LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 12/15 ts. 5-7
  • A Keresemose e Tsela ya go Amogela Jesu?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Keresemose e Tsela ya go Amogela Jesu?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Ha Lonaka Lo Ntsha Pōrōmō E E sa Tlhōmamañ”
  • ‘Go Gapa Batho’
  • “Bakeresete ba ba Iphitlhileng” Ga Ba A ka Ba Tsosolosiwa
  • Go Tsosolosediwa mo Bokereseteng jwa Boammaaruri
  • Tshimologo ya Keresemose ya Motlha wa Segompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Keteke Keresemose?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Ke ka Ntlha Yang fa Keresemose—E Ratiwa Jaana Kwa Japane?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ke ka Ntlha Yang fa Batho Bangwe ba sa Keteke Keresemose?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 12/15 ts. 5-7

A Keresemose e Tsela ya go Amogela Jesu?

BOTSALO jwa Mmoloki, Mesia yo a saleng a lebeletswe, e ne e le nako ya go ipela eleruri. “Bōnañ,” go ne ga itsise jalo moengele mongwe a itsise badisa mo kgaolong ya Bethelehema, “ke lo lereditse mahoko a a molemō, a boitumèlō yo bogolo, yo bo tla dihalèlañ batho botlhe. Gonne, gompiyeno, mo motsiñ oa ga Dafide, lo tsalecwe Mmoloki, eo e leñ Keresete Morèna.” Bontsintsi jwa baengele bo ne jwa kopanela le bone, jwa baka Modimo jaana: “Kgalalèlō e nnè go Modimo kwa bogodimodimoñ, le kagishō e nnè mo lehatshiñ, mo bathuñ ba o kgatlhègañ thata mo go bōnè.” (Luke 2:10-14) Ba bangwe ba ka nna ba swetsa ka gore Bakeresete ba tshwanetse go etsa tsela e baengele ba neng ba ipelela go tla ga ga Keresete mo lefatsheng ka nako eo ya bogologolo.

Eno e ne e se lekgetlo la ntlha mo Bibeleng le mo go lone baengele ba neng ba opela dipina tsa pako. Ka nako ya fa go ne go thewa motheo wa lefatshe, ‘dinaledi tsa mosho di ne tsa opela mmogo, le bomorwa Modimo botlhe ba ne ba thela loshalaba lwa boitumelo.’ (Yobe 38:4-7) Letlha la mmatota la tiragalo eno ga le a kwalwa mo Bibeleng. (Genesise 1:1, 14-18) Lefa gone tiragalo eno e ka tswa e ile ya ipedisa tota, Bakeresete ga ba ise ba tatalale ka gore ereka baengele ba ne ba thela loshalaba, le bone ba tshwanetse ba dira mokete wa go bopiwa ga lefatshe ngwaga le ngwaga mme ka gongwe ba itirele moletlo wa seheitane go gopola tiragalo eno ka one.

Gone mme seno ke seo batho ba ba ketekang Keresemose ba se dirang ka botsalo jwa ga Jesu Keresete. Fa o latlhela matlho saetlopedia epe fela e e ikanyegang kafa tlase ga setlhogo se se reng “Keresemose” e tlhomamisa gore letlha la botsalo jwa ga Jesu ga le itsiwe. Bibela ga e umake sepe ka letlha leo.

“Ha Lonaka Lo Ntsha Pōrōmō E E sa Tlhōmamañ”

“Modimo ga se Modimo oa tlhakatlhakanyō, ha e se oa kagishō hèla,” moaposetoloi Paulo o ne a kwala jalo, fa a ne a baakanya tlhakatlhakano e e neng e le gone mo phuthegong ya kwa Korintha wa bogologolo. Mo ditemaneng tse di e dikologileng o ne a botsa jaana: “Ha lonaka lo ntsha pōrōmō e e sa tlhōmamañ, mañ eo o tla ipaakanyetsañ go ea ntweñ?” (1 Bakorintha 14:8, 33) Jaanong, fa e le gore Modimo wa thulaganyo o ne a ikaeletse gore Bakeresete ba keteke botsalo jwa Morwawe mo lefatsheng, a O ne a ka tlogelela batho ba ba sa itekanelang go itlhophela ka namana letlha le le tswang mo meletlong ya boheitane le go dira ditiro tsa bone tseo e seng tsa bomodimo?

Fa re tlhatlhoba dikai di sekae tsa Bibela go phepafetse sentle gore Jehofa Modimo ga a dirisane le batho ba gagwe ka tsela e e ntseng jalo. Fa a ne a laela Baiseraele mo Molaong wa ga Moshe gore ba keteke mekete ya ngwaga le ngwaga, Modimo o ne a tlhoma matlha a a rileng mme o ne a ba bolelela kafa ba tshwanetseng go keteka meletlo eo ya boitumelo ka gone. (Ekesodo 23:14-17; Lefitiko 23:34-43) Lemororo Jesu Keresete a ne a se ka a laela balatedi ba gagwe gore ba gopole botsalo jwa gagwe, o ne a ba laela gore ba tlhokomele letlha lengwe le le kgethegileng. “Mo sigoñ yo o okilweñ ka yōna,” ka Nisane 14, 33 C.E., Jesu o ne a simolola mokete wa Sejo sa Morena sa Maitseboa, a dirisa senkgwe se se sa bedisiwang le beine. O ne a laela jaana: “Dihañ mo lo nkgopolè ka gōna.” (1 Bakorintha 11:23, 24) Poromo ya lonaka ya gore ke leng le gore ke jang go ka ketekiwang Sejo sa Morena sa Maitseboa e utlwala sentle ebile e tlhaloganngwa sentle. Go tweng he ka Keresemose? Ga go na gope mo Bibeleng koo re fitlhelang taolo epe ya gore go ketekiwe botsalo jwa ga Keresete, ebile ga go na gope ko e re bolelelang gore bo ketekiwa leng kana jang.

‘Go Gapa Batho’

“Mme kana gone ke a itse gore Keresemose e simologile mo boheitaneng,” go ne ga bolela jalo moruti mongwe wa Tokyo Zion Church, “mme fa fela batho ba kgatlhegela Bokeresete ka December 25 mme ba batla go ithuta dithuto tsa ga Jesu yo o Tlotlegang, he Keresemose e amana le Bokeresete.” Batho ba le bantsi ba dumalana le kakanyo ya gagwe. A o dumela gore go ineela ka tsela e e ntseng jalo go siame?

Ba bangwe ba tatalala ka gore tota le eleng Paulo o ne a ineela ka nako nngwe gore a gape badumedi. “Ke itira lekgoba la mongwe le mongwe,” o ne a kwala jalo, “gore ke tle ke gape batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang . . . Fa ke dira le Baditšhaba, ke tshela jaaka Moditšhaba, lemororo ke se tlase ga Molao wa Sejuda, gore ke tle ke gape Baditšhaba. . . . Dilo tseno tsotlhe ke di dira ka ntlha ya efangele, gore ke tle ke bone masego a yone.” (1 Bakorintha 9:19-23, Today’s English Version) A mafoko ano a tshegetsa gore batho ba ka keteka moletlo mongwe wa seheitane gore ba gogele Baditšhaba mo Bokereseteng?

Akanyetsa ka kelotlhoko ditemana tse di dikologileng polelo eno ya ga Paulo. Mo temaneng ya 21, o ne a bolela jaana: “Seno ga se reye gore ga ke obamele molao wa Modimo; ke mo molaong wa ga Keresete eletota.” (TEV) Ka jalo o ne a se ka a ineela mo dikgannyeng tse di neng di tlola molao wa ga Keresete, mme lefa go ntse jalo o ne ‘a tshela jaaka Moditšhaba’ ka go tlotla mekgwa le ditlwaelo tsa bone fela fa di ne di se kgatlhanong le ditaolo tsa Bokeresete.a

O ntse o gakologelwa seno, akanya kafa go lere meletlo ya boheitane o e tsenya mo “Bokereseteng” o re o keteka Keresemose go neng go tla lebega ka gone fa go ne go bapisiwa le taolo e e latelang eno ya Bibela: “Se pataganeleñ yokwe le ba ba sa dumeleñ, e le mo go sa lekalekaneñ: gonne tshiamō e na le bolekane bohe le tshiamololō? . . . Kgotsa eo o dumèlañ o na le kabèlō ehe le eo o sa dumeleñ? . . . Me ke gōna, Cwañ mo gare ga bōnè, lo lomologanè,” go bua Jehofa, “me lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ; me ke tla lo amogèla.” (2 Bakorintha 6:14-17) Go sa kgathalesege diipato tse di ka nnang tsa ntshiwa, go leswafatsa Bokeresete ka meletlo ya boheitane ga se yone tsela ya go amogela Jesu jaaka Mmoloki. Go ne go tla bo go sa tshwanela fa Jesu a ne a tlile jaaka motho mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ebile go santse go ntse go sa tshwanele le gompieno kana mo isagweng, fa Keresete a tla jaaka Kgosi go tla go diragatsa dikatlholo tsa Modimo. (Tshenolō 19:11-16) Ebile tota, bao ba itlhophelang go keteka meletlo ya boheitane ba dira ekete ke ya “Bokeresete” ba ka tswa ba itatola Jesu Keresete tota.

“Bakeresete ba ba Iphitlhileng” Ga Ba A ka Ba Tsosolosiwa

Ithute ka seo se neng sa diragalela Bakatoliki kwa Japane ka nako ya puso ya babusi ba masole. Fa go thibelwa ga Bokatoliki go ne go simologa ka 1614, Bakatoliki ba ka nna 300 000 ba Bajapane ba ne ba tshwanetse go itlhophela mo dilong tse tharo tseno: Go nna baswelatumelo, go tlogela tumelo ya bone, kana go obamela ka sephiri. Bao ba neng ba obamela ka sephiri ba ne ba bidiwa gore ke Bakeresete ba ba iphitlhileng. Ba ne ba inaakanya le ditlwaelo tse di farologaneng tsa Sebuda le Se-Shinto, gore ba fitlhe tumelo ya bone. Mo tirelong ya bone ya go obamela phatlalatsa, ba ne ba dirisa Maria Kannon, yo e neng e le Maria yo ba neng ba mo tshwantsha e le modimo wa disetwa wa Sebuda wa sebopego sa mmè a tshwere ngwana. Meletlo ya bone e ne e kopantse bodumedi jwa Bobuda, Bokatoliki, le Bo-Shinto. Lefa go ntse jalo, fa ba ne ba pateletswa gore ba nne gone mo diphitlhong tsa Sebuda, ba ne ba boaboelela dithapelo tsa Bokeresete ebile ba keteka modoshi, moletlo o o neng o nyatsa tirelo ya Sebuda. Go ne ga diragala eng ka “Bakeresete” bao?

“Totatota bontsi jwa Kirishitans [Bakeresete],” go tlhalosa jalo buka ya The Hidden Christians, “ba ne ba kgomarela bodumedi thata seo se neng se dira gore go nne thata mo go bone go tlogela kobamelo ya medimo ya Se-Shinto le ya Sebuda.” Ka nako ya fa ba ne ba gololwa le fa barongwa ba Katoliki ba ne ba boela kwa Japane, bontsi jwa “Bakeresete ba ba iphitlhileng” bao ba ne ba ngaparela mofuta wa tumelo ya bone e e tlhakatlhakaneng.

Lefa go ntse jalo, a Kereke ya Katoliki e ne e na le lebaka la go tshwaya phoso “Bakeresete ba ba iphitlhileng” ba bao ba neng ba gana go boela mo Roma Katoliki? Ka mo go tshwanang Kereke ya Katoliki e ne ya tsaya dithuto le meletlo e le mentsi ya boheitane, go akaretsa le Keresemose. Fa Bakatoliki le Baporotesetanta, lemororo ba ipolela gore ke Bakeresete, ba ile ba dira “Bokeresete” jwa bone go nna jwa boheitane ka meletlo ya boheitane, a le bone ba ka tswa ba sa itatole Jesu Keresete?

Go Tsosolosediwa mo Bokereseteng jwa Boammaaruri

Setsuko, Mokatoliki mongwe yo o neng a tlhagafetse ka dingwaga di le 36, kwa moragonyana o ne a lemoga seo. Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, o ile a leka go ikotla semoyeng ka go ikopanya le kereke ya Katoliki. ‘Abo e kgotsofatsa jang ne!’ o ne a akanya jalo fa a ntse a kopanela mo Miseng wa Keresemose ebile a bona ditlhare tse dintle tsa Keresemose mo teng le kwa ntle ga kereke ya gagwe. “Ke ne ke ikutlwa ke le motlotlo ka mekgabiso e mentle ya rona, e e neng e gaisa ya dikereke tse di neng di le gaufi,” o ne a bolela jalo. Lefa go ntse jalo, tota Setsuko o ne a sa tlhaloganye dithuto tsa Katoliki, lemororo ene ka boene a ne a kile a ruta mo sekolong sa Sontaga ka lobakanyana. Ka jalo ka nako ya fa a ne a batla go tsenelela thata mo tirong ya kereke, o ne a botsa moruti wa gagwe dipotso di sekae. Go na le gore a arabe dipotso tsa gagwe, moruti o ne a mo nyatsa. O ne a swaba mme a swetsa ka gore a ithute Bibela ka boene. Dibeke tse pedi moragonyana, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mo etela, mme o ne a dumela go tshwarelwa thuto ya Bibela ya legae.

O tlhalosa jaana: “E ne e le selo se se botlhoko go lebaganngwa le boammaaruri jwa Bibela jo bo neng bo sa tshegetse ditumelo tsa me tsa pele. Ke ile ka ba ka tshwarwa ke bolwetsi jwa alopecia neurotica, jwa go wa ga moriri ka ntlha ya go kgopisega. Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya lesedi la boammaaruri le ne la phatsima mo pelong ya me. Ke ne ka gakgamala go ithuta gore Jesu o ne a ka se ka a tswa a ne a tshotswe ka nako e e tsididi ya dipula ya December, nako ya fa badisa ba sa dise dinku tsa bone mo nageng bosigo. (Luke 2:8-12) Le ne la nyeletsa kgopolo ya botsalo jwa ga Jesu, ka gonne re ne re dirisa letseta go tshwantsha semathana go kgabisa mafelo a dinku le a badisa.”

Setsuko o ne a swetsa ka gore a tlogele go keteka Keresemose, morago ga go tlhatswega pelo ka se tota Bibela e se rutang. Ga a tlhole a na le “moya wa Keresemose” o o nnang gangwe fela ka ngwaga mme o bontsha moya wa go aba ka boitumelo jaaka Mokeresete letsatsi le letsatsi.

Fa o dumela mo go Keresete ka bopeloephepa, o se ka wa kgopisega fa o bona baheitane ba leswefatsa Keresemose. Ba boaboeletsa seo se neng se dirwa kwa tshimologong—moletlo wa boheitane. Keresemose ga e gogele ope go amogela Jesu Keresete, yo a setseng a boile jaaka Kgosi e e sa bonaleng ya selegodimo. (Mathaio, dikgaolo 24 le 25; Mareko, kgaolo 13; Luke, kgaolo 21) Go na le moo, Bakeresete ba boammaaruri ba bontsha moya o o tshwanang le wa ga Keresete ngwaga otlhe fela, mme ba itsise mafoko a a molemo a Bogosi, joo Jesu a ileng a nna Kgosi ya jone. Eo ke yone tsela e Modimo a batlang re amogela Jesu Keresete ka yone jaaka Mmoloki wa rona le Kgosi ya Bogosi.—Pesalema 2:6-12.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bapisa ditsela tse pedi tse mo go tsone Paulo a neng a araba kgang ya go rupa. Lemororo a ne a itse gore “go rupa ga se sepè,” o ne a rupisa Timotheo yo a neng a tsamaya le ene, yo mmaagwe e neng e le Mojuda. (1 Bakorintha 7:19; Ditihō 16:3) Mabapi le Tito, moaposetoloi Paulo o ne a tila go mo rupisa ka go bo a ne a kgomarela melaometheo gore a kgone go lwa kgatlhanong le bao ba neng ba setse dingwao tsa Sejuda morago. (Bagalatia 2:3) Tito e ne e le Mogerika mme ka jalo, go farologana le Timotheo, go ne go sena lebaka le le utlwalang la gore a rupisiwe. Fa a ne a ka rupisiwa e ntse e le Mogerika, ‘Keresete o ne a tla bo a sa mo thuse ka sepe.’—Bagalatia 5:2-4.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Bakeresete ba boammaaruri ba tlotla Jesu ngwaga otlhe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela