Mokgwa o o Mosola wa go Baakanyetsa Tirelo ya Tshimo
1 A ka dinako dingwe o a etsaetsega go nna le seabe mo karolong nngwe ya tirelo ya tshimo e le fela ka go bo o sa itse se o tla se buang? Fa e le gore o dira jalo, re tlhomamisega gore o tla anaanela mokgwa o go buiwang ka one go Tirelo ya Rona ya Bogosi.
2 Go simolola ka tokololo eno, Tirelo ya Rona ya Bogosi e tla ntsha dikakantsho tse dintsi tse di farologaneng tsa go neela molaetsa wa Bogosi, ekane e le ka ntlo le ntlo, mo go direng loeto lwa go boela, kana mo thutong ya Bibela. Tseno di tshwanetse tsa tlhotlheletsa tsela eo o akanyang ka yone malebana le gore ke mafoko afe ao o tla ratang go a dirisa mo bodiheding. Fa o baakanyetsa bodihedi, tlhopha dintlha tseo o tla di buang kwa tshimong tseo di nyalanang sentle le tshimo ya lona. Se se latelang, sekaseka go bona gore a o tla dirisa mafoko ao a akantshitsweng mo setlhogong seno kana a o tla fetola mafoko ano gore a tsamaisane le maemo a lefelo la lona kana gore a tsamaisane le wena ka namana. Seo o se buang mo bathong se ka nna sa utlwala fela jaaka puisano e e tlwaelegileng fa e le gore o ne o se bua ka tsela ya tlholego fela o dirisa mafoko a gago. A o ne o ka rata go atolosa bodihedi jwa gago ka tsela nngwe, gongwe ka go nna le seabe mo karolong nngwe ya bodihedi lekgetlo la ntlha? Dikakantsho di le dintsi tseo di neetsweng e ka nna ya nna sone tota se o se tlhokang gore o simolole go dira jalo.
3 Fa e le gore o tshwara nngwe ya dipokano tsa phuthego tsa tirelo ya tshimo, o tshwanetse gore o tlwaelane sentle le dintlha tseo di gatisitsweng mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Baakanyetsa sekaelo sa gago sentle, o bo o lebise tlhokomelo mo dikakantshong tseo, tse go senang pelaelo epe gore di tla nna le matswela mo lefelong la lona.
4 Rotlhe fela re ipelela dilo tseo re di dirang sentle. Re solofela gore mokgwa o o mosola ono o tla thusa baboledi ba basha mmogo le ba ba nang le maitemogelo go feta gore ba dire bodihedi jwa bone jwa Bogosi ka botswerere le ka boipelo.