Go Ribolola Sengwe Se Se Farologaneng kwa Bahamas
JAAKA matlapa ao o ka a dirisang go kgabaganya mawatle a a botala jwa legodimo a a fa gare ga Florida le Cuba, metswedi ya dikgang ya lefatshe e ne ya bua thata ka Bahamas go gaisa nako epe fela ka 1992. Ka ntlha yang? Ka gonne metswedi e mentsi ya tshedimosetso e supa gore Bahamas ke lefelo la ntlha leo Christopher Columbus a ileng a le bona mo loetong lwa gagwe lo lo itsegeng thata ka 1492, ka nako ya fa a ne a bona mafatshe a Amerika. Moletlo wa go keteka ngwaga wa bo500 fa e sale Columbus a fitlha koo o o ileng wa tshwarwa ka October 12 o ile wa ngoka kgatlhego ya merafe e mentsi.
Lefa go ntse jalo, moletlo wa go keteka dingwaga di le makgolo a matlhano ga wa ka wa ketekiwa o sa kgalwe. Fa a ne a eme National Conference of Black Lawyers ya bo23 ka lefoko, John Carew (yo e leng porofesara wa dithuto tsa meraferafe) go begwa fa a ile a bolela gore Columbus “o ikarabelela mo lekhubung la dintsho tseo di neng tsa tlela baagi ba Caribbean.”—The Nassau Guardian.
Gompieno, ga go na ope wa baagi ba kwa Bahamas ba ba 250 000 yo a kgonang go ntsha bosupi jwa gore o nkgisana losika le baagi ba ba tlholegileng koo ba ba bonolo bao Columbus a ileng a kopana le bone koo le ba a neng a ba tlhalosa e le “batho ba ba agegileng sentle, ka mebele e mentle le difatlhego tse dintle.” Go ne ga diragalang ka baagi bao ba ditlhaketlhake tseno? Buka ya A History of the Bahamas e a araba: “Magareng a 1500 le 1520 baagi botlhe ba Bahamas, bao e neng e le Ba-Lucayo ba ka nna 20 000, ba ile ba tsewa ka dikgoka go tswa koo” jaaka makgoba go ya go dira kwa meepong ya Spain kwa Hispaniola.
Ka gone, morago ga gore e nne e sena baagi jalo, Bahamas e ile ya “bonwa gape” la ntlha ke Maborithane mme morago ke ditlhopha tse dikgolo tsa “batho ba ba neng ba ikanyega mo dipusong tsa bone.” Bano ba ba umakilweng morago segolo thata e ne e le beng ba masimo go tswa kwa dikoloneng tsa Amerika. Ka go bo ba ne ba ikanyega mo Pusong ya Borithane, ba ne ba tshaba ntwa ya go lwela kgololesego eo ka nako eo e neng e simolola mo kontineteng eo. Gompieno baagi ba kwa Bahamas segolobogolo ke dikokomana tsa baagi ba ba neng ba tla morago bano le makgoba a bone. Bontsi jwa makgoba ano e ne ya re morago ga gore a gololesege a ne a tswelela pele a ntse a dirisa maina a beng ba bone ba pele.
Go Ribolola Sengwe Se Se Farologaneng
Ga go belaetse gore Columbus o ne a itsaya e le morongwa ka tsela nngwe. Go begiwa a ile a bolela jaana: “Modimo o ntirile morongwa wa legodimo le lesha le lefatshe le lesha. . . . O ile a mpontsha koo ke tla le bonang teng.” Lefa go ntse jalo tshenyo eo e ileng ya diragala e supa se se farologaneng le seno. ‘Legodimo le lesha le lefatshe le lesha’ la tshiamo leo Modimo a le solofeditseng le ne la tshwanelwa ke go letela mofuta o mongwe wa go ribolola.—2 Petere 3:13.
Ka 1926, Edward McKenzie le mosadi wa gagwe ba ile ba goroga kwa Bahamas. Go farologana le baribolodi ba ba tlileng pele ga bone, banyalani bano ba ba boikokobetso ba ba tswang kwa Jamaica, ba ne ba tlile go batla batho ba ba dipelo di phepa bao ba neng ba ka ba abela letlotlo lengwe. E ile ya nna bone ba ntlha go lere mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo kwa Bahamas. (Mathaio 13:44; 24:14) Moragonyana mo ngwageng oo ba ile ba patwa ke Ba-Jamaica ba bangwe ba babedi ebong Clarence Walters le Rachel Gregory. Ka 1928 go ne go setse go na le baboledi ba Bogosi ba le supa kwa Bahamas. Ba ne ba dira ka natla mo go rereleng baagi ba ditlhaketlhake tseo mafoko a a molemo ka dingwaga tse nneʹ.
Moragonyana go ile ga tla E. P. Roberts yo e neng e le sebui se se matlhagatlhaga go tswa kwa Trinidad. Dipuo tsa gagwe tsa phatlalatsa mo diholong tse di itsegeng thata di ile tsa dira go le gontsi go senola ditumelo tsa maaka mme di ne tsa ama dipelo tsa batho ba le bantsi ka boammaaruri jwa Bibela. Mongwe yo o neng a dutse fa gare ga bareetsi a reeditse ka tlhoafalo mo go nngwe ya dipokano tseno e ne e le Donald Oscar Murray, yo e neng ya re moragonyana a itsege thata ka leina la D. O. E ne ya re kgabagare a etelela tiro pele.
Morongwa mongwe ebong Nancy Porter o santse a gakologelwa sentle ka tsela eo D. O. Murray a neng a itlhalosa sentle ka teng mo thapelong ya gagwe fa a ne a kopa go bona thuso mo tirong ya go rera. Nancy le monna wa gagwe ebong George mmogo le ba bangwe ba babedi e ne ya nna bone barongwa ba ntlha go romelwa ke Mokgatlho wa Watch Tower kwa Bahamas ka 1947. O gakologelwa jaana: “Pokano ya ntlha eo re ileng ra ya kwa go yone ke sengwe seo ke sa akanyeng gore le ka motlha re ka tsamaya ra se lebala. Go ne go tlile batho ba ka nna robonngwe kgotsa lesome. Mokaulengwe Murray e ne e le ene modulasetilo mme o ne a simolola ka thapelo, a leboga Jehofa go bo barongwa ba gorogile. O ile a bolela gore go ne go tlhokega bathusi, mme ‘ga re bolo go nna re rapelela thuso eno lobaka lo loleele.’ Mokgatlho o ne o ile wa solofetsa gore o tla romela bao ba ka tlang go thusa, mme jaanong ke bano. Thapelo e ne e ama pelo mo e leng gore re ne re ikutlwa re batla go nnela ruri eseng go tsamaya.” Gone jaanong, go fetile dingwaga di le 45 mme lefa monna wa gagwe a tlhokafetse, Kgaitsadi Porter o santse a rwalela molaetsa wa Bogosi o o gomotsang kwa baaging ba ditlhaketlhake tseo.
Tiro ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi kwa Bahamas e ile ya dirwa thata segolobogolo fa esale go tloga ka 1947 e dirwa ke badihedi ba nako e e tletseng le ba bangwe bao ba a tleng ba etele ditlhaketlhake tseno ka mokoro. Ka dinako tse dingwe ba ne ba tshwanela go kgabaganya masi a a kotsi a motlhaba le metsi a a seng boteng morago ba fetele kwa lobopong lwa lewatle go rwalela mafoko a a molemo kwa mafelong a a kwa kgakala. Maiteko ao a kwa tshimologong a santse a ungwa le eleng go fitlha le gompieno.
Go ne ga fitlhelelwa sengwe se se ka se kang sa lebalwa ka 1950. Ka December wa one ngwaga oo, Nathan H. Knorr, poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower, le mokwaledi wa gagwe ebong Milton G. Henschel ba ne ba etela Bahamas la ntlha. Knorr o ne a ema batho ba le 312 ka lefoko bao ba neng ba tletse ka Mother’s Club Hall eleng kago e potlana e e agilweng ka logong mo Jail Alley. Batho ba le bantsi ba ba itsegeng thata ba ne ba le teng koo mmogo le leloko la palamente le mokwadi wa koranta ya letsatsi le letsatsi ya koo. Mo go bone bosigo joo, Mokaulengwe Knorr o ne a itsise gore go ne go tlile go tlhongwa ofisi ya lekala ya Mokgatlho mo Bahamas.
Go Arabela ka Tsela E E Botsalano ga Baagi ba Ditlhaketlhake
Ka kakaretso batho ba ba botsalano ba Bahamas ba ne ba sekegela molaetsa wa Bogosi tsebe. Mme lefa go le jalo, ga go bonolo go ba fitlhelela botlhe. Ke ka ntlha yang fa go le jalo? Ee, le mororo bontsi jwa batho ba nna mo moshateng eleng Nassau, le mo motseng o o gaufi le one wa Grand Bahama, ba bangwe bone ba gasame go ralala ditlhaketlhake tse dingwe tse dikgolo di le 15 le tse dingwe tse 700 tse dipotlana tseo tsotlhe di bopang setlhopha se se dirang setlhaketlhake seno.
Ka ntlha ya go lemoga fa go tlhokega badiri, palo e e golang ya Basupi ba lefelo leno le ba le bantsi go tswa kwa dikarolong tse dingwe ba fudugela kwa ditlhaketlhakeng tse dipotlana go ya go thusa mo tirong ya go rera gone. Se ba ka se akgolelwang ke gore ba ile ba dira jalo ba itima dilo tse dingwe ebile ba go dira ka madi a bone. Lefa go le jalo maiteko ano a bone a ile a duelwa fela thata.
Banyalani bangwe ba babotlana ba ne ba fudugela kwa setlhaketlhakeng se segolo sa Andros. E ne ya re letsatsi lengwe fa ba ntse ba rera ka ntlo le ntlo, ba ne ba kopana le motho mongwe yo o neng a fudugile go tswa kwa Haiti. Go na le diketekete tsa batho ba ba ntseng jalo mo Bahamas. Ka gangwe fela monna yono o ile a dumela go tshwarelwa thuto ya legae ya Bibela. E ile ya simololwa mo go jone bosigo joo, go dirisiwa dikaelo tsa Seesemane le tsa Sefora tsa buka ya O ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Mo bosigong jo bo latelang, o ile a ya la ntlha kwa pokanong ya Bokeresete. Ka bonakonyana fela monna yono o ne a tlogela go goga, a gatela pele sentle thata, mme a simolola go nna le seabe mo tirong ya go rera.
Mo mosong wa letsatsi leo monna yono a neng a tlile go kolobediwa ka lone, o ile a amogela khasete go tswa kwa lelapeng la gaabo kwa Haiti, le mororo a ne a setse a na le dingwaga tse tlhano a sa utlwe sepe go tswa kwa go bone. Ke eng seo ba neng ba se mmolelela mo go yone? Ba ne ba bolela kafa ba neng ba fetoga Basupi ba ga Jehofa ka gone. Ba ile ba mo tlhalosetsa gore kgaitsadie e ne e setse e le mmulatsela wa ka metlha, kgotsa moreri wa nako e e tletseng, mme ba mo rotloetsa gore a ikgolaganye le Basupi go ithuta Bibela le bone. Kwantle ga pelaelo, monna yono o ne a kolobediwa a tlhomamisegile tota gore o ne a dira se se siameng.
Go tsaya kgato ka tsela e e ntseng jalo e e matlhatlhaga go ile ga itumedisa dipelo tsa Basupi ba mo lefelong leo. Palo e e golelang pele ya bone e ne ya dira tiro eno e le bareri ba nako e e tletseng, mme seno se ile sa dira gore ba oketsege. Ka jalo palo ya baboledi ba Bogosi mo Bahamas e ne e tshwara 1 000 ka 1988. Gompieno, mo diphuthegong tse 19, go na le baboledi ba Bogosi ba ka nna 1 300, bao ba fitlhelwang mo e ka nnang mo ditlhaketlhakeng tsotlhe tse dikgolo.
Ba Ipaakanyeditse Isagwe
Ka ntlha ya go oketsega ga dipalo, Basupi ba ile ba tshwaragana le mathata a go bona mafelo a ba ka kgonang go a duelela a a lekaneng go tshwarela dikopano tse dikgolo tsa ngwaga le ngwaga. Go ne ga tshwanelwa gore go tshwarwe dikopano tse pedi mo ditlhaketlhakeng tse di farologaneng e le gore ba kgone go tlamela matshutitshuti a batho. Ka gone, go ile ga dirwa dithulaganyo tsa go aga Holo ya Dikopano mmogo le ofisi e ntšha ya lekala. Tiro eno e ne ya simololwa ka December 1989. Makgolokgolo a baithaopi ba boditšhabatšhaba le ba mo lefelong leo ba ne ba dira “ka pelo eotlhe, yaka e ka bo e le go dihèla Morèna,” mo tirong eno.—Bakolosa 3:23.
Kwantle ga pelaelo, kokoano e kgolo le e e itumedisang go feta eo Basupi ba kwa Bahamas ba kileng ba nna le yone e ile ya nna ka nako ya fa go ne go kgakolwa ofisi e ntšha ya lekala le Holo ya Dikopano ka February 8 le 9, 1992. Bakaulengwe go tswa kwa dikarolong tsotlhe tsa ditlhaketlhake tseno ba ne ba tlhoafaletse thata go bona seno jaaka fa ba ne ba ntse ba baakanyetsa tiragalo eno. Go ne go le tsididi ka tsela e e sa tlwaelegang pula e ne ya na bosigo jwa pele ga thulaganyo ya kgakolo. Lefa go le jalo go ne go sena sepe seo se neng se ka senya boitumelo jwa matshutitshuti a a neng a itumetse ao a a 2 714 jaaka fa John E. Barr, yo e leng leloko la Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa a ne a neela puo ya kgakolo eo e neng e na le setlhogo se se reng, “Pina ya Koketsego ya Puso ya Bomodimo.”
Dipelo tsa bone di ne di tletse ka ditebogo tsa go leboga Rraabone wa selegodimo, Jehofa Modimo, ba mo lebogela tiragalo eo e e lereng boitumelo jo bo kalokalo le e e monate. Bao ba neng ba le teng ba ne ba ikaeletse le eleng go feta go dirisa nonofo ya bone mo tirong ya semoya ya go ruta eo e neng e dirile gore go tlhokege gore go agiwe dikago tseo.
Gore a seo Columbus a neng a se bona se ile sa fetola dilo gore di nne botoka mo ditlhaketlhakeng tseo go tla nna go ntse go gogagoganwa ka gone. Lefa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Bahamas ba seoposengwe mo go lebogeng Modimo go bo a ile a ba tlamela ka baboledi ba Bogosi bao moya wa bone wa go intsha setlhabelo o ileng wa ba tlhotlheletsa go nna pelokgale go lebagana le masaitseweng le go lere mafoko a a molemo a a galalelang mo metsing ao ka tsela ya semoya a neng a ise a tsamaiwe ke mokoro ope. Tiro ya bone le “go ribolola” ga bone go ile ga felela ka masego a semoya a a ka se kang a lekanngwa le ape mo go botlhe ba ba batlang boammaaruri kwa Bahamas.
[Mmapa/Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]
(For fully formatted text, see publication)
Grand Bahama
Abaco
Andros
New Providence
Nassau
Eleuthera
Setlhaketlhake sa Cat
Great Exuma
Rum Cay
San Salvador
Setlhaketlhake sa Long
Setlhaketlhake sa Crooked
Setlhaketlhake sa Acklins
Mayaguana
Little Inagua
Great Inagua
LEWATLE LA CARIBBEAN
FLORIDA
CUBA
[Ditshwantsho]
Go rera kwa Straw Market
Ba goroga fa lobopong go ya go bolela mafoko a a molemo
Ofisi ya lekala e agilwe mo thotaneng eo fa o le mo go yone o bonang Holo ya Kopano e le kwa tlase