Dikitsiso
◼ Mpho e e tsamaisiwang ka May: Peeletso ya Tora ya Tebelo ka moneelo wa R17,00 mo ditokololong tse di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga o le mongwe fela ya ditokololo tse di tswang gangwe ka kgwedi le peeletso ya dikgwedi di le thataro ya ditokololo tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R8,50. June: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela ka moneelo wa R9,00. July: Go ka tsamaisiwa epe ya diboroutšhara tse di latelang: A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega ka Rona?, “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Meya ya Batho Ba Ba Suleng A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?, kana Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise ka moneelo wa disente di le 90 nngwe le nngwe ya yone. August le September: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka moneelo wa R9,00. Dibuka tse dipotlana ka R4,50. ELANG TLHOKO: Diphuthego tse gone jaanong di iseng di otore dibuka tsa letsholo tse di umakilweng fa godimo di tshwanetse tsa dira jalo mo foromong ya tsone e e latelang ya kgwedi le kgwedi ya Literature Order (S-AB-14).
◼ Go balebedi ba ba okamelang: Re lo kopa gore lo romelele Mokgatlho maitemogelo ape a a tlhomologileng a phuthego ya lona e nnileng le one mo sebakeng sa ngwaga, go akaretsa le maitemogelo a tirelo ya bobulatsela jo bo thusang le a letsatsi la dimakasine le le kgethegileng la April 3, 1993. Re batla go tlhopha a a molemolemo go tswa mo tshimong ya rona gore re tle re a tsenye mo pegong ya ngwaga le ngwaga. Tsweetswee a romeleng kwano pele ga July 1, 1993.
◼ Bakwaledi ba diphuthego ba tshwanetse ba rulaganya go tlotla ka dirapa 44 go ya go 55 tsa Cost List Instructions (S–15) le batlhanka ba ba dirang mo diakhaontong le mo dimakasineng mo kgweding eno mme ba tlhomamise gore bakaulengwe bao ba tlhaloganya ka botlalo tshedimosetso e e leng moo. Fa lo na le dipotso dingwe mabapi le go otoriwa ga dimakasine, kana fa lo sena kopi ya S–15, tsweetswee itsiseng Mokgatlho.
◼ Re rata go itsise babulatsela botlhe ba ka metlha ba ba iseng ba nne gone mo Sekolong sa Tirelo sa Babulatsela nako e santse e le teng gore sekolo se tla tshwarwa ka November le mo masimologong a December 1993. Tsweetswee dirang dithulaganyo tse di tlhomameng gore lo nne gone mo Sekolong sa Tirelo sa Babulatsela ka November. Ba bangwe mo nakong e e fetileng ba ile ba se ka ba nna gone mo thulaganyong eno ba sena mabaka ape a a utlwalang. Ga re batle gore go nne le mmulatsela ope yo o tla palelwang ke go nna gone mo sekolong seno. Molebedi wa potologo o tla lo romelela tshedimosetso e e oketsegileng.
◼ Bethele e tlhoka thuso ya mooki yo o ithutetseng tiro. Fa o ka kgona go thusa, tsweetswee kwalela Mokgatlho o kopa foromo ya go kopa go tla Bethele.
◼ Go itsisiwe diphuthego tsotlhe tse di mo ditselaneng tsa go romela tsa Mokgatlho gore go simolola gone jaanong Tirelo ya Rona ya Bogosi e tla bo e romelwa e na le dibuka le dimakasine, fa e le gore go dira jalo go tla bo go le botoka. Ka dinako tse dingwe go ka nna ga bo go sa ntse go ka tlhokega go romela Tirelo ya Rona ya Bogosi ka poso. Lefa go ntse jalo, seno se ka dirwa fela fa poso e ka nna bofefo go gaisa Mokgatlho. Tsweetswee tlhomamisang gore lo tsaya dilwana tsa lona ka metlha kwa mabolokelong.
◼ Mokgatlho jaanong o setse o dira CD-ROM gore e tle e dirisiwe le dikhomputara. Eno ke disekete e e tletseng ka tshedimosetso e motho a ka e balang fela e e bolokilweng. E tla dira gore motho a kgone go bona mo sekerining sa khomputara ditshupiso dipe go New World Translation, mo dibolumong tsa Insight, tsa The Watchtower tsa go tloga ka 1950 go ya go 1993, le mo dikgatisong tse dingwe tsa rona tse dintsi tse re nang le tetlokopi ya tsone. CD-ROM eno e tla nna le porokereme e e dirilweng ke Mokgatlho ka botswerere ya gore motho a kgone go batlisisa mo dikgatisong tseo. Go tla tlhokega sedirisiwa se se tshwanetseng sa go bala di-CD-ROM tseno. Go solofelwa gore CD-ROM eno e tla bo e le teng ngwaga o o tlang o simologa. Tsweetswee lo se ka lwa kwala kana lwa founela Mokgatlho lo batla tshedimosetso. Fa tshedimosetso ya botekeniki e setse e siame, re tla romelela diphuthego tsotlhe lekwalo, le le tla bontshang dintlha tse di mabapi le sedirisiwa se se tlhokegang sa go dirisa CD-ROM eno e ntšha.