Latela ba ba Kgatlhegang ka Temogo mo Malatsing a Boikhutso
1 December ke kgwedi e mo go yone batho ba le bantsi bao ba ileng ba bontsha kgatlhego mo molaetseng wa rona go lebegang ba tla bo ba tshwaregile ka ditiro tsa malatsi a boikhutso. Ka gone, fa re latela ba ba kgatlhegang, re tshwanetse ra dirisa temogo mme ka gongwe ra nna re ipaakanyeditse gore re tsene mo mokong wa kgang ka bonako, fa e se fela mong wa ntlo e le ene a ratang gore motlotlo o nne moleele.
2 A Re Akanyeng go Sale Pele ka Seo Re Tlileng go se Bolela: Ka metlha re tshwanetse ra bo re tlhomamisegile mo mogopolong ka seo re batlang go se bolela. Seno se tlhoka gore re lebe mo re neng ra kwala teng mo loetong lwa pele mme re ikgopotse dintlha tse re neng ra di tlotla le potso epe e re neng ra e tlogelela mong wa ntlo e sa arabiwa.
3 Fa e le gore re ile ra dirisa serapa sa 3 sa setlhogo se se fa godimo, fa re boela gape re ka bolela jaana:
◼ “Mo nakong eno ya ngwaga, batho ba le bantsi ba akanya thata ka botsalo jwa ga Keresete. Fa re ne re tlotla mo nakong e e fetileng, ke ile ka go solofetsa gore ke tla tla ke abalana le wena ka tiragalo e e kgatlhisang ka motse o Jesu a neng a tsholelwa kwa go one. A o ne o itse gore Bibela e ne ya bolela dingwaga di le 700 go sale pele gore Jesu o ne a tla tsholelwa kwa Bethelehema?” Mo neye sebaka sa go araba. Go tswa foo, fa lo sena go bala Mika 5:2, o ka nna wa re: “Joo ke boperofeti jo bo gakgamatsang tota, a ga go jalo? Fa e le gore eno ke tiragalo e e kgatlhang ya Bibela, a o ne o itse gore dipolelelopele tsa Bibela le tsone di a diragala ka boammaaruri mo motlheng wa rona?” Fa motho a na le nako, re ka nna ra tsweledisa motlotlo, kana fa a tshwaregile, re ka nna ra mmoela gape mme re tle re buisane le ene ka seno ka mo go oketsegileng.
4 Fa e le gore o ile a tlogelelwa pampitshana e e reng “Botshelo mo Lefatsheng Le Lesha la Kagiso,” re ka nna ra bolela se se latelang:
◼ “Ela tlhoko seo se boletsweng fano mo tsebeng ya 3, tlase ga setlhogwana se se reng, ‘Botshelo mo Lefatsheng Le Lesha la Modimo.’ Seno se akaretsa maemo a a tla bong a le gone tlase ga Bogosi jwa Modimo. [Sekaseka serapa sa ntlha le sa bobedi, o ntse o tlhomolola dikwalo tse dingwe.] A o ne o ka rata go tshela botshelo jo bo ntseng jalo?” Bontsha mong wa ntlo gore o tla rata go boela gape mo bekeng e e latelang gore lo tle lo tlotle ka dintlha tse di oketsegileng mo pampitshaneng eo. Fa e le gore mong wa ntlo ga a ise a nne le buka ya Monna Yo Mogolo, bontsha kafa kgaolo ya 111 e nayang dintlha tse di oketsegileng ka gone malebana le sesupo seo Jesu a neng a bolela gore se ne se tla tshwaya bofelo jwa tsamaiso e e bosula ya gompieno ya dilo. Mo tsamaisetse buka eno.
5 Nna le Thuto ya Bibela ya Legae: Fa o tlogelela mong wa ntlo buka ya Monna Yo Mogolo kana a setse a na le sekaelo sa gagwe, go tla bo go le molemo go bontsha kafa thuto ya Bibela ya legae e tshwarwang ka teng o dirisa kgaolo ya 111. Re ka nna ra dirisa mokgwa o o tshwanang le o o dirisiwang mo Thutong ya Buka ya Phuthego. Fa thuto eno e tswelela pele, re ka e fetola ra bala nngwe ya diboroutšhara kana ra bala buka ya Tshelela Ruri ka tlhamalalo.
6 A ka metlha re nne re ipaakantse gore re latele botlhe ba ba kgatlhegang. Re tshwanetse ra bo re na le temogo mme ka metlha re leka go tlhagolela loeto lwa mo isagweng tsela ka go botsa dipotso tse di tla tsosang kgatlhego kwa bokhutlong jwa motlotlo mongwe le mongwe. Seno se tla re thusa gore re “iketleeleletse rure tihō ñwe le ñwe e e molemō.”—2 Tim. 3:17.