Lidia—Moobamedi wa Modimo yo o Amogelang Baeng
GO TLOGA mo metlheng ya bogologolo, batlhanka ba Modimo wa boammaaruri ba itshupile ka go amogela ga bone baeng. (Genesise 18:1-8; 19:1-3) Go amogela baeng mo go tswang mo pelong e e ratang mo go tlhalosiwang e le “go rata, go kgatlhegela, kgotsa go nna pelonomi mo baeng,” le jaanong e santse e le lotshwao lwa Bokeresete jwa boammaaruri. Sentlentle, ke se se batlwang mo go botlhe ba ba batlang go obamela Modimo ka tsela e a e amogelang.—Bahebere 13:2; 1 Petere 4:9.
Mongwe yo o neng a bontsha go amogela baeng ka mokgwa o o tlhomang sekao ke Lidia. O ne a “patelela” barongwa ba ba neng ba etetse mo Filipi ba Bakeresete gore ba nne mo legaeng la gagwe. (Ditiro 16:15) Lefa Lidia a bolelwa ka bokhutshwane fela mo Dikwalong, se sennye se se bolelwang ka ga gagwe se ka re kgothatsa. Ka tsela efe? Lidia e ne e le mang? Re itse eng ka ga gagwe?
“Morekisi wa Dikhai Tse di Bohibidu jo bo Mokgona”
Lidia o ne a nna mo Filipi, motsemogolo wa Maketonia. Lefa go ntse jalo, o ne a tswa kwa Thiatira, motse wa kgaolo ya Lidia mo Asia Minor e e kwa bophirima. Ka ntlha ya moo bangwe ba akanya gore Lidia e ne e le leina le ba mo retang ka lone le ba le mo fileng mo Filipi. Ka mafoko a mangwe, e ne e le “Molidia,” fela jaaka mosadi yo Jesu a neng a mo neela bosupi a ka bidiwa “mosadi wa Samaria.” (Johane 4:9) Lidia o ne a rekisa “dikhai tse di bohibidu jo bo mokgona” kgotsa dilo tse di neng di dirilwe ka mmala ono. (Ditiro 16:12, 14) Gore badiri ba mmala ba ne ba le gone mo Thiatira mmogo le kwa Filipi go supilwe ke makwalo a a epilweng ke baithutamarope. Go ka direga gore Lidia o ne a fuduga ka ntlha ya tiro ya gagwe, gongwe e le go tsweletsa kgwebo ya gagwe kgotsa e le moemedi wa khampani ya badiri ba mmala ya Thiatira.
Mmala wa bohibidu jo bo mokgona o ka tswa mo metsweding e e farologaneng. O o tlhwatlhwa e e kwa godimo o ne o ntshiwa mo mefuteng mengwe e e rileng ya di-mollusk tse di nnang mo metsing. Go ya ka mmoki wa lekgolo la ntlha la dingwaga wa Moroma Martial, kobo e e dirilweng ka khai ya manobonobo e e bohibidu jo bo mokgona ya kwa Tire (lefelo le lengwe leo mmala ono o neng o dirwa mo go lone) e ne e ka rekiwa ka di-sesterce di le 10 000 kgotsa ka didenari di le 2 500, e leng se se lekanang le tuelo ya modiri ya malatsi a le 2 500. Go a bonala gore diaparo tse di ntseng jalo e ne e le tsa manobonobo, tseo di neng di ka fitlhelelwa ke ba sekae fela. Ka jalo go ka direga gore Lidia o ne a humile. Lefa go ntse jalo o ne a kgona go amogela moaposetoloi Paulo le ditsala tsa gagwe—Luke, Silase, Timotheo, gongwe le ba bangwe.
Go Rera ga ga Paulo mo Filipi
Mo e ka nnang ka ngwaga wa 50 C.E., Paulo o ne a fitlha lantlha mo Yuropa, mme a simolola go rera mo Filipi.a Fa a fitlha mo motseng o mosha, e ne e le tlwaelo ya ga Paulo go etela sinagoge go rerela Bajuta pele le basokologi ba ba kokoaneng moo. (Bapisa Ditiro 13:4, 5, 13, 14; 14:1.) Lefa go ntse jalo, kafa bangwe ba tlhalosang ka gone, molao wa Roma o ne o iletsa Bajuta mo go direng ditiro tsa bodumedi mo “lefelong le le boitshepo” la Filipi. Ka jalo morago ga go fetsa “malatsi mangwe” moo, mo letsatsing la Sabata barongwa ba ne ba bona lefelo gaufi le noka kwa ntle ga motse moo ba neng ‘ba akanya gore go na le felo ga thapelelo’ gone. (Ditiro 16:12, 13) Go ka direga gore e ne e le Noka ya Gangites. Barongwa ba fitlhetse basadi fela moo, yo mongwe wa bone e neng e le Lidia.
“Moobamedi wa Modimo”
Lidia e ne e le ‘moobamedi wa Modimo’ mme fela go ka direga gore o ne a sokologetse mo Sejuteng a senkana le bodumedi jwa boammaaruri. Lefa a ne a na le tiro e e duelang sentle, Lidia o ne a sa rate dilo tse di bonalang. Go na le moo, o ne a beela nako kwa thoko ya dilo tsa semoya. “Morena a bula pelo ya gagwe, gore a tlhokomele dilo tse di buiwang ke Paulo,” mme Lidia a amogela boammaaruri. Tota e bile, o ne a “kolobediwa, le ba ntlo ya gagwe.”—Ditiro 16:14, 15.
Baebele ga e kaye gore ba bangwe ba ntlo ya ga Lidia ke bomang. Ka go sa buiwa sepe ka monna wa gagwe, a ka tswa a ne a sa nyalwa kgotsa e le motlholagadi. Gongwe “ba ntlo” ya gagwe ba ne ba akaretsa ba losika, mme lefoko leno le ka tswa gape le raya makgoba kgotsa batlhanka. Lefa go ntse jalo, Lidia o ne a bolelela bao a neng a nna le bone dilo tse a di ithutileng. Mme o ne a itumela jang fela fa ba dumela mme ba amogela tumelo ya boammaaruri!
“A re Patelela”
Pele ga ba kopana le Lidia, gongwe barongwa bano ba ne ba tshwanelwa ke go kgotsofalela marobalo ao ba neng ba a ituelela. Mme o ne a itumelela go ba neela manno a mangwe. Lebaka la go bo a ne a tshwanela go ba patelela le raya gore Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba leka go gana. Ka ntlha yang? Paulo o ne a batla go ‘rera mafoko a a molemo kwa ntle ga tuelo, gore a se ka a ithusa ka botlalo ka tshiamelo’ ya gagwe, le gore a se nne morwalo mo go ope. (1 Bakorinthe 9:18; 2 Bakorinthe 12:14) Mme Luke o oketsa jaana: “E rile a sena go kolobediwa, le ba ntlo ya gagwe, a re rapela a re: ‘Fa lo nkaile ke le boikanngo mo Moreneng, lo tle mo ntlong ya me, mme lo nne teng.’ Mme a re patelela.” (Ditiro 16:15) Lidia o ne a amegile thata ka go ikanyega mo go Jehofa, mme go amogela baeng go bonala e kete e ne e le sesupo sa tumelo ya gagwe. (Bapisa 1 Petere 4:9.) Ke sekao se sentle jang! A le rona re dirisa tseo re nang le tsone go tsweledisetsa pele dilo tse di malebang le dikgang tse di molemo?
Bakaulengwe mo Filipi
Fa Paulo le Silase ba sena go gololwa mo kgolegelong morago ga kgang e e amang mosetsana wa motlhanka yo o tsenweng ke mowa wa badimo, ba boela kwa ntlong ya ga Lidia, foo ba fitlhetseng bakaulengwe ba bangwe gone. (Ditiro 16:40) Badumedi mo phuthegong e e sa tswang go simololwa ya Filipi ba ne ba ka tswa ba dirisa legae la ga Lidia jaaka lefelo le ba kopanelang mo go lone ka gale. Go a utlwala go akanya gore legae la gagwe le ne la tswelela e le lefelo la dilo tsa puso ya Modimo mo motseng ono.
Go amogela baeng ka tsela e e bothitho go go bontshitsweng ke Lidia pele go ne ga itshupa e le selo se se dirwang ke phuthego yotlhe. Lefa ba ne ba humanegile, ka makgetlho a le mantsinyana Bafilipi ba ne ba romelela Paulo dilo tse a neng a di tlhoka, e bile moaposetoloi o ne a di itumelela.—2 Bakorinthe 8:1, 2; 11:9; Bafilipi 4:10, 15, 16.
Lidia ga a umakwe mo lekwalong le le rometsweng ke Paulo go Bafilipi mo e ka nnang ka 60-61 C.E. Dikwalo ga di bontshe se se diragetseng ka ene morago ga ditiragalo tse di boletsweng mo go Ditiro kgaolo 16. Lefa go ntse jalo se se builweng kaga mosadi yono yo o tlhagafetseng se re dira gore re “tlwaele go tshola baeng.” (Baroma 12:13) Re leboga jang ne go nna le Bakeresete ba ba jaaka Lidia mo gare ga rona! Moya wa bone o dira go le gontsi go thutafatsa phuthego le go e dira e e botsalano go galaletsa Jehofa Modimo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Gareng ga metse ya botlhokwa thata ya Maketonia, Filipi e ne e le kolone ya sesole e e kwa pele thata e busiwa ke jus italicum (Molao wa Italy). Lekgotla leno le le tlhomang molao le ne le tlhomamisetsa Bafilipi ditshwanelo tse di tshwanang le tse di itumelelwang ke baagi ba Roma.—Ditiro 16:9, 12, 21.
[Lebokoso mo go tsebe 28]
Botshelo Jwa Bajuta mo Filipi
Botshelo mo Filipi bo tshwanetse jwa bo bo ne bo se motlhofo mo Bajuteng le mo go ba ba sokologetseng mo Sejuteng. Go tshwanetse ga bo go ne go na le maikutlo mangwe a go se rate Bajuta, gonne pele fela ga loeto lwa ga Paulo, Mmusi Claudius o ne a lelekile Bajuta mo Roma.—Bapisa Ditiro 18:2.
Se se tlhokomelesegang ke gore, Paulo le Silase ba ne ba gogagogelwa kwa baatlhoding morago ga go fodisa mosetsana wa motlhanka yo o neng a na le moya wa boloi. Beng ba gagwe, ba ba tseetsweng motswedi o o ba humisang, ba dirisa letlhoo la baagikabone ba ba raya ba re: “Banna ba e re e le Bajuta, ba tshwenya motse wa rona thata. Ba simolola mekgwa e re sa letlelelwang go e amogela, le fa e le go e dira, ka re le Baroma.” Ka ntlha ya moo, Paulo le Silase ba itewa ka dithupa mme ba latlhelwa mo kgolegelong. (Ditiro 16:16-24, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Mo boemong jo bo ntseng jalo go obamela Jehofa Modimo wa Bajuta mo pepeneneng go ne go tlhoka bopelokgale. Mme go bonala Lidia a ne a seka a tshwenngwa ke go tshwanologa.
[Ditshwantsho mo go tsebe 27]
Marope a kwa Filipi