LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 6/15 ts. 23-27
  • Jehofa O Fetola Metlha le Dipaka kwa Romania

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa O Fetola Metlha le Dipaka kwa Romania
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Hisitori E E Saleng E Simolola Bogologolo
  • Mathata A Ne A Nna A Tswelela
  • Go Rera Phatlalatsa Gape
  • Dilo Tse Dikgolo Di Diragala mo Mafelong a Mannye
  • Babulatsela Ba Ba Kgethegileng Ba Baakanya Tsela
  • Tebelelo ya Dilo Tse Di Itumedisang Tse Di Tla Latelang
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 6/15 ts. 23-27

Jehofa O Fetola Metlha le Dipaka kwa Romania

MMUDUBUDU wa diphetogo o ne wa gasama mo Yuropa Botlhaba yotlhe ka 1989. Mo sebakeng sa dikgwedi di le mmalwa, mebuso e go neng go akanngwa gore ga e kake ya tshikhinyega, e ne ya digwa ka go latelana fela. Mo godimo ga diphetogo tsa sepolotiki go ne ga nna le diphetogo mo go tsa loago, mo go tsa itsholelo, mme tse Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba di itumelela thata e ne e le tsa bodumedi. Dinaga ka go latelana ga tsone di ne tsa letlelela Basupi ba ga Jehofa semmuso, le go ba busetsa gape kgololesego ya go tswelela ka tiro ya bone ya bodumedi.

Mme lefa go ntse jalo, go ne go bonala ekete dilo di ne di se kitla di nna ka mokgwa o o tshwanang kwa Romania. Puso koo e ne e tshwere batho ka letsogo la tshipi mo eleng gore gone go bonala ekete mmudubudu wa diphetogo o ne o sa tle go ba ama thata. Fa Basupi ba ga Jehofa ba koo ba utlwa ka seo se neng se diragala kwa dinageng tse dingwe tsa Yuropa Botlhaba, ba ne ba ipotsa jaana, ‘A tota re tla tsamaya re nna le sebaka sa go obamela ka kgololesego pele ga Hara–Magedona?’ Dipelo tsa bone di ne di tlhoafaletse nako ya go ipona ba kgona go kopana mmogo kwa dipokanong tsa Bokeresete le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba semoya, ba rera mafoko a a molemo phatlalatsa, le go bala dikgatiso tsa bone tsa Bibela, kwantle ga go tshwanela ke go di fitlha ka dinako tsotlhe. Seno sotlhe se ne se bonala ekete ke toro fela.

Moragonyana se ba neng ba akanya gore ke toro fela se ne sa nna boammaaruri! Seno se diragetse ka December 1989. Puso ya ga Ceauşescu e ne ya digwa ka tshoganetso, e leng selo se se ileng sa gakgamatsa mongwe le mongwe. Ka bonako fela, Bakeresete bao ba ne ba gololwa. Ka April 9, 1990, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dumelelwa semmuso jaaka mokgatlho wa bodumedi kwa Romania. Jehofa o ne a fetola metlha le dipaka mo Basuping ba le 17 000 ba ba matlhagatlhaga ba koo.—Bapisa Daniele 2:21.

Hisitori E E Saleng E Simolola Bogologolo

Ka 1911, Carol Szabo le Josif Kiss ba ne ba boela kwa Romania ba tswa kwa United States, koo ba neng ba ithutile boammaaruri jwa Bibela teng ebile ba ne ba setse ba ineetse mo go Jehofa go dira thato ya gagwe. Ba ne ba batla go bolelela bagabone mafoko a a molemo. Fela fa ba sena go tsena kwa Romania, ba ne ba simolola go rera. Fa Ntwa ya Lefatshe I e runya, ba ne ba tshwarwa ka ntlha ya se ba neng ba se dira. Lefa go ntse jalo, dipeo tsa Bogosi tse ba neng ba di jadile di ne tsa simolola go ungwa. Ka 1920, fa tiro e ne e rulagangwa sesha gape, go ne go na le baboledi ba Bogosi ba ba ka nnang 1 800 kwa Romania.

Ka nako eo moya wa diphetogo o o neng o tsubutla kwa Balkans o ne o utlwala thatathata kwa Romania, mme go ne go na le tlhakatlhakano e ntsi teng. Go sa kgathalesege dinako tseo tse di bokete, bakaulengwe ba rona ba semoya ba ne ba tswelela ka tiro. Ka 1924 Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa bula ofisi kwa 26 Regina Maria Street kwa Cluj-Napoca gore e tle e tlhokomele tiro kwa Romania, Hungary, Bulgaria, Yugoslavia, le Albania.

Lefa go ntse jalo, seemo sa sepolotiki se ne sa befela pele, mme mo godimo ga mathata a a neng a tswa mo babusing, go ne go na le bothata mo phuthegong ka boyone. Year Book ya 1930 e bega jaana: “Ka ntlha ya go sa ikanyege ga motho mongwe yo Mokgatlho o neng o mo rometse koo, ditsala di ne tsa gasama mme tumelo ya bone e ne ya amega fela thata. Mokgatlho o ntse o batla sebaka sa gore o kgone go tsosolosa gape tiro kwa nageng eo, mme lefa go ntse jalo, babusi ba lefelo leo ba thibela sengwe le sengwe, mme re tshwanetse go leta go fitlhela Morena a re bulela tsela.” Moragonyana, ka 1930, Martin Magyarosi, Mosupi wa kwa Romania yo o neng a kolobeditswe ka 1922, o ne a tlhomiwa go nna molebedi yo mosha wa lekala, mme kwa morago ofisi e ne ya fudusediwa kwa 33 Crişana Street, Bucharest. Morago ga go kgaratlha ka lobaka lo loleele, kgabagare Mokgatlho o ne wa kwadisiwa jaaka lekgotla le le letleletsweng semmuso kwa Romania ka 1933.

Mathata A Ne A Nna A Tswelela

Basupi kwa Romania ba ne ba nna ba tlelwa ke diteko tse di botlhoko. Year Book ya 1936 e bega jaana: “Kwa ntle ga pelaelo ga go na karolo epe ya lefatshe e mo go yone bakaulengwe ba dirang tiro eno ka bothata jo bogolo jaana go gaisa kwa Rumania.” Go sa kgathalesege mathata ano otlhe, pego ya 1937 e ne ya bega go re go ne go na le diphuthego di le 75 le baboledi ba le 856 kwa Romania. Kwa Segopotsong, go ne go tlile batho ba le 2 608.

Fa Ntwa ya Lefatshe II e simologa, Romania le ene o ne a amega. Ka September 1940, General Ion Antonescu o ne a gapa puso ka dikgoka mme a simolola puso e e neng e tshwana le ya ga Hitler. Bokgokgontshi e ne e le seomodiro. Makgolokgolo a bakaulengwe ba rona ba ne ba tshwarwa, ba itewa, le go bogisiwa. Mokaulengwe Magyarosi o ne a tshwarwa ka September 1942, mme lefa go ntse jalo, o ne a santse a kgona go tsamaisa tiro ya kwa Transylvania a ntse a le kwa kgolegelong.

Dipogiso di ne tsa tswelela fa masole a ga Hitler a ne a feta a ntse a tlhasela naga eo ka 1944. Pego e e tswang kwa Bucharest e tlhalosa tsela e maemo a neng a ntse ka teng ka nako ya puso ya Bo-Nazi jaana: “Basupi ba ga Jehofa mo nageng eno ba ne ba bogisiwa mo go botlhoko. Mme ereka re ne re tlhatlhetswe mmogo le Makomonisi, baruti ba ba neng ba a ja mmogo le Hitler ba ne ba re re bosula le go feta Makomonisi, ba le bantsi ba rona fa ba ne ba sa atlholelwe dingwaga di le 25 mo kgolegelong, ba ne ba atlholelwa botshelo jotlhe mo kgolegelong, kana loso.”

Kgabagare ntwa e ne ya khutla, mme ka June 1, 1945, ofisi ya Mokgatlho kwa Bucharest e ne ya dira tiro ya yone gape. Go sa kgathalesege mathata a ba neng ba na le one a go bona pampiri, badiri ba ba ineetseng ba ne ba gatisa dibukana tse di fetang 860 000 le dikopi tsa Tora ya Tebelo di feta 85 000 ka Seromania le Se-Hungary. Jehofa o ne a segofatsa go dira ka natla ga bone fela thata. Ka 1946, go ne go setse go kolobeditswe batho ba basha ba ba ka nnang 1 630. Kgang e e neng e le kwa setlhoeng mo ngwageng oo e ne e le kopano ya meraferafe e e neng e tshwaretswe kwa Bucharest ka September 28 le 29. Baruti ba ne ba leka ka bojotlhe jwa bone go kgoreletsa le go emisa kopano eo, mme lefa go ntse jalo ga ba a ka ba atlega, mme batho ba ba ka nnang 15 000 ba ne ba nna gone mo puong ya phatlalatsa. E ne e le lantlha bakaulengwe ba kwa Romania ba ne ba kgona go tshwara kopano e e ntseng jalo.

Mokgatlho o ne wa romela Mokaulengwe Alfred Rütimann go tswa kwa lekaleng la Switzerland go ya kwa Romania. Ka August 1947 o ne a kgona go bua le bakaulengwe ba ba fetang 4 500 mo mafelong a le 16, a ba agelela gore ba kgone go emelana le dilo tseo di neng di santse di le kwa pele. Basupi ba ne ba santse ba tla gatelelwa gape go ise go e kae, mo lekgetlhong leno ba gatelelwa ke puso ya Bokomonisi. Ka February 1948 babusi ba koo ba ne ba thibela tiro ya rona ya go gatisa le ya go rera. Moragonyana, ka August 1949, ofisi ya kwa 38 Alion Street e ne ya tlhaselwa. Morago ga moo, bakaulengwe ba bantsi, go akaretsa le Mokaulengwe Magyarosi, ba ne ba tshwarwa. Mo lebakeng leno ba ne ba pegwa molato wa gore ba rata puso ya dikolone, mme ba ne ba latlhelwa mo dikgolegelong kana mo dikampeng tse ba berekisiwang ka thata mo go tsone. Mo dingwageng tse 40 tse di neng tsa latela, tiro e ne e thibetswe, mme Basupi ba ga Jehofa ba ne ba boga mo go botlhoko. Mathata a a neng a tlisiwa ke batho ba ba neng ba tlhotlhelediwa ke baba mo phuthegong a ne a oketsa mahutsana. Kgabagare ka 1989 puso ya ga Ceauşescu e ne ya wa, mme ba ne ba gololesega! Ke eng se ba neng ba tla se dira ka kgololesego ya bone jaanong?

Go Rera Phatlalatsa Gape

Basupi ga ba ka ba senya nako. Ka bonako ba ne ba simolola go rera ka ntlo le ntlo. Mme lefa go ntse jalo, go ne go se bonolo mo go bao ka dingwaga tse dintsi ba ileng ba nna pelokgale mo go tswelediseng tiro ka go iphitlha ba dirisa bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo. Ba ne ba ikutlwa ba na le letshogo ereka jaanong ba ne ba kgona go rera phatlalatsa. Bontsi jwa bone ba ne ba ise ba ke ba dire tiro eno pele, mme labofelo fa bangwe ba bone ba ne ba rera ka ntlo le ntlo e ne e le kwa bofelong jwa bo1940. Ba bona matswela a mofuta ofe? A re boneng.

Lefelo le le siametseng go simolola ka lone ke kwa moshateng eleng Bucharest, o o nang le baagi ba le dimilione di le 2,5. Mo dingwageng tse pedi tse di fetileng, go ne go na le diphuthego di le nnè fela mo motseng oo. Mme gone jaanong, go na le diphuthego di le lesome, mme ba ba fetang 2 100 ba ne ba tla mo moletlong wa Segopotso wa 1992. Ereka jaanong go tsamaisiwa dithuto tsa Bibela tsa magae di le dintsi tse di tswelelang pele, ka bonako go ka nna ga tlhongwa diphuthego tse dingwe tse disha.

Craiova ke motse wa baagi ba ba ka nnang 300- 000, kwa ntlheng ya borwabophirima jwa naga eo. Fa esale go tloga bogologolo go fitlha ka 1990, go ne go na le Basupi ba ba ka nnang 80 fela mo motseng oo otlhe. Morago ga moo moya wa bobulatsela o ne wa gasama, mme tiro e ne ya nna ya golela pele. Ka 1992 fela, go ne ga kolobediwa batho ba le 74, mme go tsamaisiwa dithuto tsa Bibela tsa magae tse di fetang 150. Ereka go na le baboledi ba feta 200, ba batla ka pelo yotlhe lefelo le le tshwanetseng la go aga Holo ya Bogosi.

Kwa Tirgu-Mures, kgaitsadi mongwe wa Mosupi le bakaulengwe ba le babedi ba ne ba ya kwa moruting wa kereke ya Orthodox gore a phimole leina la kgaitsadi yoo mo dibukeng tsa kereke. Fa moruti a sena go lemoga gore ba mo etetse ka eng, o ne a ba letlelela gore ba tsene, mme ba ne ba tshwara motlotlo o o monate le ene. Morago ga moo moruti o ne a re: “Ke lo meletsa mathe. Re tshwanetse go ka bo re dira tiro e lo e dirang. Ka maswabi Kereke ya Orthodox ke phuthego e tonatona e e seng matlhagatlhaga”! O ne a ikamogelela bukana ya A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe? le kopi ya Tora ya Tebelo. Kgaitsadi yoo o itumetse ka go bo ga a tlhole a le leloko la “phuthego e tonatona e e seng matlhagatlhaga.”—Tshenolō 18:4.

Go itshupa sentle gore bontsi jwa bao ba ithutang boammaaruri gompieno ke basha. Ka ntlha yang? Gongwe ke ka gore ba ne ba lebeletse mo gontsi mo diphetogong tse di tlisiwang ke puso, mme lefa go ntse jalo ba ne ba swabisiwa thata. Ba itumelela go ithuta gore ke Bogosi jwa ga Jehofa fela jo bo ka kgonang go tlisa tharabololo ya goyagoile ya mathata a rona.—Pesalema 146:3-5.

Dilo Tse Dikgolo Di Diragala mo Mafelong a Mannye

Ocoliş ke motsana o monnye kwa bokone jwa Romania. Ka 1920 monna mongwe yo leina la gagwe e leng Pintea Moise o ne a goroga a tswa kwa molelwaneng wa Russia, koo a neng a isitswe teng jaaka mogolegwa wa ntwa. O ne a kile a nna Mokatoliki, mme pele ga a boa o ne a setse a tsena Baptist. Morago ga dibeke di le tharo a ntse a boile, Baithuti ba Bibela, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsege ka nako eo, ba ne ba mo etela. Morago ga loeto loo o ne a bolela jaana: “Jaanong ke bone boammaaruri kaga Modimo!” Ka 1924 go ne go setse go na le setlhopha sa batho ba le 35 kwa Ocoliş.

Gompieno, gareng ga baagi ba lefelo leo ba ba 473, go na le baboledi ba Bogosi ba le 170. Mmoledi mongwe le mongwe o abetswe matlo a a ka nnang mabedi jaaka tshimo ya gagwe, mme gape ba dira le metse e e ba dikologileng. Lefa go ntse go le jalo, ba na le tsholofelo tota. Ba ile ba aga Holo ya Bogosi e ntle e e ka tsenang batho ba le 400. Tiro eo yotlhe e dirilwe ke Basupi ba lefelo leo.

Valea Largă ke lefelo leo Bakaulengwe Szabo le Kiss ba ileng ba fitlha ba nna kwa go lone ka 1914. Ka 1991, gareng ga baagi ba teng ba ba 3 700, go ne go na le diphuthego di le robedi le baboledi ba Bogosi ba le 582. Kwa Segopotsong sa 1992, go ne go tlile batho ba le 1 082—mo e ka nnang palo ya motho a le 1 mo go ba le 3 mo mokgatšheng oo.

Babulatsela Ba Ba Kgethegileng Ba Baakanya Tsela

Babulatsela ba ba kgethegileng ba na le seabe se se golwane mo go iseng dikgang tse di molemo kwa bathong ba ba kwa mafelong a a kwa thoko. Ka bonako fela morago ga gore ba newe kgololesego ya go rera, Ionel Alban o ne a simolola go dira mo ditoropong tse pedi, a tsaya malatsi a mabedi beke nngwe le nngwe kwa Orşova le malatsi a matlhano kwa Turnu-Severin.

Go ne go sena Basupi kwa Orşova ka nako ya fa Ionel a ne a goroga teng. Beke ya ntlha, o ne a simolola thuto ya Bibela le mosimanyana wa dingwaga tse 14. Mosha yono o ne a dira diphetogo tse dintsi mo sebakeng sa dikgwedi di le pedi, mo e leng gore tsala ya gagwe le moagisani wa gagwe le bone ba ne ba simolola go ithuta. Moagisiani yoo ebong Roland, yo e neng e le Mokatoliki, o ne a gatela pele ka tsela e e gakgamatsang. Morago ga kgwedi le halofo fela, o ne a simolola go dira tiro ya go rera le Ionel, mme mo sebakeng sa dikgwedi di le tlhano o ne a kolobediwa. O ne a seka a tlhola a senya nako mme a simolola tirelo ya nako e e tletseng. Mmaagwe le ene o ne a simolola go ithuta mme o ne a kolobediwa kwa Kopanong ya Kgaolo ya 1992 ya “Batshodi ba Lesedi.” Gone jaanong go na le baboledi ba le some kwa Orşova, mme ba tsamaisa dithuto tsa Bibela tsa magae di le 30.

Motho wa ntlha go amogela boammaaruri kwa Turnu-Severin e ne e le monna yo o neng a amogela baeng kwa hoteleng e Ionel a neng a robala kwa go yone. Morago ga dikgwedi di le pedi monna yoo o ne a nna mmoledi yo o sa kolobediwang, mme mo sebakeng sa dikgwedi di le tharo o ne a kolobediwa. Gone jaanong ke mongwe wa baboledi ba le 32 ba koo ba ba tsamaisang dithuto tsa Bibela tsa magae di le 84.

Mongwe wa babulatsela ba ba kgethegileng ke Gabriela Geica, yo o neng a direla jaaka mmulatsela wa nako e e tletseng le e leng ka nako eo tiro ya rona e neng e thibetswe ka yone. Keletso ya gagwe e ne e le go direla koo go tlhokegang thuso e kgolwane gone. O ne a abelwa tshimo e kgolwane. Ka dinako dingwe o ne a tle a tseye loeto lwa dikilometara di le 100 go ya go di le 160 a etela batho ba ba kgatlhegang. Toropo nngwe e a neng a direla kwa go yone e ne e le ya Motru, koo go neng go na le Basupi ba le bane fela teng. O tlhalosa ka go re: “Ka ntlha ya tiro e e neng e oketsega kwa Motru, baruti le ditlhopha tse dingwe tsa bodumedi ba ne ba simolola go nna kgatlhanong le rona. Ba ne ba tlhotlheletsa ratoropo le mapodisi gore ba patelele malapa a a neng a mphile marobalo gore a nteleke. Ba ne ba nkoba, ka jalo mo e ka nnang kgwedi nngwe le nngwe ke ne ke tshwanela ke go batla lefelo le ke tla dulang kwa go lone.”

Gabriela o ne a simolola go ithuta le molatolamodimo mongwe kwa Orşova, yo o neng a re ga a kgatlhegele bodumedi kana Bibela. Mme lefa go ntse jalo, mo sebakeng sa dikgwedi di le nne fela mosadi yoo a ntse a ithuta, o ne a simolola go emela Bibela. Lefa gone monna wa gagwe a ne a mo tswalela kwantle bosigo gape a mo tshosetsa ka gore o tla mo tlhala kana go mmolaya, o ne a nna a boloka bothokgami jwa gagwe. Le pele ga a kolobediwa, o ne a setse a tshwara dithuto tsa Bibela di le lesome.

Tebelelo ya Dilo Tse Di Itumedisang Tse Di Tla Latelang

Ka August 1992, Romania e ne ya fitlhelela tlhora ya baboledi ba le 24 752 mo diphuthegong di le 286. Palo ya ba ba neng ba tlile Segopotsong e ne e feta 66 000. Kwa ofising ya lekala e potlana kwa Bucharest, go na le badiri ba le 17 ba ba dirang bojotlhe jwa bone go tlamela bakaulengwe ba bone ka dilo tsa semoya tse ba di tlhokang. Ba solofetse go simolola moago wa lekala le legolwane mo nakong e khutshwane.

Basupi ba ga Jehofa kwa Romania ba bua ba sa fetse ka tsela e ba gakgamaditsweng ke diphetogo tsotlhe tse di diragetseng mo dingwageng di sekae tse di fetileng. Ba leboga Jehofa Modimo go bo ba le karolo ya phuthego ya meraferafe e e bidiwang ka leina la gagwe le e e rutang batho kitso ya boammaaruri kaga gagwe le maikaelelo a gagwe a a sa fetogeng. Morago ga dingwaga di le dintsi ba ntse ba le mo mathateng le mo dipogisong, abo ba leboga Jehofa thata jang ne go bo tota a ile a fetola metlha le dipaka kwa Romania!

[Mmapa mo go tsebe 23]

(For fully formatted text, see publication)

HUNGARY

ROMANIA

Bucharest

Cluj-Napoca

Craiova

Tirgu-Mures

Orşova

Turnu-Severin

Motru

Turda

BULGARIA

[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

1. Basupi ba ba ka nnang 700 ba kopane mmogo mo sekgweng ka 1947

2. Pampitshana ya taletso ya puo e e neng e tla neelwa ka 1946

3. Kopano nngwe mo bosheng kwa Romania

4. Go neela bosupi kwa Cluj-Napoca gompieno

5. Holo ya Bogosi gaufi le Turda

6. Lelapa la Bethele kwa Bucharest

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela