LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 2/15 ts. 13-18
  • A O Tla Tsaya Kgato ka Ntlha ya Lorato lwa ga Jesu?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Tla Tsaya Kgato ka Ntlha ya Lorato lwa ga Jesu?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tsaya Kgato E E Siameng ka Lorato lwa ga Jesu
  • Seo Jesu A Batlang Gore Re Se Dire
  • Latela Sekao sa ga Jesu
  • Ba Thapiseditswe go Neela Bosupi ka Botlalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • “Le fa Lo Ise lo Mmone Lo a Mo Rata”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Etsa Jesu—Ruta ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Go “Itse Lorato Lwa ga Keresete”
    Atamalana le Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 2/15 ts. 13-18

A O Tla Tsaya Kgato ka Ntlha ya Lorato lwa ga Jesu?

“Gonne loratō loa ga Keresete loa re patèlèla.”—2 BAKORINTHA 5:14.

1. Lorato lwa ga Jesu lo ka tlhalosiwa jang?

KA BOAMMAARURI, abo lorato lwa ga Jesu lo gakgamatsa jang ne! Fa re akanya kafa a neng a boga ka teng ka tsela e re ka se kang ra e tlhalosa fa a ne a re rekolola, eo e leng yone fela tsela eo re ka bonang botshelo jo bo sa khutleng ka yone, eleruri dipelo tsa rona di tlhotlheletsega gore re mo anaanele tota! Jehofa Modimo le Jesu ka boene ba ne ba tsaya kgato pele. Ba ne ba re rata pele, fa re ne re santse re le baleofi. (Baroma 5:6-8; 1 Yohane 4:9-11) Go itse “loratō loa ga Keresete,” go ne ga kwala jalo moaposetoloi Paulo, ‘go feta kitso yotlhe.’ (Baefesia 3:19) Eleruri, lorato lwa ga Jesu lo feta kgakala kitso ya thutego e e kwa godimo e o ka e tshwarang ka tlhogo. Lo feta sepe fela seo se kileng sa bonwa kana sa diragalela batho.

2. Ke eng seo se ka se kang sa thibela Jesu go re rata?

2 Paulo o ne a botsa jaana fa a ne a kwalela Bakeresete ba kwa Roma: “Mañ eo o tla re kgaoganyañ le loratō loa ga Keresete? A ke pitlaganō, kgotsa tlalèlō e e mahèhè, kgotsa pogishō, kgotsa tlala, kgotsa bosaikatègañ, kgotsa poitshègō, kgotsa chaka?” Ga go sepe sa dilo tse di ntseng jalo seo se ka thibelang Jesu gore a re rate. “Gonne kea tlhōmamisa,” Paulo o a tswelela, “go re, go le losho, go le botshelō, go le baengele, go le magōsana, go le dilō tse di leeoñ, go le dilō tse di tla tlañ, go le dinonohō, Go le bogodimo, go le boteñ, leha e ka bo e le sebopiwa señwe se sele, ga go ketla go nonoha sepè go re kgaoganya le loratō loa Modimo, lo lo mo go Keresete Yesu Morèna oa rona.”—Baroma 8:35-39.

3. Ke eng fela se se ka dirang gore Jesu le Rraagwe ba se ka ba re tlhokomela?

3 Lorato lo Jehofa Modimo le Jesu ba go ratang ka lone lo nonofile ka tsela e e ntseng jalo. Go na le selo se le sengwe fela se se ka ba thibelang gore ba se ka ba go rata, ke fa wena ka go ithatela o gana ba go rata ka go gana go dira seo ba se go kopang. Moperofeti mongwe wa Modimo o ne a tlhalosetsa kgosi nngwe ya Juda jaana: “Yehofa o na le lona, ha lo sa nntse lo na le èna; ha lo mmatla, o tla bōnwa ke lōna; me ha lo mo latlha, le èna o tla lo latlha.” (2 Ditihalō 15:2) Ke mang mo go rona yo a ka batlang go tlogela ditsala tse di molemo le tse di lorato jaaka Jehofa Modimo le Morwawe, Jesu Keresete?

Go Tsaya Kgato E E Siameng ka Lorato lwa ga Jesu

4, 5. (a) Lorato lo Jesu a re ratang ka lone lo tshwanetse lwa ama kafa re dirisanang le batho ba bangwe ka teng jang? (b) Ke mang gape yo re tshwanetseng go tlhotlheletsega go mo rata ka ntlha ya go bo Jesu a re rata?

4 Lorato lo logolo lwa ga Jesu lo go ama jang ka namana? O tshwanetse wa nna jang? Gone mme, Jesu o ne a bontsha kafa go supediwa lorato ka tsela eno go tshwanetseng ga ama tsela eo re dirisanang le batho ba bangwe ka yone. Jesu o ne a bolela jaana fa a sena go tlhapisa baaposetoloi ba gagwe dinao ka boikokobetso: “Ke lo beetse sekaō, gore le lona lo dihè yaka ke lo dihetse.” O ne a bolela jaana: “Ke lo naea taolō e ncha, ea go re, Lo ratanè; hèla yaka ke lo ratile, go re, Le lona lo ratanè.” (Yohane 13:15, 34) Barutwa ba gagwe ba ne ba ithuta, mme ba ile ba tlhotlheletsega gore ba leke go dira jaaka ene a ne a dira. “Loratō re lo itse ka gōna mo,” moaposetoloi Johane o ne a kwala, “ka a inetse mo loshuñ ka ntlha ea rona: me le rona re chwanetse go inèla mo loshuñ ka ntlha ea ba ga rona.”—1 Yohane 3:16.

5 Lefa go le jalo, re tla bo re sa tlhaloganye boikaelelo jwa botshelo jwa ga Jesu le bodihedi jwa gagwe fa e le gore sekao sa gagwe se ne se re tlhotlheletsa fela go rata le go direla batho ba bangwe molemo. A lorato lo Jesu a re ratang ka lone ga lo a tshwanela go re dira gore le rona re mo rate mme segolobogolo re rate Rraagwe, yoo a neng a mo ruta sengwe le sengwe se a se itseng? A o tla tsaya kgato ka ntlha ya lorato lwa ga Keresete mme o direle Rraagwe jaaka a ne a dira?—Baefesia 5:1, 2; 1 Petere 1:8, 9.

6. Moaposetoloi Paulo o ne a amiwa jang ke lorato lo Jesu a neng a mo rata ka lone?

6 Akanya ka kgang ya ga Saule, yoo moragonyana a neng a itsewe jaaka Paulo. Ka nako nngwe o ne a bogisa Jesu, “a ubugèla barutwa . . . pōpō le polaō.” (Ditihō 9:1-5; Mathaio 25:37-40) Ka nako ya fa Paulo a sena go itse Jesu sentle, o ne a leboga thata mme o ne a sa iketleetsa fela go boga ka ntlha ya ga Jesu mme gape o ne a iketleeditse go mo swela. “Ke bapocwe le Keresete,” o ne a kwala jalo. “Leha go nntse yalo ke tshedile; me leha go nntse yalo e be e sa tlhole e le nna, me ke Keresete o tshedile mo go nna: me botshelo yo ke bo tshedileñ yanoñ mo nameñ, ke bo tshelèla mo tumeloñ, eboñ tumèlō e e mo go Morwa Modimo, eo o nthatileñ, a ba a intshetsa nna.”—Bagalatia 2:20.

7. Lorato lwa ga Jesu lo tshwanetse go re tlhotlheletsa go dira eng?

7 Abo lorato lwa ga Jesu lo tshwanetse lwa nna le maatla a a re tlhotlheletsang thata jang ne! “Gonne loratō loa ga Keresete loa re patèlèla,” Paulo o ne a kwalela Bakorintha jalo, “gore ba ba tshelañ ba se tlhole ba itshèlèla, me ba tshelèlè èna eo o shuleñ a ba a coga.” (2 Bakorintha 5:14, 15) Eleruri go eletsa ga rona go leboga Jesu go bo a re ntsheditse botshelo jwa gagwe go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re dire sengwe le sengwe se a re laelang gore re se dire. Eno ke yone tsela fela e re ka supang ka yone gore ruriruri re a mo rata. “Ha lo nthata, lo tla tshegetsa ditaolō tsa me,” Jesu o ne a bolela jalo. “Eo o nañ le ditaolō tsa me, a di tshegetsa, ke èna eo o nthatañ.”—Yohane 14:15, 21; bapisa 1 Yohane 2:3-5.

8. Lorato lwa ga Jesu lo ile lwa ama jang botshelo jwa batho ba bantsi ba ba leofang?

8 Fa ba sena go ithuta ditaolo tsa ga Jesu, bagokafadi, diaka, basodoma, magodu, le matagwa, le batsietsi ba kwa Korintha wa bogologolo ba ne ba tsaya kgato ka ntlha ya lorato lwa ga Jesu ka go tlogela ditiro tseo. Paulo o ne a ba kwalela jaana: ‘Lo tlhapisitswe, . . . lo siamisitswe mo leineng la Morena Jesu Keresete.’ (1 Bakorintha 6:9-11) Ka tsela e e tshwanang, lorato lwa ga Jesu lo ile lwa patelela ba bantsi gompieno gore ba dire diphetogo tse di bonalang mo matshelong a bone. “Tsela ya boammaaruri eo Bokeresete bo fenyang ka yone e ne ya bonwa ka go dira ga jone gore batho bao ba ipolelang fa ba itse dithuto tsa jone ba nne molemo,” go ne ga kwala jalo raditiragalo John Lord. “Re na le bosupi jwa gore ba tshela matshelo a a senang selabe, boitsholo jwa bone bo bontle, ke baagi ba ba molemo, ebile ke Bakeresete ba ba nang le mekgwa e mentle.” Abo dithuto tsa ga Jesu di ile tsa dira pharologano jang ne!

9. Ke eng se se akarediwang mo go reetseng Jesu?

9 Eleruri, ga go na thuto epe e motho a ka e ithutang gompieno e e botlhokwa go feta go ithuta kaga botshelo le bodihedi tsa ga Jesu Keresete. ‘Lebang kwa go Jesu,’ moaposetoloi Paulo o ne a bolela jalo a tlhoafetse. “A lo ko lo akanyeñ èna.” (Bahebera 12:2, 3) Ka nako ya fa ponalo ya ga Jesu e ne e fetoga, Modimo o ne wa laela jaana kaga Morwawe: “Lo utlweñ èna.” (Mathaio 17:5) Lefa go le jalo, go tshwanetse ga gatelelwa gore go reetsa Jesu go akaretsa go le gontsi go feta go utlwa fela ka ditsebe se a se bolelang. Go raya go akanyetsa ditaolo tsa gagwe, ee, go mo etsa ka go dira dilo tse a neng a di dira ka tsela eo a neng a di dira ka yone. Kgato e re e tsayang ka ntlha ya lorato lwa ga Jesu ke ya go mo etsa jaaka sekao sa rona, re latela dikgato tsa gagwe tota.

Seo Jesu A Batlang Gore Re Se Dire

10. Ke mang yo Jesu a neng a mo katisa mme ka boikaelelo bofe?

10 Jesu o ne a romilwe ke Modimo go tla go rera ka Bogosi jwa ga Rraagwe, ebile o ne a katisa balatedi ba gagwe gore ba dire tiro e e tshwanang. “A re eeñ go sele,” o ne a bolelela balatedi ba gagwe ba ntlha jalo, “gore ke tlè ke rerè Mahoko a a Molemō le gōna mo go eōna; gonne ke shōna se ke cwetseñ go se diha.” (Mareko 1:38; Luke 4:43) Moragonyana, fa a sena go katisa baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 ka botlalo, Jesu o ne a ba laela jaana: “Me lo ètè lo rèra, lo re, Bogosi yoa legodimo bo atametse.” (Mathaio 10:7) Dikgwedi dingwe moragonyana, fa a sena go katisa ba bangwe ba le 70, o ne a ba roma a ba laela jaana: “Lo bo lo ba reè, lo re, Bogosi yoa Modimo bo lo atametse.” (Luke 10:9) Go phepafetse gore Jesu o ne a batla gore balatedi ba gagwe ba rere ba bo ba rute.

11. (a) Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tlile go dira ditiro tse di fetang tse a neng a di dira ka tsela efe? (b) Go ne ga diragala eng ka barutwa fa Jesu a sena go bolawa?

11 Jesu o ne a tswelela a katisetsa barutwa ba gagwe tiro eno. O ne a ba kgothatsa ka mafoko ano mo bosigong jwa pele fela fa a tla swa: “Eo o dumèlañ mo go nna, ditihō tse ke di dihañ, le èna o tla di diha; me o tla diha ditihō tse di kgolo go heta tse.” (Yohane 14:12) Ditiro tsa balatedi ba gagwe di ne di tla feta tsa gagwe gonne mo bodiheding jwa bone ba ne ba tlile go kgona go bona batho ba ba nnang mo mafelong a magolo le ka lobaka lo loleele lwa nako. Lefa go ntse jalo, balatedi ba ga Jesu ba ne ba boifa thata fa a sena go bolawa mme ba ne ba se ka ba dira tiro epe. Ba ne ba tsamaya ba ya go iphitlha mme ba se ka ba dira tiro e a neng a ba katiseditse go e dira. Bangwe ba ne ba boela kwa tirong ya bone ya go tshwara ditlhapi. Lefa go ntse jalo, o ne a setse a gatisitse mo megopolong ya ba ba supa bano, mmogo le mo balateding botlhe ba gagwe, se a neng a batla ba se dira, ka tsela e ba neng ba se kitla ba e lebala.

12. (a) Jesu o ne a dira kgakgamatso efe kwa Lewatleng la Galilea? (b) Go lebega Jesu a ne a kaya eng fa a ne a botsa Petere gore a o Mo rata “bogolo go ba”?

12 Jesu o ne a iphetolela mo mmeleng wa nama mme a itlhagisa kwa Lewatleng la Galilea. Baaposetoloi ba ba supa bao ba ne ba le mo mokorong mme ba ne ba sa kgona go tshwara ditlhapi dipe bosigo jotlhe. Jesu o ne a tlhaeletsa jaana a le kwa lotshitshing: “Digèlañ lotloa kaha ntlheñ ea lecōgō ye legolo ga mokōrō, me lo tla chwara.” Fa lotloa lo sena go tlala ditlhapi ka kgakgamatso mo ebileng le ne le batla lo thubega, bao ba neng ba le mo mokorong ba ne ba lemoga gore Jesu o ne a le kwa lotshitshing, mme ba ne ba itlhaganelela kwa a neng a ba letile teng. Fa a sena go ba naya sefitlholo, go lebega Jesu a ne a lebile ditlhapi tse dintsi tse ba neng ba di tshwere fa a ne a botsa Petere jaana: “Simona, morwa Yohane, a ua nthata bogolo go ba?” (Yohane 21:1-15) Ga go belaetse gore Jesu o ne a kaya gore, A o rata tiro ya gago ya go tshwara ditlhapi thata go feta tiro ya go rera e ke go rutileng go e dira?

13. Jesu o ne a gatelela jang ka tsela e e nonofileng gore ke kgato efe e balatedi ba gagwe ba tshwanetseng go e tsaya ka ntlha ya go bo a ba rata?

13 Petere o ne a araba jaana: “E Morèna; ua itse ha ke gu rata.” Jesu o ne a araba ka go re: “Hudisa dikwanyana tsa me.” Jesu o ne a mmotsa ka lekgetlo la bobedi a re: “Simona, morwa Yohane, a ua nthata?” Petere o ne a araba gape, kwantle ga pelaelo a bua a tlhatswegile pelo tota a re: “Ee, Morèna, ua itse ha ke gu rata.” Jesu o ne a mo laela gape a re: “Disa dinku tsa me.” Jesu o ne a mmotsa lekgetlo la boraro a re: “Simona, morwa Yohane, a ua nthata?” Ka nako eno Petere o ne a utlwile botlhoko thata. Go ne go fetile malatsinyana a sekae fela a sena go itatola ka makgetlo a le mararo gore o itse Jesu, ka jalo a ka nna a bo a ne a ipotsa gore a Jesu o ne a belaela gore o ne a ikanyega. Ka gone, Petere o ne a araba ka lekgetlo la boraro, go lebega a ne a bua a tlhoafetse a re: “Morèna, u itse dilō cotlhe; ua itse ha ke gu rata.” Jesu o ne a araba fela a re: “Hudisa dinku tsa me.” (Johane 21:15-17) A go na le pelaelo gore Jesu o ne a batla gore Petere le ditsala tsa gagwe ba dire eng? Abo a ne a gatelela ka tsela e e nonofileng jang ne mo go bone—mmogo le mo go bape fela ba ba neng ba tlile go nna barutwa ba gagwe gompieno—gore fa ba mo rata, ba tla nna le seabe mo tirong ya go dira barutwa!

14. Jesu o ne a bontsha tsela eo barutwa ba gagwe ba tshwanetseng go tsaya kgato ka yone ka ntlha ya lorato lwa gagwe jang mo makgetlong a mangwe?

14 Malatsi a sekae morago ga puisano eo ya fa lotshitshing lwa lewatle, Jesu o ne a itlhagisa kwa thabeng nngwe kwa Galilea mme o ne a naya balatedi ba gagwe ba ba 500 ba ba itumetseng ba ba neng ba kokoane koo taolo a re: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, . . . Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ.” (Mathaio 28:19, 20; 1 Bakorintha 15:6) Akanya fela ka seo! Banna, basadi, le bana ba ne ba rongwa selo se le sengwe fela. Moragonyana gape, Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe pele fela fa a tla tlhatlogela kwa legodimong a re: “Lo tla nna bashupi ba me . . . le go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” (Ditihō 1:8) Ereka a ne a ba kgothatsa jalo, ga go gakgamatse go bo dingwaga moragonyana Petere a ne a bolela jaana: “[Jesu] a re laea, gore re rèrèlè batho, re shupè.”—Ditihō 10:42.

15. Ke eng seo re ka se kang ra etsaetsega ka sone?

15 Ga go na pelaelo ya gore re tshwanetse ra tsaya kgato efe ka ntlha ya lorato lwa ga Jesu. Go ntse fela jaaka a ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Ha lo tshegetsa ditaolō tsa me, lo tla nna mo loratoñ loa me . . . Lona lo ditsala tsa me, ha lo diha dilō tse ke di lo laolèlañ.” (Yohane 15:10-14) Potso ke eno, A o tla supa gore o anaanela lorato lwa ga Jesu ka go dira taolo ya gagwe ya gore o nne le seabe mo tirong ya go dira barutwa? Ke boammaaruri gore seno se ka nna sa se ka sa nna boammaaruri ka mabaka a a farologaneng. Mme lefa go ntse jalo go ne go se motlhofo le mo go Jesu. Akanya fela ka diphetogo tse a neng a tshwanetse go di dira.

Latela Sekao sa ga Jesu

16. Jesu o ne a tlhoma sekao sefe se se gakgamatsang?

16 Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo o ne a le mo boemong jo bo kwa godimo ga jwa baengele botlhe a le mo kgalalelong kwa legodimong. O ne a humile eleruri! Lefa go le jalo o ne a ikaya e se sepe, a tsholwa ke leloko lengwe la lelapa le le humanegileng, a bo a tshela a dikologilwe ke batho ba ba lwalang ebile ba swa. O ne a dira seno ka ntlha ya rona, jaaka moaposetoloi Paulo a ne a tlhalosa jaana: “Gonne loa itse bopeloealoratō yoa Morèna oa rona Yesu Keresete, go re, leha a na a humile, leha go nntse yalo a humanèga ka ntlha ea lona, gore lo tlè lo humè ka khumanègō ea gagwè.” (2 Bakorintha 8:9; Bafilipi 2:5-8) A sekao ruri! Abo e le go supa lorato jang ne! Ga go na ope yo a ntshitseng go mo feta kana yo o ileng a boga ka ntlha ya ba bangwe go feta ene. Ebile ga go na ope yo o ileng a dira gore ba bangwe ba kgone go bona dikhumo tse dikgolwane, ee, go tshelela ruri ba itekanetse!

17. Ke tsela efe e e tlhomilweng fa pele ga rona, mme re tla bona matswela afe fa re ka e latela?

17 Re ka latela sekao sa ga Jesu mme ra direla ba bangwe molemo ka tsela e e tshwanang. Jesu o ne a kopa batho kgapetsakgapetsa a tlhoafetse gore e nne balatedi ba gagwe. (Mareko 2:14; Luke 9:59; 18:22) Ebile tota, Petere o ne a kwala jaana: “Gonne lo biledicwe gōna mouō: gonne Keresete le èna o bogile botlhoko mo boemoñ yoa lona, a lo tlogèlèla sekaō, gore lo tsamaeè mo dikgatoñ tsa gagwè.” (1 Petere 2:21) A o tla tsaya kgato ka ntlha ya lorato lwa ga Keresete lefa o ka bogisiwa e le gore fela o direle Rraagwe jaaka a ne a dira? Abo tsela e e ntseng jalo e ka solegela ba bangwe molemo jang ne! Eleruri, fa o latela sekao sa ga Jesu, o dirisa dithuto tse a di rutilweng ke Rraagwe ka botlalo, ‘u tla ipoloka o bo o boloka ba ba go utlwang.’—1 Timotheo 4:16.

18. (a) Ke sekao sefe seo Jesu a neng a se tlhoma mabapi le kafa a neng a ikutlwa ka teng ka batho? (b) Batho ba ne ba tsaya kgato jang ka ntlha ya botho jwa ga Jesu?

18 Re tshwanetse go ikutlwa ka tsela eo Jesu a neng a ikutlwa ka yone ka batho fa re batla go ba thusa. Boperofeti bongwe bo ne jwa bolela jaana mabapi le ene: “O tla tlhomogèla bahumanegi le batlhoki pelo.” (Pesalema 72:13) Balatedi ba gagwe ba ne ba kgona go lemoga gore Jesu “o ne a rata” bao a neng a bua le bone le gore o ne eleruri a batla go ba thusa. (Mareko 1:40-42; 10:21) “Me ea re a bōna machutichuti a batho,” Bibela e a bolela, “a ba tlhomogèla pelo, ka ba patikegile ba gasagasame, yaka dinku tse di senañ modisa.” (Mathaio 9:36) Baleofi le bone ba ne ba kgona go lemoga gore o lorato mme ba ne ba mo atamela. Ba ne ba ikutlwa ba phuthologile ka ntlha ya segalo sa lentswe la gagwe, tsela e a neng a dirisana le batho ka yone, le mokgwa wa gagwe wa go ruta. Seo se ne sa dira gore le eleng bakgethisi le diaka tse di neng di ilwa ba mmatle.—Mathaio 9:9-13; Luke 7:36-38; 19:1-10.

19. Paulo o ne a etsa Jesu jang, mme re tla bona matswela afe fa re dira se se tshwanang?

19 Barutwa ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba etsa sekao sa gagwe sa lorato. Paulo o ne a kwalela ba bangwe bao a neng a kile a ba thusa jaana: “Me re ne re le bonōlō mo gare ga lona, yaka ha moamusi a ñomaèla bana ba e leñ ba gagwè . . . Yaka rra bana a tla a dihèle bana ba gagwè, ra lo laea, ra lo nametsa, ra shupa.” (1 Bathesalonia 2:7-11) A o ikutlwa o amega ka tsela e e tshwanang ka bao ba leng mo tshimong fela jaaka batsadi ba ba lorato ba amega ka bana ba bone ba ba ba ratang? Fa o supa gore o amega ka tsela e e ntseng jalo o supa ka segalo sa lentswe la gago, tsela e sefatlhego sa gago se ntseng ka yone, le ka ditiro, seo se tla dira gore batho ba sekadinku ba kgatlhegele molaetsa wa Bogosi.

20, 21. Ke dikao dife tsa segompieno tsa batho bao ba neng ba latela sekao sa ga Jesu sa lorato?

20 Basupi bangwe ba babedi e ne ya re ka letsatsi lengwe go le tsididi kwa Spain ba kopana le mosadi mongwe yo o tsofetseng yo a neng a tsamaya ka dithobane yo ntlo ya gagwe e neng e le tsididi thata gonne a ne a feletswe ke dikgong tsa go gotsa molelo. O ne a emetse morwawe gore a boe kwa tirong go tla go mo remela tse dingwe. Basupi ba ne ba mo remela dikgong, ba bo ba mo tlogelela dimakasine gore a di bale. Fa morwawe a boa, o ne a kgatlhiwa ke tsela e Basupi ba neng ba bontsha mmaagwe lorato ka yone mo a neng a bala dikgatiso tseo, a simolola go ithuta Bibela, a kolobediwa, mme ka bonako fela a tsena mo bodiheding jwa bobulatsela.

21 Monna mongwe le mosadi wa gagwe ba kwa Australia ba ne ba tlhalosetsa Basupi ba ba neng ba ba etetse gore ba ne ba sena madi a go fepa lelapa la bone. Banyalani bano ba Basupi ba ne ba tsamaya mme ba ba tlisetsa dijo, mmogo le dimonamone tse ba neng ba di tlisetsa bana. Batsadi bano ba ne ba lela, ba bolela gore ba ne ba tlaletswe mo ba neng ba setse ba akanya go ipolaya. Ba ne ba simolola go ithuta Bibela ka bobedi jwa bone, mme mosadi o ne a kolobediwa bosheng fela jaana. Mosadi mongwe kwa United States yo a neng a sa rate Basupi ba ga Jehofa o ne a bolela jaana fa a sena go kopana le mongwe wa bone: “Ruri ga ke gakologelwe gore re ne re bua ka eng, mme se ke se gakologelwang fela ke gore o ne a le pelonomi mo go nna, a le botsalano ebile a ikokobeditse. Ke ne ka ikutlwa ke batla go nna tsala ya gagwe. Ke santse ke akanya kafa a neng a le botsalano ka teng le go fitlha gompieno.”

22. Fa re sena go tlhatlhoba botshelo jwa ga Jesu, re konela jang mabapi le ene?

22 Fa re tsaya kgato ka ntlha ya lorato lwa ga Jesu ka go dira tiro eo a neng a e dira ka tsela eo a neng a e dira ka yone, abo re ka itumelela masego a a gakgamatsang jang ne! Go bonala sentle fela gore Jesu o mogolo ebile o mogolo fela thata. Re tlhotlheletsega go bolela mafoko ano a mmusi wa Moroma Ponto Pilatwe a a reng: “Bōnañ, monna ke eo!” Ee, eleruri, “Monna,” monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela.—Yohane 19:5.

O Ne O Tla Araba Jang?

◻ Lorato lwa ga Jesu lo logolo ka selekanyo se se kana kang?

◻ Ke mang yoo lorato lwa ga Jesu lo tshwanetseng lwa re dira gore re mo rate, mme lorato lwa gagwe lo tshwanetse lwa re rotloetsa go dira eng?

◻ Ke tiro efe e Jesu a batlang gore re e dire?

◻ Jesu o ne a humile jang, mme ke ka ntlha yang fa a ne a humanega?

◻ Re tshwanetse ra etsa Jesu jang ka tsela eo a neng a direla batho ka yone?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Jesu o ne a tlhoma sekao sa kafa lorato lo ka bontshiwang ka teng

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Jesu o ne a bontsha barutwa ba gagwe ka tsela e e nonofileng kafa ba ka mmontshang lorato ka teng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela