Dikgang Tsa Bolegodimo
Afrika Borwa: Mo ngwageng e e fetileng palogotlhe ya baboledi, babulatsela, le babulatsela ba ba kgethegileng ba nakwana ba le 12 498 ba ne ba nna le seabe mo letsholong la tshimo e e sa abiwang. Badihedi bano ba sentse diura di le 140 556 mo bodiheding. Ba tsamaisitse dibuka di le 11 870, dibukana di le 38 159, le dimakasine di le 65 800, mme ba ne ba bona dipeeletso di le 274. Ba ne ba dira maeto a go boela a le 13 906 mme ba tshwara dithuto tsa Bibela di le 1 859. Re lo kgothaletsa gore lo tswelele pele go dira tiro e e molemolemo eno ka go nna lo boela kwa go bao ba kgatlhegang fa e le gore go a kgonega. August, September, le October di beetswe gape kwa thoko gore e nne dikgwedi tsa tlhabano ya tshimo e e sa abiwang monongwaga.