Maeto a Ntlha Ao a Nang le Matswela
1 Go simolola dipuisano le ba bangwe mo bodiheding e ka nna selo se se gwetlhang eletota ereka batho ba setse ba ntse ba tshwaregile ka dikgang tseo eleng tsa bone ka namana kana ba na le dikgopolo tse ba nitameng mo go tsone ka bodumedi. Ke eng seo re ka akanyang ka sone seo se tla re thusang mo go direng gore maeto a rona a ntlha a nne le matswela?
2 Ereka eno e le nako ya ngwaga eo mo go yone batho ba le bantsi ba akanyang ka Jesu, o ka nna wa simolola motlotlo wa gago ka go bolela jaana:
◼ “Ga go na pelaelo epe gore re akantse ka setlhabelo sa ga Jesu mo nakong eno ya ngwaga. O akanya gore Jesu o dira eng gone jaanong jaana?” Leta karabo. Morago ga moo o ka nna wa tlotla le mong wa ntlo ka lekwalo la Tshenolō 6:2, leo le tlhalosang Jesu jaaka yo o pagameng pitse e tshweu ebile a tswelela pele go wetsa phenyo ya gagwe. Akgela ka seabe seo a nang naso mo bogosing le melemo ya goyagoile eo puso ya gagwe e tla e tlisetsang setho sotlhe se se kutlo.
3 Ka nako eo lo tla bong lo tsamaisa tokololo ya April 1 e e nang le setlhogo se se reng “Kgololesego ya Boammaaruri—E Tla Tswa Kae?,” o ka nna wa bolela jaana:
◼ “Batho go dikologa lefatshe lotlhe ba lwela kgololesego. Mme lefa go ntse jalo ditsholofetso tseo dipuso tsa batho di ntseng di di dira tsa go lere kgololesego di paletswe mo go maswe. Kobamelo ya ga Jehofa ebong Modimo wa boammaaruri ke yone eo e tlisang kgololesego eo e nnetseng ruri.” Bala 2 Bakorintha 3:17, o bo o tlhalosa gore tokololo eno ya Tora ya Tebelo e tlhomolola dintlha dingwe tseo di leng malebana le tsholofetso ya Modimo le gore e bontsha gore ke ka ntlha yang fa ditiragalo tsa lefatshe di tlhomamisa gore re gaufi le go bona kgololesego.
4 O ka nna wa simolola go buelela “Tora ya Tebelo” ya April 15, 1992 ka go buelela setlhogo sa thapelo, ka go bolela jaana:
◼ “Batho ka kakaretso ba rapelela phenyo mo dinakong tsa ntwa. A o akanya gore Modimo o utlwa dithapelo tse di ntseng jalo le go ema le letlhakore lepe? [Leta karabo.] Ela tlhoko kafa Bibela e arabang seno ka gone.” Morago ga moo bala lekwalo la 1 Petere 3:12 o bo o le tlhalose. Morago ga fa o sena go tlhalosa ka bokhutswane, mmontshe sengwe se se mo setlhogong sa Tora ya Tebelo seo se ka nnang sa tsosa kgatlhego mo mothong yono gore a bale makasine ono. Akantsha gore a dire peeletso.
5 Gakologelwang gore mokgele wa rona ke go tshwara dithuto tsa Bibela. Ereka ba le bantsi e tla bo e le babulatsela ba ba thusang mo kgweding ya April, re tla nna le eleng le ditshono tse di oketsegileng tsa go bona batho bao ba kgatlhegelang go ithuta Bibela. Mme le eleng lefa maemo a rona a sa re letle gore re nne babulatsela ba ba thusang mo kgweding ya April, rotlhe fela re ka itlhomela mokgele wa gore re simolole thuto ya Bibela.
6 Baboledi bangwe ba dirisitse dipampitshana gore ba simolole dithuto tsa Bibela mo loetong lwa ntlha.
Ka nako ya fa o tsamaisa pampitshana e e nang le setlhogo se se reng “Botshelo mo Lefatsheng Le Lesha Le Le nang le Kagiso,” o ka nna wa bolela jaana:
◼ “Re badiri ba baithaopi fela ba ba dirang mo tikologong eno ya lona. Mma ke go nee pampitshana eno eo e tlhalosang mofuta wa tiro eo re e dirang. A o akanya gore lefatshe le tla tsamaya le lebega ka tsela eo?” Morago ga fa o sena go bona karabo, o ka nna wa tlotla ka dirapa tsa ntlha di le mmalwa le motho yono, o buelela Mathaio 6:9, 10 le Pesalema 37:29.
7 Akanya ka kelotlhoko malebana le kafa o tla ikitsiseng ka gone mo go mong wa ntlo. Go neetswe dikakantsho tse di molemolemo mo bukeng ya Go Fetolana mo go tsebe 9-15. Fa o dirisa diketapele tseno ka botswerere go tla go thusa gore o dire gore maeto a gago a ntlha a nne le matswela.