LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 10/1 ts. 5-9
  • Boswa Jo Bo Bonwang Sewelo jwa Bokeresete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boswa Jo Bo Bonwang Sewelo jwa Bokeresete
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ntate O Ithuta Boammaaruri jwa Bibela
  • Ke Simolola mo Bodireding Ke Sale Mmotlana
  • Go Direla Modimo le Batsadi ba Me
  • Go Thapisiwa Ke Ntatemogolo le Mmemogolo
  • Dingwaga tsa Pogiso
  • Ke Itumeletse Kaelo ya Batsadi
  • Lenyalo le Tiro ya go Eta
  • Go Tlhokomela Batsadi
  • Batsadi ba Rona ba re Rutile go Rata Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Boswa Jwa Rona jo Bogolo Jwa Semoya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Go Tsamaya mo Dikgatong Tsa Batsadi ba Me
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ke Ile ka Nna le Kagiso le Modimo Mmogo le Mmè
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 10/1 ts. 5-9

Boswa Jo Bo Bonwang Sewelo jwa Bokeresete

JAAKA FA E BOLETSWE KE BLOSSOM BRANDT

Go ne go wa semathane kwa San Antonio, Texas, ka January 17, 1923, letsatsi le ke tshotsweng ka lone. Go ne go le tsididi kwa ntle, mme ke ne ka amogelwa mo diatleng tse di bothito tota tsa batsadi ba ba lorato ba Bakeresete, ebong Judge le Helen Norris. Go tloga fela ka nako e ke gakologelwang dilo sentle ka yone, sengwe le sengwe se batsadi ba me ba neng ba se dira

se ne se amana le kobamelo ya bone go Jehofa Modimo.

KA 1910 fa Mmè a ne a na le dingwaga di le robedi, batsadi ba gagwe ba ne ba tloga gaufi le Pittsburgh, Pennsylvania, ba fudugela kwa polasing e e kafa ntle fela ga Alvin, Texas. Fa ba le koo ba ne ba itumelela go ithuta boammaaruri jwa Bibela mo moagisaning mongwe. Mmè o ne a fetsa botshelo jwa gagwe jotlhe a batla go dira gore batho ba kgatlhegele tsholofelo ya Bogosi. O ne a kolobediwa ka 1912 morago ga gore lelapa la bone le fudugele kwa Houston, Texas.

Mmè le batsadi ba gagwe ba ne ba kopana lantlha le Charles T. Russell, ebong mookamedi wa ntlha wa Watch Tower Bible and Tract Society, fa a ne a etetse phuthego ya bone kwa Houston. Lelapa la bone gantsi le ne le tle le amogele baemedi ba ba etang ba Mokgatlho, bao ka nako eo ba neng ba bidiwa baeti ba sedumedi, le ba amogela mo legaeng la bone. Dingwaga di le mmalwa moragonyana, Mmè o ne a fudugela le batsadi ba gagwe kwa Chicago, Illinois, mme Mokaulengwe Russell o ne a tle a etele le yone phuthego ya koo.

Ka 1918, Mmemogolo o ne a tshwarwa ke bolwetse jwa Spanish flu, mme e re ka bo ne bo koafatsa botsogo jwa gagwe thata, dingaka di ne tsa akantsha gore a nne mo lefelong le le bothithonyana. E re ka Rremogolo a ne a bereka mo setlamong sa diterena tsa Pullman, ka 1919 o ne a fudusediwa kwa Texas gape ka tiro. Fa ba le koo, kwa San Antonio, Mmè o ne a kopana le lekawana lengwe le le tlhoafetseng e le leloko la phuthego a bidiwa Judge Norris. Ba ne ba kgatlhegelana gone fela foo, mme e ne ya re fa nako e ntse e tsamaya ba nyalana, mme Judge a nna ntate.

Ntate O Ithuta Boammaaruri jwa Bibela

Judge (Moatlhodi) o ne a tewa leina leno le le sa tlwaelegang fa a tsholwa. Fa ntataagwe a ne a mmona lantlha, o ne a re: “Lesea leno le tlhapogetswe fela jaaka moatlhodi,” ke fa e nna leina la gagwe. Ka 1917, fa Ntate a ne a le dingwaga di le 16, o ne a newa dipampitshana tse di reng Where Are the Dead? le What Is the Soul? tse di gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society. Rremogolo o ne a tlhokafetse dingwaga di le pedi pelenyana ga moo, mme dipampitshana tseno di ne tsa mo neela dikarabo tse a neng a ntse a di batla kaga boemo jwa baswi. Moragonyana fela ga moo o ne a simolola go nna gone kwa dipokanong tsa Diithuti tsa Bibela, jaaka fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsiwe ka nako eo.

Ntate o ne a batla go nna le seabe mo ditirong tsa phuthego gone fela foo. O ne a newa tshimo e a neng a ka rera mo go yone, mme e ne e re fa a boa kwa sekolong a tsamaye ka baesekele ya gagwe go ya go tsamaisa dipampitshana. O ne a tshwarega thata ka go abela ba bangwe tsholofelo ya Bogosi, mme ka March 24, 1918, o ne a bontsha boineelo jwa gagwe mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing.

Ngwaga o o latelang fa Mmè a fudugela kwa San Antonio, Ntate o ne a kgatlhwa gone fela foo ke seo a neng a re ke “monyenyo o montle go gaisa le matlho a mantle go a gaisa otlhe” a a neng a kile a a bona. Go ise go ye kae ba itsise gore ba batla go nyalana, mme go ne go se bonolo go tlhatswa batsadi ba ga Mmè pelo. Lefa go ntse jalo, ka April 15, 1921, ba ne ba nyalana. Ba ne ba na le mokgele wa bodiredi jwa nako e e tletseng ka bobedi jwa bone.

Ke Simolola mo Bodireding Ke Sale Mmotlana

Fa Mmè le Ntate ba ne ba tshwaragane le go dira dithulaganyo tsa go nna gone kwa kopanong ya Cedar Point, Ohio, ka 1922, ba ne ba lemoga gore Mmè o ne a itsholofetse. Ka bonako fela morago ga ke sena go tsholwa, fa Ntate a na le dingwaga di le 22 fela, o ne a tlhophiwa go nna mokaedi wa tirelo wa phuthego. Seno se ne se bolela gore o ne a dira dithulaganyo tsotlhe tsa tirelo ya tshimo. Morago ga dibeke di sekaenyana fela ke tshotswe Mmè o ne a tsamaya le nna mo bodireding jwa ka ntlo le ntlo. Tota gone rremogolo le mmemogolo le bone ba ne ba rata go tsamaya le nna mo bodireding.

Fa ke ne ke na le dingwaga di le pedi fela batsadi ba me ba ne ba fudugela kwa Dallas, Texas, mme dingwaga di le tharo moragonyana ba ne ba simolola bodiredi jwa nako e e tletseng e le babulatsela. Bosigo ba ne ba robala mo ntlwaneng e nnye e e neng e le fa thoko ga tsela mme ba nthobatsa kafa setulong se se kafa morago sa koloi. Gone ee, nna ke ne ke go itumelela, mme go ise go ye kae go ne ga bonala gore ba ne ba ise ba ipaakanyetse botshelo jwa go bula tsela ka nako eo. Ka jalo Ntate o ne a bula kgwebo. Fa nako e ntse e tsamaya o ne a aga tereilara e nnye e le go ipaakanyetsa go simolola go bula tsela gape.

Pele ga ke simolola sekolo, Mmè o ne a nthuta go bala le go kwala, mme ke ne ke itse thulaganyo ya go atisa dipalo go fitlha go bonè. O ne a kobile thata go nthusa gore ke ithute. O ne a tle a nkemise mo setulong gaufi le ene gore ke phimole dijana fa ene a ntse a di tlhatswa mme o ne a tle a nthute go tshwara dikwalo dingwe ka tlhogo le go opela dipina tsa Bogosi, kana difela jaaka re ne re di bitsa ka nako eo.

Go Direla Modimo le Batsadi ba Me

Ka 1931 rotlhe re ne ra nna gone kwa kopanong e e itumedisang tota kwa Columbus, Ohio, koo re neng ra amogela gone leina Basupi ba ga Jehofa. Le mororo ke ne ke na le dingwaga di le robedi fela, ke ne ka akanya gore e ne e le leina le lentle go a gaisa otlhe a ke kileng ka a utlwa. Ka bonako fela morago ga gore re boele gae, kgwebo ya ga Ntate e ne ya jewa ke molelo, mme Ntate le Mmè ba ne ba tsaya seno e le “thato ya Morena” gore ba simolole bobulatsela gape. Ka gone, go simolola ka selemo sa 1932, re ne ra fetsa dingwaga di le dintsi re le mo bodireding jwa nako e e tletseng.

Batsadi ba me ba ne ba bula tsela mo bogareng jwa Texas gore ba nne gaufi le batsadi ba ga Mmè, bao ba neng ba santse ba le kwa San Antonio. Go nna re tswa kwa kabelong e nngwe re ya kwa go e nngwe go ne go dira gore gangwe le gape ke tsene mo sekolong se sesha. Ka dinako dingwe ditsala tse di neng di sa akanya di ne di tle di re, “Ke eng fa lo sa nne fa fatshe lwa direla ngwana yoo legae,” jaaka e kete ke ne ke sa tlhokomelwe sentle. Mme ke ne ke akanya gore botshelo jwa rona bo ne bo itumedisa e bile ke ne ke thusa Ntate le Mmè mo bodireding jwa bone. Tota e bile, ke ne ke thapisetswa le go baakanyetswa se e neng e tla nna mokgwa wa me wa go tshela moragonyana.

Ke ne ke tle ke bolelele Ntate le Mmè ka dikgwedikgwedi gore ke batla go kolobediwa, mme ba ne ba bua le nna ka seno gantsi. Ba ne ba batla go tlhomamisa gore ke itse gore tshwetso ya me e ne e le masisi go le kanakang. Ka December 31, 1934, letsatsi la tiragalo e e botlhokwatlhokwa eno mo botshelong jwa me le ne la tla. Lefa go ntse jalo, bosigo jwa pele ga moo, Ntate o ne a tlhomamisa gore ke ne ke ile kwa go Jehofa ka thapelo. Mme morago ga moo o ne a dira selo se se molemo thata. O ne a dira gore re khubame rotlhe ka mangole, mme a rapela. O ne a bolelela Jehofa gore o ne a itumeletse tshwetso e e tserweng ke mosetsanyana wa gagwe ya go neela botshelo jwa gagwe mo go Ene. O ka tlhomamisega gore, mo dingwageng tsotlhe tse di tla tlang, ga ke kitla ke tsamaya ke lebala bosigo joo!

Go Thapisiwa Ke Ntatemogolo le Mmemogolo

Mo gare ga 1928 le 1938, ke ne ka fetsa nako e ntsi thata ke etela ntatemogolo le mmemogolo kwa San Antonio. Thulaganyo ya bone ya ka metlha e ne e tshwana thata le ya batsadi ba me. Mmemogolo o ne a kile a nna motsamaisi wa dibuka tsa sedumedi, jaaka fa babulatsela ba ne ba tle ba bidiwe, mme morago ga moo a nna mmulatsela wa nakwana. Ntatemogolo o ne a tlhongwa go nna mmulatsela ka December 1929, ka jalo letsatsi le letsatsi re ne re ya tirelong ya tshimo.

Ntatemogolo o ne a tle a ntshole mo matsogong a gagwe bosigo a bo a nthuta maina a dinaledi. O ne a tle a mpokele maboko ka tlhogo. Ke ne ke tsamaya thata le ene ka diterena tsa Pullman fa a ne a berekela ralawe. Ka metlha e ne e le ene yo ke neng ke ya kwa go ene fa ke ne ke na le mathata; o ne a nkgomotsa le go mphimola dikeledi. Lefa go ntse jalo, fa ke ne ke otlhaelwa go sa itshware sentle mme ke ya kwa go ene gore a nkgomotse, o ne a tle a re fela a re (e le mafoko a ke neng ke sa a tlhaloganye ka nako eo, mme seo a neng a se bolela se ne se utlwala sentle): “Ngwanaangwanaka, tsela ya moleofi e thata tota.”

Dingwaga tsa Pogiso

Ka 1939, Ntwa ya Lefatshe II e ne ya simolola, mme batho ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa thata le go thukuthiwa ke digopa tsa batho. Fa 1939 e ela go fela, Mmè o ne a lwala tota mme kgabagare o ne a ba a tlhoka go ariwa, ka jalo re ne ra boela kwa San Antonio.

E ne e tle e re fa re ntse re dira tiro ya dimakasine mo mebileng ya San Antonio batho ba bo ba ntse ba ipopa ka digopa. Mme re ne re ya teng beke nngwe le nngwe re le lelapa lotlhe, mongwe le mongwe a ema mo sekhutlwaneng se a abetsweng gore a eme mo go sone. Gantsi ke ne ke tle ke bone jaaka fa ba ntse ba gogagoga Ntate ba mo isa kwa seteisheneng sa mapodise.

Ntate o ne a leka go tswelela a ntse a bula tsela lefa Mmè a ne a tshwanelwa ke go emisa. Lefa go ntse jalo, o ne a sa kgone go bona madi a a lekaneng fa a dira ka nakwana, ka jalo le ene o ne a tshwanelwa ke gore a emise. Ke ne ka fetsa sekolo ka 1939, mme le nna ke ne ka ya go bereka.

Leina la ga Ntate la Judge (Moatlhodi) le ne le thusa tota mo dingwageng tseo. Ka sekai, setlhopha sengwe sa ditsala se ne sa ya go neela bosupi kwa toropong e e gaufi fela le bokone jwa San Antonio, mme morongwa wa kgotla o ne a simolola go ba tswalela botlhe mo kgolegelong. O ne a tshwere ba ka nna 35, go akaretsa le rremogolo le mmemogolo. Ntate o ne a bolelelwa ka seno, mme a ya teng ka koloi. O ne a tsena mo teng ga ofisi ya morongwa wa kgotla mme a re: “Ke nna Judge Norris go tswa kwa San Antonio.”

“Ee Mongwame, Moatlhodi, ke ka go thusa ka eng?” ga botsa jalo morongwa wa kgotla.

“Ke tlile go golola batho bano mo kgolegelong,” Ntate a araba. Fa a rialo morongwa wa kgotla a ba lesa ba tsamaya kwantle ga beile—le gone ba se tlhole ba botswa sepe go ya pele!

Ntate o ne a rata go neela bosupi mo dikagong tsa diofisi tsa dikgwebo tse dikgolo, mme o ne a rata go etela thatathata baatlhodi le babueledi. O ne a tle a bolelele moamogelabaeng jaana: “Ke nna Judge Norris, mme ke tlile go bona Moatlhodi [Judge] Semangmang.”

Mme e re fa a bona moatlhodi yoo, ka metlha o ne a simolola ka go re: “Jaanong, pele ga ke bua ka se ke se tletseng fano, ke batla go go bolelela gore ke nnile Judge lobaka lo loleele go go gaisa. Ke ntse ke le ene botshelo jwa me jotlhe.” E re morago ga moo a bo a tlhalosa gore o bone jang leina la gagwe. Selo seno se ne se dira gore a nne le matseno a a botsalano, mme o ne a dirisana sentle le baatlhodi ba malatsing ao.

Ke Itumeletse Kaelo ya Batsadi

Ke ne ke le mo dingwageng tseo tsa bosha tsa go kgoberega maikutlo, mme ke itse gore Ntate le Mmè ba ne ba tle ba tshware pelo ka letsogo gantsinyana fa ba ntse ba ntebeletse mme ba ipotsa gore ke a bo ke tlile go dira eng gape. Fela jaaka fa bana ba bangwe botlhe ba dira, ke lekile Ntate le Mmè gantsi thata, ke ba kopa go dira sengwe kana go ya golo gongwe ke ntse ke itse gore ba tlile go gana. Ka dinako tse dingwe go ne e bile go lelwa. Tota e bile ke ne ke tla utlwa botlhoko thata fa ba ka bo ba ile ba re: “Go siame, dira se o batlang go se dira. Ga re kgathale.”

Go itse gore ke ne ke ka se ka ka ba pateletsa gore ba fetole ditekanyetso tsa bone go ne go ntira gore ke ikutlwe ke bolokesegile. Tota e bile, selo seno se ne se dira gore go nne bonolo mo go nna fa basha ba bangwe ba ne ba akantsha gore re nne le boitlosobodutu bongwe jo bo seng botlhale, ka gonne ke ne ke kgona gore: “Ntate ga a kitla a bo a ntetla.” Fa ke ne ke le dingwaga di le 16, Ntate o ne a tlhomamisa gore ke ithuta go kgweetsa le gore ke nne le lokwalo lwa go kgweetsa. Gape, mo e ka nnang ka yone nako eo o ne a mpha dinotlolo tsa ntlo. Ke ne ke itumelela tota go bona gore o ne a inkanya. Ke ne ke ikutlwa ke le mogolo, mme seno se ne se dira gore ke ikutlwe ke na le boikarabelo le keletso ya go dira gore ke se ka ka ba swabisa ba inkanya jaana.

Mo malatsing ao go ne go sa neelwe kgakololo epe e e kalokalo malebana le lenyalo, mme Ntate o ne a itse Bibela e bile a itse seo e neng e se bolela kaga go nyala “mo Moreneñ hèla.” (1 Bakorintha 7:39) O ne a dira gore go utlwale sentle mo go nna gore fela fa ke ne ke ka tlisa mosimane mongwe wa lefatshe mo gae, kana ke ne ke ka bontsha go mo kgatlhegela, o ne a tla swaba nko go feta molomo. Ke ne ke itse gore o ne a sa ake, ka gonne ke ne ke bone kafa lenyalo la bone le neng le itumetse ka teng e bile le kitlanye ka gonne ba ne ba nyetse “mo Moreneñ.”

Ka 1941, fa ke ne ke na le dingwaga di le 18, ke ne ka akanya gore ke ne ke ratana le lekawana lengwe mo phuthegong. E ne e le mmulatsela e bile a ithutela go nna mmueledi. Ke ne ke mo rata tota. Fa re ne re bolelela batsadi ba me gore re ne re batla go nyalana, mo boemong jwa go bontsha go se dumalane kana go nkgoba marapo mo go seno, ba ne ba re fela: “Re batla go go kopa selo se le sengwe fela, Blossom. Re akanya gore o santse o le monnye thata, mme re rata go go kopa gore o lete ngwaga o le mongwe. Fa e le gore o a mo rata tota, ngwaga o le mongwe ga se sepe.”

Ke itumela thata go bo ke ile ka utlwa kgakololo e e botlhale eo. Mo sebakeng seo sa ngwaga, ke ne ka golagola mme ka simolola go bona gore lekawana leno le ne le sena dinonofo tse di neng di ka mo dira molekane yo o molemo wa lenyalo. Kgabagare o ne a tlogela phuthego, mme ke ne ka falola mo go se e neng e tla nna matlhotlhapelo mo botshelong jwa me. Abo go le molemo jang ne go nna le batsadi ba ba botlhale ba motho o ka kgonang go ikaega ka katlholo ya bone!

Lenyalo le Tiro ya go Eta

Mo marigeng a 1946, morago ga gore ke fetse dingwaga di le thataro ke bula tsela e bile ke dira ka nakwana, go ne ga tsena lekawana lengwe le le sa tshwaneng le lepe le ke kileng ka le bona mo Holong ya Bogosi. Gene Brandt o ne a abetswe go nna mopati wa motlhanka wa rona yo o etelang bakaulengwe, jaaka fa balebedi ba potologo ba ne ba bidiwa ka nako eo. O ne a nkgatlha, le nna ka mo kgatlha mme ka August 5, 1947, re ne ra nyalana.

Morago fela ga foo Ntate le Gene ba ne ba bula kgwebo ya go dira diakhaonto. Mme Ntate o ne a bolelela Gene jaana: “Motsing kgwebo eno e dirang gore re se ka ra ya dipokanong kana e dira gore re se dire kabelo epe ya puso ya Modimo e re e neilweng, ke tlile go lotlela mojako ono ke bo ke latlhela dinotlolo tseno kwa.” Jehofa o ne a segofatsa tsela e a neng a leba dilo ka yone ka tsela ya semoya, mme kgwebo eno e ne ya re neela ka mo go lekaneng dilo tse re di tlhokang tse di bonalang mme ya re letla le go bula tsela. Ntate le Gene e ne e le borrakgwebo ba ba itseng tiro ya bone, e bile go ne go le bonolo fela gore re ka huma, mme ba ne ba sa batle seo.

Ka 1954, Gene o ne a bilediwa mo tirong ya go potologa, eleng selo se se neng sa bolela phetogo e kgolo tota mo matshelong a rona. Batsadi ba me ba ne ba tla arabela jang? Gape, ba ne ba sa tshwenyega ka bone fela mme ba ne ba tshwenyegile ka dilo tse di amanang le Bogosi jwa Modimo le botsogo jo bo molemo jwa semoya jwa bana ba bone. Ga ba ka ba re raya ba re: “Ke ka ntlha yang fa lo sa re neye ditlogolwana?” Mo boemong jwa moo, ka metlha ba ne ba re: “Re ka dirang go lo thusa mo tirelong ya nako e e tletseng?”

Ka jalo fa letsatsi la gore re tloge le fitlha, ba ne ba re kgothatsa thata le go itumelela gore re bo re bone tshiamelo e e molemolemo eno. Ga ba ise ba ko ba tsamaye ba re dire gore re ikutlwe e kete re a ba latlha mme ba ne ba re tshegetsa ka mo go feletseng. Morago ga gore re tsamaye, ba ne ba nna ba tshwaregile ka tiro ya bobulatsela ka dingwaga tse dingwe tse di lesome. Ntate o ne a tlhongwa go nna molebedi wa motse wa San Antonio, mme a tshwarelela tiro eno ka dingwaga di le 30. O ne a itumelela go bona phuthego e le nngwe ya motse oo ka bo 1920 e gola go nna di le 71 pele fela ga a swa ka 1991.

Mo go nna le Gene, botshelo bo ne bo tletse ka dilo tse di itumedisang tota. Re ne ra itumelela thata go direla bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang ba mo dinageng di le 31 mme, gongwe e bile e le sone selo se segolo go gaisa tsotlhe mo go rona, ra nna le tshiamelo ya go nna gone kwa setlhopheng sa bo 29 sa Sekolo sa Bibela sa Gileade sa Watchtower ka 1957. Morago ga moo re ne ra boela mo tirong ya go eta. Ka 1984, morago ga dingwaga di le 30 re le mo tirong ya potologo le ya kgaolo, Mokgatlho o ne ka bopelontle wa neela Gene kabelo ya go potologa kwa San Antonio, ka gonne batsadi ba rona ba ne ba le mo dingwageng tsa bone tsa bo 80 mme ba sa tsoge sentle.

Go Tlhokomela Batsadi

E ne e ka nna ngwaga le sephatlo fela morago ga gore re boele kwa San Antonio fa Mmè a ne a nna mo maemong a a sa jeseng di welang a bo a tlhokafala. Go diregile ka bonako thata mo e leng gore ga ke a kgona le go mmolelela dilo dingwe tse ke neng ke batla go di mmolelela. Seno se ne sa nthuta gore ke bue thata le Ntate. Morago ga go nna mo lenyalong dingwaga di le 65, o ne a tlhologelelwa Mmè fela thata, mme re ne re le gone go mmontsha lorato le go mo tshegetsa.

Sekao sa ga Ntate sa botshelo jotlhe sa go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete, sa go ithuta, le sa tirelo se ne sa tswelela go fitlha a bo a swa. O ne a rata go bala. E re ka a ne a tshwanelwa ke go nna a le esi fa rona re ile tirelong, ke ne ke tle ke tle gae mme ke mmotse, “A o ne o jewa ke bodutu?” O ne a setse a tshwaregile thata ka go bala le go ithuta mo e leng gore, o ne a ise a ko a akanye ka go jewa ke bodutu.

Go ne go na le mokgwa o mongwe gape o re neng ra nna ra o latela botshelo jotlhe jwa rona. Ntate ka metlha o ne a gatelela gore lelapa le je mmogo, bogolo jang ka nako ya fa go jewa sefitlholo, e leng yone nako e go neng go tlotliwa ka temana ya Dikwalo ya letsatsi le letsatsi ka yone. Ke ne ke se ke ke letlwa go tsamaya ke sa dira jalo. Ka dinako tse dingwe ke ne ke tle ke re: “Mme kana Ntate, ke tlile go fitlha morago ga nako kwa sekolong (kana kwa tirong).”

Ene a bo a re: “Mme kana ga se temana ya letsatsi e e dirang gore o fitlhe morago ga nako; ke wena o sa tsogang ka nako.” Mme ke ne ke tshwanelwa ke go dula ke e reetse. O ne a tlhomamisa gore sekao se se molemo seno se nna se le gone ka metlha go ya go fitlha mo malatsing a gagwe a bofelo. Jono ke boswa jo bongwe jo a ntlogeletseng jone.

Ntate o ne a nna a ntse a tlhapogile mo mogopolong go fitlhelela a bo a swa. Se se neng se dira gore go nne bonolo go mo tlhokomela e ne e le gore e ne e se motho yo o balabalang kana a tlhola a duletse go ngongorega. Ee, ka dinako tse dingwe o ne a tle a umake go opelwa ke marapo, mme ke ne ke tle ke mo gakolole gore tota se se neng se mo tshwere e ne e le “Bolwetsi jwa ga Adame,” a bo a tshega. Fa nna le Gene re ntse re dutse fa thoko ga Ntate, o ne a ithobalela fela ka tidimalo mo mosong wa November 30, 1991.

Gone jaanong ke na le dingwaga di feta 70 mme ke santse ke sologelwa molemo ke sekao se se molemo sa batsadi ba me ba ba lorato ba Bakeresete. Mme ke rapela ka tlhoafalo gore ke itshupe ke anaanela ka botlalo boswa jono ka go bo dirisa sentle mo dingwageng tsotlhe tse di tlang.—Pesalema 71:17, 18.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Nna le Mmè

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

1. Kopano ya ntlha ke e ya: San Marcos, Texas, September 1923

2. Kopano ya bofelo go iwa ke Ntate: Fort Worth, Texas, June 1991 (Ntate o dutse)

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Gene le Blossom Brandt

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela