LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/93 ts. 5
  • Letlole la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Letlole la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Di Diriseng Go na Le Gore di Bolokiwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • A o Amogela ‘Dijo ka Nako e e Tshwanetseng’?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Somarela Dikgatiso Tsa Rona
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 5/93 ts. 5

Letlole la Dipotso

◼ A go tshwanetse gore motho a ikgatisetse dibuka tsa Mokgatlho a bo a di abela ba bangwe?

Mo dingwageng tse di fetileng, Mokgatlho o ile wa gatisa dibuka di le dintsi tse di buang ka karolo nngwe le nngwe ya kitso ya Bibela. Batho ba ba sa tswang go amogela boammaaruri mo dingwageng tsa bosheng jaana ba ka nna ba ikutlwa ba latlhegetswe ke melemo ya dikgang tse di neng tsa gatisiwa mo nakong e e fetileng mme jaanong di sa tlhole di le gone kwa Mokgatlhong. Ba bangwe ba ile ba dira gotlhe mo ba neng ba ka go kgona gore ba iponele dikopi tsa dikgatiso tse dikgologolo, mme ba bangwe ba ile ba ikgatisetsa dikgatiso tsa Mokgatlho ba bo ba di dira ka ditsela tse di farologaneng. Seno se ne sa kopanyeletsa go kwalolola sesha dikgatiso tseno ga mmatota le go di tsenya mo khomputareng. Mo mabakeng a mangwe, seno se ile sa dirwa e le go batla poelo.

“Motlhanka” yo o boikanngo o lemoga gore re tlhoka dilo tsa semoya mme o re neela dijo “ka dipaka tse e leñ cōna.” (Math. 24:45) Fa go ne go tlhokega gore go ntshiwe sesha dibuka tse di gatisitsweng mo nakong e e fetileng, Mokgatlho o ne wa dira dithulaganyo tsa go di gatisa. Ka sekai, dibolumo tsa The Watchtower tsa go tloga ka 1960 go ya go 1985 di ile tsa gatisiwa sesha mme botlhe ba ne ba ka nna natso. Lefa go ntse jalo, fa e le gore batho ke bone ba simololang go ikgatisetsa dibuka tse di ntseng jalo le go di aba, go ka nna ga nna le mathata a a sa tlhokegeng.

Go ka nna le bothata jo bo masisi fa dibuka tseno di ka gatisiwa sesha le go abiwa e le go batla madi. Letlole la Dipotso le le mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya July 1977 le ne la bolela jaana: “Go botoka go sa tshameke ka bokopano jwa bolegodimo ekane e le ka go tlhotlheletsa kana go phatlalatsa thekiso ya dilwana dife le dife kana ditirelo bakeng sa molemo wa papadi mo Holong ya Bogosi, dithutong tsa buka tsa phuthego le kwa dikopanong tsa batho ba ga Jehofa. Se se tla re thusa go neela dikgatlhego tsa semoya tlhokomelo e e tletseng e e tlhokegang le go boloka tiro ya papadi mo sebakeng sa yone se se tshwanetseng.” Ka gone he, go botlhokwa gore re tile go nna batho ba ba ratang dipoelo ka go bapatsa Lefoko la Modimo kana dilo tse di amanang le lone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela