A Modimo o Amogela Mefuta Yotlhe ya Kobamelo?
MODIMO o bopile motho a na le selo se a se tlhokang mo semoyeng—a tlhoka go obamela. Ga se selo se se itlhageletseng fela. E ne e ntse e le selo se motho a nang le sone go tswa kwa tshimologong.
Lefa go ntse jalo, se se hutsafatsang ke gore motho o nnile le ditsela tse dintsi tse di farologaneng tsa go obamela, mme ka kakaretso, ga di a ka tsa dira gore batho ba nne le kutlwano e e itumedisang. Go na le moo, dintwa tse di setlhogo di sa ntse di lowa go dirisiwa leina la bodumedi. Seno se tsosa potso eno e e botlhokwa: A go a kgathalesega gore motho o obamela Modimo jang?
Kobamelo e e Neng e Belaetsa Kwa Metlheng ya Bogologolo
Ditšhaba tsa bogologolo tse di neng di nna kwa Botlhabagare di bontsha sekai sa hisitori se se re thusang gore re arabe potso eo. Batho ba le bantsi ba ne ba obamela modimo o o neng o bidiwa Baale. Gape ba ne ba obamela ditsala tsa ga Baale tsa basadi, tse di jaaka Asherah. Go obamelwa ga ga Asherah go ne go akaretsa go dirisiwa ga mopako o o boitshepo o go dumelwang gore o tshwantshetsa tlhakanelodikobo. Baithutamarope ba ba neng ba dira mo karolong eo ba epolotse ditshwantsho di le mmalwa tsa basadi ba ba sa aparang. The Encyclopedia of Religion e bolela gore ditshwantsho tseno “di bontsha modimo wa sesadi a na le dirwe tsa bosadi di le mo mpaananeng, a tshwere mabele a gagwe,” mme “o ka tswa a ne a emela . . . Asherah.” Sengwe se re tlhomamisegang ka sone ke gore kobamelo ya ga Baale gantsi e ne e na le boitsholo jo bo sa siamang fela thata.
Ka gone, ga go gakgamatse go bo kobamelo ya ga Baale e ne e na le meletlo ya tlhakanelodikobo. (Dipalo 25:1-3) Shekeme wa Mokanana o ne a betelela morweetsana Dina. Go sa kgathalesege se a neng a se dirile, o ne a lejwa e le monna yo o tlotlegang thata mo lelapeng la gagabo. (Genesise 34:1, 2, 19) Go tlhakanela dikobo le wa losika, bosotoma le go kopana le phologolo go ne go tlwaelegile. (Lefitiko 18:6, 22-24, 27) Tota lefoko le le reng “bosotoma,” e leng mokgwa o o dirwang ke basotoma, le tswa mo leineng la motse mongwe o o kileng wa bo o le teng mo karolong eo ya lefatshe. (Genesise 19:4, 5, 28) Kobamelo ya ga Baale gape e ne e na le tshololo ya madi. Ebu, baobamedi ba ga Baale ba ne ba tle ba latlhele bana ba bone ba tshela mo kgabong ya molelo ba ba ntsha ditlhabelo tsa medimo ya bone! (Jeremia 19:5) Mekgwa eno yotlhe e ne e tsamaisana le dithuto tsa bodumedi. Jang?
Dr. Merrill Unger o tlhalosa jaana mo bukeng ya gagwe ya Archaeology and the Old Testament: “Bosetlhogo, makgapha le go tlhagafalela ditlhamane tsa Sekanana go maswe thata go gaisa gope fela kwa Botlhaba jo bo Gaufi ka nako eo. Mme mokgwa o o gakgamatsang wa medimo ya Bakanana, wa gore e ne e sa itshware sentle gotlhelele, o tshwanetse wa bo o ile wa dira gore baobamedi ba yone ba nne le mekgwa e e maswe e bile e na le ditsela di le dintsi tse di tlhakatlhakaneng tsa nako eo, tse di jaaka boaka jo bo boitshepo, [le] go ntsha bana ditlhabelo.”
A Modimo o ne a amogela kobamelo ya Bakanana? Tota nnyaa. O ne a ruta Baiseraele kafa ba ka mo obamelang ka teng ka tsela e e itshekileng. O ne a tlhagisa jaana malebana le mekgwa e e umakilweng fa godimo: “Lo se ka lwa iitshekolola ka sepe sa dilo tse, gonne merafe e ke e lelekileng fa pele ga lona e itshekolotswe ka dilo tsotlhe tse. Le lefatshe le itshekolotswe, ke gone ka moo tshiamololo ya lone ke [e] busetsang mo go lone, mme lefatshe le tlhatsa banni ba lone.”—Lefitiko 18:24, 25.
Kobamelo e e Itshekileng e a Leswefadiwa
Baiseraele ba le bantsi ga ba a ka ba amogela tsela e Modimo a neng a leba kobamelo e e itshekileng ka yone. Go na le moo, ba ne ba lesa kobamelo ya ga Baale e tswelela pele mo nageng ya bone. Go ise go ye kae Baiseraele ba ne ba faposiwa gore ba leke go kopanya kobamelo ya ga Jehofa le ya ga Baale. A Modimo o ile a amogela mofuta ono wa kobamelo e e kopaneng? Akanya ka se se neng sa diragala fa go ne go busa Kgosi Manase. O ne a agela Baale dibeso, a fisa ngwana wa gagwe wa mosimane go mo ntsha setlhabelo, e bile a dira maselamose. “Setshwantsho se se setilweng sa [mopako o o boitshepo, NW] [ʼashe·rahʹ ka Sehebera] se o ne[ng] a se dirile, a se tlhoma mo ntlong e Jehofa o kileng a bua ka ga yone . . . a re: ‘Mo ntlong e, . . . ke tlaa baya leina la me gone ka bosakhutleng.’”—2 Dikgosi 21:3-7.
Babusiwa ba ga Manase ba ne ba latela sekao sa kgosi ya bone. Tota e bile, o ne “a ba oka, gore ba dire se se bosula go feta ditšhaba tse Jehofa o ne[ng] a di senya fa pele ga bana ba Iseraele.” (2 Dikgosi 21:9) Mo boemong jwa gore Manase a reetse ditlhagiso tse di neng di boelediwa gantsi ke baporofeti ba Modimo, o ne a bolaya batho go fitlha Jerusalema e tlala madi a a senang molato. Lefa gone kwa morago Manase a ne a fetoga, morwawe, e bile e ne e le motlhatlhami wa gagwe, Kgosi Amone, o ne a tsosolosa kobamelo ya ga Baale gape.—2 Dikgosi 21:16, 19, 20.
Fa nako e ntse e ya, diaka tsa banna di ne tsa simolola go direla boaka mo tempeleng. Modimo o ne a leba jang sekao seno sa kobamelo ya ga Baale? O ne a tlhagisitse jaana ka Moshe: “O se ka wa isa madi a a thapileng seaka, le fa e le tuelelo ya ntša [gongwe e le mosimane yo o dirisiwang ke mosotoma] mo ntlong ya ga Jehofa Modimo wa gago; gonne dilo tseo tsoo pedi di makgapha mo go Jehofa Modimo wa gago.”—Duteronome 23:17, 18, ntlhanyana e e kwa tlase go NW.
Setlogolo sa ga Manase e bong Kgosi Josia, o ne a phepafatsa tempele e e neng e tletse kobamelo ya boitsholo jo bo sa siamang ya ga Baale. (2 Dikgosi 23:6, 7) Mme dilo di ne di setse di ile magoletsa. Mo nakong e khutshwane fela morago ga loso lwa ga Kgosi Josia, kobamelo ya medimo e e itiretsweng e ne ya simolola go nna teng gape mo tempeleng ya ga Jehofa. (Esekiele 8:3, 5-17) Ka jalo Jehofa o ne a dira gore kgosi ya Babilone e senye Jerusalema le tempele ya yone. Lebaka leno le le hutsafatsang ke bosupi jwa gore mefuta mengwe ya kobamelo ga e amogelwe ke Modimo. Re ka reng ka motlha wa rona?