Go Bontsha Gore re Kgatlhegela ba Bangwe ka Namana
1 Tsela eo Jehofa a kgatlhegelang ba bangwe ka yone e bonala sentle. A ga a ka a tlamela dibopiwa tsa gagwe ka dilo tseo ba di tlhokang a ba tlamela ka bopelotshweu? (Gen. 1:29, 30; 2:16, 17; Math. 5:45; bapisa Luke 6:35.) Se se botlhokwa le go feta, a ga a ise a re bontshe gore o a re kgatlhegela ka namana ka go re rulaganyetsa gore re gololwe mo boleong le mo losong?—Yoh. 3:16.
2 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a etsa sekao se se itekanetseng sa ga Rraagwe sa go bontsha go kgatlhegela ba bangwe ka namana. (Math. 11:28-30; 1 Pet. 2:21) Fa monna yo o neng a tshwerwe ke lepero a ne a raya Jesu a re, “Morèna, ha u rata, u na le thata ea go nntlahatsa,” Jesu o ne a araba ka gore, “Kea rata,” mme a fodisa monna yoo. (Math. 8:2, 3) Fa a ne a atamela motse wa Naine, Jesu o ne a kopana le mokoloko wa phitlho o ya go fitlha lekawana lengwe, eleng morwa a le esi fela wa ga mmaagwe wa motlholagadi, mme Jesu o ne a mo tsosa ka a ne a mo tlhomogela pelo. (Luke 7:11-15) Jesu o ne a bontsha go kgatlhegela ba bangwe ka namana a sa kopiwe gore a dire jalo. Tota le eleng le bana ba bannye o ne a ba leba jaaka bao a ka senyang nako ya gagwe le bone le go ba naya tlhokomelo, mme o ne a se ke a nna a tshwaregile mo a ka se kang a gomotsa ba bangwe le go ba kgothatsa.—Math. 20:31-34; Mar. 10:13-16.
BALOSIKA LE DITSALA
3 Re tshwanetse ra leka go tshwana le Jehofa le Jesu Keresete mo go batleng ditsela tseo re ka bontshang go kgatlhegela ba bangwe ka namana ka tsone. Ka gone, a re ko re sekasekeng ditshono dingwe tsa go dira jalo.
4 Nngwe ya dilo tse di botlhokwa thata ke gore bakaulengwe ba bontshe go kgatlhegela maloko a lelapa la bone ka mmatota mme ba tlhokomele bomoya jwa lelapa. Seno se akaretsa go ithuta le lelapa ka metlha. Mo thutong ya gago ya lelapa, a o sekaseka dintlha ka tsela e e kgatlhisang ebile e mosola? A gape o latelela seno ka go dira ka metlha le leloko lengwe le lengwe la lelapa la gago mo tirelong ya tshimo? Fa o dira jalo, a o itumelela nako eo? A o agelela keletso ya go thusa batho ba bangwe mo baneng ba gago, ka go dira jalo o bontsha lorato lwa boagelani lwa Bokeresete? Fa e le gore o nyetse mme o sena bana mo legaeng, a le gone o na le thuto ya lelapa?
5 Re batla go thusa mongwe le mongwe yo re ka kgonang go mo thusa ka dilo tsa semoya. Mme mo matshelong a rona a a tshwaregileng thata, a re lebala go bontsha maloko a phuthego ao a nang le dilo tse di kgethegileng tse a di tlhokang gore re a kgatlhegela ka namana? (Dia. 3:27; Bagal. 6:10) Mo phuthegong ya Bokeresete, go na le bana ba ba senang borraabone, go na le ba ba godileng, batlholagadi, ba ba sa itekanelang mo mmeleng, ba ba tshwenyegileng mo maikutlong, ba ba golafetseng le ba bangwe bao ba nang le dilo tse di kgethegileng tseo ba di tlhokang. Fa re etsa Jehofa le Morwawe, ebong Jesu Keresete, ga re a tshwanela go itlhokomolosa go bontsha go kgatlhegela bakaulengwe ba rona botlhe le bokgaitsedi.—1 Bakor. 10:24; Bafil. 2:4; Baheb. 13:16.
BA SEKADINKU MO TSHIMONG
6 Re ka bontsha jang gore re kgatlhegela batho ba ba nang le dithuto tsa Bibela tsa magae? Ba le bantsi ba batho bano ba ile ba bona go le botlhokwa gore ba kgaole botsala le batho ba lefatshe. Tota le eleng le fa re tshwaregile, a re bontsha gore re kgatlhegela diithuti tseno ka namana mme re dire gore bao ba dirileng diphetogo ba ikutlwe ba amogetswe jaaka ditsala tsa rona tse disha? A re a ba kgothatsa tota le eleng le fa re sa ithute le bone?—Bapisa Mareko 10:28-30.
7 A o ka nna le seabe se segolwane mo go bontsheng gore o kgatlhegela batho bao ba ratang go reetsa mafoko a a molemo o ba kgatlhegela ka mmatota? A o tla leka go ba thusa gore ba fitlhelele dilo tseo ba di tlhokang semoyeng? Wena ka bowena, o ka dirang gore o nne le seabe se segolwane mo bodiheding jwa tshimo? O se ka wa ikgogona fa e le gore jaanong o mo boemong jwa go nna le seabe ka botlalo.—Luke 9:60-62.
8 Re tshwanetse ra etsa Jehofa le Jesu mo go bontsheng gore re kgatlhegela ba bangwe ka namana. Re tshwanetse ra nna le boutlwelobotlhoko mme re leke go thusa ba bangwe, jaaka fa Jesu a ne a dira mo monneng yo o neng a na le lepero. Ee, re tshwanetse ra nna re ntse re ntshitse matlho dinameng ka metlha gore re bone ditsela tseo re ka bontshang gore re kgatlhegela ba bangwe ka namana ka tsone.