Go Rera mo Motsemogolong O O Kgatlhang Thata wa Mozambique—Maputo!
Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dumelelwa semolao ka 1991. Fa esale go tloga ka nako eo go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo go ile ga gatela pele ka tsela e e gakgamatsang mo nageng eno ya boboatsatsi e e kafa lotshitshing lo lo kafa borwabotlhaba jwa Afrika. Se se latelang ke pego ya kafa Basupi ba ga Jehofa ba dirang tiro ya go ruta Bibela ka teng kwa Mozambique, segolobogolo go dikologa Maputo, eo e leng moshate.
MOZAMBIQUE e na le tlilemate e e fa gare gonne bosa jwa yone bo amiwa thata ke Lewatle le le bothitho la India. Masi a mantle a a nang le ditlhare tsa dipalema mmogo le dithotana tsa letlapa la metsing a tletse fa lobopong. Kwa borwa jwa naga eno go na le kgogometso ya metsi a a ageletsweng kafa borwa jwa naga—lefelo le le tshwanetseng moshate wa lone ebong Maputo.
Lefa go ntse jalo, bontle le thetebalo ya naga eno, di farologana thata le thubakanyo e e diragetseng mo hisitoring ya lone. E ile ya kgaratlha ka makgolokgolo a dingwaga kafa tlase ga puso ya dinaga di sele, la ntlha e ne e le Baarabia mme morago ya nna Bapotokisi. Ba ba tlileng morago bano ba ne ba letliwa ke Kereke ya Katoliki go tla go thukhutha naga eno dikhumo tsa yone—dinaka tsa tlou, gouta, le makgoba. Kgabagare, fa ba sena go gatelelwa ka makgolokgolo a dingwaga ke puso ya dikolone, go ne ga tsoga ntwa e e matlho mahibidu e e ileng ya felela ka gore ba bone boipuso ka 1975. Ka maswabi, phetogo eno ga e a ka ya dira gore matshelo a bone a bolokesege, jaaka naga eo e ne ya tsenelela mo ntweng ya bana ba mpa, e e neng ya felela ka gore batho ba bantsi ba boge thata, segolobogolo batho ba ba senang molato ba ba nnang kwa magaeng.
Mo Maputo, Mo Moshateng
Mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng, diketekete tsa batho ba Mozambique di ne tsa tshabela kwa ditoropong le metsemegolong e e neng e bolokesegile go le gonnye. Seno se bonala segolobogolo mo Maputo, koo dikago tse di tlhakaneng tse di agilweng ka mokgwa wa Sepotokisi le tse di mebala tsa Seaferika di dirang gore motsemogolo ono o tlale botshelo. Fa o itsamaela fela mo mebileng e megolo e e jetsweng ditlhare fa thoko ya Maputo, selo sa ntlha se o se bonang ke boidiidi jwa batho ba ba tlhanaselang ba dira ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi. Mme lefa go ntse jalo go na le pharologano. “Le mororo go pitlagane ebile go na le mathata a letsatsi le letsatsi, batho ba teng ka metlha ba botsalano,” go akgela jalo Rodrigo, morongwa wa kwa Maputo. “Ga o ko o kopana le batho ba ba senang maitseo!” Ee, batho ba Mozambique ba itsiwe e le batho ba ba nang le botho ka tlholego ebile ba le botsalano.
Legale, fela jaaka dinaga tse dintsi tsa Afrika, lefelo le le tlwaelegileng le o kopanang le batho kwa go lone ke kwa mafelong a borekelo a mo lefelong leo. Fa o batla go ya koo o ka pagama Chapa 100, leina la mo lefelong leno le dillorinyana tse di dirisiwang go rwala batho di bidiwang ka lone. Jaaka ka tlwaelo, go lebega batho ba bantsi ba ingaparela kafa ntle ga llori go feta ba ba ingaparelang mo teng. Gongwe ebile go botoka go tsamaya ka dinao.
Batho ba Mozambique ke bagwebi ba ba sa ineeleng. Fa motho a etetse Maputo ga go na gore a ka se ka a bona bontsi jwa batho ba ba itirelang ka go tlhoma ditafojana tse dinnye fa thoko ga ditsela le mo makgabaganyong a mebila. A o batla go reka maungo, merogo, melemo, kana diloki? Di dintsi tota. Go tweng ka dikgogo tse di tshelang, manoko a cashew, kana matlhaka go ya go aga ntlo? Sengwe le sengwe se motlhofo, ebile se dirwa ka botsalano. Ditirelo tse di tshwanang le go phatsimisa ditlhako kana go tlhatswa koloi le tsone di teng. Mosimanyana o dirisa tshipi e e molelo le polasetiki go kgomaretsa dikwalo tsa gago tse di botlhokwa thata.
Mme gone, ga se bagwebi botlhe ba ba rekisang mo mebileng ba ba dumeletsweng ke molao. Gone mme go a dirwa. Ba ba rekisang ba sa dumelelwa ka molao ba bidiwa dumba nenge, se se rayang, “ikanye maoto a gago.” Seno ruri se ntse jalo gonne fa baokamedi ba tla go tlhatlhoba, ba tshwanetse go sia tota gore ba kgone go sireletsa dikgwebo tsa bone tse di mo kotsing.
Monkgo ono o re bolelela gore re tshwanetse ra bo re atametse fa go rekisiwang tlhapi teng! Mo thapameng ya letsatsi lengwe le lengwe, go bapa le masi a Costa do Sol, go a tlhanaselwa kwa diketswaneng tse di tshwarang ditlhapi jaaka fa di ntse di tlisa tse di tshwereng mo letsatsing leo. Mo godimo ga ditlhapi tse di bopegileng ka mekgwa yotlhe le tsa bogolo jo bo farologaneng, go na le makakauwe, di-lobster, mmogo le di-prawn tsa maemo a a kwa godimo tsa Mozambique. Lefa go ntse jalo, o ka nna wa kgatlhegela mofuta mongwe gape wa go tshwara ditlhapi o o dirwang mo Maputo le mo tikologong.
‘Batshwari ba Batho’
Fa esale Basupi ba ga Jehofa ba dumelelwa semolao mo Mozambique batho ba ile ba arabela ka tsela e e molemo. Monna mongwe o ne a bolela kafa a itumelang ka teng ka go bolela jaana: “Ke ile ka bona ba le bantsi ba lona mo mebileng ya Lontone. Ebile tota, gongwe le gongwe kwa nkileng ka ya teng ke ile ka bona Basupi ba ga Jehofa. Jaanong ke itumelela go lo bona lo le teng le fano.”
Fa e le gore go tsaya Dibibela le dikgatiso tse di thailweng mo Bibeleng ka Sepotokisi le Setsonga, dipuo tse di buiwang mo lefelong leno, go supa sengwe, seno se raya gore batho bano ba rata dilo tsa semoya. Paula, morongwa yo mongwe, o bega gore mo mosong wa Matlhatso, motho o kgona go tsamaisa dimakasine tse di fetang 50 kwa mabenkeleng, kana kwa marekisetsong. Buka ya Dipotso tse Basha ba Di Botsang Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo e itshupa e ratwa thata. Basha ba bantsi ba ile ba tshaba kwa magaeng a bone kana ba nna dikhutsana ka ntlha ya ntwa, mme ba lebega ba itumelela dilo tse di botlhokwa le kaelo eo buka eno e e ba nayang.
Ditlhopha tse dikgolo tsa batho ba ba kgatlhegang di phuthega go dikologa morongwa go utlwa se se bolelwang, ba dira jalo ka mokgwa o o tlwaelegileng wa Seaferika ba gololesegile fela. Fa go kokoanwe jalo fa thoko ga tsela gantsi seno se felela ka metlotlo e e monate tota ya Dikwalo. Kgaitsadi mongwe o gakologelwa boitemogelo jono jo bo kgatlhang thata.
“Fa ke ntse ke rera mo mmileng ka nako nngwe, ke ne ka tshoga tota fa llori ya masole e ne e ema ka bonako gaufi le nna. Lesole lengwe le lebotlana le ne la tlhaeletsa batho bangwe ba ba neng ba eme foo la re: ‘Lona foo, rayang mosadi yoo a tle kwano.’ Fa ke ya kwa go ene, lesole leno le ne la nyenya le ntse le re: ‘Lo batho ba ba molemo. Re itumelela go lo bona fano. Ke utlwile go twe lo na le buka e e buang ka basha. Le nna ke batla e nngwe.’ Ke ne ka mmolelela gore ke ne ke sa e tshola, mme lefa go ntse jalo fela fa di tla, ke tla mo tlisetsa e nngwe kwa legaeng la gagwe.”
Tse Di Isiwang kwa Lefelopeelong
E le gore ba kgone go lepalepana le tsela e e oketsegang e dibuka di batliwang ka yone, ofisi ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower ya mo Afrika Borwa e isa dibuka kwa lefelopeelong la kwa Maputo dibeke dingwe le dingwe tse pedi. Manuel, yo e leng morongwa o tlhokomela lefelopeelo leno ebile o rulaganya gape kafa dibuka tseno di isiwang ka gone kwa go ba bangwe.
Moso mongwe monna mongwe wa dingwaga tse di fa gare o ne a tsena mme a botsa gore lefelo leno le dirisediwa eng. Manuel o ne a araba gore leno ke lefelopeelo la dibuka tsa Bibela. Monna yoo o ne a tsamaya mme morago ga motsotso a boa gape.
“O rile go na le dibuka tsa Bibela, a ga go jalo?” o ne a botsa jalo.
“Ee, go ntse jalo,” Manuel o ne a araba.
“Ke tsa mokgatlho ofe?” monna o ne a botsa jalo.
“Ke tsa Basupi ba ga Jehofa,” Manuel o ne a araba a oketsa jaana, “Re naya diphuthego tsa mo lefelong leno dibuka tseno.”
“Ija, lo Basupi ba ga Jehofa!” Sefatlhego sa monna yono se ne sa tlala boitumelo. “Go na le dilo tse dintsi tse ke di ratang ka lona. Mme gape, go na le sengwe se ke sa se rateng ka lona.”
“Ke eng se o se ratang ka rona?” Manuel o ne a botsa jalo ka botlhale.
“Ke rata dibuka tse di kgatlhang le tse di rutang tse lo di gatisang,” monna o ne a tlhalosa jalo. “Se ke sa se rateng ke gore ga nke ke bona tse di lekaneng. Tota o ka se dumele gore re bolailwe ke tlala ya dibuka tse di tshwanang le tsa lona jang mo Maputo.” A bo a ntsha lenaane le le kwadilweng dikgatiso tsa Mokgatlho wa Watch Tower, go akaretsa le ditokololo tse dintsi tse di fetileng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!, tse di neng di mo fetile a sa di bona.
“Ke tsamaya ka lenaane leno mo go nna,” o ne a bolelela Manuel. “Nako le nako fela fa ke kopana le Basupi ba ga Jehofa, ke leka go bona kgatiso epe fela e ba e tshotseng, Fa o ka nthusa go mponela tse di leng mo lenaaneng leno, ke iketleeditse go duela tlhwatlhwa ya tsone lefa e ka nna kwa godimo jang.”
Ba ne ba tswelela ka go tlotla. Manuel o ne a fitlhela gore monna yono o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa la ntlha ka bo 1950 fa a ne a bala buka ya Creation. Mme lefa go ntse jalo ereka tiro e ne ya thibelwa kafa tlase ga puso ya Bapotokisi, o ne a se ka a tswelela pele go le kalo.
Fa a etela monna yoo morago ga foo kwa ofising ya gagwe, Manuel o ne a lemoga gore dikgatiso tsotlhe tsa Watch Tower tse a neng a na natso di ne di phuthetswe ka polasetiki ebile di beilwe sentle. Manuel o ne a kgona go naya monna yono dikgatiso tse a neng a di batla gore a tlatse tse a nang le tsone, a bo a rulaganya gore a ithute Bibela le monna yono le lelapa la gagwe.
Go jala le go nosa gono ga semoya go simolola go ungwa maungo a mantsi jaaka fa Modimo o ntse o tswelela go “uñwisa.” Go na le dilo tse di supang tota gore thobo ya batho ba ba dipelo di siameng e tlile go ntsha thobo e kgolo ka tsela e e sa tlwaelegang mo Mozambique!—1 Bakorintha 3:6; Yohane 4:36.
Go Gatela Pele mo Dilong tsa Selegodimo Ntswa go Na le Dikgoreletsi
Gompieno go na le diphuthego tse di fetang 50 mo teng ga motsemogolo wa Maputo le mo tikologong ya one. Lefa go ntse jalo, ga go na lefa e le Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e le nngwe fela. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? Diphuthego ga di a ka tsa kgona go aga le eleng lefa dingwe di na le dingwaga di le mmalwa di na le ditsha ka ntlha ya maemo a a bokoa thata a ikonomi.a
Lefa go ntse jalo, dikgoreletsi tse di ntseng jalo ga di thibele kgatelopele. Jaanong go tsamaisiwa dithuto tsa magae tsa Bibela di le 5 000 mo karolong e e kafa borwa ya Mozambique. Go na le batho ba bantsi ba ba batlang go ithuta mo e leng gore go tshwanelwa gore go latelwe dilo dingwe tsa botlhokwa. Fa motho a kopa gore go ithutiwe le ene, gantsi go lebelelwa fela gore o tla nna teng mo dipokanong tsotlhe tsa phuthego.
Bosheng jaana phuthego nngwe e e mo lefelong la mekhukhu e ne ya nna le batho ba le 189 kwa dipokanong ka Sontaga le mororo e na le baboledi ba le 71 fela ba ba rerang mafoko a a molemo. Setlhopha se segolo seno se tsenela mo lolwapeng lo lo sa rulelwang kwa godimo la legae lengwe. Lefelo leno le sireleditswe ka disenke le legora la matlhaka gore batho ba se ka ba bona mo teng. Lefelo leno le a feelwa pele pokano nngwe le nngwe e simolola, mme setlhopha se segolo sa bareetsi, go akaretsa le bagolo ba bantsi ba nna fa fatshe mo mesemeng ya matlhaka. Abo ba reetsa thulaganyo ka kelotlhoko jang ne! Ereka bontsi jwa ba basha bo sena dikaelo tsa Tora ya Tebelo tseo ba ka lebang mo go tsone gore ba latele fa thuto e tswelela, ba ithuta go reetsa ka kelotlhoko fa go balwa dirapa, mme go ema diatla tse dintsi fa motsamaisi a botsa dipotso.
Phuthego e nngwe e e nang le baboledi ba ka metlha ba le 59 e nna le ba ba fetang 140. Gantsi ba tsenna mo lefelong le le bulegileng. Mme fa dipula di na, phuthego eno e pitlagana mo dikamoreng tse pedi tsa ntlo nngwe. Ba bangwe ba ba setseng ba nna mo phasiking mo boapeelong le mo setupung. Fa o tlhokomela gape o tla lemoga gore mongwe le mongwe o a anaanela ebile o reetsa ka kelotlhoko a tlhomile mogopolo go akaretsa le basha ba bantsi.
Ga go na lefelo lepe le le supang fa go tla nna le koketsego mo isagweng mo Mozambique go na le kwa dikopanong. Bosheng jaana go ne ga tshwarwa kopano ya potologo kwa lefelong lengwe la bogologolo le go neng go lowa le dipoo teng mo toropong. A o ka kgona go akanya kafa baboledi ba ba ka nnang 3 000 ba neng ba gakgamala ka teng fa go tla batho ba ba fetang 10 000 mo thulaganyong eno?
“Thōbō E Kgolo”
Maitemogelo a a ntseng jalo a supa gore go sa ntse go tshwanetse ga dirwa tota mo Mozambique. Dingwe tsa diphuthego di ile tsa etelwa ke balebedi ba ba etang ba ba rometsweng ke ofisi ya lekala fela bosheng jaana. Ba amogela thuso e ba e tlhokang thata go ba thusa go dirisa dithulaganyo tsa mokgatlho tsa phuthego.
Diphuthego gape di ne tsa itumelela thata go goroga ga barongwa ba Gileade bosheng jaana. Francisco yo e leng mogolwane mo Maputo o akgela jaana: “Seno ke kgatelopele mo go rona. Re ne re le tlhaga. Re ne re na le lorato. Lefa go ntse jalo re ne re sa itse dithulaganyo tse dintsi tsa bosheng tsa phuthego. Seo tota re se tlhokang ke gore mongwe yo a nang le boitemogelo a tle go re ruta gore dilo di tshwanetse go dirwa jang. Jaanong, re itumelela go bo re na le barongwa.”
Mo letlhakoreng la bone, barongwa ba itumelela go thusa bakaulengwe ba bone. Hans, yo a sa tswang go romelwa kwa Mozambique morago ga go dira ka dingwaga tse 20 kwa Brazil, o sobokanya jaana: “Go dira mo tshimong ya Mozambique ke tshiamelo e kgolo! Re kgona go bona gore go tla tloga go nna le koketsego e kgolo tota fano. Go na le tiro e ntsi e e tshwanetseng go dirwa. Re tlhoka barongwa ba bangwe ba le 10 kana ba le 20 mo Maputo fela.”
Tiro ya bolegodimo e jaanong e oketsegang mo Mozambique e re gakolola mafoko a a botlhokwa ano a ga Jesu: “Thōbō e kgolo rure, me barobi ba bannye. Me ke gōna, rapèlañ Morèna oa thōbō, gore a romè barobi mo thoboñ ea gagwè.” (Mathaio 9:37, 38) Re na le mabaka otlhe a go dumela gore Jehofa o tla araba kopo eo e e botlhokwa ya batlhanka ba gagwe ba mo Mozambique.
Diketekete tsa Basupi ba ga Jehofa di sentse dingwaga tse di fetang 12 di le mo mafelong a botshwaro kwa bokonebophirima jwa Mozambique. Ka nako ya fa bangwe ba bone ba ne ba boela mo Maputo bosheng jaana, ba ne ba tshotse fela leselanyana la go ithatha mo mathekeng. Seo ba neng ba na naso se le sentsi e ne e le tumelo! Dijo le diaparo tse di neng di ntshiwa ka bopelotshweu ke Basupi ba bangwe ba ba mo dinageng tse di fa gaufi di ne tsa ba thusa gore ba simolole botshelo sesha gape.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Fa motho a ka kgona go bona tiro fano, o bona palogare ya madi a go tloga go R55 go ya go R85 ka kgwedi.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Diphuthego di itumelela go bona batho ba bantsi ba tla go neela bosupi jwa Bokeresete mo mosong wa Matlhatso
[Ditshwantsho mo go tsebe 24]
Yono ke Jaimito wa dingwaga tse 5. O tsholetswe kwa kampeng ya batshwarwa. Gompieno batsadi ba ga Jaimito ba itumelela go bo ba boetse mo Maputo. Beke nngwe le nngwe Francisco ebong rraagwe Jaimito, o phutha lelapa lotlhe go tla go ithuta Bibela. Batsadi boobabedi ba senya nako ba ruta bana ba bone gore e nne baruti ba ba ditswerere mo tirelong ya tshimo. Jaimito o itumelela go tsamaisa dibuka kwa marekisetsong
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Ntlha ya gore diphuthego ga di na Diholo tsa Bogosi ga e di thibele gore di se ka tsa gatela pele. Mo makgetlong a mantsi go nna le palo e e fetang palo ya baboledi e menagane gabedi kwa dipokanong