LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/92 ts. 2
  • Nna Mmulatsela yo o Thusang ka December

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna Mmulatsela yo o Thusang ka December
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mokgele o o Molemolemo wa Ngwaga o Mosha wa Tirelo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • A o Ka Kgona go Nna Mmulatsela yo o Thusang?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Go Batlega Babulatsela ba ba Thusang ba le 10 000—A o Ka Nna Mmulatsela yo o Thusang Ka March? April? May?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Bolela Dinonofo Tse di Molemolemo Tsa ga Jehofa Gongwe le Gongwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
km 11/92 ts. 2

Nna Mmulatsela yo o Thusang ka December

1 Mongwe le mongwe wa rona o tla bo a dira sentle fa a ipotsa jaana: ‘Ke tla bo ke le motshodi wa lesedi go ya bokgakaleng bofe ka December? A ke ka nna mmulatsela yo o thusang?’—Math. 5:14, 16.

2 Ka kakaretso fela basha ba ba kolobeditsweng ba na le nako e e oketsegileng fa dikolo di tswetswe ka nako eno ya boikhutso. Batsadi ba bangwe le baboledi ba bangwe ba ba godileng le bone ba ka kgona go kopanela le baboledi bano ba basha mo go oketseng tirelo ya bone ya tshimo mo kgweding eo. Ba le bantsi ba ba berekang letsatsi lotlhe le bone ka mo go tshwanang ba tshwanetse go nna le nako e ba e senyang mo bodiheding jono jo bo nayang botshelo.

3 Lebaka la konokono la go ka direla jaaka mmulatsela yo o thusang ke la go bo re rata go dira boiteko jo bo oketsegileng jo bo tlhokegang. (Luke 13:24) Fa re rulaganya tiro ya rona ka kelotlhoko, go akaretsa le dikgang tsa lelapa le tsa phuthego, re ka kgona go nna le nako mo e leng gore re ka nna ra ipelela go direla jaaka babulatsela ba ba thusang.

4 A o tla kgona go atolosa bodihedi jwa gago ka December? Go dira jalo go ka go thusa gore o ikutlwe o tlhomamisegile ka se o se buang fa o le mo matlong a batho mme go felele o na le maitemogelo a a agang. Ka gone o ka bona boitumelo jo bogolo.—Dit. 20:35.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela