LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp18 no. 2 ts. 3
  • A re Kgona go Itse Gore Bokamoso bo re Tshwaretse Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A re Kgona go Itse Gore Bokamoso bo re Tshwaretse Eng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2018
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La go Bo o Ka Ikanya Boporofeti Jwa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Boporofeti jo bo Ileng Jwa Diragala
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2018
  • Go Senka Dipolelelopele Tse di Ikanyegang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • A go Na le Mongwe Yo o Ka Bonelang Pele Isagwe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2018
wp18 no. 2 ts. 3
Monna a tlhalosa maemo a bosa

A re Kgona go Itse Gore Bokamoso bo re Tshwaretse Eng?

A o kile wa ipotsa gore go tlile go diragalang ka wena le lelapa la gago? A o akanya gore lo tlile go huma kgotsa go humanega thata, gore a lo tlile go tswelela lo ratana jaaka lelapa kgotsa gore lelapa la gago le tlile go thubega? A o akanya gore o tlile go tshela lobaka lo loleele kgotsa o tlile go swa ka bonako? Go fetile dingwagangwaga batho ba batla dikarabo tsa dipotso tseno.

Bomankge ba lebelela tsela e batho ba dirang dilo ka yone ba bo ba fopholetsa tsela e dilo di tlileng go nna ka yone mo nakong e e tlang. Bontsi jwa dilo tse ba di buang di a direga mme tse dingwe ga di direge. Ka sekai, ka 1912, motlhami wa telegerama e e sa diriseng motlakase e bong Guglielmo Marconi o ile a re: “Mofuta ono wa thekenoloji o tla dira gore go se ka ga nna le dintwa.” Monna mongwe yo o neng a berekela khampani e e rekotang mmino ya Decca o ile a gana go rekota le setlhopha sa The Beatles a re ditlhopha tse di tshamekang mmino wa dikatara ga di kitla di nna lobaka lo loleele e bile mmino wa tsone o tla tswa mo fesheneng ka bonako.

Batho ba le bantsi ba kopa thuso mo bathong ba go akanngwang gore ba kgona go bonela dilo kwa pele. Ba bangwe ba botsa batho ba go tweng ba kgona go leba dinaledi ba bo ba go bolelela gore go tla diralagang ka wena. Dimakasine le makwalodikgang a mantsi a na le karolo eno ya di-horoscope. Bangwe ba ya kwa bathong ba ba dirisang dikarata, dinomoro le mela ya seatla sa gago go go bolelela se se tla diragalang mo nakong e e tlang.

Bogologolo batho ba ne ba kopa thuso mo baruting ba go neng go dumelwa gore ba kgona go bua le medimo gore e ba neye tshedimosetso ya sengwe se se tla diregang mo nakong e e tlang. Ka sekai, gatwe Kgosi ya kwa Lidia e bong Croesus o ne a romelela moruti mongwe wa kwa Delphi kwa Gerika dimpho tse di tlhwatlhwakgolo a mo kopa gore a mmolelele gore go tla diragalang fa a ka ya go lwa le Kurose wa kwa Peresia. Moruti yoo o ne a netefaletsa Croesus gore o tla kgona go diga “puso e e maatla” ya ga Kurose. Croesus o ne a mo dumela a bo a ya go lwa le Kurose mme ke ene a ileng a fenngwa botlhoko!

Tshedimosetso ya moruti yoo e ne e se na mosola ka gonne fa o ya ntweng, sengwe le sengwe se ka direga. Croesus o ile a latlhegelwa ke sengwe le sengwe ka ntlha ya go newa tshedimosetso e e sa siamang. Batho ba ba kopang thuso mo bathong ba go tweng ba kgona go bonela dilo kwa pele, a ba kgonne go bona thuso?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela