Dipokano go re Thusa go Dira Barutwa
BEKE E E SIMOLOLANG KA JUNE 3
Pina 202
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona le Dikitsiso tse di tshwanelang tse di tswang go Tirelo ya Rona ya Bogosi.
20 mets: “Ikatiseng ka Poifomodimo Jaaka fa Keresete A Ne A Dira.” Se tlotliwa ka dipotso le dikarabo, mme dirapa 1-5, 7, 8 di balwe. Bontsha mpho ya buka e e reng Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo jaaka fa go akantshitswe mo serapeng 6.
15 mets: “Baya Modimo kwa Pele mo Botshelong jwa Lelapa la Gago!” Puo e e thailweng go Tora ya Tebelo, ya May 15, 1991, ditsebe 4-7.
Pina 100 le thapelo e e konelang.
BEKE E E SIMOLOLANG KA JUNE 10
Pina 116
5 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Pego ya madi. Bala lekwalo la Mokgatlho leo le bontshang gore o anaanela go tshegediwa ga tiro ya Bogosi ka madi. Gape, lebogela phuthego ka meneelo eo e amogetsweng.
20 mets: “Go Bontsha Gore Re Kgatlhegela Ba Bangwe ka Namana.” Ka dipotso le dikarabo. Tlotla le phuthego gore go ka dirwang mo lefelong la lona go dira gore tshedimosetso eno e dire mo go lona.
10 mets: Maitemogelo mo go diriseng buka ya Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo mo tirong ya go rera mo tshimong ya lona, le mo go boeleng kwa bathong bao go kopanweng le bone pele le mo dithutong tsa magae tsa Bibela.
10 mets: Letlole la Dipotso. Motlotlo ono o tshwarwe ke molebedi wa sekolo.
Pina 177 le thapelo e e konelang.
BEKE E E SIMOLOLANG KA JUNE 17
Pina 133
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Tlhomolola ntlha e le nngwe kana di le pedi go tswa mo makasineng wa bosheng. Kgothaletsa baboledi gore ba nne le seabe se se feletseng mo tirelong ya tshimo mo mafelobekeng ano.
20 mets: “Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Dimakasine mo Tshimong Eo E Dirwang Gangwe le Gape.” Dipotso le dikarabo. Fa lo sekaseka serapa 3, dira gore mosha yo o ipaakanyeditseng sentle a dirise makasine wa bosheng gore a bontshe ka moo baboledi ba basha ba ka tlotlang le beng ba matlo ka gone mme ba tsamaise dibuka. A ka nna a re: “Dumela. Leina la me ke ______. Ke tlile go go leretse tshedimosetso nngwe fano e e botlhokwa thata malebana le [bolela kgang kana setlhogo]. Ke ne ka itumelela ntlha eno. [Bontsha ntlha nngwe e e rileng kana o tlhalose setshwantsho.] E nthusitse gore [tlhalosa ka moo e go solegetseng molemo ka gone], mme ke akanya gore o tla e itumelela le wena. Ke tla itumelela go e go tlogelela ka moneelo wa R1,40 dimakasine tseno ka bobedi.”
15 mets: Dilo tse di tlhokang go tlhokomelwa mo lefelong la lona kana Kafa go Leng Botlhokwa ka Gone go Neela Bosupi ka Tsela E E Seng ya Ka Tlwaelo. Botsolotsa baboledi ba le babedi kana ba le bararo bao ba amogetseng boammaaruri ka go neelwa bosupi ka tsela e e seng ya ka tlwaelo. Kgothaletsa phuthego gore e nne e ntshitse matlho dinameng gore e dirise ditshono tsa go neela bosupi ka tsela e e seng ya kwa tlwaelo.
Pina 216 le thapelo e e konelang.
BEKE E E SIMOLOLANG KA JUNE 24
Pina 139
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Dikgang tsa Bolegodimo. Kgothaletsa phuthego gore e tshegetse dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo tsa mafelobeke. Tlhomolola ka bokhutswane ntlha e le nngwe kana di le pedi go tswa mo dimakasineng tsa bosheng.
20 mets: “Go Diragatsa Bodihedi jwa Rona jwa Bogosi mo Tshimong.” Setlhogo seno se sekasekiwa ka dipotso le dikarabo. Bontsha kafa dintlha tse di leng go dirapa 2-6 di ka dirisiwang ka gone. Fa lo sekaseka serapa 5, dira gore go nne le pontsho e e bontshang mmoledi yo o nang le bothata jwa go simolola thuto ya Bibela a atamela molebedi wa tirelo gore a mo thuse. Molebedi wa tirelo o dirisa Index go thusa mmoledi yono. Fa Index e seo mo puong ya lefelo la lona, bontsha dintlha tseno ka go dirisa tatelano ya ditlhogo eo e tswang ngwaga le ngwaga mo ditokololong tsa December 15 le 8 tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!
15 mets: “Go Simolola Dithuto ka go Dirisa Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo.” Dipotso le dikarabo. Fa lo tlotla ka serapa 6, dira gore baboledi ba ba tshwanelegang mo bareetsing ba ipaakanyetse go neela dikakantsho tse di rileng mme o akgele ka go simolola thuto e ka tswa e le ka kgaolo 11 kana kgaolo 13.
Pina 14 le thapelo e e konelang.