Go Phutha “Dilō Tse Di Eletsegañ” kwa Poland
GO BOLELWA gore Poland ke naga ya Bokatoliki. Go ya ka dipalo tsa semmuso, 93 lekgolong ya baagi e tsena Kereke ya Katoliki. Lefa go ntse jalo, diphetogo tsa sepolotiki le tsa loago tse di diragetseng bosheng jaana koo di ile tsa ama batho thata tsa bo tsa ama le botshelo jwa bone jwa bodumedi. Fa go ntse go batlisisiwa go bonala gore mo e ka nnang 50 lekgolong ya bao ba neng ba botsolodiwa ba ipolela gore ke Bakatoliki ba ba bo tshelelang.
Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dumelelwa semolao jaaka phuthego ya bodumedi ka May 1989 kwa Poland. Fa esale go tloga ka nako eo, go ile ga tla ba bangwe ba basha ba le 11 000 go tla go kopana le bone jaaka baboledi ba mafoko a a molemo a Bogosi. Jaanong go na le baboledi ba Bogosi ba ba fetang 106 000 bao ba kopanelang mo diphuthegong tse di fetang 1 300, ebile go ne ga tla batho ba le 200 422 go tla go keteka Segopotso sa loso lwa ga Keresete ka 1991. Ke tsela eo go phutha go go boleletsweng pele ga ‘dilo tse di eletsegang tsa merafe’ go diragalang ka yone kwa Poland. (Hagai 2:7) Bosheng jaana, go ne ga tshwarwa dikopano tsa meraferafe tsa Basupi ba ga Jehofa tse e neng ya nna ditlhogo tsa dikgang mo Poland. Mme lefa go ntse jalo fa re sekaseka ditoroponyana dingwe tse dinnye mo nageng eno tsone di tla supa segolobogolo kafa tiro ya go phutha e tswelelang ka teng mo nageng eo.
Babulatsela ba Simolola Tsela
Sztum ke toropo e e nang le batho ba ka nna 10 000 e e leng gaufi le fa Noka ya Vistula e tshelang metsi a yone mo Lewatleng la Baltic teng. Toropo eno ga e bolo go bolelwa gore e ne e le letlapa fa go buiwa ka tiro ya go rera. Ka 1987 go ne go na le baboledi ba le robedi fela mo lefelong leo. Lefa go ntse jalo, dilo di ne tsa simolola go fetoga ka nako ya fa babulatsela, kana baboledi ba Bogosi ba nako e e tletseng ba ne ba goroga. Kwa pokanong ya botlhano, e e neng e tshwaretswe kwa lefelong la dibaesekopo, go ne ga tla batho ba le 100! Go ne ga tlhomiwa phuthego koo fa go sena go dirwa ka natla ka dingwaga tse pedi. Gompieno baboledi ba teng ba ba 90 ba na le Holo ya bone ya Bogosi, mme go tla batho ba le 150 ka metlha kwa dipokanong tsa bone.
Jaaka go ne go ka lebelelwa, go ise go e kae Kereke ya Katoliki e ne ya simolola go ganetsa. Moitlami mongwe wa mosadi “wa setswerere” o ne a bua dilo dingwe tse di senyang Basupi, a ba pega molato wa gore ba ruta dithuto tsa maaka. Mme lefa go ntse jalo, jaaka go tlhola go diragala seno se ne sa senya ene mmui wa sone. Dithuto tsa gagwe di ne tsa dira batho fela gore ba ipatlisisetse dintlha ka bobone. Bontsi jwa bone bo ne jwa itse boammaaruri mme gompieno ke babulatsela ba ka metlha! Ba bolela jaana: ‘Fa re ntse re ithuta boammaaruri re ne ra akanya gore mongwe le mongwe yo o batlang go nna Mosupi o tshwanetse go tshwana le moruti wa gagwe, seo se neng se raya gore e nne mmulatsela.’ Ka jalo phuthego yotlhe e rata bobulatsela.
Go ne ga felela ka gore go tsamaisiwe dithuto tsa mo magaeng tsa Bibela di le 180 mo lefelong leo. Bangwe ba ile ba rutiwa go bala ka buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Ka nako e e tshwanang, ba ile ba ithuta le boammaaruri. Go tshwarwa thuto ya metsotso e le lesome ya Bibela le setlhopha sa magolegwa a kgolegelo ya mo lefelong leo fa a tlile go phepafatsa mebila. Mongwe wa bone o ne a buelela Mosupi mongwe ka nako ya fa mosadi mongwe yo a neng a feta foo a ne a mo tlhapatsa. O ne a sianela kwa go kgaitsadi yono, a tsaya buka ya O Ka Tshelela Ruri a e tsholetsa, a botsa mosadi yo o tlhapatsang yono a re “A ga o kgone go bala? Go kwadilwe eng fano? O ka tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise! A o kile wa utlwa selo se se ntseng jalo? Tota ke ka ntlha yang fa o tlhapatsa Modimo le baobamedi ba gagwe?”
Go Tsoga Modumo mo Toropong
Kruszwica e e itsegeng thata e e kileng ya bo e le moshate wa Poland, e tletse Bakatoliki. Go fitlha le mo bogareng jwa 1990 go ne go na le Basupi ba sekae fela mo baaging ba yone ba ba 9 300. Mme lefa go ntse jalo Jehofa o ne a segofatsa thata maiteko a baboledi ba Bogosi.
Ereka ba ne ba lemoga gore baeteledipele ba bone ba semoya e ne e le baitimokanyi, batho ba bantsi—segolobogolo ba babotlana—ba ne ba ya kwa Basuping go bona dikarabo. Mo lobakeng lo lokhutshwane, go ne ga simololwa dithuto di le 20 tsa magae tsa Bibela. Moruti wa lefelo leo o ne a rera dithero tse di senyang Basupi ba ga Jehofa, mme lefa go ntse jalo seno ga se a ka sa dira gore batho ba ba tlhoafetseng ba se ka ba ya kwa dipokanong tsa bone. Basupi ba ne ba nna kgankgolo mo mabenkeleng le mo diphakeng le eleng kwa kerekeng. Sephatlo sa ngwaga morago ga foo, go ne ga simololwa ditlhopha tse pedi tse dikgolo tsa thuto ya buka. Kruszwica jaanong e na le phuthego e e tlhaga tota ya baobamedi ba ka nna 35 ba ga Jehofa. Ba tshwara dithuto tsa magae tsa Bibela di le 75 mme ba tshwaregile thata mo go lereng “dilō tse di eletsegañ” tse pele di neng di le mo botshwarong jwa bodumedi jwa maaka.
Mo go bone go ne go na le Bogdan wa dingwaga tse 23, yo e neng e le leloko la lelapa lengwe la Bakatoliki ba ba tlhoafetseng thata. O gakologelwa jaana: “Ke ne ke nwa, ke goga, ke tshela botshelo jwa boitsholo jo bo maswe. Ke ne ke itsege ke le senokwane le setsuolodi mme go ne go sena ope yo a neng a tshwenyega. Lefa go ntse jalo, fa ke ne ke simolola go ithuta Bibela, mmè o ne a ntshosetsa ka gore o tla ipolaya ka go ja botlhole. Ereka ke ne ke sa kgone go emela seo, ke ne ka kgaogana gotlhelele le Basupi. Moragonyana babulatsela bangwe ba ba kgethegileng ba ne ba nthusa ka lorato, mme ke ne ka kgona go tlogela mekgwa yotlhe ya me e e maswe. Ereka jaanong ke kolobeditswe kwa Kopanong ya Kgaolo ya ‘Batho Ba Ba Ratang Kgololesego’ ya 1991, ke ile ka tlhopha bodihedi jwa nako e e tletseng jaaka mokgele wa me mo botshelong mme ke sale ke ntse ke le mmulatsela yo o thusang go tloga ka nako eo.”
Sławomir yo o nang le dingwaga tse 21 o ne a tseneletse thata mo tirisabadimong le mo tumelong ya ga Satane, eo a neng a e tlogela ka bonako fela fa a sena go bona gore Bibela e kgala ditiro tse di ntseng jalo. “Mme lefa go ntse jalo Satane ga a ka a ntlogela,” o a bolela. “Bosigo bongwe setshamekisi sa direkoto se ne sa simolola go tshameka fela se sa kgotlhiwa ke ope, mme ke ne ka utlwa mmino wa bosatane, le mororo ke ne ke ntshitse sengwe le sengwe se se neng se amana le kobamelo ya ga Diabolo mo ntlong. Ke ne ka rapela Jehofa, mme o ne a nthusa gore ke eme sentle gape semoyeng. Moithutatlhaloganyo yo ke neng ke tlhola ke ya kwa go ene ke kgothadiwa ke batsadi ba me o ne a lemoga gore boemo jwa me bo ne bo fetogile thata mme o ne a swetsa ka gore ke ne ke itekanetse. O ne kwala jaana mo tšhateng ya me: ‘O fodisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.’”
Go Lwa Kgatlhanong le Moya wa Selefatshe
Środa Śląska e kafa borwabophirima jwa Kruszwica. “Dilō tse di eletsegañ” le tsone di a bonala mo torotswaneng eno ya batho ba le 9 000. Dingwaga tse nnè tse di fetileng, go ne go na le kgaitsadi wa rona wa semoya a le mongwe koo. Lefa go ntse jalo, jaanong, palo ya baboledi ba Bogosi e ile kwa godimo ke 47. Basupi ba bantsi le bone pele ba ne ba golegilwe ke tirisabadimo, go tshwakgolwa ke diokobatsi, le boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Ba akanya gore seno se ne se dirwa ke go tlhoka dilo tsa semoya goo go leng teng mo dikerekeng tse di kgonang fela go kgala batho ka semoya sa bone mme di sa ba thuse ka sepe. Basupi ba imolola batho tota.
Ba babotlana ba ba leng mo phuthegong ba dirile sekolo tshimo ya bone e ba dirang tiro ya go rera mo go yone. “Ba ke tsenang le bone sekolo gantsi ba nthaya ba re: ‘Tota o tshameka ka bosha jwa gago,’” go bega jalo Kasia wa dingwaga tse 18. “Mme gone ke ile ka tila mathata a mantsi, ebile botshelo jwa me bo na le se bo se kayang. Ke tsamaisa dithuto tsa Bibela di le mmalwa kwa sekolong mme ke dira tiro ya me ya sekolo le thuto ya me ya ka namana sentle. Basetsana ba ba bolelang gore ke ‘tshameka ka bosha jwa me’ ba setse ba na le bana, ba mekamekana le mekgweleo ya mathata.”
Dikgatiso tsa Watch Tower di itsege thata mo dikolong tsa mo lefelong leno. Ka sekai, morutabana mongwe yo o rutang Se-Poland o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ba dirise puo e e bonolo ya lokwalopaka lwa rona lwa Tsogang! fa ba kwala ditlhamo. Ewa yo e leng mmulatsela yo o thusang o fitlhela boroutšhara ya Sekolo le Basupi ba ga Jehofa e le mosola thata. “Ke itumelela kgatiso eno thata. Barutabana ba me ba e itse sentle. Ga ke ise nke ke nne le bothata jwa go bona tetla ya go tswa mo tlelaseng fa ke ya kwa dikopanong tse dikgolo.” Boikutlo jo bo ntseng jalo jo bo siameng jo basha ba rona ba nang najo bo itumedisa pelo ya ga Jehofa.—Diane 27:11.
Magolegwa A A Setlhogo A A Fetoga
Go ya kwa botlhaba jwa Środa Śląska ke Strzelce Opolskie, eo e nang le dikgolegelo tse pedi. E nngwe ya tsone ke ya magolegwa a a sa fetogeng a a disiwang thata gore a se ka a ngwega. Basupi ba tlhola ba etela mafelo a mabedi ano a kwa batho ba otlhaelwang teng go tlisetsa magolegwa ano boammaaruri, ka go bo bontsi jwa one gape bo golegilwe gape ke Babelona O Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka.—Tshenolō 18:1-5.
Basupi ba ithuta Bibela le magolegwa ka bongwe le ka ditlhopha, ebile bangwe ba bone ba setse ba kolobeditswe. Ba rerela magolegwa a mangwe mafoko a a molemo ba le tlhaga le mororo ba tshwanetse go nna mo kgolegelong go fitlha ba wetsa lobaka lo ba lo atlholetsweng. Legolegwa lengwe le le neng le ipaakanyetsa go kolobediwa le ne la fetoga ka tsela e e gakgamatsang mo e leng gore baokamedi ba kgolegelo ba ne ba mo letla gore a ye gae gangwe ka beke. Ba bangwe ba setse ba kwaletse malapa a bone ba bolela fa ba feditse mogopolo gore ba batla go tswa mo kgolegelong e se dikebekwa, mme e le Basupi ba ga Jehofa.
Mookamedimogolo wa nngwe ya dikgolegelo tseno o ne a ngongorega ka gore baruti ba Katoliki ba ne ba tlhola ba tla mme lefa go ntse jalo ba sa fitlhelele sepe. O ne a botsa Basupi jaana: “Ke eng seo se dirang gore lo kgone go fetola le go dira batho bano gore e nne batho ba ba siameng?” Lekwalo le legolegwa lengwe le neng la le kwalela balelapa la gagwe le araba jaana: “Mo kgolegelong mono, Basupi ba ga Jehofa ba mpoleletse kaga ditsholofetso tse di molemo tota tsa Modimo tse di kaga puso e ntšha, Bogosi jwa ga Jehofa, jo bo tla tlogang bo busa lefatshe. Fa ke ntse ke le fano ke ne ka bona nako ya go sekaseka tsela e ke neng ke tshela ka yone pele go ya ka seo Bibela e se bolelang. Ereka ke dirile ditshwetso tse di gagametseng, ke eletsa fela thata gore ke gololesege mme ke ipone ke le mongwe wa babusiwa ba Bogosi jwa Modimo. Gompieno ke Mosupi wa ga Jehofa yo o kolobeditsweng.”
Kwa kgolegelong e nngwe, go na le ba bantsi ba ba atlholetsweng dingwaga di le 25 ka ntlha ya go bolaya. Go ithutiwa Bibela ka metlha le banna ba le 12. Mongwe wa bone o neetse botshelo jwa gagwe mo go Jehofa, mme ba bangwe ba rulaganyetsa gore le bone ba tseye dikgato tseno. Mookamedimogolo wa kgolegelo o ne a bolela jaana a supa fa a anaanela mekgwa e Basupi ba ga Jehofa ba rutang ka yone: “Ga ke na magolegwa a a kotsi a le 12 fela. Ke na le a le 600. Tsweetswee nthuseng go ba dira batho ba ba siameng. Ke tla lo naya sengwe le sengwe se lo se tlhokang, mme lefa go ntse jalo dirang thulaganyo. Lo ba tlhokomeleng!”
Bakaulengwe ba ne ba dira fela jalo. Ba ne ba mo neela thulaganyo ya Bibela e e bolelang ka seo botshelo bo se kayang, seo se ka solofelwang mo isagweng, le kafa go leng botlhokwa ka gone go tlogela mekgwa e e sa siamang. Ba ne ba bolela le boitemogelo jwa mongwe yo e kileng ya bo e le legolegwa yo a neng a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme fa nako e ntse e tsamaya a ne a tlhophiwa go nna mogolwane wa phuthego. Basupi gape ba ne ba otlelela dintlha tse dikgolo tsa botshelo jwa mongwe yo a neng a utswa ditaemane le yo a neng a dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang yo a neng a ithuta boammaaruri.a Magolewa a a 20 a a neng a le teng a ne a kgatlhiwa ke thulaganyo eno thata mme a ne a botsa dipotso tse dintsi, mangwe a kopa gore go ithutiwe le one Bibela.
Go Lekwa ga Tumelo le Boitshoko
Lubaczów ke torotswana ya batho ba le 12 000 gaufi le molelwane wa Ukraine. Tiro ya go rera e ne ya tsamaya ka lobelo ka 1988 ka nako ya fa babulatsela bangwe ba ne ba fudugela koo go ya go thusa baboledi ba ba 12 ba mo lefelong leno. Jaanong go na le baboledi ba ba tlhaga ba Bogosi ba le 72, mme go ne ga tla batho ba le 150 go tla go keteka Segopotso sa 1991 mo Holong ya Bogosi e e sa tswang go agiwa.
Mopapa John Paul II o ne a etela Lubaczów ka June 1991. Mme lefa go ntse jalo seo ga se a ka sa dira gore batho ba nne le tumelo e e nonofileng. Bontsi jwa bone bo tletse dipelaelo ebile bo na le dipotso tsa gore boikaelelo jwa botshelo ke eng le gore ke eng se se ka solofelwang mo isagweng. Fa ba sa kgone go bona dikarabo tse di kgotsofatsang mo moruting ba ya kwa Basuping ba ga Jehofa. Le mororo kwa tshimologong batho ba ka nna ba tshwenngwa ke digakolodi tsa bone ka go bo ba tlogela bodumedi jwa bone, boammaaruri jo ba bo ithutang jwa Bibela bo ba thusa go bona gore ba dirile tshwetso e e siameng.
Sengwe se se tshwanang le seo ke boitemogelo jwa ga Honorata, yo jaanong e leng mmulatsela yo o thusang. Mo e ka nnang lobaka lwa ngwaga lo lo fetileng, o ne a botsa moruti fa a ne a ile go ipolela dibe gore leina la Modimo e ne e le mang. “Modimo ke lorato—leo ke lone leina le lentle la gagwe,” moruti o ne a araba jalo. Morago ga lobakanya o ne a oketsa jaana: “O tshwana le nkgo ya metsi a a phepa jaaka legweka eo motho a e tshetseng inka. Ga o kake wa tlhola o fetoga.” O ne a arabiwa jalo. “Ke ne ka swetsa ka nako eo gore ke tlile go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa,” Honorata o ne a bolela jalo, “Seo le sone ga se kake sa fetoga.”
Mo e ka nnang mongwe le mongwe yo a neng a ithuta boammaaruri kwa Lubaczów o ne a ganediwa thata, le ka tsela e e feteletseng tota. Mme lefa go ntse jalo seno ga se a ka sa ba thibela gore ba se ka ba amogela boammaaruri jwa Bibela mme ba eme mo letlhakoreng la ga Jehofa.
Elżbieta o anela jaana: “Kwa tshimologong ba ne ba ntitaya kwa gae. Morago lelapa la gaetsho le ne la itelekela mo Holong ya Bogosi. . . . Ba ne ba ntseela kwa gae mme ba simolola ‘go ntitaya’ ka kota e e makukunopu. Ke ne ka itewa ka ragiwa mmele otlhe fela ka gonne ke ne ke kopanela le Basupi. Ke ne ka bediwa botlhoko mo e leng gore ke ne ka tlhoka go alafiwa ka bonako mme ke ne ka romelwa kwa kokelong. Jehofa o ne a nthusa mme ka fola. Balelapa la me ba ne ba nkoba. Ke ne ka bolelela moruti seno, mme o ne a ntshotla a re: ‘O tlile go ngongoregela fela go bo o iteilwe go le gonnye fela?’”
Kgaitsadi mongwe o gakologelwa jaana: “Ke ne ke tlhola ke ya ngwaga le ngwaga kwa Częstochowa go ya go tsamaya ka mangole fa pele ga Ditshwantsho tsa pogiso ya ga Keresete, selo se ke neng ke se leba jaaka selo se se tshwanetseng go dirwa ke Mokatoliki mongwe le mongwe yo o tlhoafetseng. Ke santse ke na le mabadi a teng mo mangoleng.” O ne a ithuta boammaaruri fa a na le dingwaga di le 18 mme o ne a bolelela moruti le balelapa la gagwe gore o ne a sa tlhole a tla boela gape kwa kerekeng. O ne a itewa thata—“botlhoko mo e leng gore boboko jwa me bo ne jwa utlwa botlhoko,” o bega jalo. “Mme lefa go ntse jalo fa ke le kwa kokelong ke ne ka nna botoka gore nka kgona go ya kwa Kopanong ya Kgaolo ya ‘Batho Ba Ba Ratang Kgololesego.’ Ke ne ka lela ke boitumelo fa ke ne ke bona kutlwano le lorato lo lo neng lo le mo gare ga batho ba ba neng ba sa feteletse dilo—dilo tse ke neng ke ise nke ke di bone mo Częstochowa. Abo ke itumela jang ne go bo ke bone gore Jehofa o molemo mme ke ithutile go mo ikanya.” Jehofa o nonotsha le go goletsa bao ba latlhelang mekgweleo ya bone mo go ene.—Pesalema 55:22.
Bontsi jwa magolegwa a Babelona O Mogolo jaanong ba reetsa mokgosi wa gore ba ‘tswe mo go ene’ mo nageng eno ya Bakatoliki, fela jaaka ba ntse ba tswa kwa mafelong a mangwe. Fa e le gore Jehofa o a rata, batho ba gagwe ba ba pelokgale ba tla tswelela ba phutha “dilō tse di eletsegañ” tse di oketsegileng tse di gasameng mo Poland. Eleruri, go santse go na le ba le bantsi ba ba santseng ba tla tsaya kgato ka mokgosi o o reng “Tla. Le eo o nyorilweñ a a tlè: eo o ratañ a a tseè metse a botshelō, a a tseè hèla a sena thèkō.”—Tshenolō 18:4; 22:17.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona Awake! ya October 8, 1983, ditsebe 16-19, le ya November 22, 1987, ditsebe 21-3.
[Mmapa mo go tsebe 24]
(For fully formatted text, see publication.)
POLAND
Sztum
Kruszwica
Poznan
Warsaw
Środa Śląska
Częstochowa
Strzelce Opolskie
Lubaczów
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Go rerwa molaetsa wa Bogosi kwa Kruszwica, kwa Poland