Modimo O Go Amogela O le Moagi Kana O le Moditšhaba!
“O dihile dichaba cotlhe tsa batho ba cwa mothuñ a le moñwe hèla, go tla ba aga mo lehatshiñ yeotlhe.”—DITIHŌ 17:26.
1. Ke bothata bofe jo bo leng teng mo mafelong a mantsi gompieno mabapi le go amogela batho ba dingwao tsa boditšhaba?
DIPEGO tsa dipampiri tsa dikgang di supa gore dinaga tse dintsi di tshwenyegile thata ka baditšhaba, bafudugedi, le batshabi. Go na le dimilione tse dintsi tse di eletsang thata go fuduga go tswa kwa dikarolong dingwe tsa Asia, Afrika, Yuropa, le tsa Amerika. Gongwe ba batla go imololwa mo leubeng le le ba tlhasetseng, dintwa tsa semorafe, kana go bogisiwa. Mme a ba a amogelwa kwa mafelong a mangwe? Makasine wa Time o ne wa bolela jaana: “Fa tsela e merafe e neng e ntse e tlhakane ka yone mo Yuropa e simolola go fetoga, dinaga tse dingwe di fitlhela gore ga di tlhole di kgona go amogela dingwao tsa baditšhaba jaaka di ne di ntse di akanya gore di a dira.” Time e ne ya bolela jaana ka batshabi ba le 18 000 000 “ba ba sa batliweng”: “Kgwetlho e seno se e tlisang mo merafeng e e setseng e tlhomame ga e kitla e bo e fela.”
2, 3. (a) Bibela e re tlhomamisetsa jang ka tsela e e re lapolosang kaga go amogelwa? (b) Ke ka ntlha yang fa re ka solegelwa molemo ke go tlhatlhoba seo Dikwalo di se re bolelelang kaga tsela e Modimo o dirisanang le batho ka yone?
2 Lefa go ka diragala eng mabapi le seno, Bibela yone e bontsha gore Modimo o amogela batho ba morafe mongwe le mongwe—e ka tswa motho e le moagi yo o tsholetsweng koo, kana mofudugedi, kana motshabi. (Ditihō 10:34, 35) ‘Lefa go ntse jalo,’ bangwe ba ka nna ba botsa gore ‘ke eng fa lo bolela jalo? A Modimo o ne o sa itlhophela fela Baiseraele ba bogologolo go nna batho ba gagwe, a tlogetse batho botlhe ba bangwe?’
3 Gone mme, a re boneng gore Modimo o ne a dirisana jang le batho ba bogologolo. Re ka tlhatlhoba gape le boperofeti jo bongwe jo bo amanang le ditshiamelo tse di bonwang ke baobamedi ba boammaaruri gompieno. Go boeletsa tshedimosetso eno ya seperofeti go ka go sedifaletsa gore o kgone go tlhaloganya ka botlalo ka tsela e e ka go kgothatsang tota. Go supa gape kafa Modimo a ka nnang a dirisana ka teng le batho ba “morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho le dipuō” morago ga sepitla se segolo.—Tshenolō 7:9, 14-17.
“Merahe Eotlhe ea Lehatshe E Tla Segōhala”
4. Bothata jwa bomorafe bo ne jwa simolola jang, mme lefa go ntse jalo Modimo o ne wa tsaya dikgato dife?
4 Morago ga Morwalela lelapa la ga Noa e ne e le lone fela le le dirang setho sotlhe, ebile botlhe e ne e le baobamedi ba boammaaruri. Mme kutlwano eo e ne ya fela ka bonako. Go ise go e kae, batho bangwe ba ba neng ba itlhokomolosa go rata ga Modimo ba ne ba simolola go aga tora. Seno se ne sa felela ka gore batho ba kgaogane ka ditlhopha tsa dipuo tse di neng tsa gasama jaaka mefuta ya batho le merafe. (Genesise 11:1-9) Lefa go ntse jalo, kobamelo ya boammaaruri e ne ya tswelela jalo go fitlha kwa go Aberahame. Modimo o ne wa segofatsa Aberahame yo o ikanyegang mme wa solofetsa gore ditlogolwana tsa gagwe e tlile go nna morafe o mogolo. (Genesise 12:1-3) Morafe oo e ne e le Iseraele wa bogologolo.
5. Ke ka ntlha yang fa rotlhe re ka kgothadiwa ke tsela e Modimo o neng o dirisana ka yone le Aberahame?
5 Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a sa tlhokomologe batho ba e neng e se Baiseraele ka go bo boikaelelo jwa gagwe bo ne bo akaretsa batho botlhe. Re bona seno ka phepafalo go tswa go seno seo Modimo o neng wa se solofetsa Aberahame: “Me merahe eotlhe ea lehatshe e tla segōhala mo losikeñ loa gago; ka u utlwile lencwe ya me.” (Genesise 22:18) Lefa go ntse jalo, Modimo o ne wa dirisana le Baiseraele ka tsela e e kgethegileng ka makgolokgolo a dingwaga, a ba naya Molao o o neng o tla ba kaela jaaka morafe, a rulaganya gore go nne le baperesiti ba ba neng ba tla dira ditlhabelo kwa tempeleng ya gagwe, le go ba naya Lefatshe Le Le Solofeditsweng leo ba neng ba tla nna mo go lone.
6. Thulaganyo ya Modimo le Iseraele e ne e tla re solegela molemo rotlhe jang?
6 Molao o Modimo o neng o o file Baiseraele o ne o le molemo mo bathong ba merafe yotlhe ka gore o ne o supa gore batho botlhe ba na le boleo, o supa gore ba tlhoka setlhabelo se se itekanetseng go duelela boleo jwa motho. (Bagalatia 3:19; Bahebera 7:26-28; 9:9; 10:1-12) Lefa go ntse jalo, ke eng se se neng se ka tlhomamisa gore Losika lwa ga Aberahame—leo merafe yotlhe e neng e tlile go segofala ka lone—le ne le tla tla le bo le kgona go dira dilo tse di batlegang tseo? Molao wa Iseraele o ne wa thusa le fano. O ne o ba thibela go nyalana le Bakanana, batho ba ba neng ba itsege ka ditiro le mekgwa e e maswe, jaaka ngwao ya bone ya go tshuba bana ba bone ka molelo ba ntse ba tshela. (Lefitiko 18:6-24; 20:2, 3; Duteronome 12:29-31; 18:9-12) Modimo o ne wa laola gore ba nyelediwe le mekgwa ya bone. Seo se ne se tlile go solegela botlhe molemo, go akaretsa le bajaki, ereka se ne se tlile go tshola tatelano ya Losika e sa leswefadiwa.—Lefitiko 18:24-28; Duteronome 7:1-5; 9:5; 20:15-18.
7. Ke eng se se neng sa supa kwa tshimologong fela gore Modimo o amogela baditšhaba?
7 Le eleng ka nako ya fa Molao o ne o dira le fa Modimo o ne o tsaya Baiseraele jaaka ba ba kgethegileng, o ne o utlwela botlhoko batho ba e neng e se Baiseraele. Se se neng se supa gore o iketleeditse go dira jalo se ne se ile sa bonala fa Baiseraele ba ne ba tswa mo botshwarong kwa Egepeto ba ya kwa nageng ya bone. “Me ga tlhatloga nabō gapè bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ.” (Ekesodo 12:38) Porofesa C. F. Keil o bolela gore ba tshwana le “bontsintsi jwa baditšhaba . . . batho ba ba tlhakatlhakaneng, kana boidiidi jwa merafe e e farologaneng.” (Lefitiko 24:10; Dipalō 11:4) Go lebega bontsi e ne e le Baegepeto ba ba neng ba dumela mo Modimong wa boammaaruri.
Go Amogelwa ga Baditšhaba
8. Bagibeona ba ne ba kgona go nna jang le batho ba Modimo?
8 Jaaka Baiseraele ba ne ba dira go ya kafa Modimo o neng o ba laetse ka teng gore ba bolaye merafe e e nang le mekgwa e e maswe eo mo Lefatsheng Le Le Solofeditsweng, o ne a sireletsa setlhopha sa baditšhaba bangwe ebong Bagibeona ba ba neng ba nna kwa bokone jwa Jerusalema. Ba ne ba romela baemedi ba ba neng ba itirile gore ba se ka ba lemogiwa kwa go Joshua, go ya go dira kagiso le go e bona. Fa leano la bone le ne le lemogiwa, Joshua o ne a laela gore Bagibeona ba ne ba tla dira jaaka “barwaledi ba dikgoñ, le bagi ba metse ba phuthègō, le ba sebesho sa ga Yehofa.” (Yoshue 9:3-27) Gompieno bafudugedi ba bantsi le bone ba amogela maemo a a kwa tlase mo ditirong gore ba kgone go nna karolo ya batho ba basha bao.
9. Sekao sa ga Rahabe le lelapa la gagwe se re kgothatsa jang mabapi le baditšhaba kwa Iseraele?
9 O ka nna wa kgothadiwa ke go itse gore bogologolo koo Modimo o ne o sa amogele baditšhaba fa ba le setlhopha fela; motho fa a tla a le esi o ne a amogelwa. Gompieno merafe e mengwe e amogela fela bafudugedi ba ba nang le maemo a a kwa godimo, ba ba nang le madi a ba ka a dirisetsang kgwebo nngwe, kana ba rutegile thata. Ga go a nna jalo ka Jehofa, jaaka re bone mo tiragalong e e neng ya diragala pele fela ga ya Bagibeona. Yone e ne e ama Mokanana yo e neng e se wa maemo a a kwa godimo. Bibela e mmitsa “Rahabe oa seaka.” Ene le lelapa la gagwe ba ne ba bolokwa fa Jeriko e ne e senngwa gonne ba ne ba dumela mo Modimong wa boammaaruri. Baiseraele ba ne ba amogela Rahabe le mororo e ne e le moditšhaba. E ne e le sekao sa motho yo o nang le tumelo e re tshwanetseng go e etsa. (Bahebera 11:30, 31, 39, 40; Yoshue 2:1-21; 6:1-25) O bile a nna le eleng mmaagwemogologolwane wa ga Mesia.—Mathaio 1:5, 16.
10. Baditšhaba kwa Iseraele ba ne ba amogelwa go ikaegilwe ka eng?
10 Batho ba e neng e se Baiseraele ba ne ba amogelwa mo Lefatsheng Le Le Solofeditsweng fa ba ne ba dira maiteko a go itumedisa Modimo wa boammaaruri. Baiseraele ba ne ba bolelelwa gore ba se ka ba tsalana, segolobogolo ka tsela ya sedumedi, le bao ba neng ba sa direle Jehofa. (Yoshue 23:6, 7, 12, 13; 1 Dikgosi 11:1-8; Diane 6:23-28) Lefa go ntse jalo, bontsi jwa bajaki ba e neng e se Baiseraele ba ne ba ikobela melao eo. Bangwe ba bone ba ne ba sokologa ba bo ba rupisiwa, mme Jehofa o ne a ba amogela ka botlalo jaaka maloko a phuthego ya gagwe.—Lefitiko 20:2; 24:22; Dipalō 15:14-16; Ditihō 8:27.a
11, 12. (a) Baiseraele ba ne ba tshwanetse go tshwara baobamedi ba baditšhaba jang? (b) Ke ka ntlha yang fa re ka tlhoka go tokafatsa mo go lateleng sekao sa ga Jehofa?
11 Modimo o ne wa laela Baiseraele gore ba etse tsela eno e a neng a ikutlwa ka yone ka baobamedi ba baditšhaba: “Me ha moeñ a yakile mo go lona mo lehatshiñ, lo se ka lwa mo siamololèla. Moeñ eo o yakileñ mo go lona a a nnè go lona yaka eo o tsalecweñ mo go lona, u mo ratè yaka u ithata; ka gonne lo no lo le baeñ mo lehatshiñ ya Egepeto.” (Lefitiko 19:33, 34; Duteronome 1:16; 10:12-19) Seno se re ruta sengwe, le eleng lefa re sa laolwe ke Molao. Go motlhofo tota gore o ka ineela mo go tlhaoleng batho le mo go nneng bobaba mo bathong ba lotso lo sele, ba morafe o sele, kana ba ba nang le ngwao e e farologaneng. Ka jalo re tla bo re dira sentle fa re ipotsa jaana: ‘A ke leka go latlha mokgwa oo wa go tlhaola, ke latela sekao sa ga Jehofa?’
12 Baiseraele ba ne ba kgona go bona sentle fela gore Modimo o a ba amogela. Kgosi Solomone o ne a rapela jaana: “Kaga moeñ, eo e señ oa batho ba gago ba Iseraela, e tla re ha a cwa lehatshiñ ye le kgakala ka ntlha ea leina ya gago . . . ha a tla, a rapèla a lebile ntlo e; U tlo u utlwè u le mo bonnoñ yoa gago kwa legodimoñ . . . gore dichaba cotlhe tsa lehatshe di itse leina ya gago, go tla ba gu boiha.”—1 Dikgosi 8:41-43; 2 Ditihalō 6:32, 33.
13. Ke ka ntlha yang fa Modimo o ne wa rulaganyetsa go fetola tsela e a neng a dirisana le Iseraele ka yone?
13 Le mororo Jehofa a ne a santse a dirisa morafe wa Iseraele jaaka batho ba gagwe mme ka go dira jalo a sireletsa losika lo Mesia a neng a tlile go tsholwa mo go lone, Modimo o ne wa bolelela pele gore go ne go tla nna le diphetogo dingwe tsa botlhokwa. Pele ga foo, fa Baiseraele ba ne ba dumela go tsena mo kgolaganong ya Molao, Modimo o ne wa ba naya tshiamelo ya gore go ka tswa mo go bone “bogosi yoa baperisiti . . . le morahe o o boitshèpō.” (Ekesodo 19:5, 6) Mme Baiseraele ba ne ba itshupa ba sa ikanyege ka makgolokgolo a dingwaga. Ka jalo Jehofa o ne a bolelela pele gore o ne a tla dira kgolagano e ntšha e mo go yone bao ba bopang “ntlo ea Iseraela” ba neng ba tla itshwarelwa diphoso le maleo a bone. (Yeremia 31:33, 34) Kgolagano e ntšha eo e ne e emetse Mesia, yoo setlhabelo sa gagwe eleruri se neng se tlile go tlhapisa boleo jwa ba bantsi.—Isaia 53:5-7, 10-12.
Baiseraele kwa Legodimong
14. Ke “Iseraela” ofe o mosha o Jehofa a neng a o amogela mme jang?
14 Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di re thusa go tlhaloganya kafa dilo tseno tsotlhe di neng tsa kgonwa go dirwa ka teng. Jesu e ne e le ene Mesia, yoo loso lwa gagwe lo neng lwa diragatsa Molao lwa ba lwa thaya motheo wa go itshwarelwa dibe ka botlalo. Motho o ne a sa tlhoke gore e bo e le Mojuda yo o rupisitsweng mo nameng gore a kgone go bona molemo oo. Nnyaa. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala gore mo kgolaganong e ntšha, “Moyuda tōta ke eo e leñ èna mo teñ; le go rupa ke ga pelo, mo go emeñ mo moeeñ, e señ mo ditlhakeñ tsa lokwalō.” (Baroma 2:28, 29; 7:6) Bao ba neng ba dumela mo setlhabelong sa ga Jesu ba ne ba itshwarelwa, mme Modimo o ne o ba amogela jaaka ‘Bajuda ka moya,’ bao ba bopang morafe wa semoya o o bidiwang “Iseraela oa Modimo.”—Bagalatia 6:16.
15. Ke ka ntlha yang fa go nna wa morafe o o rileng kafa nameng go sa ame go nna mongwe wa Iseraele wa semoya?
15 Ee, motho o ne a amogelwa go nna mongwe wa Iseraele wa semoya go sa ikaegiwa ka gore ke wa morafe ofe kana wa lotso lofe. Bangwe ba bone, ba ba tshwanang le barutwa ba ga Jesu e ne e le Bajuda ba tlholego. Ba bangwe, jaaka molaodi wa mephato ya Roma, Korenelio, e ne e le Baditšhaba ba ba sa rupisiwang. (Ditihō 10:34, 35, 44-48) Paulo o ne a bolela sentle jaana kaga Iseraele wa semoya: “Mo go sa kakeñ ga diha le Bogerika le Boyuda gōna, bogwèra le bokgola, botho seeñ le Bosethia, botlhanka le boñwana yoa motse.” (Bakolosa 3:11) Bao ba neng ba tloditswe ka moya wa Modimo ba ne ba nna ‘losika lo lo itshenketsweng, boperesiti jwa segosi, morafe o o boitshepo, le tšhaba e e ruilweng ke Modimo sebele.’—1 Petere 2:9; bapisa Ekesodo 19:5, 6.
16, 17. (a) Iseraele wa semoya o na le seabe sefe mo boikaelelong jwa Modimo? (b) Ke ka ntlha yang fa go tshwanetse gore re sekaseke bao eseng Iseraele wa Modimo?
16 Isagwe ya Baiseraele ba semoya ke efe mo boikaelelong jwa Modimo? Jesu o ne a araba jaana: “Lecomanyane, se boiheñ; gonne Rra eno o natehèlwa ke go lo naea bogosi.” (Luke 12:32) Ba ba tloditsweng, bao ‘motse wa bone o leng kwa legodimong,’ ba tlile go nna baruaboswa mmogo le Kwana fa a busa mo Bogosing jwa gagwe. (Bafilipi 3:20; Yohane 14:2, 3; Tshenolō 5:9, 10) Bibela e bontsha gore bano ba ‘tshwailwe go tswa mo lotsong longwe le longwe lwa bana ba Iseraela’ ebile “ba cwa go rekwa mo bathuñ gore ba nnè mabucwa pele a Modimo le a Kwana.” Palo ya bone ke 144 000. Lefa go ntse jalo, fa a sena go bolela gore palo eno e kanetswe, Johane o simolola go bua ka setlhopha sengwe se se farologaneng—“boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le batho, le dipuō.”—Tshenolō 7:4, 9; 14:1-4.
17 Bangwe ba ka nna ba ipotsa jaana: ‘Go tweng ka dimilione tsa bao eseng bangwe ba Iseraele wa semoya, jaaka bao ba ka nnang ba falola sepitla se segolo jaaka boidiidi jo bogolo? Ba na le seabe sefe gompieno le ba sekae ba ba setseng ba Iseraela wa semoya?’b
Baditšhaba mo Boperofeting
18. Ke eng seo se neng sa dira gore Baiseraele ba boele morago ba tswe mo botshwarong kwa Babelona?
18 Fa re boela morago kwa nakong ya fa Baiseraele ba ne ba le kafa tlase ga kgolagano ya Molao mme lefa go ntse jalo ba sa ikanyege mo go yone, re fitlhela gore Modimo o ne o sweditse ka gore o tla letla Bababelona ba thopa Baiseraele. Baiseraele ba ne ba isiwa botshwarwa ka 607 B.C.E. ka dingwaga di le 70. Morago ga foo Modimo o ne wa reka morafe oo gape. Masalela a Iseraele wa tlholego a ne a boela kwa nageng ya one a eteletswe pele ke Mmusi Serubabele. Babusi ba Bameda le Baperesa ba ba neng ba digile puso ya Babelona, ba ne ba thusa batshwarwa bao ka dilo tse ba neng ba di tlhoka. Buka ya Isaia e ne ya bolelela pele ditiragalo tseno. (Isaia 1:1-9; 3:1-26; 14:1-5; 44:21-28; 47:1-4) Mme Esere o re naya dintlha tsa ditiragalo tsa fa ba boa.—Esere 1:1-11; 2:1, 2.
19. Mabapi le go boa ga Baiseraele, ke sesupo sefe sa seperofeti se se neng se bontsha gore baditšhaba ba ne ba tlile go nna le seabe mo teng?
19 Lefa go ntse jalo, Isaia o ne a bolela boperofeti jono jo bo gakgamatsang thata fa a ne bolelela pele kaga go rekololwa le go boela morago ga batho ba Modimo jaana: “Me merahe e tla tla lesediñ ya gago, le dikgosi di tla phatsimoñ ea go tlhaba ga gago.” (Isaia 59:20; 60:3) Seno se kaya se se fetang fela gore baditšhaba ba ne ba amogelwa, go dumalana le thapelo ya ga Solomone. Isaia o ne a bolelela pele go fetolwa ga boemo go go sa tlwaelegang. “Merahe” e ne e tla dira le bana ba Iseraele: “Me baeñ ba tla cosa ba aga dithakō tsa gago, le dikgosi tsa bōnè di tla gu dihèla: gonne ke ne ka gu betsa mo chakgaloñ ea me, me mo botsalanoñ yoa me ke gu utlwetse botlhoko.”—Isaia 60:10.
20, 21. (a) Ke eng se re se fitlhelang mo metlheng ya segompieno seo se tshwanang sentle le go tswa ga Baiseraele kwa botshwarong? (b) Iseraele wa semoya o ne a okediwa ka ‘barwa le barwadi’ jang morago ga foo?
20 Go ya ga Baiseraele botshwarwa le go boa ga bone go ile ga tshwantshetsa dilo tse dintsi mo metlheng eno ya segompieno mo go Iseraele wa semoya. Masalela a Bakeresete ba ba tloditsweng a ne a ise a dire go rata ga Modimo ka botlalo pele ga Ntwa ya Lefatshe I; ba ne ba santse ba na le dikgopolo ebile ba dira ditiro tse ba neng ba tlile le tsone go tswa mo dikerekeng tsa Labokeresete. Moragonyana, fa batho ba santse ba tshositswe ke ntwa le fa baruti ba ntse ba ba tlhotlheletsa, ba ba neng ba eteletse pele mo masalaleng a Iseraele wa semoya ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong ba sena molato. Morago ga ntwa ka 1919 C.E., batlodiwa bao ba ba neng ba le mo kgolegelong ba ne ba gololwa ga bo ga phimolwa ditatofatso tsa bone. Seno e ne e le bosupi jwa gore batho ba Modimo ba ne ba golotswe mo botshwarong jwa Babelona O Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. Batho ba gagwe ba ne ba tswelela go aga le go nna mo paradaiseng ya semoya.—Isaia 35:1-7; 65:13, 14.
21 Seno se ne sa supiwa mo tlhalosong eno ya ga Isaia: “Ba phuthèga botlhe mmōgō, baa tla kwa go wèna: bomorwao baa tla, ba cwa kgakala, le bomorwadio ba tla cholwa ka mabōgō. Hoñ u tla bōna, u sa matlhō, me pelo ea gago e tla hohoma, e nna tamutamu; ka gonne letlōtlō ya lewatlè le tla bosediwa kwa go wèna, mahumō a merahe a tla tla kwa go wèna.” (Isaia 60:4, 5) Mo masomeng a a neng a latela a dingwaga, ‘barwa le barwadi’ ba ne ba tswelela go tla, ba tlodiwa ka moya go tla go nna mo mannong a bofelo mo go Iseraele wa semoya.
22. “Baeñ” ba ne ba tla go dira le Iseraele wa semoya jang?
22 Go tweng ka ‘baeng ba ba tla tsosang ba aga dithako tsa gago’? Seno le sone se ile sa diragala mo motlheng ono wa rona. Fa go bidiwa ga ba ba 144 000 go ne go setse go tla konelwa, boidiidi jo bogolo jo bo tswang mo merafeng yotlhe bo ne jwa simolola go oologela go tla go obamela le Iseraele wa semoya. Ba basha bano ba na le tsholofelo e e thailweng mo Bibeleng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Le mororo lefelo le ba tla felelang ba le kwa go lone ka go bo ba dirile ka boikanyegi le se kitla le tshwana, ba ne ba itumelela go dira le masalela a a tloditsweng mo go rereng mafoko a a molemo a Bogosi.—Mathaio 24:14.
23. “Baeñ” ba ile ba thusa batlodiwa ka selekanyo se se kana kang?
23 Gompieno, ba ba fetang 4 000 000 bao e leng “baeñ,” mmogo le masalela a bao ‘motse wa bone o leng kwa legodimong,’ ba supa tota gore ba ineetse mo go Jehofa. Bontsi jwa bone, banna le basadi, bannye le bagolo, ba dira jaaka babulatsela mo bodiheding jwa nako e e tletseng. Baditšhaba bao ba dira ditiro tsa boikarabelo jaaka bagolwane le batlhanka ba bodihedi mo bontsing jwa diphuthego tse di fetang 66 000. Masalela a itumelela seno, a bona mafoko ano a ga Isaia a diragadiwa: “Baeñ ba tla èma ba hudisa macomane a lona, ba dichaba ba tla nna balemedi ba lona le babaakanyetsi ba lona ba mafine.”—Isaia 61:5.
24. Ke ka ntlha yang fa re ka kgothadiwa ke tsela e Modimo o neng o dirisana le Baiseraele mmogo le ba bangwe ka yone mo nakong e e fetileng?
24 Ka jalo lefa o ka tswa o le moagi wa morafe ofe mo lefatsheng, o le mofudugedi, kana o le motshabi, o na le tshiamelo e kgolo thata ya go nna moditšhaba yo Mothatayotlhe a mo amogelang ka pelo yotlhe. Fa a go amogela jalo o ka nna wa bona ditshiamelo tsa tirelo jaanong le mo isagweng ya bone e e sa khutleng.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona pharologano fa gare ga “alien resident,” “settler,” “stranger,” le “foreigner,” bona Insight on the Scriptures, Bolumo 1, tsebe 72-5, 849-51, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Go ne ga tla batho ba ba fetang 10 600 000 kwa segopotsong sa ngwaga le ngwga sa Sejo sa Morena sa Maitseboa se se neng se tshwerwe ke Basupi ba ga Jehofa ka 1991, mme ke ba le 8 850 fela ba ba neng ba ipolela gore ke ba masalela a Iseraele wa semoya.
A O Ne wa Tlhokomela Seno?
◻ Modimo o ne wa solofetsa jang gore Ene o ne a tla amogela batho ba merafe yotlhe?
◻ Ke eng se se bontshang gore batho ba bangwe kwantle ga batho ba Modimo ba ba kgethegileng ba ne ba kgona go Mo atamela?
◻ Modimo o ne wa bontsha jang mo boperofeting gore baditšhaba ba ne ba tla nna le Baiseraele?
◻ Ke eng seo se ileng sa tshwantshetsa go boa ga Baiseraele go tswa kwa botshwarwa kwa Babelona, mme “baeñ” ba ne ba akarediwa jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Kgosi Solomone o ne a rapelela baditšhaba bao ba neng ba tla tla go obamela Jehofa