Go Tokafatsa Tsela Eo Re Nang le Katlego ka Yone Jaaka Badihedi
1 E re ka dikgatlhego tsa Bogosi e le tsone di tlang pele mo matshelong a rona, seo se tshwanetse sa re tlhotlheletsa gore re dire tiro e e duleng diatla mo bodiheding jaaka tiro eo re e itlhophetseng. (Mar. 13:10) Go sa kgathalesege gore re na le lobaka lo lo kana kang re ntse re rera, re batla go tswela pele re tokafatsa tsela eo re nang le katlego ka yone jaaka badihedi. Re ka dira seno jang?
2 Batho ba le bantsi bao ba nang le katlego mo ditirong tsa seporofeshenale ba tswela pele ba senka kafa ba ka tokafatsang kitso le dikgono tsa bone ka gone. Ba ka nna ba tswa ba ikaegile ka go dira jalo gore ba kgone go itshedisa. Jaaka badihedi ba ba dinatla, le rona re tshwanelwa ke gore re tlhoafalele go tokafatsa kgono ya rona ya go dira barutwa, ya go ruta ba bangwe malebana le Bogosi jwa Modimo. Re tshwanetse ra senka ditsela tse disha tseo di ikuelang mo bathong ba mefuta yotlhe.—Math. 28:19,20.
GO FENYA KGWETLHO
3 Jaanong e re ka Jehofa a akofisa go phuthiwa ga batho ba seka-dinku, bontsi jwa rona re etela baagelani ba rona kgapetsa kgapetsa thata. Baboledi ba le bantsi ba ba oketsegileng le babulatsela ba oketsa tiro ya go neela bosupi mme seo se fudua tshimo ya lefatshe. Ka ntlha ya tiro ya rona e e okeditsweng, dineelano tseo di neng di na le katlego ka nako nngwe e e rileng di ka nna tsa se ka tsa tlhola di ikuela mo bathong bao re kopanang le bone. Re ka nna ra tshwanelwa ke gore re tokafatse boleng jwa bodihedi jwa rona.
4 Go botlhokwa gore re nne le boikutlo jo bo molemo fa re buisana le batho e le gore re tle re nne matsetseleko eleruri mo tirong ya rona. Fa re dirisa dikakantsho tse di mosola tseo di neelwang mo tokololong ya Tora ya Tebelo ya July 15, 1988, seo se ka re thusa mo ntlheng eno. Ka sekai, tsebe 16, serapa 6, se tlotla malebana le kafa o ka ikitsiseng gore o mang ka gone ka tsela e e siameng le e e molemo mo tshimong ya koo o etelang gone beke le beke mme o itsege sentle gone. Tshedimosetso e e leng malebana le ka fa o ka buisanang le motho yo mo bekeng e e fetileng a neng a go boleletse jaana, “ke tshwaregile thata mo kerekeng ya me, e bile e nnaya dilo tsotlhe tseo ke di tlhokang semoyeng,” e fitlhelwa mo tsebeng 16, serapa 5.
5 A o setse o kile wa bereka tshimo ya lona o bolela ka tlhamalalo gore o neela thuto ya mahala ya legae ya Bibela? A o bereka tshimo ya kgwebo eo e leng mo phuthego ya lona e leng gone? A go a kgonagala gore o dire tiro ya mmila ka dioura tse di tshwanetseng le tseo o ka bonang matswela ka tsone? Leka thata gore o boeletse dikakantsho tse di molemo tseo di neelwang go Tora ya Tebelo ya July 15, 1988. Fa re dirisa dikakantsho tse di ntseng jalo seo se tla re thusa gore re tokafatse tsela eo re nang le katlego ka yone jaaka badihedi.
6 Go nna le katlego gape go kopanyeletsa go bereka ka botlalo. (Baheb. 6:13) Nna o ntshitse matlho go ka bona koo go nnang malapa ao a fetang le le lengwe mo ntlong e le nngwe gone. Batho bangwe ba nna mo dikamoreng tse di kwa tlase, tse di kwa godimo ga dikaratšhe, kana mo mafelong a mangwe ao o se ka keng wa tsena ka tlhamalalo mo go one ka mojako o o kwa pele. Senka maloko a a farologaneng a lelapa—motho yo o godileng yoo a ka nnang a se ka a tla kwa mojakong kana mongwe yoo a ka nnang a tswa a le kwa tirong gantsi fa go etelwa kwa ga gagwe. Go ka nna ga diragala gore fa o etela koo ka oura e nngwe, o ka nna wa kopana le maloko a mangwe a lelapa. Bosupi jwa mantsiboa gantsi bo neela ditshono tsa go nna jalo.
A RE GO DIRENG MOKGELE WA RONA
7 Go tokafatsa tsela eo re nang le katlego ka yone mo bodiheding ke mokgele o o tshwanetseng oo bontsi jwa rona re ka o fitlhelelang. Go batlega thapelo e e tswang pelong le gore re baakanyetse e sa le gale. Fa tsela eo re nang le katlego ka yone mo tirelong ya tshimo e ntse e gola, re ka nna ra kgona go thusa mongwe o sele gore le ene a dire kgatelopele e e tshwanang le eo.—Bagal. 6:6.
8 Gakologelwa, tiro ya rona ya go ruta ga e kitla e khutla le “sepitla se segolo.” (Math. 24:21) Re lebeletse dingwaga tseo re tla thusang batho bao ba tsositsweng gore ba ithute ditsela tsa ga Jehofa ka tsone. Eleruri boipelo jwa rona ka nako ya Dingwaga tse di Sekete bo tla gola fa re ntse re bona batho bao ba rutilweng ba ineela ka boikanyegi mo pusong ya ga Keresete. Fa re tokafatsa tsela eo re nang le katlego ka yone mo tirong ya go rera le go ruta, re ka fitlhelela go le gontsi mo bodiheding jwa rona—gore Jehofa a tlotlwe a bo a bakwe.