Thulaganyo ya Thuto ya Buka ya Phuthego
Karolo 4—Tswelelang Pele lo Agelelana
1 Mongwe le mongwe mo setlhopheng sa Thuto ya Buka ya Phuthego a ka tsaya karolo e e botlhokwa gore ba bangwe ba ba leng mo setlhopheng ba gatele pele semoyeng. Rotlhe re batla go utlwa molao wa Dikwalo wa gore ‘re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, bogolo jang fa bokhutlo bo ntse bo atamela.’—Baheb. 10:24, 25.
2 Go Thusana: Rotlhe re ka thusa go dira gore go nne le kamano e e bothitho, e e botsalano kwa thutong ya buka. Fa mongwe le mongwe wa rona a bontsha go kgatlhegela maloko a mangwe motho ka namana, go tlatseletsa mo go kitlanyeng setlhopha. Mo go Bagalatia 6:10 re kaelwa gore “re diheñ se se molemō mo bathoñ botlhe, mme bogolo mo go ba eleñ ba ntlo ya tumèlō.” Ka sekai, a o a lemoga fa bangwe mo thutong ya buka ba lwala mme ka jalo ba seo kwa dipokanong? Gongwe o ne o ka buisana le bone ka mogala kana wa ba etela ka namana. Moya o o ntseng jalo mo setlhopheng sa thuto ya buka o dira gore bakaulengwe ba kitlane.
3 A bangwe ba tlhoka kgothatso ka ntlha ya dikgatelelo tsa letsatsi le letsatsi, maikarabelo a lelapa, kana mathata a mangwe? O ka thusa ka go dira eng? Dira boiteko jo bo kgethegileng jwa gore o tlotle le ba bangwe kwa dipokanong, eseng go ba dumedisa fela. Bangwe ba ka lebega ba tlhabiwa ke ditlhong mme lefa go ntse jalo ba batla mongwe yo o ka buang le bone ebile ba ka arabela fa ba buisiwa. (uwTN dits. 137-8) Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete gore ba ‘nametse ba ba lapang pelo, ba pepetletse ba ba bokoa, ba nne pelotelele mo go botlhe.’ (1 Bathes. 5:14) Fa mongwe a lwala kana a kgobegile marapo, abo go gomotsa jang fa ditsala di mo etela kana di mo thusa! Gantsi, go itse fela gore mongwe o a amega ke gone fela go tlhokegang.
4 Gape re batla go tshegetsa dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo. Re tshwanetse ra leka go bereka le batho ba ba farologaneng mo setlhopheng. (2 Bakor. 6:11-13; 12:15) Ka dinako tse dingwe motshwari wa thuto ya buka a ka re kopa gore re thuse mongwe. Re arabela jang? Setlhopha sa thuto ya buka se nonotshiwa fela thata fa baboledi ba bereka le babulatsela mo dikarolong tse di farologaneng tsa tiro ya go rera le go dira barutwa.
5 Sekao sa Gago Ka Namana: Go na le ditsela tse dingwe gape tseo ka tsone o ka tsenyang letsogo mo thulaganyong ya thuto ya buka. Sekao sa gago se se molemo se botlhokwa. Ka sekai, o bontsha tlotlo fa o apara jaaka o ne o ka apara fa o ne o ya pokanong kwa Holong ya Bogosi. O tlhoma sekao se se molemo o se tlhomela bao ba ka tswang ba ile ba tlhagolela mokgwa wa go apara ba latlhelela. A o itlwaetsa go goroga kwa dipokanong ka nako gore o se ka wa itaya ba bangwe tsebe?
6 Thulaganyo ya Thuto ya Buka ya Phuthego ke sengwe se se lorato se Jehofa a se re rulaganyeditseng seo se tlhokang gore re se tshegetse ka botlalo. (Isa. 40:11) Ke lefelo leo mo go lone re ka thusiwang motho ka namana mme gape ra tsenya letsogo mo go direng gore ba bangwe ba lapologe semoyeng. A rotlhe re tsweleleng pele ‘go gomotsana le go agelelana’ ka go tshegetsa thulaganyo eno ka botlalo.—1 Bathes. 5:11.