phuthegong ya Zinguinchor. Jaanong go na le ba le 80. Re agile Holo e ntšha e ntle ya Bogosi ka mmopa o mohibidu o re o boneng mo lefelong le holo e leng mo go lone gore re kgone go lepalepana le koketsego e kgolo eno. Tiro eno ya go aga e ile ya naya bosupi tota mo tikologong eno. Bao ba neng ba bona batho ba ba tswang mo merafeng e mentsi e e sa tshwaneng ba dira mmogo fela ka kagiso ba ne ba akgela sentle tota. Go ne go na le tlhora ya ba le 206, mme ga kolobediwa batho ba le 4 kwa kopanong ya potologo e e sa tswang go feta.”

Batho ba bantsi mo karolong eno ya Senegal ba santse ba dumela mo badimong, ba santse ba dirisa ditlhare lemororo ba bolela fa e le Bakeresete kana Bamoselema. Ke ne ka reetsa ka tlhoafalo kgang e e neng e anelwa ke Victor, mogolwane wa Phuthego ya Ziguinchor.

“Ke ne ka tsholelwa mo lelapeng le legolo le le neng le dirisa ditlhare kwa Guinea. Fa ke tsholwa rre o ne a nneela moya mongwe kana ledimona lengwe. Gore le nne le nthate, ke ne ke tlhola ke ntsha sutukeisi nngwe e ntsho kafa tlase ga bolao, ke dira sebesonyana, ke bo ke dira setlhabelo sa madi mo lonakeng loo lo neng lo emela ledimona leno le le neng le ntshireletsa. Ke ne ke ntse ke ikutlwa ke le lekgoba la ledimona leno le eleng lefa ke sena go fetoga Mokatoliki. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolola go ithuta Bibela le nna fa ke sena go fudugela mo Senegal. Nna le mosadi wa me re ne ra lemoga gore ga re kake ra tswelela re “yèla mo lomatiñ loa Morèna, le mo lomatiñ loa badimo.” (1 Bakorintha 10:21) Badimona ba ne ba simolola go re tlhasela fa ke sena go emisa go nna ke dira ditlhabelo. Ke ne ke tshaba go latlha sutukeisi e ntsho eno le dilo tsotlhe tsa badimona tse di neng di le mo go yone gonne ke ne ke itse monna mongwe yo a neng a fetoga setsenwa fa a ne a dira jalo.” Abo Victor a ne a le mo bothateng jang ne!

“Kgabagare mafoko a Baroma 8:31, 38, 39 a ne a re naya nonofo ya go tlosa sengwe le sengwe seo se neng se amana le go dirisa ditlhare. Re gololesegile tota ka boammaaruri gonne re solofetse fela mo go Jehofa. Lelapa lotlhe la me le na le tsholofelo e e molemo thata ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise, leo mo go lone batho ba tla bong ba sa tlhotlhelediwe ke badimona ba ba boikepo.”

Kgabagare ke ne ka tshwanela go tsamaya. Fa ke ntse ke paka dikgetse tsa me, ke ne ke ntse ke akanya ka loeto lo ke se kitlang ke lo lebala lwa mo Senegal. Abo go ne go nonotsha tumelo jang ne go kopana le go bua le batho ba bantsi jaana bao ba golotsweng mo bokgobeng jwa go dirisa diokobatsi ka tsela e e seng yone, boitsholo jo bo maswe, le botlhodi mme jaanong ba itumelela kgololesego ya mmatota. Lemororo maemo a itsholelo a le bokete, ba kgona go itumelela le go kgotsofalela go direla Jehofa, yo a neng a ba naya tsholofelo e e tlhomameng ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Abo re tshwanetse go mo leboga jang ne, ene yoo a dirileng gore mafoko a a molemo ao a rerwe eseng kwa Senegal fela mme gape le mo lefatsheng lotlhe mo ‘ngwageng o o lebosegang ono wa ga Jehofa’! (Isaia 61:1, 2)—E Neetswe.

[Mmapa mo go tsebe 8]

(For fully formatted text, see publication)

SENEGAL

St. Louis

Louga

Thiès

Dakar

Kaolack

GAMBIA

Banjul

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Metsi a a gololang a boammaaruri a abiwa mahala fela mo metseng

Legae la barongwa le ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Dakar, kwa Senegal

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Batho ba ba nnang fa lotshitshing lwa Senegal le bone ba utlwa molaetsa wa Bokeresete

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela