LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 5/1 ts. 27-30
  • Go Tshegediwa Ke Modimo O O Sa Kakeng Wa Aka

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tshegediwa Ke Modimo O O Sa Kakeng Wa Aka
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boswa jwa Bokeresete
  • Keletso ya go Rera go tswa Bogologolong
  • Go Bona Gore ba “Boidiidi yo Bogolo” ke Bomang
  • Mekgwa E Mesha ya Go Ruta
  • Go Boela kwa Bophirima
  • Go Nyalwa le Go Nna le Lelapa
  • Bodihedi Mo Gare ga Baaborijene
  • Thuso ya ga Jehofa E E Sekeng E Tlhaela
  • Jehofa O a Re Segofatsa fa re Dira Se a Se Kopang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • ‘Go Batla Pele Bogosi’
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Go Itumelela go “Tsamaya Mmaele o Mongwe Gape”
    Tsogang!—2005
  • Ke Nosi Mme ga Ke Ise Ke Tsamaye ke Latlhiwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 5/1 ts. 27-30

Go Tshegediwa Ke Modimo O O Sa Kakeng Wa Aka

JAAKA GO BOLETSE MARY WILLIS

Ditlamorago tsa go wela tlase ga ikonomi ya lefatshe di ne di setse di ama metse ya selegae e e kwa Australia Bophirima ka 1932. Ka ngwaga oo, fa ke ne ke na le dingwaga di le 19 fela, nna le Ellen Davies re ne ra abelwa go ya go rera mo lefelong le le bogolo jwa disekwerekilometara di ka nna 100 000. Re ne re tshwanetse go simolola mo torotswaneng ya Wiluna, e e ka nnang sekgala sa dikilometara di le 950 go ya ntlheng ya bokonebotlhaba jwa legae la rona le le kwa Perth, motsemoshate wa Australia Bophirima.

FA RE le mo tseleng ya go ya teng, nna le Ellen re ne ra iphitlhela re ntse mo letorokong le le kwa bofelong la terena le motlhokomedi yo o botsalano wa metsamao ya diterena. Mo lefelong lengwe le lengwe le terena e neng e ema fa go lone mo mosepeleng ono, molebedi o ne a re bolelela ka bopelontle gore e ne e tla ema lobaka lo lo kae foo. Seno se ne se re fa sebaka sa gore re fologe re neele bosupi mo bathong ba ba nnang mo mafelong ao a a kwa thoko a a gaufi le seteishene. Kgabagare re ne ra goroga kwa toropong ya meepo ya Wiluna go le matsubutsubu le dithole.

Lefa go ntse jalo, boematerena jwa kwa Wiluna bo ne bo le dikilometara di ka nna tharo go tswa kwa toropong. Go ne go sena ope wa rona yo o neng a nonofile thata, mme re ne re tshotse dibokose tse tharo tse di bokete tsa dibuka mmogo le dipotomente tse pedi. Re ne re tla dira eng? Re ne ra bofelela bokose e nngwe mo thobaneng, mme ra tshwaraganela thobane eno. Re ne ra kgona go rwala dibokose tseno jalo, ka bongwe ka bongwe. Re ne ra tshwanelwa ke go boaboa ga supa re thotha dibokose tse tharo tseo le dipotomente tsa rona sekgala sa dikilometara di le tharo go ya kwa toropong. Re ne re ema kgapetsakgapetsa gore re ikhutse ka gonne diatla tsa rona di ne di nna botlhoko tota.

Re ne ra itumelela kgwetlho le go gatlhamela masisi go sa kgathalesege dithole, diatla tse di botlhoko le maoto a a bokoa. Ka bobedi jwa rona re ne ra ikutlwa gore Jehofa o ne a na le rona le gore o ne a re tshegetsa gore re tle re kgone go itshokela go simolola go rera kwa mafelong a a kgakala ka tsela e e bokete jaana. Go ise go ye kae re ne ra bona gape kafa a segofatsang tiro ya rona ka gone, ka gonne maiteko a re neng re a dirile mo loetong loo a ne a felela ka gore Bob Horn yo mmotlana a amogele boammaaruri jwa Bibela. Re itumelela go bo Bob a ile a kgona go nna mo tirelong ya Bethele ka dingwaga di le mmalwa le go bo a ile a tswelela pele a direla Jehofa ka boikanyegi ka lobaka lwa dingwaga di ka tshwara 50 go fitlha a tlhokafala ka 1982.

Go tswa kwa Wiluna re ne ra tsamaya re rera mo metsaneng mo mosepeleng wa rona wa dikilometara di feta 725 go ya kwa Geraldton e e fa lotshitshing. Go tswa foo re ne ra tsaya mosepele go boela kwa Perth. Masigo a mangwe re ne re robala mo diphaposing tse di senang sepe tsa go emela terena mme nako nngwe gone re kile ra ba ra robala mo mokoeng wa bojang jo bo kgetlilweng o le fa thoko ga seporo.

Re ne re tsamaya re tshotse selopo sa mosamo se tletse dibisikiti tse di itiretsweng mo gae tsa boupi jwa korong. Tseno e ne e le tsone dijo tsa rona tsa konokono mo karolong ya ntlha ya loeto lwa rona. Ka dinako tse dingwe re ne re bona dijo ka go tlhatswa dikotlele le go phepafatsa bodilo mo dihoseteleng le mo matlong a bojelo a morafe. Ka dinako tse dingwe re ne re tle re bereke mo letsatsing le le lelang re kgetla letlhodi le dinawa. Meneelo ya batho ba ba kgatlhegang ba ba neng ba amogela dikgatiso tsa Bibela le yone e ne ya thusa mo ditshenyegelong tsa rona.

Selo se se neng sa nnonotsha gore ke nne ke ntse ke na le tumelo mo go Jehofa le gore ke emelane le mathata a mantsi ka boitumelo mo metlheng eo e ne e le sekao sa ga mmè le go bo a ile a nthapisa ke sale monnye.

Boswa jwa Bokeresete

Mmè o ne a dumela thata gore go na le Mmopi, mme go tswa bogologolong fela jo nka bo gakologelwang, o ne a rata go bua le rona ka ga gagwe re sa le bana. Lefa go ntse jalo, tumelo ya gagwe e ne ya lekwa botlhoko tota fa morwarraarona wa dingwaga tse supa a ne a tlhokafala mo kotsing e e boitshegang kwa sekolong. Mme lefa go ntse jalo, go na le gore a tenegele Modimo, Mmè o ne a simolola go ithuta Bibela ka tlhoafalo. Fa go ne go ka kgonega, o ne a batla go ithuta gore ke eng fa go na le masetlapelo a a ntseng jalo. O ne a bona tuelo ya go batla boammaaruri jwa Bibela, mme a tshwantshetsa boineelo jwa gagwe go Modimo wa boammaaruri, Jehofa, ka go kolobediwa mo metsing kwa tshimologong ya dingwaga tsa bo1920.

Go tloga ka nako eo, gantsi e ne e re fa a tlotla le rona a bo a gatelela kafa go tlhomamisegang ka gone gore ditsholofetso tsa Modimo di tla diragadiwa. Ka metlha o ne a re kgothatsa gore re nne re gopola gore go sa kgathalesege gore go diragala eng, ‘Modimo ga o kake wa aka.’ (Tito 1:2) Ka ntlha ya seo, gompieno nna le nnake wa mosetsana le bomogoloarona ba basimane ba le babedi mmogo le malapa a rona le ditlogolwana tsa rona, re batho ba ba bakang Jehofa Modimo. Bana ba ga nnake ba le babedi, Alan le Paul Mason, ba direla jaaka balebedi ba ba etang.

Keletso ya go Rera go tswa Bogologolong

Ke ne ke palelwa kwa sekolong ka jalo ke ne ka tlogela sekolo ka 1926, ke na le dingwaga di le 13. Lefa go ntse jalo, ke ne ke eletsa fela thata go abelana le ba bangwe se ke neng ke se ithutile kaga Bibela. Rre o ne a akanya gore ke ne ke sa rutega mo go lekaneng go ka thusa ope, lefa go ntse jalo Mmè o ne a re: “Le fa a ka bolelela batho fela gore ntwa ya Haramagedona e gaufi le gore basiami ba tla rua lefatshe, seo se tla itsise Bogosi jwa Modimo.” Ka jalo ke ne ka simolola tiro ya go rera ka ntlo le ntlo ke santse ke le kwa tshimologong ya dingwaga tsa me tsa bolesome, lefa ke ile ka tla go kolobediwa fela ka 1930. Moragonyana fela ga foo, ke ne ka simolola tiro ya boefangele jwa nako e e tletseng mo lefelong le le gaufi le Perth.

Ngwaga o o latelang, ka 1931, re ne ra simolola go dirisa leina la rona le lesha la Basupi ba ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, beng ba matlo ba le bantsi ba ne ba sa rate fa re dirisa leina leno le le boitshepo la Modimo mme ka jalo ba se ka ba arabela sentle. Lefa go ntse jalo ke ne ka tswelela pele le bodihedi lefa ke ne ke kopana le mathata. Ke ne ke tlhomamisa gore Modimo ga o ake fa o solofetsa gore batlhanka ba gagwe ba ka ‘direla ka maatla ao a ba a neelang.’—1 Petere 4:11; Bafilipi 4:13.

Go Bona Gore ba “Boidiidi yo Bogolo” ke Bomang

Ka 1935, ke ne ka abelwa gore ke ye go direla ka kwa ntlheng e nngwe ya kontinente e kgolo ya Australia. Ka jalo, ka lobaka lwa dingwaga di le dintsi morago ga foo ke ne ka direla jaaka modihedi wa mmulatsela gaufi le kgaolo ya New England ya naga ya New South Wales, mo e ka nnang dikilometara di le 4 000 go tswa kwa legaeng la me la pele kwa Perth.

Go tla go fitlha ka nako eo ke ne ke ntse ke ja ditshwantshetso tsa senkgwe se se sa bidisiwang le beine e khibidu kwa Segopotsong sa ngwaga le ngwaga sa loso lwa ga Jesu. Lefa go ne go bonwa go tshwanela go dira jalo, bogolo jang go dirwa ke badihedi ba ba tlhagafetseng ba nako e e tletseng, ke ne ke ise ke ko ke tsamaye ke ikutlwe ke tlhomamisa gore ke na le tsholofelo ya go ya legodimong. Go tswa foo, ka 1935, go ne ga tlhalosiwa sentle gore go ne go kgobokanngwa boidiidi jo bogolo jo bo nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. Re ne ra itumela re le bantsi go utlwa gore re ne re le karolo ya boidiidi joo jo bogolo, mme re ne ra emisa go ja ditshwantshetso. (Yohane 10:16; Tshenolō 7:9) Boammaaruri jwa Bibela bo ne bo ntse bo phatsimela pele kgato ka kgato, fela jaaka Jehofa a ne a solofeditse.—Diane 4:18.

Mekgwa E Mesha ya Go Ruta

Mo magareng a bo1930, re ne ra simolola go dirisa fonokerafa mo bodiheding jwa rona. Ka jalo, dibaesekele tsa rona tse di nonofileng sentle di ne di tshwanetse go nna le tshipi e e pegang ya kwa pele le kwa morago gore re tsenye eseng difonokerafa tse di bokete fela mme le direkoto tsa tsone le dibeke tsa rona tsa dibuka. Ke ne ke tshwanetse go nna kelotlhoko thata fa baesekele ya me e ne e rwele sentle ka gonne fa e ne e ka wa, e ne e le bokete thata mo ke neng ke ka se ke ke e tsholetse gape!

Mo e ka nnang ka yone nako eo re ne ra simolola se se neng se bidiwa gore ke megwanto ya go anamisa tshedimosetso. Fa re ntse re tsamaya mo mebileng e megolo ya ditoropo, re ne re tsamaya re apere dipolakate, kana disaene tse di lepeleditsweng kafa pele le kafa morago go tswa mo magetleng, tse di neng di na le mafoko a a ngokang kgatlhego. Ke ne ka fitlhela tiro eno e le teko e e bokete ya tumelo go gaisa tse dingwe, bogolo jang fa ke tla tshwarwa ke bo ke lotlelelwa bosigo jotlhe mo seleng e nnyenyane mo toropong ya Lismore. Go ne go tlhabisa ditlhong tota fa ke ne ke isiwa kwa kgotleng letsatsi le le latelang ke sa letlelelwa le gone go kama moriri wa me tota! Mme lefa go ntse jalo Jehofa o ne a boa gape a ntshegetsa jaaka a ne a solofeditse. Kgetsi e ne ya tshololwa ka gonne molato fela o ke neng ke o pegiwa ke lepodisi e ne e le gore polakate ya me e ne e tlhaba bodumedi jwa gagwe.

Go Boela kwa Bophirima

Mo dingwageng tsa ntlha tsa bo1940, tiro ya me ya go rera jaaka mmulatsela e ne ya mpusetsa kwa ditoropong tsa metseselegae ya kwa Australia Bophirima. Fa ke le koo ke ne ka nna le maitemogelo a ke sa a lebaleng mmogo le masego a semoya. Fa ke ntse ke le kwa ke neng ke abetswe teng kwa Northam, ke ne ka kopana le mmè mongwe wa lelapa a tshwaregile, ene e le Flo Timmins, mo e ka nnang dikilometara di le 11 go tswa mo toropong. O ne a amogela buka ya Reconciliation, mme ya re go ise go ye kae a nna Mosupi yo o ineetseng wa ga Jehofa Modimo. O santse a tlhagafetse mo tirelong ya Bogosi, mme morwadie, yo ka nako eo a neng a na le dingwaga di le nne fela, o ne a gola a nna modihedi wa mmulatsela yo o kgethegileng.

Mme go ne go na le maitemogelo a mangwe gape a go leng thata go a lebala. Nako nngwe, nna le mopati wa me re ne re kgabaganya borogo kwa Northam ka kara ya rona e e neng e gogwa ke dipitse, mme ka tshoganetso fela pitse ya simolola go taboga ka lobelo lo logolo, ka jalo ra kgabaganya metsi a a phothoselang a Noka ya Avon re tshwere dipelo ka matsogo. Morago ga sekgala sa mo e ka nnang kilometara, pitse e ne ya simolola go iketla.

Go Nyalwa le Go Nna le Lelapa

Ka 1950, ke ne ka nyalwa ke Arthur Willis, yo le ene a neng a setse a na le dingwaga di le dintsi e le mmulatsela. Re ne ra nna kwa toropong ya Pingelly ya motseselegae o o kwa Australia Bophirima, koo re neng ra segofadiwa ka morwa wa rona, Bentley, le morwadiarona, Eunice. Fa bana ba tloga ba fetsa sekolo, Arthur o ne a dira tshwetso ya gore a ikwadisetse bobulatsela gape. Bana ba rona ba babedi ba ne ba kgothadiwa ke sekao sa ga rraabone gore ba simolole go bula tsela ka metlha fela fa ba setse ba tshwanelega.

Gantsi Arthur o ne a tle a tsamaye le bana fa a ya kwa mafelong a a kwa kgakala a selegae go ya go rera teng. Gangwe le gape, o ne a tle a tsamaye le bone sebaka sa beke kana go feta foo, nako le nako ba robala mo sekgweng bosigo. Fa ba seyo jaana, nna ke ne ke sala mo gae ke tlhokometse kgwebo ya lelapa ya fenitšhara, ka jalo ke dira gore ba kgone go bula tsela ka boraro jwa bone.

Bodihedi Mo Gare ga Baaborijene

Moso mongwe fela fa lelapa le sena go boa kwa loetong lo longwe lwa bone lwa go etela metse ya selegae, re ne ra nna le moeng yo re neng re sa mo solofela. Moeng yono e ne e le Moaborijene, yo o neng a botsa jaana: “Motho ke a dire eng gore a boe?” La ntlha re ne re akabetse. Go tswa foo Arthur o ne a lemoga gore e ne e le monna yo o neng a kgaotswe mo phuthegong ya Bokeresete dingwaga di le dintsi pelenyana ka ntlha ya botagwa. Fa e sale ka nako eo o ne a simolola go itsege ka tsela e e bosula thata ka gonne a ne a nwa thata a bile a itirela dikoloto tse dintsi.

Arthur o ne a mo tlhalosetsa gore o ne a tshwanetse go dira eng gore a busediwe mo phuthegong ya ga Jehofa e e phepa. O ne a tswa ka tidimalo a sa bua sepe se sentsi, mme rotlhe re ne re ipotsa gore o ne a tla dira eng. Rotlhe re ne ra gakgamadiwa thata ke se se neng sa diragala mo dikgweding di sekae tse di neng tsa latela. Diphetogo tse monna yoo a neng a di dira di ne di jesa kgakge! Ga a ka a tlogela bothata jwa gagwe jwa go nwa fela mme gape o ne a etela batho mo kgaolong eo, a ba gakolola ka dikoloto tsa gagwe, go tswa foo a bo a duela se a se kolotang! Gompieno o buile gape ke mokaulengwe wa rona mo tumelong, mme o ne a direla ka nakwana jaaka modihedi wa mmulatsela.

Go ne go na le batho ba le bantsi ba Baaborijene kwa Pingelly, mme re ne ra nna le bodihedi jo bo kgotsofatsang tota, re thusa batho bano ba ba ikokobeditseng gore ba ithute ba bo ba amogele boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. A bo go ile ga nnonotsha tumelo jang ne go bo ke ile ka nna le seabe mo go thuseng batho ba le bantsi ba Baaborijene ba kwa Australia gore ba ithute boammaaruri!

Go ne ga simololwa phuthego kwa Pingelly, mme kwa tshimologong, bontsi jwa maloko a yone e ne e le Baaborijene. Re ne ra tshwanelwa ke go ruta ba le bantsi ba bone go bala le go kwala. Ba ne ba tlhoilwe thata mo dingwageng tseo tsa bogologolo, mme lefa go ntse jalo batho ba toropo ba ne ba simolola go tlotla Basupi ba Baaborijene ka bonya ka bonya ka ntlha ya go tshela matshelo a a phepa le go nna baagi ba ba ikanyegang.

Thuso ya ga Jehofa E E Sekeng E Tlhaela

Monna wa me yo o rategang, Arthur, yo o neng a diretse Modimo ka boikanyegi ka dingwaga di le 57, o ne a tlhokafala kwa tshimologong ya 1986. O ne a tlotliwa ke borakgwebo botlhe kwa Pingelly le ke batho ba kgaolo eo. Le fano gape, Jehofa o ne a ntshegetsa, a mpha maatla a gore ke itshokele go latlhegelwa jalo ka tshoganetso.

Morwaake, Bentley, o direla jaaka mogolwane kwa bokone jwa Australia Bophirima, koo ene le mosadi wa gagwe, Lorna, ba godiseditseng lelapa la bone mo boammaaruring. Se sengwe gape se se intumedisang thata ke gore morwadiake, Eunice, o ile a tswelela pele mo tirelong ya nako e e tletseng go fitlha le gompieno. Ene le monna wa gagwe, Jeff, ba direla jaaka babulatsela. Ke nna le bone gone jaanong mme ke na le lesego la go kgona go dira bobulatsela jo bo thusang ka lobaka lo loleele.

Ka dingwaga tse di fetang 60, ke ile ka bona go diragadiwa ga tsholofetso e e lorato ya ga Jehofa ya go nonotsha batlhanka ba gagwe le go ba thusa gore ba emelane le maemo ape fela a ba ka lebanang le one. Fa le ka motlha re se ke re mmelaela kana re se ke re tlhoka go bontsha go leboga se a re se direlang, o re neela sengwe le sengwe se re se tlhokang. Tumelo ya me e ile ya nonofa fa ke ntse ke utlwa letsogo la Modimo le dira, mme ke ile ka bona kafa a segofatsang ka gone go feta jaaka re ka akanya. (Malaki 3:10) Eleruri, Modimo o ka se ka wa aka!

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Mary ka 1933

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Mary le Arthur mo dingwageng tsa moragonyana

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela