LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/92 ts. 3
  • Kopano ya Kgaolo ya “Batshodi ba Lesedi” ya 1992

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kopano ya Kgaolo ya “Batshodi ba Lesedi” ya 1992
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Rulaganya Gone Jaanong Gore o nne Gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya 1991 ya “Batho Ba Ba Ratang Kgololesego”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Kopano ya Kgaolo ya “Poifo ya Bomodimo” ya 1994
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Kopano ya Kgaolo ya “Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo” ba 1996
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Kopano ya Kgaolo ya “Babaki ba ba Itumetseng” ya 1995
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
km 10/92 ts. 3

Kopano ya Kgaolo ya “Batshodi ba Lesedi” ya 1992

1 Jesu o ne a re balatedi ba gagwe ba ne ba tla nna “lesedi ya lehatshe.” (Math. 5:14) Se se fapaaneng le seno, lefifi la semoya la lefatshe le la boitsholo le gola ka selakanyo se segolo letsatsi le letsatsi. (Isa. 60:2; Bar. 1:21) Boikarabelo jwa rona re le batshodi ba lesedi bo simolola go nna le bokao jo bogolwane jaaka fa re atamela bofelo jwa tsamaiso eno. Re lebeletse pele ka tlhologelo e kgolo go nna gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Batshodi ba Lesedi” ya 1992, fa re bona kafa re dirang karolo e e botlhokwa ka teng. Ya ntlha e e mo motseletseleng ono e tla simolola ka Labotlhano, December 4.

2 Kopano ya Malatsi A Le Mararo: Monongwaga re ile ra rulaganya gore go nne le dikopano di le 23 mo Afrika Borwa le mo mafatsheng a a bapileng le yone. Mo godimo ga Seesemane, thulaganyo yotlhe gape e tlile go neelwa ka Seburu, Sepedi, Sepotokisi, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sexhosa, le Sezulu, le ka dithulaganyo tse dingwe tsa Segerika le Se-Venda. Kwa Durban le Gauteng go tla bo go na le bao ba tolokelwang ka puo ya diatla. Thulaganyo e tla simolola ka Labotlhano ka 10:20 a.m. mme go tla konelwa ka pina le thapelo ka Sontaga mo e ka nnang ka 4:15 p.m. Dikgoro di tla bulwa ka 7:30 a.m., mme ga go ne go letlelelwa ope go tsena pele ga nako eno fa e se fela ba ba abetsweng go bereka. Batho botlhe ba ga Jehofa ba tla batla gore ba nne gone mo thulaganyong eno yotlhe. A o setse o dirile phetso ya gago ka namana gore o tla nna teng ka malatsi otlhe a mararo? O tlhomamise gore o rapelela masego a ga Jehofa mo maitekong a o tla a dirang.

3 Re tshwanetse go reetsa thulaganyo yotlhe ka kelotlhoko thata, go simolola ka puo e e tla bulang ka Labotlhano mo mosong go fitlha ka dikakgelo tse di konelang ka Sontaga thapama. Tshedimosetso e e tshikhinyang maikutlo e tla bo e baakantswe le go neelwa ka dipuo, dipontsho, dipotsolotso, le ka terama. Dira gore o bo o ntse sentle mo setulong sa gago pele ga thulaganyo e simolola ka Labotlhano. Gantsi, ka letsatsi la ntlha go tlhokega nako e e oketsegileng gore go bewe dilo mo mannong a tsone, go baakanya ditulo, le tse dingwe fela jalo. Ka jalo iphe nako e e oketsegileng. Fa re reetsa dithulaganyo tsotlhe le go letela pina e e konelang le thapelo, re tla solegelwa molemo ka botlalo ke thulaganyo eno ebile re tla bontsha gore re itumelela tshiamelo ya go direla jaaka batshodi ba lesedi.

4 Reetsa ka Kelotlhoko: Mopesalema o ne a bolela jaana: “Me ke tla tlhatlhanya dichupō tsa gago. Ana ke rata molaō oa gago yañ! Ko ōna go tlhatlhanya ga me ka letsatsi yeotlhe.” (Pes. 119:95b, 97) Gongwe le gongwe koo re phuthegang mmogo gone gore re rutwe ke Jehofa, go tlhokega gore re reetse ka kelotlhoko e seng fela ka ditsebe mme gape go tsene le mo pelong. Lefa go le jalo, seno se tlhoka botlhale fa o le gone mo dikopanong tse dikgolo tse di jaaka kopano ya kgaolo. Go na le dilo di le dintsi tse matlho a ka di bonang le tse ditsebe di ka di utlwang. Abo motho ka namana o tla bo a latlhegetswe jang ne fa a ka boloka nako le madi gore a tle a nne gone mo kopanong a bo a boela gae fela a gopola dintlha di sekaenyana fela tse di molemo tsa kafa re ka tokafatsang ka teng jaaka batshodi ba lesedi! Fa e le gore re batla go solegelwa molemo ka botlalo ke thulaganyo eno, re tshwanetse go dira bojotlhe gore re se ka ra itewa tsebe ke sepe. Re ka tlhomamisa jang gore e re kwa bokhutlong jwa thulaganyo eno ya kopano tshedimosetso eno e bo e nweleletse thata mo dipelong tsa rona le mo mogopolong?

5 Go kgona go reetsa ke sengwe seo se tshwanetseng sa tlhagolelwa le go itlwaediwa. Lefoko go “reetsa” le raya “go utlwa ka mogopolo otlhe.” Akanyetsa dikakantsho tse di seng kaenyana tseno: (1) Dira maiteko a gore o fitlhe kwa lebaleng la kopano o ikutlwa o lapologetswe moso mongwe le mongwe. Seno se tla tlhoka thulaganyo le tirisanommogo ya lelapa. Fa o lapile ka go bo o tlhaetse boroko kana o tshwerwe ke tlala ka go bo o sa fitlhola, kana fa ditshika di lapile ka go bo o ne o itlhaganela, o tla ikamogelela go le gonnye fela go tswa mo thulaganyong eno. (2) Nna le tlhoafalelo ya go itse gore setlhogo se tla akaretswa ka tsela e e ntseng jang. Dibeke pele ga kopano, ke ka ntlha yang fa leloko lengwe le lengwe le sa akgele mabapi le gore go raya eng go nna motshodi wa lesedi go ene, mo thutong ya lona ya lelapa. Fa o le kwa kopanong, boeletsa go sa le gale karolo nngwe le nngwe ya letsatsi leo pele ga thulaganyo e simolola. (3) Apara sentle, mme o se ka wa ja le go nwa dithulaganyo di ntse di tsweletse. Go lemogilwe gore go na le batho ba le mmalwa bao ba jang le go nwa mo go nniwang teng mo holong kana mo setadiamong fa thulaganyo e ntse e tsweletse. Seno ga se bontshe tlotlo, se itaya ba bangwe tsebe, ebile se bontsha go tlhoka boikgapo.—Bona Tora ya Tebelo ya November 15, 1991, ditsebe 8-18.

6 Re batla go lo tlhokomedisa thata kgang ya go kwala dintlha. Fa o e dira ka tshwanelo, e tla go thusa gore o tsamaisane le dibui ka kelotlhoko le go gakologelwa seo o se utlwileng. Ereka re akanya ga makgetlho a le mane go gaisa fa re bua, tsela e e molemolemo e o ka thibelang mogopolo wa gago gore o se ka wa kgarakgatshega ke gore o kwale dintlha. Jaaka mokwadi mongwe a ne a lemoga seno, “Gantsi go thata go reetsa puo go na le go e neela.” Gongwe o ka tswa o gopola gore Bakeresete ba pele ba ne ba ya dipokanong ba tshotse mabeya mme ba ne ba kwalela mo go one ditemana ka inke. Se se itumedisang ke gore, rona re ka dira botoka thata go kwalela dintlha mo bukeng e e lekanetseng ka pene kana ka pensele. Gore re nne ditswerere mo go kwaleng dintlha go raya gore re kwale tse di lekaneng fela go tlhomolola moko wa kgang mme e seng tse dintsi thata mo re tla nnelang go kwala fela. Seno se ka dira gore boikaelelo jwa rona bo palelwe mme go felele ka gore re latlhegelwe ke dintlha tsa botlhokwa tse di akareditsweng ke sebui. Kwala mafoko a konokono, o bo o khutshwafatse mafoko. Dintlha tsa gago di tla go tswela molemo fa o di boeletsa mo maitsiboeng ao mme go tswa foo o di boeletse gape pele ga fa phuthego e tlotla ka dintlha tsa konokono tsa thulaganyo eno mo Pokanong ya Tirelo.

7 Pina E E Opelwang go Tswa Pelong le Thapelo: Go opelela Jehofa dipako le go mo atamela ka tsela ya tlotlo ka thapelo ke dikarolo tsa konokono tsa kobamelo ya rona. (2 Ditih. 30:21, 27) Tseno ke dikarolo tsa kopano tse di botlhokwa tse e leng gore mongwe le mongwe wa rona o ka kopanela mo go tsone. Mo Kopanong ya rona ya Kgaolo ya malatsi a le mararo ya “Batshodi ba Lesedi”, re tla opela dipina di le 18 tse di galaletsang Jehofa mme re tla kopanela mmogo mo dithapelong di robabobedi tse di tla lebisiwang kwa go Ntate wa rona wa selegodimo. Eleruri tseno ke ditshiamelo tse di molemolemo. Jehofa o re neela diura tse di fetang 12 tsa thuto le katiso ya semoya. Mo metsotsong e sekae e e beetsweng kwa thoko go opela le thapelo, re a bo re leboga Jehofa ka dilo tse a re di neelang ka bopelotsweu le go mo galaletsa. Ereka re tla bo re phuthegile re le boidiidi jo bogolo gore re atamele Jehofa ka thapelo, a re ne re ka batla gore a re lebe jaaka batho ba ba pelotshetlha le ba ba sa lebogeng ka gonne re ne ra se ka ra kopanela mo pineng le mo thapelong e le fela ka go bo re ne ra palelwa ke go dira dithulaganyo sentle? Gape, mo ngwageng eno dibuka di tla bo di le dintsi kwa kopanong nngwe le nngwe, ka jalo bao ba ba dirang ka tshwanelo ka go nna mo mannong a bone go fitlhela thulaganyo e konela ga di kitla di ba tlhaela. Ka mo go tshwanang, go se nne ope yo o tla tsamayang thulaganyo e ise e fele ka boikaelelo jwa go ya go ema kwa pele ga ba bangwe mo moleng wa dijo.—Math. 7:12; Bar. 12:10; Bafil. 2:1-4.

8 Dira Dilo Tsotlhe go Galaletsa Modimo: Ngwaga le ngwaga re neelwa dikgakololo tse di bonolo mabapi le botlhokwa jwa go nna le maitseo le boitshwaro jo bontle kwa kopanong. Ba le bantsi ba akgolelwa go tlhwaela dikgakololo tseno tsebe. Jaaka tsamaiso eno e ela bokhutlong, re patelesega thata gore kwa tirong le kwa sekolong re bo re le gareng ga batho bao boitshwaro jwa bone e leng jo bo tshwanang le joo bo boleletsweng pele mo go 2 Timotheo 3:1-5. Bokopano jono bo ka re tlhotlheletsa ka tsela e e sa siamang fa re sa itlhokomele. Le ka motlha ga re batle gore ope ‘a re bolele jaaka badira bosula.’ (1 Pet. 2:12) Seno se tlhoka gore re ele tlhoko thata botho jwa rona jwa Bokeresete. Re tshwanetse gore rotlhe re tlhokomele kafa re itshwarang ka teng kwa kopanong le gongwe le gongwe kwa go nang le batho teng, jaaka kwa dihoteleng le kwa direseturenteng. Bagolwane ba amega ka bakaulengwe ba bone botlhe. (Bafil. 2:4) Ba tshwanetse ba thusa ba bangwe le go ba akgolela tsela e e molemo e ba itshwarang ka yone. Gape bagolwane ba tshwanetse go ikutlwa ba gololesegile go naya kgakololo e e lorato fa go tlhokega, lefa gone ba sa tlwaelana le mokaulengwe yoo kana kgaitsadi yoo ka namana. Fa go lemogilwe mathata ape kwa kopanong a a masisi a tshwanetse go begelwa ba Ofisi ya Tsamaiso.

9 Botho jo bosha jo bo umakilweng mo go Baefesia 4:24 bo tshwantshanngwa le seaparo se motho a ka se aparang fa a sena go apola botho jo bogologolo. Go fetoga gono ga botho go tshwanetse gape ga bonala le mo diaparong tse re di aparang. Bakaulengwe ba bangwe le bokgaitsadi, segolobogolo basha, ba ile ba bonwa ba ikaparetse botlhaswa fela ka dinako tse dingwe ba sa apara ka tsela e e bori. Ba bangwe ba rola ditlhako tsa bone ba bo ba tshegetsa maoto a bone ka setulo se se fa pele ga bone kana ba tsamaya ba sa rwala ditlhako. A re itshwara ka tsela e e ntseng jalo kwa Holong ya Bogosi? Gape, bayakolobetsong ba bangwe ba ne ba apara dikipara tse di kwadilweng mafoko a lefatshe le mafoko a go ipolela kana tse di kwadilweng dilo tse di bapatswang tse di farologaneng. Bagolwane bao ba boeletsang dipotso le bao ba ipaakanyetsang go ya kolobetsong ba tshwanetse ba tlhomamisa gore bao ba yang kolobetsong ba tlhaloganya gore moaparo o o lejwang jaaka o o tshwanetseng kolobetso ke ofe.—Bona Tora ya Tebelo June 1, 1985, tsebe 30, le ya July 1, 1974, ditsebe 166.

10 Didirisiwa Tse Di Rekotang: Le mororo dikhamera tsa dibidio di dumelelwa go dirisiwa, re kgothatsa bao ba di dirisang gore ba akanyetse ba bangwe, ba tlhophe seo ba se tsayang, ebile ba tlotle bao ba ka nnang ba se ka ba rata go tsewa ditshwantsho ba santse baa ja, ba reeditse thulaganyo, kana go rapelwa. Ope fela yo o tla bong a tsaya ditshwantsho tsa bidio kana a dirisa ditheipi o tshwanetse gore a se ka a itaya bareetsi tsebe kana go ba tshwenya. Ga go phoso go rekota dingwe tsa dithulaganyo o ntse mo setulong sa gago. Mme go tla bo go sa tshwanela gore ope a tsamayetsamaye mo gare ga ditulo le mo pele ga bareetsi thulaganyo e tsweletse, a ntse a rekota thulaganyo. Fa go tlhokega, batlhokomedi ba tshwanetse go bua le ope fela yo o palelwang ke go bontsha lorato lwa bokaulengwe mo ntlheng eno. Tsweetswee gakologelwang gore dikhamera kana didirisiwa tsa go rekota ga di a tshwanela go golaganngwa le motlakase kana digoagoe tsa kopano, ebile gape ga go a tshwanela go bewa didirisiwa dipe fela mo gare ga ditulo kana kwa go fetang dikoloi gone.

11 Go Batsadi: Re tla rata go gatelela gape botlhokwa jwa gore batsadi ba tlhokomele bana ba bone ka dinako tsotlhe, e ka tswa e le kwa mabaleng a kopano kana kwa ba robalang teng. (Dia. 29:15b; Luke 2:48) Fa thulaganyo e tsweletse, tlhomamisa gore bana ba gago ba reeditse ka kelotlhoko ebile ba kwala dintlha. Ka nako ya go ikhutsa go na le sebaka sa go eta le ditsala tse di tswang kwa diphuthegong tse dingwe.

12 Go bontsha fela kafa go leng botlhokwa ka teng gore o itse kwa bana ba gago ba leng teng ka dinako tsotlhe, mokgweetsi mongwe wa ditekisi mo motseng mongwe o go neng go tshwaretswe kopano gone o ne a begela mokaulengwe mongwe gore o pegile basetsanyana ba le babedi mo lebaleng la kopano. Go ne go lebega sentle gore ba ne ba rulagantse gore ba se ka ba nna gone mo thulaganyong yotlhe ya thapama mme ba ne ba bolelela mokgweetsi yono gore mmaabo a ka se ba tlhoke go fitlhela ka 5:00 p.m. Mokgweetsi yono wa ditekisi o ne a tshwenyegile ka pabalesego ya bone, mme go tweng ka mmaabo? Abo e ne e tla nna matlhotlhapelo jang ne fa ba ne ba wetswe ke masetlapelo mangwe, re sa bui sepe ka go kgobiwa ga leina la Modimo le batho ba one!

13 Tirisanommogo ya Lona E E Feletseng E A Anaanelwa: Go botlhokwa go le kana kang gore mongwe le mongwe wa rona a dirisane le kaelo ya Mokgatlho e e malebana le go nna gone kwa kopanong e phuthego ya rona e abetsweng gone? Mokgatlho le bakaulengwe ba ba nang le boikarabelo ba ile ba dira dithulaganyo ka kelotlhoko mo motseng mongwe le mongwe o go tla tshwarelwang kopano go one ba baakanyetsa kopano nngwe le nngwe. Go akaretsa go nna le manno a a lekaneng, dijo, dibuka, le tse dingwe fela jalo. Fa bakaulengwe ba palo e e rileng ba nna gone mo dikopanong tse ba sa di abelwang, go ka nna ga nna le mathata. Kwantle ga pelaelo, ke ba sekae fela ba tla patikwang ke maemo gore ba ye kwa kopanong e sele. Mafelo a mangwe a kopano a ka nna a bo a lebega a le mantle ka mabaka a a farologaneng, mme lefa go ntse jalo fa palo e kgolo ya bakaulengwe e ya kwa lefelong le ba le ratang, go ka felela ka gore go nne le tlhakatlhakano e kgolo.

14 Go kopiwa tirisanommogo ya lona mo kgannyeng ya go boloka manno. Tsweetswee gakologelwang gore MANNO A KA BOLOKELWA FELA BAO E LENG MALOKO A A GAUFI THATA A LELAPA LA GAGO LE BAPE FELA BAO BA KA NNANG BA BO BA TSAMAYA LE WENA KA KOLOI YA GAGO. Go tla bo go na le dikarolo tse di kgethegileng tsa bagolo le digole mo dikopanong di le dintsi. Ka tsweetswee re kopa gore mongwe le mongwe a ele tlhoko ditshupiso le go latela dikaelo tsa batlhokomedi. Bakaulengwe bangwe ba ba godileng ba ile ba tshwanelwa ke go batla manno mo dikarolong tse go seng motlhofo go ya kwa go tsone ka gonne basha ba ntse mo karolong ya ditulo tsa bagolo. Tsweetswee akanyetsang ba ba godileng. Re maswabi go bo re sa kgone go tsenya dikopo tsa go batla mafelo a a kwa thoko kana dikamore tsa bao ba nang le bothata jo bo ntseng jaaka go ilwa ke dilo dingwe.

15 Go akantshiwa gore go tliwe ka dilwana tse di lekaneng tsa motho ka namana kwa kopanong. Fa selwana sengwe se sa kgone go tsena kafa tlase ga setulo sa gago, go ka nna botoka fa o ka se tlogela kwa gae. Mabotlolo a magolo a a tsenyang dilo tse di tsidifatswang ga a letlelelwe go bewa fa gare ga ditulo ka mabaka a tsa itshereletso, mme fa o a baya mo setulong se se gaufi le wena, yo mongwe o ka nna a tlhoka setulo.

16 Batho ba ga Jehofa ba anaanela go kgona go kopana mmogo mo mafelong a a siameng gore ba tle ba kgone go solegelwa molemo ke thulaganyo ya semoya eo e baakantsweng. Gape re lebogela ditirelo tse dintsi le dilo tseo di re solegelang molemo tseo di neelwang kwa dikokoanong tse di ntseng jalo. Mokgatlho o dira ka kelotlhoko e kgolo le go senya madi a mantsi, go dira dithulaganyo tsa gore go nne le manno a a lekaneng, go tsenya dibuelagodimo tse di tlhwatlhwakgolo, go nna le Lefapha la Tirelo ya Dijo le le dirang tiro ka botlalo le dithulaganyo tse dingwe di le mmalwa le ditirelo tse dingwe tse di dirang gore go nna gone kwa kopanong go ipedise go bo go lapolose semoyeng.

17 Dijo di tla bo di le teng kwa dikopanong tsotlhe. Re batla go kgothaletsa botlhe ba ba tla bong ba le gone go sola molemo thulaganyo eno ya tirelo ya dijo. Go dirilwe dithulaganyo mo dikopanong tsotlhe go tlhomamisa gore go na le dijo tse di lekaneng botlhe ba ba tlang kopanong. Koo palo e kgolo ya batlakopanong e robetseng kwa dikolong teng, komiti ya kopano e tla sekaseka kgang ya go ba neela dijo tse di motlhoshwana mo maitsiboeng mmogo le dijo tsa mo mosong. Seno se tla dira gore go seka ga tlhokafala gore ba ba tlang kopanong ba tle ka ditofo tsa gase le tsa parafine ereka di ka nna tsa tshuba dikago tseo batlakopanong ba robetseng mo go tsone. Re kgothaletsa botlhe ka tsweetswee go tshegetsa dithulaganyo tsa tirelo ya dijo. Re oketsa ka gore, ereka ditlhwatlhwa tsa mafelo ao go kopanelwang kwa go one di setse di tsholetsegile thata Mafapha a Tirelo ya Dijo ga a kgone go duela ditshenyegelo tsotlhe tsa mafelo ano. Ka ntlha ya seno o ka nna wa rata go romela moneelo pele ga nako kwa motseng oo kopano ya phuthego ya lona e tla bong e ya kwa go yone. Fa o rata go romela tšheke, o ka e kwala gore e duele “Watch Tower Convention.” Meneelo yotlhe e anaanelwa thata ebile Mokgatlho o batla go lo leboga go sa le gale go bo lo tshegetsa dilo tse di direlwang Bogosi ka bopelotshweu ka tsela eno.—Luke 6:38.

18 Nnang Gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Batshodi ba Lesedi”: Ka go nna gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Batshodi ba Lesedi,” re tla kgatlhiwa thata ke go utlwa gore ke ka ntlha yang fa go nna batshodi ba lesedi e le tlotlo e kgolo le tshiamelo. Re tla gakololwa gape gore ke boikarabelo jo bogolo. Fa re reeditse ka kelotlhoko e kgolo dilo tse re di utlwang kwa kopanong, re tla tokafatsa bokgoni le go anaanela maikarabelo a rona a go nna batshodi ba lesedi. Ipaakanye gone jaanong gore o nne gone mo dithulaganyong tsotlhe, go simolola ka pina e e bulang ka Labotlhano go fitlhelela ka thapelo e e konelang ka Sontaga thapama.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela