LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 12/15 ts. 8-13
  • Itumeleng mo Tsholofelong ya Bogosi!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Itumeleng mo Tsholofelong ya Bogosi!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boitumelo jwa Boammaaruri—Nonofo ya Pelo
  • Go Itumela mo Tsholofelong Lemororo go Na le Mathata
  • Go Nna Re Akantse ka Tsholofelo ya Rona
  • Go Ipela Jaanong mo Tsholofetsong ya Paradaise
  • Tsholofelo E E Dirang Gore Botshelo Bo Nne Monate
  • Dilo Tse o di Solofetseng di Tla Direga
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Solofela mo go Jehofa Mme o Nne Pelokgale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Itumeleng mo go Jehofa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Direla Jehofa ka Boipelo Jwa Pelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 12/15 ts. 8-13

Itumeleng mo Tsholofelong ya Bogosi!

“Lo itumèlè mo choloheloñ; lo nnè pelotelele mo pitlaganoñ.”—BAROMA 12:12.

1. Ke ka ntlha yang fa re ka bona boitumelo fa re tsalana le Jehofa, mme ke eng seo moaposetoloi Paulo a neng a kgothaletsa Bakeresete go se dira?

“MODIMO o o itumetseng.” (1 Timotheo 1:11, NW) Abo seno se tlhalosa Jehofa sentle jang ne! Ka ntlha yang? Gonne ditiro tsotlhe tsa gagwe di mo itumedisa fela thata. Ereka Jehofa e le Motswedi wa dilo tsotlhe tse di molemo le tse di itumedisang, dibopiwa tsotlhe tsa gagwe tse di botlhale di ka kgona go itumela fa di tsalana le ene. Go a tshwanela go bo moaposetoloi Paulo a ne a kgothaletsa Bakeresete gore ba itumelele tshiamelo ya bone e e ipedisang ya go itse Jehofa Modimo, le gore ba lebogele dimpho tsotlhe tsa Gagwe tse di molemo tse a di ba neileng tse a di bopileng, le go itumelela bopelonomi jo bo lorato joo A bo ba bontshang. Paulo o ne a kwala jaana: “Itumeleñ mo Moreneñ ka metlha eotlhe: ke tla ba ke re, Itumeleñ.”—Bafilipi 4:4; Pesalema 104:31.

2. Ke tsholofelo efe e e lereng boitumelo jo bogolo, mme ke eng seo Bakeresete ba se kgothalediwang mabapi le tsholofelo eno?

2 A Bakeresete ba reetsa kgothatso eno e Paulo a neng a e ba naya? Eleruri! Bakaulengwe ba ga Jesu Keresete ba semoya ba ipelela tsholofelo e e molemo thata eo Modimo o e ba neileng. (Baroma 8:19-21; Bafilipi 3:20, 21) Ee, ba itse gore ba tla nna le seabe mo isagweng ka go dira le Keresete mo pusong ya gagwe ya Bogosi jwa selegodimo ba diragatsa tsholofetso e kgolo e e diretsweng batho, ba ba tshelang mmogo le ba ba suleng. Akanya fela kafa ba tla itumelang ka teng mo ditshiamelong tsa bone jaaka baruaboswa mmogo le ene, ba dira jaaka dikgosi le baperesiti! (Tshenolō 20:6) Abo ba tla itumela jang ne fa ba ntse ba thusa batho ba ba ikanyegang go itekanela le go thusa go ba kaela gore ba tsosolose lefatshe leno la rona ba le dire Paradaise! Ka boammaaruri, batlhanka botlhe ba Modimo ba na le ‘tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng, jo Modimo o o sa kakeng wa aka, o bo solofeditseng batho pele ga metlha e e senang tshimologo.’ (Tito 1:2) Moaposetoloi Paulo o kgothatsa Bakeresete botlhe jaana mabapi le tsholofelo e e molemolemo eno: “Lo itumèlè mo choloheloñ.”—Baroma 12:12.a

Boitumelo jwa Boammaaruri—Nonofo ya Pelo

3, 4. (a) Lereo ‘go ipela’ le kaya eng, mme Bakeresete ba tshwanetse go itumela kgapetsa ka selekanyo se se kana kang? (b) Boitumelo jwa boammaaruri ke eng, mme bo tlisiwa ke eng?

3 “Go itumela” go kaya go ikutlwa o itumetse le go bolela fa o itumetse; ga go reye go ikutlwa o siame kana o le matlhagatlhaga. Madiri a a tshwanang le mafoko a Sehebera le a Segerika a a mo Bibeleng a a ranotsweng jaaka “boitumelo,” “go thela loshalaba,” le “go ipela” a tlhalosa boikutlo jwa kafa teng le tebego ya kafa ntle e e supang boitumelo. Bakeresete ba kgothalediwa gore ba “tswelele ba itumetse,” ‘ba itumele ka metlha yotlhe.’—2 Bakorintha 13:11, NW; 1 Bathesalonia 5:16.

4 Mme motho a ka nna a itumetse ka metlha jang? Seno se a kgonega gonne boitumelo ke nonofo ya pelo, nonofo ya kafa teng e e boteng tota, ya semoya. (Duteronome 28:47; Diane 15:13; 17:22) Ke loungo lwa moya wa Modimo, loo Paulo a le kwadileng fela fa morago ga lorato. (Bagalatia 5:22) Jaaka nonofo ya kafa teng, ga bo a ikaega ka dilo tse di ka kwa ntle, tota le eseng ka bakaulengwe ba rona. Mme bo ikaegile ka moya wa Modimo o o boitshepo. Mme bo nna teng ka ntlha ya kgotsofalo e e boteng ya go itse gore o itse boammaaruri, ka ntlha ya tsholofelo ya Bogosi, le gore o dira seo se itumedisang Jehofa. Ka gone, boitumelo ga se nonofo e motho a tsholwang a na le yone; ke karolo ya “motho eo mosha,” yoo a dirwang ke dinonofo tse di farologaneng di kopantswe, yoo a neng a tlhaola Jesu Keresete.—Baefesia 4:24; Bakolosa 3:10.

5. Boitumelo bo ka bonadiwa kafa ntle leng le gone jang?

5 Lemororo boitumelo e le boikutlo jwa pelo, lefa go ntse jalo bo ka supiwa ka ponalo ya kafa ntle. Ke dilo dife tse ka dinako dingwe di supang fa motho a itumetse? E ka nna sepe fela go tswa go sefatlhego se se ritibetseng go ya go go tlolatlola ka boitumelo. (1 Dikgosi 1:40; Luke 1:44; Ditihō 3:8; 6:15) A seno he se raya gore batho ba ba sa bueng thata kana ba ba sa nyenyeng ka metlha ga ba a itumela? Nnyaa! Boitumelo jwa boammaaruri ga bo bonale ka go tlhola motho a buabua, a tshega, a nyenya kana ka go tsina meno. Maemo a dira gore boitumelo bo bonale ka ditsela tse di farologaneng. Ga se boitumelo fela joo bo re dirang gore re nne botsalano kwa Holong ya Bogosi mme, go na le moo, ke katamalano ya bokaulengwe le lorato.

6. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba ka nna ba ntse ba itumetse fa ba lebane le maemo a a sa itumediseng?

6 Sengwe se ka metlha se leng boammaaruri ka boitumelo ke gore bo nna bo ntse bo le teng ka metlha jaaka sengwe se se leng mo pelong ya motho yo mosha wa Mokeresete. Seno ke sone se se dirang gore go kgonege gore motho a nne a itumetse ka metlha. Gone mme, ka dinako tse dingwe re ka nna ra tshwenngwa ke sengwe, kana re ka nna ra tsena mo maemong a a sa itumediseng. Mme gone re santse re ka itumela mo pelong. Bangwe ba Bakeresete ba ntlha e ne e le batlhanka, ba na le beng ba ba neng ba sa kgotsofadiwe ke sepe. A Bakeresete ba ba ntseng jalo ba ne ba ka nna ba itumetse ka metlha? Ee, ka ntlha ya tsholofelo ya bone ya Bogosi le boitumelo jo bo mo dipelong tsa bone.—Yohane 15:11; 16:24; 17:13.

7. (a) Ke eng seo Jesu a neng a se bolela kaga go itumela fa o le mo pitlaganong? (b) Ke eng se se re thusang go itumela fa re le mo pitlaganong, mme ke mang yo a neng a tlhoma sekao se se molemo thata mo go seno?

7 Fela fa moaposetoloi Paulo a sena go bolela jaana: “Lo itumèlè mo choloheloñ,” o ne a oketsa jaana: “Lo nnè pelotelele mo pitlaganoñ.” (Baroma 12:12) Jesu o ne a bua gape ka go itumela mo pitlaganong fa a ne a bolela jaana mo go Mathaio 5:11, 12: “Lo segō mogañ batho ba lo kgōbañ, ba lo bogisa . . . Itumeleñ, lo bo lo ipelè thata: gonne tuèlō ea lona e kgolo kwa legodimoñ.” Go itumela le go ipela go go buiwang ka gone fano ga go a tshwanela gore e nne go supiwa kafa ntle fela; segolobogolo ke kgotsofalo e e boteng ya kafa teng e motho a nnang le yone gonne a itumedisa Jehofa le Jesu Keresete fa a ema a nonofile fa a lekwa. (Ditihō 5:41) Totatota, boitumelo ke jone bo re thusang gore re itshoke fa re bogisiwa. (1 Bathesalonia 1:6) Jesu o ne a tlhoma sekao se se molemo thata ka seno. Dikwalo di re bolelela jaana: “Eo e rileñ ka boitumèlō yo o bo beecweñ pele a ichokèla mokgōrō.”—Bahebera 12:2.

Go Itumela mo Tsholofelong Lemororo go Na le Mathata

8. Ke mathata afe a Bakeresete ba ka kopanang le one, mme ke ka ntlha yang fa mathata ao a sa ba amoge boitumelo jwa bone jwa Bokeresete?

8 Go nna motlhanka wa ga Jehofa ga go reye gore motho ga a kake a nna le mathata. Go ka nna le mathata a lelapa, a itsholelo, go sa itekanelang sentle mo mmeleng, kana go swelwa ke bangwe ba o ba ratang. Lemororo dilo tse di ntseng jalo di ka lere bohutsana, ga di re amoge selo sa konokono se se dirang gore re itumelele tsholofelo ya Bogosi, boitumelo jo bo kwa teng jo re nang le jone mo dipelong tsa rona.—1 Bathesalonia 4:13.

9. Aberahame o ne a na le mathata afe, mme re itse jang gore o ne a itumetse mo pelong?

9 Ka sekai, ela tlhoko Aberahame. Botshelo jwa gagwe bo ne bo se monate ka metlha. O ne a na le mathata mo lelapeng. Mogadingwana wa gagwe, Hagare, le mosadi wa gagwe, Sara, ba ne ba sa utlwane. Go ne go tlhola go omanwa. (Genesise 16:4, 5) Ishemaele o ne a sotla Isake, a mmogisa. (Genesise 21:8, 9; Bagalatia 4:29) Kgabagare, mosadi wa ga Aberahame yo a neng a mo rata thata ebong Sara, o ne a swa. (Genesise 23:2) Lemororo a ne a na le mathata ano, o ne a itumelela tsholofetso ya Losika lwa Bogosi, Losika lwa ga Aberahame, loo malapa otlhe a lefatshe a neng a tla segofala ka ntlha ya lone. (Genesise 22:15-18) O ne a itshoka a ntse a direla Jehofa ka dingwaga di le lekgolo mo motsemogolong wa gaabo wa Ure ka pelo e e tletseng boitumelo. Ke gone ka moo go kwadilweng jaana ka ene: “O na a lebèlèla motse o e leñ ōna o o nañ le methèō tota, o moagi le modihi oa ōna e leñ Modimo.” Lebaka la go bo Aberahame a ne a dumela mo Bogosing jo bo tlang jwa Bomesia lo ne lwa dira gore Morena Jesu fa a setse a tlhomilwe ke Modimo gore a nne Kgosi, a kgone go bolela jaana ka ene: “Aberahame o na a itumèla go bōna letsatsi ya me; me a le bōna, a leboga.”—Bahebera 11:10; Yohane 8:56.

10, 11. (a) Ke ntwa efe eo rona jaaka Bakeresete re e lwang, mme re falodiwa jang? (b) Ke eng seo se duelelang go palelwa ga rona go lwa ka botlalo le nama ya rona e e tletseng boleo?

10 Jaaka batho ba ba sa itekanelang, re tshwanetse gape ra lwa le nama ya rona e e ratang go dira boleo, mme ntwa eno ya go dira tshiamo e ka tshwenya maikutlo thata. Lefa go le jalo, ntwa e re e lwang kgatlhanong le makoa a rona ga e reye gore ga re na tsholofelo. Paulo o ne a ikutlwa a tshwenyegile thata ka ntwa eno, a bo a bolela jaana: “E mañ eo o tla nkgololañ mo mmediñ oa losho lo? Ke leboga Modimo ka Yesu Keresete Morèna oa rona.” (Baroma 7:24, 25) Re gololwa ka Jesu Keresete le thekololo e a e ntshitseng.—Baroma 5:19-21.

11 Setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo ke sone se duelelang go palelwa ga rona ke go lwa ntwa eno gore re e fenye ka botlalo. Re ka itumelela thekololo eno gonne e dira gore digakolodi tsa rona di ntlafadiwe le gore maleo a rona a itshwarelwe. Paulo mo go Bahebera 9:14 o bua kaga “madi a ga Keresete” ao a nang le maatla a go “tlhapisa segakolodi sa lona a tlosa ditihō tse di shuleñ.” Ka gone, digakolodi tsa Bakeresete ga di a tshwanela go imediwa ke go ikatlhola ba le molato kana maikutlo a go ipona molato. Seno mmogo le tsholofelo e re nang le yone, di dira sengwe se se maatla tota se se re dirang gore re itumele ka boipelo. (Pesalema 103:8-14; Baroma 8:1, 2, 32) Fa re nna re akantse ka tsholofelo eno ya rona re tla tlhotlheletsega rotlhe go lwa ntwa eno ka katlego.

Go Nna Re Akantse ka Tsholofelo ya Rona

12. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ka solofela eng?

12 Go botlhokwa mo masaleleng a a tloditsweng ka moya le dinku di sele go nna ba ntse ba akantse thata ka “cholohèlō ea polokō” ya bone, ba e rwele jaaka tlhoro e e sireletsang. (1 Bathesalonia 5:8) Bakeresete ba ba tloditsweng ba ka akanya ka kelotlhoko ka tshiamelo e e molemolemo ya go bona botshelo jwa bosasweng kwa legodimong, ba na le Jehofa Modimo, mme ba itumelela go nna le Jesu Keresete yo o galaleditsweng le baaposetoloi le botlhe ba ba 144 000 bao ba ileng ba boloka bothokgami jwa bone go ralala dingwaga tse di makgolokgolo. A botsalano jwa bogolo jo bo ka se kang jwa lekanngwa ruri!

13. Batlodiwa ba ba santseng ba le mo lefatsheng ba ikutlwa jang ka tsholofelo ya bone?

13 Batlodiwa ba sekae ba ba santseng ba le mo lefatsheng ba ikutlwa jang ka tsholofelo ya bone ya Bogosi? E ka sobokanngwa ka mafoko ano a ga F. W. Franz, poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower, yo a neng a kolobediwa ka 1913: “Tsholofelo ya rona ke selo se se tlhomamisegang tota, mme e tla diragadiwa ka botlalo mo go mongwe le mongwe wa maloko a a 144 000 a letsomanyane go ya mo selekanyong se segolo thata se se fetang se re neng re ka se akanya. Rona ba masalela a a neng a santse a le teng ka ngwaga wa 1914, ga re a ka ra latlhegelwa ke kafa tsholofelo eo e leng botlhokwa ka teng, ka nako ya fa re ne re solofetse gore re tla ya rotlhe fela kwa legodimong. Mme re nonofile mo go yone go gaisa jaaka re ne re ntse, me re e anaanela le go feta fa re ntse re e letile. Ke sengwe se tota se tshwanelang go letiwa, le eleng lefa se ne se ka tlhoka go emelwa dingwaga di le dimilione. Ke tsaya tsholofelo eno ya rona e le botlhokwa thata go gaisa jaaka fa ke ne ke e tsaya pele, mme le ka motlha ga ke batle go latlhegelwa ke tsela e ke e anaanelang ka yone. Tsholofelo ya letsomanyane e re tlhomamisetsa gore dilo tse boidiidi jo bogolo jwa dinku di sele bo di lebeletseng di tla diragadiwa ka tsela e kgolo go gaisa kafa re ka akanyang ka gone kwantle ga go palelwa gope fela. Ke gone ka moo re ntseng re e ngaparetse go fitlha le mo nakong eno, mme re tlile go e ngaparela go fitlha Modimo o supa fa o diragatsa ‘ditsholofetso tsa one tse di tlhokegang le tse dikgolo thata.’”—2 Petere 1:4; Dipalō 23:19; Baroma 5:5.

Go Ipela Jaanong mo Tsholofetsong ya Paradaise

14. Ke tsholofelo efe eo ba boidiidi jo bogolo ba tshwanetseng go nna ba ntse ba e gakologetswe?

14 Dipolelo tse di ntseng jalo tsa tumelo e e supiwang ka boitumelo di naya ba boidiidi jo bogolo jwa dinku di sele mabaka a a molemo thata a go itumela. (Tshenolō 7:15, 16) Ba ba ntseng jalo ba tshwanetse go nna ba gakologetswe tsholofelo ya bone ya go falola Hara-Magedona. Ee, leba kwa pele go bona fa Bogosi jwa Modimo bo tlotlomatsa Jehofa Modimo jaaka molaodi wa lobopo le go itshepisa leina la gagwe le le galalelang ka go tlisa pitlagano e kgolo, eo e tla tlosang batho ba ba boikepo bao Diabolo e leng modimo wa bone mo lefatsheng. Abo go tla itumedisa jang ne go falola sepitla seo se segolo!—Daniele 2:44; Tshenolō 7:14.

15. (a) Jesu o ne a dira tiro efe ya go fodisa fa a ne a le mo lefatsheng, mme ka ntlha yang? (b) Batho ba ba tla falolang Hara-Magedona ba tla bo ba tlhoka eng mo boitekanelong jwa bone jwa mmele, mme ke ka ntlha yang fa dilo tse ba di tlhokang tseo di farologane le tsa bao ba tla tsosiwang mo baswing?

15 Tshenolō 7:17 e bolela jaana kaga boidiidi jo bogolo: “Kwana . . . o tla nna modisa oa bōnè, me o tla ba gōgèla kwa mecwediñ ea metse a botshelō: me Modimo o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè.” Lemororo boperofeti jono bo diragadiwa jaanong ka tsela ya semoya, ba ba tla falolang Hara-Magedona ba tla bo bona bo diragadiwa ka mmatota. Jang? Jesu o ne a dira eng fa a ne a le mo lefatsheng? O ne a fodisa digole, a dira gore ba ba tlhotsang ba tsamaye, a kabolola ditsebe tsa bosusu le go foufolola matlho a difofu, a fodisa balepero, le ba ba suleng dirwe le “dipobolō diñwe le diñwe cotlhe, le malwetse mañwe le mañwe aotlhe hèla.” (Mathaio 9:35; 15:30, 31) A seo ga se sone seo Bakeresete ba se tlhokang gompieno? Ba boidiidi jo bogolo ba tlile go tsena mo lefatsheng le lesha ka makoa le malwetsi a lefatshe le legologolo leno. Ke eng seo re lebeletseng gore Kwana o tla se dira ka seo? Dilo tse batho ba ba tla falolang Hara-Magedona ba tla bong ba di tlhoka di tla bo di farologane thata le tsa bao ba tla tsosiwang mo mabitleng. Ba ba tla bong ba tsositswe mo baswing go lebega ba tlile go bopiwa sesha, ba na le mebele e e siameng, e e senang makoa ape, lemororo ba tla bo ba ise ba nne batho ba ba itekanetseng. Ga ba ne ba tlhoka gore ba fodisiwe makoa a bone a pele ka kgakgamatso ka ntlha ya fa ba tla bo ba tsositswe ka kgakamatso. Kafa letlhakoreng le lengwe, gonne ba tla bo ba itemogetse sengwe se se sa tshwaneng le sepe ka go falola Hara-Magedona, go fodisiwa ka kgakgamatso ke sengwe seo bontsi jwa ba boidiidi jo bogolo ba tla se tlhokang mme ba tla se amogela. Go lebega gore boikaelelo jo bogolo jwa ga Jesu ka go fodisa e ne e le go kgothatsa ba boidiidi jo bogolo ka go ba supetsa sengwe se se neng se tla kwa pele sa gore ga ba ne ba falola fela mme gape ba tla fodisiwa morago ga foo.

16. (a) Go fodisiwa ka kgakgamatso ga bafalodi ba Hara-Magedona go ka nna ga diragala leng, mme go tla felela ka eng? (b) Re tlile go tswelela re itumelela tsholofelo efe ka nako ya Mileniamo?

16 Ba ba tla falolang Hara-Magedona go lebega ka tsela e e utlwalang ba tlile go fodisiwa ka bonako fela morago ga Hara-Magedona le pele baswi ba tsosiwa. (Isaia 33:24; 35:5, 6; Tshenolō 21:4; bapisa Mareko 5:25-29.) Ka nako eo batho ba tla latlha digalase tsa matlho, dithobane tsa go ikokotlela, dithobane tsa go tsamaya, ditulo tsa dikolotsana, meno a maitirelo, dilo tse di thusang gore motho a utlwe, le dilo tse dingwe tse di tshwanang le tseo. Abo seo se itumedisa jang ne! Abo tiro e e ntseng jalo ya go tsosolosa eo Jesu a tlileng go e dira e siametse seabe se bafalodi ba Hara-Magedona bao e leng bone metheo ya lefatshe le lesha jang ne! Malwetsi a a golafatsang a tla bo a tlositswe mo e leng gore bafalodi ba tla bo ba tsamaya ba tletse nonofo tota, ba lebile pele ka botlhaga go dira tiro e e molemolemo e e tla dirwang mo Mileniamong o o tla bong o le fa pele ga bone, ba sa goge dinao ka ntlha ya matlhoko ao lefatshe le legologolo le neng le ka tswa le dirile gore a ba tshware. Mme botlhe mo Mileniamong oo ba tla bo ba itumelela tsholofelo ya go bona botshelo jo bo itekanetseng sentle ka botlalo jaaka batho kwa bokhutlong jwa dingwaga tseo tse di sekete.

17. Ke dilo dife tse di tla itumelelwang fa tiro ya go tsosolosa Paradaise e ntse e tswelela?

17 Fa e le gore le wena o solofetse seo, akanya gape ka boitumelo jwa go nna le seabe mo go tsosoloseng lefatshe la Paradaise. (Luke 23:42, 43) Ga go na pelaelo gore bafalodi ba Hara-Magedona ba tla thusa go phepafatsa lefatshe mme ka gone ba dire gore go nne le mafelo a a itumedisang ao baswi ba tla tsogelang mo go one. Go fitlha baswi go ka nna ga emisediwa ka go amogela bao ba tla bong ba tsositswe mo baswing, go akaretsa le bao re ba ratang bao ba suleng. Mme akanya fela ka go tsalana le banna le basadi ba ba ikanyegang ba ba neng ba tshela mo dingwageng tse di makgolokgolo tse di fetileng. Ke mang yo tota o batlang go bua le ene? A ke Abele, Enoke, Noa, Jobe, Aberahame, Sara, Isake, Jakobe, Josefa, Moshe, Joshua, Rahaba, Debora, Samesone, Dafide, Elija, Elisha, Jeremia, Esekiele, Daniele, kana Johane Mokolobetsi? Gape selo seno se se eletsegang thata se re se lebeletseng ke sengwe sa dilo tse re di solofetseng. O tla kgona go tlotla le bone, go ithuta dilo mo go bone, le go dira mmogo le bone mo go direng lefatshe lotlhe paradaise.

18. Re ka lebelela go itumelela eng gape?

18 Akanya gape ka dijo tse di monate, metsi a a phepa, moya o o phepa, le lefatshe la rona le le tla bong le buseditswe gape le ditshedi di nna sentle mo mafelong a tsone ka tsela e Jehofa a neng a di bopile gore di nne ka yone. Ka nako eo botshelo e tla nna, eseng fela go itumedisiwa ke dilo tse di kafa ntle fela, mme e tla bo e le go nna le seabe ka botlhaga le ka tsela e e botlhokwa thata mo ditirong tse di itumedisang. Akanya fela ka setlhopha sa batho ba ba leng mo lefatsheng lotlhe ba ba sa amiweng ka gope ke bokebekwa, boikgodiso, lefufa, dikgogakgogano, go na le moo ba tla bo ba na le bokaulengwe joo mo go jone maungo a moya a tlhagolelwang le go supiwa ke botlhe. Abo go kgatlha thata jang ne!—Bagalatia 5:22, 23.

Tsholofelo E E Dirang Gore Botshelo Bo Nne Monate

19. (a) Boitumelo jo bo umakiwang mo go Baroma 12:12 bo tlile go bonwa leng? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ititaya sehuba gore re se ka ra letla mekgweleo ya botshelo gore e kgaphele tsholofelo ya rona kwa thoko?

19 Fa o bone dilo tse o neng o di lebeletse ga o tlhole o solofela sepe, ka jalo boitumelo jo Paulo a re kgothaletsang go nna le jone mo go Baroma 12:12 re tshwanetse ra nna le jone jaanong. (Baroma 8:24) Go akanya fela ka masego a a tla tlang mo isagweng a tlisiwa ke Bogosi jwa Modimo go dira gore re itumelele dilo tse re di solofetseng tseo jaanong. Ka jalo ititeye sehuba gore ga o kitla o letla mekgweleo ya botshelo ya lefatshe le le senyegileng leno go kgaphela tsholofelo ya gago e e itumedisang kwa thoko. (Bahebera 12:3) Go tlogela tsela ya Bokeresete ga go kitla go rarabolola mathata a gago. Gakologelwa gore fa mongwe a tlogela go direla Modimo ka ntlha ya mekgweleo ya botshelo jwa jaanong, mekgweleo eo yone ga e ye gope, mme o latlhegelwa ke tsholofelo ka jalo o latlhegelwa gape ke sengwe se a neng a ka nna a se bona sa go itumelela dilo tse di kwa pele tse di molemolemo tse re di lebeletseng.

20. Ke eng seo tsholofelo ya Bogosi e ka se dirang mo go bao ba e amogelang, mme ka ntlha yang?

20 Batho ba ga Jehofa ba na le mabaka otlhe a go tshela ba itumetse. Tsholofelo ya bone e e galalelang, le e e tlhotlheletsang e dira gore motho a itumelele botshelo. Mme ga ba ipolokele tsholofelo e e itumedisang eno. Nnyaa, ba e abela ba bangwe ka botlhaga. (2 Bakorintha 3:12) Ke gone ka moo bao ba amogelang tsholofetso eo ya Bogosi ke batho ba ba tlhomamisegileng tota, ebile ba batla go kgothatsa ba bangwe ka go ba bolelela mafoko a a molemo a a tswang go Modimo. Seno se tlatsa matshelo a bao ba amogelang molaetsa ono ka tsholofelo e e molemo go gaisa eo batho ka kakaretso ba kileng ba e newa—tsholofelo ya gore Bogosi bo tla tsosolosa lefatshe la Paradaise. Lefa batho ba sa e amogele, re santse re tswelela re itumetse gonne re na le tsholofelo. Bao ba sa batleng go reetsa ke bone ba latlhegelwang; eseng rona.—2 Bakorintha 4:3, 4.

21. Ke eng se se setseng se le gaufi, mme re tshwanetse ra leba tumelo ya rona ka tsela efe?

21 Modimo o solofetsa jaana: “Bōnañ, dilō cotlhe ke di diha sesha.” (Tshenolō 21:5) Lefatshe le lesha le le tla tlang ka masego a lone a a molemolemo le a bosakhutleng le setse le le gaufi. Tsholofelo ya rona—e ka tswa e le ya botshelo kwa legodimong kana mo lefatsheng la paradaise—e kgolo tota; e ngaparele. Mo metlheng eno ya bofelo, go feta lefa e le leng pele, e lebe jaaka “seitsetsepeco sa mōea mo go rona . . . e e tlhomameñ, e e sa tshikinyegeñ.” Ereka tsholofelo ya rona e ikaegile ka Jehofa, “lefika la bosakhutleng—Leje la metlha yotlhe,” re na le lebaka le le nonofileng le le le kgatlhang tota gone jaanong go ‘itumela mo tsholofelong’ e re e beilweng pele.—Bahebera 6:19; Isaia 26:4, Amplified Bible.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Temana ya ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefatsheng lotlhe ka 1992 e tla bo e re: “Lo itumèlè mo choloheloñ . . . lo nnèlè rure mo thapeloñ.”—Baroma 12:12.

Dipotso tsa Poeletso

◻ Ke eng se segolo se batho ba se solofetseng?

◻ Boitumelo jwa boammaaruri ke eng?

◻ Go fodisiwa ka kgakgamatso ga ba ba tla falolang Hara-Magedona go lebega go tla diragala leng?

◻ Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go letla mekgweleo ya botshelo go kgaphela tsholofelo ya rona kwa thoko?

◻ Ke dilo dife tse di itumedisang tse o di lebeletseng mo lefatsheng le lesha?

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

A pelo ya gago ga e ne e tlala boitumelo fa o bona Jesu a fodisa ka mekgwa e a kileng a fodisa ka yone?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Go itumelela tsholofetso ya Bogosi go kgothaletsa ba bangwe le bone go nna le seabe mo tsholofelong eo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela