Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng ba Tshela
“U Keresete, Morwa Modimo o o tshedileñ.”—MATHAIO 16:16.
1, 2. (a) Monna a ka kgona go lekanngwa jang gore o mogolo? (b) Ke banna bafe mo hisitoring bao ba ileng ba bidiwa yo Mogolo, mme ka ntlha yang?
O AKANYA gore monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela ke mang? O kgona go bona jang gore monna o mogolo? A ke ka go bo e le setswerere mo bosoleng? a le botlhaletlhale? kana e le senatla sa monna?
2 Babusi ba ba farologaneng ba ile ba bidiwa yo Mogolo, jaaka Cyrus yo Mogolo, Alexander yo Mogolo, le Charlemagne, yo a neng a bidiwa “yo Mogolo” le eleng ka nako ya fa a ne a santse a tshela. Ereka ba ne ba boifiwa fa ba bonwa, banna ba ba tshwanang le bano ba ne ba tlhotlheletsa batho ba ba neng ba ba busa thata.
3. (a) Tsela e monna a ka lekanngwang ka yone gore o mogolo ke efe? (b) Fa o dirisa tsela e e ntseng jalo ya go lekanya, monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela ke mang?
3 Se se kgatlhang ke gore raditiragalo H. G. Wells o ne a tlhalosa tsela e a lekanyang ka yone gore monna o mogolo. O ne a kwala jaana dingwaga tse di fetang 50 tse di fetileng: “Tsela e raditiragalo a lekanyang ka yone gore motho o mogolo ke ka go tlhatlhoba gore ‘O tlogetse eng kwa morago se se tla salang se tswelela fa ene a sule? A o ile a dirisa nonofo e a nang nayo go dira gore batho ba simolole go akanya ka tsela nngwe e ntšha?’ Fa go dirisiwa tsela eno ya go lekanya,” Wells o ne a konela jaana, “Jesu o tsaya maemo a ntlha.” Le eleng Napoléon Bonaparte o ne a akgela jaana: “Jesu Keresete o ne a tlhotlheletsa le go kaela batho ba Gagwe a seyo ka namana mo go bone.”
4. (a) Ke dikgopolo dife tse di ganetsanang tse di leng teng kaga Jesu? (b) Raditiragalo mongwe yo e seng Mokeresete o baya Jesu mo maemong afe mo hisitoring?
4 Lefa go ntse jalo, bangwe ba ile ba ganela gore Jesu o kile a tshela mme ba re ke tlhamane fela. Kafa letlhakoreng le lengwe ba bangwe ba a feteletsa, ba tsaya Jesu jaaka Modimo, ba bolela gore Modimo o ne wa tla mo lefatsheng e le Jesu. Lefa go ntse jalo, Wells o ne a kwala jaana a thaile ditshwetso tsa gagwe mo bosuping jwa hisitori jwa gore Jesu o ne a tshela jaaka motho a re: “Go a kgatlha ebile go botlhokwa gore raditiragalo yo o sa tlhoang bodumedi ka tsela epe fela, a fitlhele gore ga a kake a anela sepe mabapi le tsela e batho ba ileng ba tlhabologa ka yone a sa beye moruti yo o humanegileng yo o tswang kwa Nasaretha mo maemong a a kwa godimo. . . . Raditiragalo yo o tshwanang le nna, yo ka boene a sa ipitseng Mokeresete, o fitlhela gore tsela e batho ba neng ba tlhabologa ka yone e ikaegile thatathata ka botshelo le mekgwa ya monna yo o botlhokwatlhokwa yono.”
A Tota Jesu O Kile A Tshela?
5, 6. Raditiragalo H. G. Wells le Will Durant ba bolela eng kaga gore Jesu o kile a tshela?
5 Mme lefa go ntse jalo, o ne o tla reng fa mongwe a ne a ka go bolelela gore Jesu ga a ise a bo a tshele le ka motlha, gore totatota e ne e le tlhamane fela, sengwe se se itlhametsweng ke banna bangwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga? O ne o tla araba kgang eo jang? Le mororo Wells a dumela gore “ga re itse go le gontsi kaga [Jesu] jaaka re ne re ka rata go itse,” lefa go ntse jalo o ne a akgela jaana: “Dibuka tse nne tsa Efangele . . . di a dumalana fa di bolela ka motho mongwe yo tota a kileng a nna teng; di ntsha bosupi jwa sengwe sa mmatota. Go dumela motlhofo fela gore ga a ise a ko a tshele, gore dipego tsa botshelo jwa gagwe di itlhametswe fela, go bokete le go feta ebile go tsosetsa raditiragalo mathata a mantsi go gaisa fa a ne a ka dumela fela gore dintlha tsa botlhokwa tsa dibuka tsa Efangele di boammaaruri.”
6 Raditiragalo mongwe yo o tlotlegang thata Will Durant o ne a baya mabaka ka tsela e e tshwanang a tlhalosa jaana: “Gore banna bangwe ba le mmalwa [bao ba neng ba ipitsa Bakeresete] ba ka bo mo kokomaneng e le ngwe fela ba bo ba itlhametse kgang ka motho yo o nonofileng le yo o kgatlhang thata jaana, melaometheo e e kwa godimo jaana le bokaulengwe jo bo tlhotlheletsang tota jo bo neng jwa bonwa fa gare ga batho, e ne e tla bo e le selo se se gakgamatsang tota se go leng thata go se dumela go feta pego epe fela ya tse di begilweng mo dikwalong tsa Efangele.”
7, 8. Jesu o ne a ama hisitori ya batho ka tsela efe e kgolo?
7 Ka gone, o ka nna wa leka go naya motho yo o belaelang yoo mabaka jaana: A motho fela wa ditlhamane—motho yo tota a iseng a ko a tshele—a ka bo a ile a ama hisitori ya batho ka tsela e e tlhomologileng thata jaana? Buka ya tshupiso eleng The Historians’ History of the World e ne ya akgela jaana: “Ditiro [tsa ga Jesu] tse di itsegeng thata mo hisitoring di ne di le botlhokwa thata go feta tsa motho ope fela mo hisitoring, le eleng lefa di lejwa ka tsela ya selefatshe fela. Motlha o mosha, oo o neng wa lemogiwa ke merafe e e tlhabologileng thata ya lefatshe, o ne wa simolola fa a ne a tsholwa.” Akanya fela ka gone. Le eleng dikhalendara dingwe gompieno di simolola go bala matlha ka ngwaga oo go akanngwang gore Jesu o ne a tsholwa ka one. “Matlha a a fa pele ga ngwaga oo a bidiwa a B.C., kana pele Keresete a tla” go tlhalosa jalo The World Book Encyclopedia. “Matlha a a fa morago ga ngwaga oo a bidiwa a A.D., anno Domini (mo ngwageng wa Morena wa rona).”
8 Jesu o ile a ama matshelo a boidiidi jo bo senang palo jwa batho ka tsela e e nonofileng ka dingwaga tse di ka nnang dikete tse pedi ka dithuto tsa gagwe tse di nonofileng le ka tsela e a neng a tshela ka yone e e neng e dumalana le tsone. Ke fela jaaka mokwadi mongwe a ne a tlhalosa seno sentle jaana: “Masole otlhe a a kileng a gwanta, le dikepe tsotlhe tsa ntwa tse di kileng tsa dirwa, le dipalamente tse kileng tsa tshwarwa, dikgosi tsotlhe tse di kileng tsa busa, fa di kopanngwa tsotlhe ga di ise di ko di ame botshelo jwa motho ka tsela e e nonofileng thata jalo.” Lefa go ntse jalo, batshwayadiphoso ba bolela jaana: ‘Dilo tsotlhe tse eleruri re di itseng ka Jesu ke tse di mo Bibeleng fela. Ga go na direkoto dipe di sele tse di kwadilweng ke batho ba ba neng ba tshela ka nako ya gagwe.’ Gone mme, a seno se boammaaruri?
9, 10. (a) Ke eng seo boraditiragalo le bakwadi ba bangwe ba e seng badumedi ba se bolelang kaga Jesu? (b) Saetlopedia nngwe e e tseelwang kwa godimo e dirisa bosupi jwa boraditiragalo ba ntlhantlha go dira tshwetso efe?
9 Le mororo dibuka tsa bogologolo tsa selefatshe tse di umakang Jesu Keresete di se dintsi, tsone mme di teng. Cornelius Tacitus, raditiragalo yo o tlotliwang thata wa lekgolo la ntlha la dingwaga wa Moroma o ne a kwala gore mmusi wa Roma ebong Nero ‘o ne a pateletsa Bakeresete gore ke bone ba ba neng ba tshubile Roma ka molelo,’ mme morago Tacitus o ne a tlhalosa jaana: “Leina [Mokeresete] le bopilwe go tswa go Keresete, yoo mmusi wa Roma Ponto Pilatwe a neng a mmolaya fa go ne go busa Tiberius.” Suetonius le Pliny the Younger, le bakwadi ba bangwe ba Baroma ba metlha eo, le bone ba ne ba umaka Keresete. Mo godimo ga moo, Flavius Josephus, raditiragalo mongwe wa lekgolo la ntlha la dingwaga wa Mojuda, o ne a kwala mo go Antiquities of the Jews kaga loso lwa morutwa wa Mokeresete Jakobe. Josephus o ne a tlhalosa gore Jakobe, e ne e le “morwarraagwe Jesu, yoo a neng a bidiwa Keresete.”
10 Ke gone ka moo The New Encyclopædia Britannica e konelang jaana: “Dipego tseno tse di sa ikaegang ka tse dingwe di tlhomamisa gore mo metlheng ya bogologolo le eleng bao ba neng ba ganetsa Bokeresete ga ba ise ba ko ba belaele gore Jesu o kile a tshela, selo seno se ile sa ganediwa la ntlha ebile e le ka mabaka a a sa utlwaleng kwa bokhutlong jwa lekgolo la dingwaga la bo 18, le mo go la bo 19, le kwa tshimologong ya lekgolo la bo 20 la dingwaga.”
Totatota Jesu E Ne E le Mang?
11. (a) Se se botlhokwa le go feta, ke motswedi ofe o e leng one fela o nang le tshedimosetso ya hisitori kaga Jesu? (b) Ke potso efe eo barutwa ba ga Jesu ba neng ba e mmotsa kaga gore ke mang?
11 Lefa go le jalo, se se botlhokwa ke gore dilo tsotlhe tse gompieno di itseweng kaga Jesu di ne tsa kwalwa ke balatedi ba gagwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Dipego tsa bone di bolokilwe mo dikwalong tsa Efangele—dibuka tsa Bibela tse di kwadilweng ke baaposetoloi ba gagwe ba babedi ebong Mathaio le Johane, le barutwa ba gagwe ba babedi ebong Mareko le Luke. Dipego tsa banna bano di senola gore Jesu ke mang? Totatota e ne e le mang? Ditsala tsa ga Jesu tsa lekgolo la ntlha la dingwaga di ne tsa ipotsa potso eo. Fa ba ne ba bona Jesu a ritibatsa lewatle le le neng le tsubutliwa ke diphefo ka go le kgalema, ba ne ba ipotsa jaana ba gakgametse: “Ana motho eo ea bo e le mañ.” Jesu o ne a botsa barutwa ba gagwe nako nngwe moragonyana a re: “Me lona loa re Nna ke mañ?”—Mareko 4:41; Mathaio 16:15.
12. Re itse jang gore Jesu ga se Modimo?
12 Fa o ne o ka bodiwa potso eo, o ne o tla araba jang? Totatota Jesu e ne e le mang? Ke boammaaruri gore bontsi jwa batho ba Labokeresete bo ne bo tla bolela gore e ne e le Modimo Mothatayotlhe a le mo sebopegong sa motho, Modimo yo e neng e le motho. Lefa go ntse jalo, ditsala tsa ga Jesu tse di neng di tsamaya nae ga di ise di ko di dumele gore e ne e le Modimo. Moaposetoloi Petere o ne a mmitsa “Keresete, Morwa Modimo o o tshedileñ.” (Mathaio 16:16) Mme lefa o ka batlisisa thata jang, ga o kitla o bona gope koo Jesu a neng a ipolela gore ke Modimo. Go na le moo, o ne a bolelela Bajuda gore e ne e le “Morwa Modimo,” eseng Modimo.—Yohane 10:36.
13. Jesu o ne a farologane le banna botlhe ba bangwe jang?
13 Fa Jesu a ne a tsamaya mo lewatleng le le neng le tsubutlwa ke diphefo, barutwa ba ne ba lemoga ntlha ya gore e ne e se monna fela yo o tshwanang le ba bangwe. (Yohane 6:18-21) E ne e le motho yo o kgethegileng tota. Seno e ne e le ka gonne a ne a kile a tshela jaaka motho wa semoya le Modimo kwa legodimong, ee, jaaka moengele, yo Bibela e bolelang gore e ne e le moengele yo mogolo. (1 Bathesalonia 4:16; Yude 9) Modimo o ne wa mmopa pele O bopa dilo tsotlhe tse dingwe. (Bakolosa 1:15) Ka gone, le eleng pele a bopa lobopo, Jesu o ne a ipelela botsalano jo bo boteng tota kwa legodimong le Rraagwe, Jehofa Modimo, Mmopi yo Mogolo, ka lobaka lo lo sa bolelwang lwa nako.—Diane 8:22, 27-31; Moreri 12:1.
14. Jesu o ne a nna motho jang?
14 Morago ga foo, dingwaga tse di ka nnang dikete tse pedi tse di fetileng, Modimo o ne wa tsenya botshelo jwa Morwawe mo popelong ya mosadi. Ka go dira jalo o ne a nna morwa Modimo wa motho, yo a neng a tsholwa ka tsela e e tlwaelegileng ke mosadi. (Bagalatia 4:4) Fa Jesu a ntse a gola mo popelong ya ga mmaagwe ebong Maria, le moragonyana fa a ne a gola e le mosimane, o ne a ikaegile ka bao Modimo o neng o ba tlhophile gore e nne batsadi ba gagwe ba selefatshe. Kgabagare, Jesu o ne a gola ya nna monna, mme go bonala gore ka nako eo o ne a dirwa gore a kgone go gakologelwa gore o ne a kile a nna le Modimo kwa legodimong. Seno se ne sa diragala fa “magodimo a mo atlhamologèla” fa a ne a kolobediwa.—Mathaio 3:16; Yohane 8:23; 17:5.
15. Re itse jang gore Jesu e ne e le motho tota fa a ne a tshela mo lefatsheng?
15 Ka boammaaruri, Jesu e ne e le motho yo o sa tshwaneng le ope. Lefa go ntse jalo, e ne e le motho, yo o tshwanang sentle le Adame, yoo Modimo o neng wa mmopa pele wa bo o mmaya mo tshimong ya Edena. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa jaana: “Motho oa pele, eboñ Adame, a dihwa motho eo o tshedileñ. Adame oa moragō a dihwa mōea o o tshedisañ.” Jesu o bidiwa “Adame oa moragō” gonne, Jesu e ne e le motho yo o itekanetseng fela jaaka Adame wa ntlha. Mme fa Jesu a sena go swa, o ne a tsosiwa a bo a ya go nna le Rraagwe gape kwa legodimong jaaka motho wa moya.—1 Bakorintha 15:45.
Abo E le Tsela E E Molemo Thata Jang Ne ya go Ithuta ka Modimo
16. (a) Ke eng seo se neng se dira gore go tsalana le Jesu e nne tshiamelo e e kalo? (b) Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore go bona Jesu go ne go tshwana fela le go bona Modimo?
16 Akanya fela ka lobakanyana ka tshiamelo e e molemolemo e ba bangwe ba neng ba e ipelela ya go nna ditsala tsa ga Jesu ka namana fa a ne a le mo lefatsheng! Ikakanye fela o mo reeditse ebile o bua le ene, o mo lebile ebile o dira le ene, Motho yoo yo o tshetseng gongwe dibilione tsa dingwaga e le tsala e e gaufi thata ya ga Jehofa Modimo kwa legodimong! Jaaka morwa yo o ikanyegang, Jesu o ne a etsa Rraagwe mo go sengwe le sengwe se a neng a se dira. Ebile tota, Jesu o ne a etsa Rraagwe ka botlalo mo a neng a ka bolelela baaposetoloi ba gagwe pele ga fa a tla bolawa a re: “Eo o mponyeñ, o bonye Rara.” (Yohane 14:9, 10) Ee, mo boemong bongwe le bongwe joo Jesu a neng a lebana le bone mo lefatsheng, o ne a dira fela jaaka Rraagwe, Modimo Mothatayotlhe, a ne a ka dira fa A ka bo a ne a le teng koo. Ka gone, fa re ithuta kaga botshelo le bodihedi tsa ga Jesu Keresete, tota re a bo re ithuta gore Modimo ke motho wa mofuta ofe.
17. Motseletsele wa Tora ya Tebelo wa “Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu” o ne wa fitlhelela boikaelelo bofe jo bo molemo?
17 Ka gone, motseletsele wa “Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu,” oo o neng wa tlhaga mo ditokololong tse di latelanang tsa Tora ya Tebelo go tloga ka April 1985 go fitlha ka June 1991, ga se fela gore o re tlhaloseditse sentle ka monna yo a neng a bidiwa Jesu mme gape o ne wa re ruta go le gontsi thata kaga Rraagwe wa selegodimo, Jehofa Modimo. Mmulatsela mongwe o ne a kwalela Mokgatlho wa Watch Tower jaana a anaanela fa a sena go bala dikarolo tsa one tse pedi tsa ntlha, a re: “Abo go sena tsela epe e e botoka ya go atamela Rara go na le go itse Morwa botoka!” Abo seo se le boammaaruri jang ne! Tsela e Rara a tlhokomelang batho ka yone ka lorato le bopelotshweu jwa gagwe di bonala sentle mo botshelong jwa Morwa.
18. Mosimolodi wa molaetsa wa Bogosi ke mang, mme Jesu o ne a bontsha jang gore o dumela seno?
18 Lorato lo Jesu a ratang Rraagwe ka lone, jaaka lo bonala sentle ka tsela eo a ineelang ka botlalo ka yone go dira thato ya ga Rraagwe, eleruri ke selo se sentle go se ela tlhoko. ‘Ga ke dire sepe ka nosi,’ Jesu o ne a bolelela Bajuda bao ba neng ba batla go mmolaya jalo, “me ke bua dilō tse hèla yaka Rara a nthutile.” (Yohane 8:28) Ka jalo he, Jesu ga se ene a simolotseng molaetsa wa Bogosi o a neng a o rera. E ne e le Jehofa Modimo! Mme nako le nako Jesu o ne a tlotlomatsa Rraagwe gore ke ene motswedi wa one. “Gonne ga kea ipuisa hèla,” o ne a bolela jalo, “me Rara eo o nthomileñ, ke èna eo o nneileñ taolō ea se ke tla se bolèlañ, le ea se ke tla se buañ. . . . Me ke gōna dilō tse ke di buañ, ke di bua hèla yaka Rara a di mpoleletse.”—Yohane 12:49, 50.
19. (a) Re itse jang gore Jesu o ne a ruta ka tsela eo Jehofa a rutang ka yone? (b) Ke ka ntlha yang fa Jesu e ne e le monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela?
19 Lefa go le jalo, Jesu ga a ka a bua kana a ruta fela seo Rraagwe a se mmoleletseng. O ne a dira se se fetang seo kgakala. O ne a se bua le go se ruta ka tsela eo Rraagwe a neng a se buile le go se mo ruta ka yone. Mo godimo ga moo, mo ditirong tsotlhe le mo ditirisanong tsotlhe tsa gagwe le batho, o ne a itshola le go dira fela jaaka Rraagwe a ne a ka itshwara le go dira ka teng kafa tlase ga maemo a a tshwanang. “Morwa ga a na go diha sepè ka esi,” Jesu o ne a tlhalosa, “ha e se se o bōnañ Rara a se diha: gonne dilō tse o di dihañ, le Morwa le èna o di diha hèla yalo.” (Yohane 5:19) Jesu o ne a supa ka ditsela tsotlhe le ka botlalo kafa Rraagwe, Jehofa Modimo, a ntseng ka teng. Ka jalo ga go gakgamatse go bo Jesu e ne e le monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela! Eleruri he, go botlhokwa tota gore re ele tlhoko monna yono yo o botlhokwa thata!
Lorato lwa Modimo Lo Bonwa mo go Jesu
20. Moaposetoloi Johane o ne a kgonne go itse jang gore “Modimo o loratō”?
20 Ke eng seo re se ithutang segolobogolo fa re ithuta kaga botshelo le bodihedi jwa ga Jesu ka botlalo le ka kelotlhoko? Gone mme, moaposetoloi Johane o ne a dumela gore “ga go motho opè eo o kileñ a bōna Modimo.” (Yohane 1:18) Lefa go ntse jalo, Johane o ne a kwala a tlhomamisegile thata mo go 1 Yohane 4:8 jaana: “Modimo o loratō.” Johane o ne a ka bolela seno gonne a ne a itse ka seo a neng a se bone mo go Jesu gore Modimo o lorato.
21. Ke eng seo se neng sa dira Jesu monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela?
21 Jaaka Rraagwe, Jesu o ne a le lorato, a le pelonomi, a ikokobeditse, ebile a kgona go atamelwa. Batho ba ba bokoa le ba ba neng ba gatelelwa ba ne ba ikutlwa ba phuthologile fa ba na le ene, fela jaaka go ne go ntse ka batho ba mefuta yotlhe—banna, basadi, bahumi, bahumanegi, ba ba nang le thata, le ba go neng go itsewe gore ke baleofi. Eleruri, sekao se se di fetang tsotlhe sa ga Jesu sa lorato, seo a se tlhomileng ka go etsa Rraagwe ke sone se se neng sa mo dira gore e nne monna yo mogolo go gaisa botlhe yo a kileng a tshela. Go begwa gore le eleng Napoléon Bonaparte o ne a bolela jaana: “Nna, Alexander, Caesar, le Charlemagne, re ne ra tlhoma mebuso, mme ke eng se re kgonneng go dira ditiro tse dikgolo tseno ka sone? Ke maatla. Jesu ke ene fela yo a neng a tlhoma bogosi jwa gagwe ka lorato, mme le mo malatsing ano dimilione tsa batho di ne di ka mo swela.”
22. Ke eng seo se neng se sa tlwaelega ka dithuto tsa ga Jesu?
22 Dithuto tsa ga Jesu di ne di farologane thata. “Se ganeleñ le motho eo o boshula,” Jesu o ne a bolela jalo a tlhoafetse, “me eo o gu hapholañ kaha lesameñ ye legolo, mo neèlè le ye leñwe.” “Ratañ baba ba lona, lo rapèlèlè ba ba lo bogisañ.” “Cotlhe tse lo ratañ batho ba di lo dihèla, le lona lo ba diheleñ hèla yalo.” (Mathaio 5:39, 44; 7:12) Abo lefatshe le ne le ka bo le farologane jang ne fa mongwe le mongwe a ne a dirisa dithuto tse di kwa godimo tseno!
23. Jesu o ne a dira eng go ama dipelo tsa batho le go ba rotloetsa?
23 Ditshwantsho tsa ga Jesu di ne di ama dipelo tsa batho tota, di rotloetsa batho gore ba dire molemo le gore ba tile go dira bosula. O ka nna wa bo o gakologelwa kgang ya gagwe e e itsegeng thata ya Mosamaria yo a neng a sa ratiwe yoo a neng a thusa monna yo o gobetseng wa morafe yo mongwe fa banna bangwe ba badumedi ba morafe wa monna yoo bone ba ne ba sa go dire. Kana kgang kaga rre yo o lorato yo a neng a itshwarela morwawe wa sesinyi. Mme go tweng ka eo e bolelang ka kgosi e e neng ya itshwarela motlhanka yo a neng a e kolota didinari di le dimilione di le 60, lefa go ntse jalo motlhanka yoo ene a neng a tsamaya mme a tsenya motlhanka mongwe yo a neng a sa kgone go mo duela didinari di le 100 fela mo kgolegelong? Jesu o ne a dirisa ditshwantsho tse di bonolo go dira gore ditiro tsa bogagapa le bohula di bonwe gore di maswe tota, le gore ditiro tsa lorato le tsa go supa kutlwelobotlhoko di ikuela thata!—Mathaio 18:23-35; Luke 10:30-37; 15:11-32.
24. Ke ka ntlha yang fa re ka bolela gore kwantle ga pelaelo Jesu e ne e le monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela?
24 Lefa go ntse jalo, selo seo tota se neng se dira gore batho ba kgatlhiwe ke Jesu le gore ba tlhotlheletsege go dira molemo e ne e le gore o ne a tshela botshelo jwa gagwe go dumalana le se a neng a se ruta. O ne a dira fela go ya kafa a neng a rera ka teng. O ne a itshokela makoa a ba bangwe ka bopelotelele. Fa barutwa ba gagwe ba ne ba gogagogana ka gore yo mogolo go gaisa mo go bone e ne e le mang, o ne a siamisa phoso eo ya bone ka bopelonomi go na le gore a ba kgaleme ka bogale. O ne a ba direla dilo tse ba di tlhokang ka boikokobetso, le eleng go tlhapisa dinao tsa bone. (Mareko 9:30-37; 10:35-45; Luke 22:24-27; Yohane 13:5) Kgabagare, o ne a ineela gore a swe loso lo lo botlhoko, eseng mo boemong jwa bone fela, mme mo boemong jwa batho botlhe! Kwantle ga pelaelo, Jesu e ne e le monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela.
O Ne O Tla Araba Jang?
◻ Ke bosupi bofe jo bo leng teng jwa gore Jesu e ne e le motho tota yo a kileng a tshela?
◻ Re itse jang gore Jesu e ne e le motho, lefa go ntse jalo o ne a farologane le batho ba bangwe jang?
◻ Ke ka ntlha yang fa go ithuta kaga botshelo jwa ga Jesu e le tsela e e molemo thata ya go ithuta ka Modimo?
◻ Re ka ithuta eng kaga lorato lwa Modimo fa re ithuta kaga Jesu?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba ipotsa jaana ba gakgametse: “Ana motho eo ea bo e le mañ?”