Letlole la Dipotso
● Diithuti di tshwanetse tsa nna le dikabelo mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo morago ga nako e e kana kang?
Bongwe jwa boikaelelo jo bogolo jwa Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo ke go dira dibui tsa phatlalatsa. Ka ntlha ya moo, Thulaganyo tsa Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo e dira gore bontsi jwa dipuo di abelwe bakaulengwe.
Lefa go ntse jalo, boikaelelo jo bongwe jo bo botlhokwa jwa sekolo seno ke go katisa batho botlhe ba ga Jehofa gore e nne bareri ba ba nang le matswela le barutisi mo bodiheding jwa Bokeresete. Ka ntlha ya moo, go a tshwanela gore bokgaitsadi le bone ba ikwadise.
Gore ba solegelwe molemo ka botlalo ke sekolo seno, bao ba ikwadisitseng ba tshwanetse ba amogela dikabelo tsa diithuti ka metlha. Go akantshiwa gore seithuti sengwe le sengwe se nne le bobotlana kabelo e le nngwe mo dikgweding dingwe le dingwe tse tharo. Fa maemo a lefelo la lona a letla, bakaulengwe ba ka nna ba neelwa dikabelo tse di oketsegileng. Ga go tlhokege gore bagolwane ba ba neelang dipuo tsa tao le dintlhakgolo tsa Bibela ba abelwe dipuo tsa diithuti le bone.
Mo e ka nnang halofo ya lekgolo la dingwaga, Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo se thusitse ba le bantsi go dira botswelelopele semoyeng le gore ba ithute kafa ba ka itlhalosang ka gone ka tsela e e botoka fa ba bolela molaetsa wa Bogosi. Botlhe ba kgothalediwa gore ba dirise dipaakanyetso tseno tse di molemo tse di tswang kwa go Jehofa Modimo. Boikaelelo jwa rona e tshwanetse ya nna go itshupa re le balebosegi mo Modimong, re le badiri ba ba “senañ go tlhaywa ke ditlhoñ, [re] bua lehoko ya boamarure ka tshiamō.”—2 Tim. 2:15.