Dipokano Tsa Tirelo ka May
Beke E E Simololang ka May 3
Pina 209
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Itsise ka dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo e e kgethegileng ka malatsi a botlhe a boikhutso a May.
20 mets: “Go Nna le Seabe ka Katlego mo Bodiheding jwa Rona Jo Bo Bolokang Botshelo.” Puo e e nang le dipontsho. Morago ga ketapele e khutshwane, dira dipontsho tse tharo tse di theilweng mo serapeng sa 2-5. Morago ga pontsho nngwe le nngwe, botsa bareetsi gore dipuisano di ka fetofetolwa jang go ya ka maemo a a farologaneng a a mo tshimong ya lona. Konela ka go ba kgothaletsa gore ba nne le seabe ka botlalo mo bodiheding mo mafelobekeng ano.
15 mets: Botlhokwa jwa Bomoya jwa Lelapa. Puo ka mogolwane. Tlotla kafa go leng botlhokwa ka teng gore lelapa le sekaseke temana ya letsatsi, o bontsha kafa seno se ka dirwang ka gone tlase ga maemo a a farologaneng a lelapa le dithulaganyo. Gape gatelela kafa go leng botlhokwa ka teng go rapela jaaka lelapa bogolo gangwe fela ka letsatsi. Seno se ka nna sa dirwa fa go iwa go robala. Melaometheo eno e ka dirwa le mo malapeng a a kgaoganeng, a motsadi a leng mongwe fela, le mo malapeng a go senang bana mo go one. Gape go baakanyetsa jaaka lelapa go botlhokwa gore le solegelwe molemo thata kwa dipokanong tsa phuthego tsa beke le beke le go kgona go nonotsha tumelo ya ba bangwe ka tsela e e tshwanang.—Baheb. 10:23-25.
Pina 104 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka May 10
Pina 27
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Botsolotsa baboledi ba ba setseng ba tsamaisitse dipeeletso. (O tshwanetse go rulaganya seno go sa le gale o thusiwa ke mokaulengwe yo o tshwarang dipeeletso mo phuthegong.)
15 mets: “Go Lebana le Kgwetlho ya Bodihedi jwa go Tsamaya ka Ntlo le Ntlo.” Dipotso le dikarabo. Bala dikwalo tse di nopotsweng o bo o di tlhalose.
20 mets: “‘A Re Eeñ kwa Tluñ ea ga Yehofa.’” E tlotliwa ka dipotso le dikarabo mo dirapeng tsa 1-8 tsa tsenyeletso. Ka bokhutshwane boeletsa dintlha tsa konokono tsa dikgatiso tse di umakilweng mo serapeng sa 7. Dira gore go nne le mmoledi yo o nang le bokgoni a bontsha kafa go ka thusiwang motho yo mosha go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa re rulagantswe ka diphuthego. (wTN84 11/1 ts. 14 ser. 6, 7) Tlhomolola dikarolo tsa dipokano tsa rona tse di sa tshwaneng gotlhelele le ditirelo tsa bodumedi tsa Labokeresete. Kgothaletsa ba ba tshwarang dithuto tsa Bibela go nna le motlotlo o mokhutshwane beke nngwe le nngwe o o diretsweng go thusa moithuti gore a itse phuthego botoka le botlhokwa jwa gore a nne karolo ya yone.
Pina 134 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka May 17
Pina 16
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona, go kopanyeletsa le dipego tsa madi le ditebogo tsa meneelo e e amogetsweng. Akgola phuthego ka go bo e thusa phuthego ya lona ka madi mmogo le tiro ya lefatshe ka bophara ya Mokgatlho.
20 mets: “Dirang Dipoelo ka Boipelo go ya go Thusa Batho Ba Ba Kgatlhegang.” Motlotlo le bareetsi o o nang le dipontsho. Gatelela kafa go leng botlhokwa ka gone go boloka direkoto tse di siameng tsa ba ba kgatlhegang. Dira dipontsho di le pedi tse di tswang mo setlhogong seno mo serapeng sa 3-6. Di tshwanetse tsa bontsha maemo a a teng mo lefelong la lona mme lo bo lo di fetofetola fa go kgonega.
15 mets: “‘A Re Eeñ kwa Tluñ ea ga Yehofa.’” Motlotlo o o akarediwang ka dipotso le dikarabo tsa serapa 9-14 sa tsenyeletso. Dira gore mmoledi a bontshe kafa go ka buiwang ka gone le mongwe yo o gogang dinao, a dirisa dikakantsho tse di mo serapeng sa 12 le sa 13.
Pina 54 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka May 24
Pina 141
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikgang tsa Puso ya Bomodimo. Gakolola phuthego ka dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo e e kgethegileng ka Mantaga, May 31.
20 mets: “Basha—Gatang Dikgato tsa Lona ka Botlhale.” Setlhogo se se tlotliwang ka dipotso le dikarabo. Morago ga serapa sa 3, dira pontsho e khutshwane ya fa mmoledi yo mosha a kopa yo o godileng gore a bereke le ene mo tirelong ya tshimo. Mmoledi yo o godileng o amogela kopo eo ka boitumelo a bo a akantsha gore ba boeletse dipuisano tsa bone pele ga ba ya go bereka mmogo.
15 mets: “Motlotlo ka molebedi wa tirelo mabapi le dipaakanyetso tsa letsholo la tshimo e e sa abiwang la 1993. Tlotla ka lekwalo la Mokgatlho le le kwadilweng ka April 1, 1993 le le mabapi le letsholo leno. Itsise phuthego ka dithulaganyo tse di dirilweng ke setlhopha sa bagolwane. (Diphuthego tse di se nang tshimo e e sa abiwang di ka nna tsa tlotla ka dilo tse di tlhokegang tsa tsone, tse di akaretsang go bereka tshimo ya tsone e e sa berekiweng kgapetsakgapetsa.)
Pina 223 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka May 31
Pina 207
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Akantsha ka dintlha tse di ka buelelwang tse di tswang mo bukeng ya Monna Yo Mogolo tse di ka dirisiwang ka June. Kgothaletsa baboledi gore ba boeletse dikakantsho tsa tirelo ya tshimo tse di mo tsebeng e e ka kwa morago ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 1992.
10 mets: Letlole la Dipotso. Puo ka mogolwane.
15 mets: A O Tla Nna Mmulatsela Yo O Thusang mo Dikgweding Tseno Tse Di Latelang? Botsolotsa bangwe ba ba ileng ba bula tsela ka March le April. Ba iponetse melemo efe mo bobulatseleng jo bo thusang? Ba tokafaditse jang tirelo ya bone ya tshimo? A ba setse ba simolotse dithuto tsa Bibela tse di tlang sentle kana ditselana tsa dimakasine? A go na le melemo e mengwe gape? Kgothaletsa basha le ba bangwe ba maemo a bone a ka nnang a ba letla gore ba akanyetse go dirisa dinako tsa boikhutso ka tsela e e molemolemo. Segolobogolo baboledi ba ba tsenang sekolo ba tshwanetse go leka go bula tsela fa dikolo di tswalwa. Botsolotsa mmoledi yo o tsenang sekolo kana ba le babedi ba ba ileng ba tsaya bobulatsela jo bo thusang mo nakong e e fetileng. Ba bangwe ba ka nna ba kgona go thusa go kopanya tshimo e e sa berekiweng kgapetsakgapetsa kana e e sa abiwang mo dikgweding tse di latelang.—2 Bakor. 9:6b.
10 mets: A Modimo O Re Itshwarela Dibe? Bagolwane ba le babedi ba baakanyetsa loeto lwa bodisa. Ba tlotla kafa ba ka thusang mokaulengwe yo o sa ntseng a tshwenngwa ke maleo a a a dirileng mo nakong e e fetileng ebile a ipotsa gore a tota Modimo o mo itshwaretse. Bagolwane ba sekaseka setlhogo se se mo bukeng ya Go Fetolana, tsebe 97-100, mme gape le mo bukeng ya Insight, Bolumo 1, tsebe 861-2. Ba akantshana kafa go leng botlhokwa ka teng go dirisana le mokaulengwe yono ka bopelonomi ba bo ba mmontsha kafa Jehofa a leng pelotlhomogi ka gone le gore o ikemiseditse go itshwarela. Gape ba rulaganya gore ba gatelele botlhokwa jwa gore mokaulengwe yono a dire boiteko ene ka namana; go ipolela go le gosi ga go a lekana. Bagolwane ba tla ithaopela go tlhola mokaulengwe yono gangwe le gape, ba nna ba tla go mo thusa semoyeng.
Pina 214 le thapelo e e konelang.