A Kgatlhego e ka Tsosolosiwa Gape?
1 “Go segō ba ba humanegileñ mo moeñ.” (Math. 5:3) Mafoko ao a ga Jesu a Thero ya kwa Thabeng a na le bokao. Ga se batho ba le bantsi ba ba lemogang gore ba tlhoka dilo tsa semoya go dira gore matshelo a bone e nne a a itumetseng le a a nang le boikaelelo. Go na le bangwe bao ba kileng ba bo ba na le tlhologelelo ya dilo tse ba di tlhokang semoyeng mme morago ga moo ya ba latlhegela. Go na le sengwe se se ba dirileng gore ba tsidifale malebana le dikgang tsa semoya. Ba ile ba furalela seo tota se leng mosola mo go bone. Potso ke gore, A kgatlhego ya batho ba ba ntseng jalo e ka tsosolosiwa gape? Se se itumedisang ke gore, ka ba bangwe e ka tsosolosiwa.
2 O ka nna wa tswa o itse mongwe yo o kileng a ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa mo dingwageng tse di fitileng, gongwe a ne a sa le ngwana, mme lefa go ntse jalo a bo a sa tlhole a kopanela le batho ba Modimo. Lefa go ntse jalo, dithuto dingwe tsa Bibela le melaometheo e e tshiamo e ka ne e ile ya gatisediwa mo mogopolong wa motho yoo mme ebile a santse a di gopola. Jaaka boemo jwa lefatshe bo ntse bo nnela maswe kwa pele le maemo a botshelo a ntse a fetoga, motho o gakologelwa dilo tse a di ithutileng mo nakong e e fitileng mme motho yono o ka nna a retologela go Modimo mme a ipaakanyetse go amogela kitso ya Bibela e e oketsegileng. Go etela batho ba ba ntseng jalo ka boikaelelo jwa go tsosolosa thuto ya Bibela go ka itshupa go le molemo tota.
3 Eleruri boiteko bo tshwanetse jwa dirwa ka metlha jwa go etela bao ba nnileng gone kwa moketeng wa Segopotso. Ba itsise gore o amegile ga mmatota ka bomoya jwa bone, mme ba bolelele fa o batla go ithuta Bibela le bone. Boiteko jo bo kgethegileng bo tshwanetse jwa diriwa go thusa bao ba ileng ba nna gone go dikopano tsa kgaolo, dikopano tsa potologo le dikopano tsa letsatsi le le kgethegileng. Mo mabakeng a mangwe go ka nna molemo thata gore mmoledi a etele motho mongwe yoo thuto e neng ya kgaosediwa ka ntlha ya go bo a ne a sa bontshe botswelelopele.
4 Ke boammaaruri, re lebeletse gore batho bao re ithutang le bone ba tseye kobamelo ya Jehofa ka masisi ebile ba bontshe tlhagafalo e kgolwanyane mo thutong ya bone ya Bibela. Mme fa e le ka karolo ya rona, re batla go tlhomamisa gore re dirile boiteko jo bo lekaneng go thusa mme re kgone go ikutlwa ka tsela e moaposetoloi Paulo a neng a ikutlwa ka yone go ba bangwe fa a ne a re, ‘Ga ke na molato wa madi kaga batho botlhe.’—Ditihō 20:26.