LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/93 ts. 3
  • “A re Eeñ kwa Tluñ ea ga Yehofa”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “A re Eeñ kwa Tluñ ea ga Yehofa”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Kaela Baithuti Kwa Mokgatlhong o o Emelwang ke Leina la Rona
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Thusa ba Bangwe Gore ba Nne Gone mo Dipokanong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Go Kaela Diithuti Tsa Bibela Kwa Phuthegong ya ga Jehofa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Karolo 8: Go Thusa Moithuti go Kopanela le Phuthego
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 5/93 ts. 3

“A re Eeñ kwa Tluñ ea ga Yehofa”

1 Dafide o ne a amogela taletso eno ka tlhoafalo: “A re eeñ kwa tluñ ea ga Yehofa.” (Pes. 122:1) ‘Ntlo’ ya ga Jehofa, e e neng e emelwa ke tempele, e ne e le lefelo le go neng go phuthegela bao ba neng ba rata kobamelo ya Modimo wa boammaaruri. E ne e le lefelo le le boitshepo la polokesego le kagiso. Gompieno, phuthego ya Bokeresete ya lefatshe ka bophara ke ‘ntlo’ ya Modimo, “lekotwana le setshegeco sa boamarure.” (1 Tim. 3:15) Dipaakanyetso tsotlhe tse di bolokang di nna gone ka mosele ono. Ka lone lebaka leo, “merahe eotlhe e tla oologèla kwa go eōna” fa e eletsa go ipelela masego a a solofeditsweng tlase ga puso ya Bogosi jwa Modimo.—Isa. 2:2.

2 ‘Ntlo’ eno e dirilwe ka diphuthego di le 69 000 mo mafatsheng a le 229. Dikgoro tsa Diholo tsa Bogosi di butswe go dikologa lefatshe, tse di nang le badiri ba ba tlhagafetseng ba ba fetang dimilione tse nne ba ba ntseng ba laletsa jaana: “Tla. . . . Eo o ratañ, a a tseè metse a botshelō, a a tseè hèla a sena thèkō.” (Tshen. 22:17) Batho ba le bantsi ba ile ba utlwa molaetsa ono mme ba ne ba o amogela ka boitumelo. Ba bangwe o ba kgatlhile mme lefa go ntse jalo ga ba ise ba tle kwa ntlong ya ga Jehofa go tla go kopanela le phuthego ya Bokeresete. Ba ba ntseng jalo ba na le “seo ba se tlhokang semoyeng” mme ba ka se bona fela mo dipaakanyetsong tse di leng teng fela mo phuthegong. (Math. 5:3, NW) Re tshela mo dipakeng tse di tlhokofatsang, mme bofelo jwa tsamaiso eno bo atamela ka potlako. Boikutlo jwa go sa bontshe kgatlhego kana jwa go okaoka bo ka felela ka tiego e e masisi. Go potlakile gore batho ba leke go ‘atamela Modimo’ ka go nna gaufiufi le phuthego ya gagwe. (Yak. 4:8) Re ka ba thusa jang?

3 Kaela Ba Ba Bontshitseng Kgatlhego kwa Phuthegong: Go tswa fela kwa tshimologong fa e le gone re bonang batho ba ba kgatlhegang, re tshwanetse ra ba kaela kwa phuthegong. Lefa gone rona ka namana re ka nna ra bo re kgona go bula dikwalo le go tlhalosa dithuto tsa motheo, kitso e e ntseng jalo ga e tswe mo go rona. Sengwe le sengwe se re se ithutileng se dule mo phuthegong, se ne sa tla ka setlhopha sa motlhanka yo o abang “diyō ka dipaka tse e leñ cōna.” (Math. 24:45-47) Go tswa fela kwa tshimologong, batho ba basha ba tlhoka go lemoga gore kobamelo e e itshekileng ga e kopanyeletse rona fela kana tota le phuthego e e mo lefelong la rona; go na le mokgatlho wa lefatshe ka bophara o o rulagantsweng, wa puso ya bomodimo o o dirang tlase ga kaelo ya ga Jehofa.

4 Kaelo e re e amogelang e tswa kwa go Jehofa, yo o re solofeditseng gore o tla re kaela le go re ruta. (Pes. 32:8; Isa. 54:13) Thuto eno e anamisiwa segolobogolo ka dibuka tsa rona. Fa re ka thusa batho ba ba kgatlhegang go simolola go bala dibuka tseno, re ba lemotsha gore di na le thuto e e bolokang botshelo, ba ka kgona go bala molaetsa wa tsone le go o dirisa go na le gore ba di latlhe ka bofefo. Ka metlha re tshwanetse go tsamaisa dibuka tseno le go thusa batho gore ba di tseye di le botlhokwa. Seno se ruta batho ba basha gore ba anaanele phuthego le go ikaega mo dipaakanyetsong tsa yone.

5 Itsise batho ba ba kgatlhegang gore go na le lefelo le go kopanelwang teng mo motseng wa lona koo lo rutiwang ka metlha gone. Ba neele aterese ya Holo ya Bogosi le dinako tsa dipokano. Ba tlhalosetse ka dipharologanyo tse di leng teng gareng ga dipokano tsa rona le dikokoano tsa bodumedi tse ba ka tswang ba ne ba kopanela mo go tsone mo nakong e e fetileng. Mongwe le mongwe o a amogelwa; ga go na koleke epe kana go lopa motho ka bongwe madi. Fa badihedi ba ba tlhophilweng ba tshwara dithulaganyo, mongwe le mongwe o na le sebaka sa go akgela le go nna le seabe mo dikarolong tsa thulaganyo eno. Malapa a a amogelwa; bana ba kopanela mo dipuisanong tsa rona tsa Bibela. Badihedi ba rona ga ba apare dipurapura kana diaparo tse di kgethegileng. Holo ya Bogosi e kgabisiwa ka tshwanelo mme ga e na dikerese, difikantswe, kana ditshwantsho. Bao ba kopanelang gantsi ke ba ba agileng mo motseng wa lona.

6 Kaela Batho Ba Ba Kgatlhegang go Nna Baithuti ba Bibela Ba Ba Tswelelang Pele Ba Ithuta: Boikaelelo jo bogolo jwa thuto ya Bibela ke go ruta motho boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. Gape bo tshwanetse jwa dira gore moithuti a anaanele phuthego ya ga Jehofa mme a bo a lemosiwa botlhokwa jwa go nna karolo ya yone. Tiro e kgolo e e neng e dirwa ke Jesu le barutwa ba gagwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga e ne ya gogela batho ba ba peloephepa mme ya dira gore ba bereke mmogo ka kutlwano tlase ga setlhopha se se laolang. Mo metseng e ba neng ba ba tlhwaela tsebe, go ne ga tlhomiwa diphuthego go ba naya thapiso ya ka metlha le thuto. Bao ba neng ba kopanela ba ne ba nonotshiwa semoyeng, ba thusiwa go itshokela dinako tsa dipogiso. (Baheb. 10:24, 25; 1 Pet. 5:8-10) Mo motlheng wa rona ke boikaelelo jwa ga Jehofa “go tla [a] shōpanyetsa dilō cotlhe mo go Keresete.” (Baef. 1:9, 10) Ka lebaka leo, re na le ‘bokopano jwa bokaulengwe’ jwa lefatshe ka bophara.—1 Pet. 2:17.

7 Thuto ya beke le beke ya Bibela e tshwanetse ya akaretsa thuto e e tla thusang baithuti gore ba anaanele phuthego le gore ba sole molemo dipaakanyetso tse di tla ba bolokang. Dirisa metsotso e sekae beke nngwe le nngwe o ba bolelela kana o ba tlhalosetsa sengwe ka ga phuthego le kafa e dirang ka teng. O ka bona dintlha tse di thusang tse o ka buang ka tsone mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya November 1, 1984. Diboroutšhara tsa Basupi ba ga Jehofa mo Lekgolong la Dingwaga la Masome A Mabedi le Basupi ba ga Jehofa Ba Dira Thato ya Modimo ka Kutlwano Mo Lefatsheng Lotlhe di tlotla ka dikarolo tse dikgolo tsa phuthego le kafa di ka re solegelang molemo ka gone. Fa o ka rulaganya gore baithuti ba Bibela ba tle ba bone bidio ya Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name ba tla kgona go iponela ka bobone gore ke eng se e se fitlhelelang. Fa o ka mmolelela ka dipego dingwe le maitemogelo a a tswang go Yearbook o ka mmontsha kafa tiro e atlegang ka gone mo dinageng le mo ditsong tse dingwe kwantle ga tsa rona. Gape o ka nna wa dirisa dikgatiso tse dingwe. Morago ga nako e e rileng, dira gore nako le nako o mo tlhalosetse ka dilo tse di jaaka lebaka la go bo re tsamaya ka ntlo le ntlo, boikaelelo jwa dipokano tsa rona, kafa re tshegetsang tiro ya rona ka madi ka teng, le ka ga tiro ya rona ya lefatshe lotlhe.

8 Go itlwaelanya le Basupi ba bangwe go ka tlhotlheletsa batho ba eleng gone ba kopanelang, mme seno se dira gore ba nne le kitso e e oketsegileng ka phuthego tota. Jalo he, kopa baboledi ba bangwe gore ba nne teng mo thutong eo gangwe le gape. Mongwe fela mo phuthegong yo o nang le maemo a a tshwanang kana yo o nang le dikgatlhego tse di tshwanang le tsa moithuti wa gago o ka nna a fetola kgopolo ya moithuti wa gago. Gongwe mogolwane o ka tsamaya le wena e le fela gore a mo tlwaele. Fa o ka rulaganya go tsamaya le molebedi wa potologo kana mosadi wa gagwe kwa thutong eno o ka felela o bonye masego tota. Fa e le gore go na le Basupi ba ba agileng gaufi le kwa gabone, fa o ka dira gore ba itlwaelanye le moithuti yono wa Bibela seo se ka nna sa mo kgothatsa tota gore a nne teng kwa dipokanong tsa phuthego.

9 Kgothaletsa Batho Ba Eleng Gone Ba Kopanelang go Tla Dipokanong: Batho ba eleng gone ga kopanelang ba tlhoka go lemoga gore go botlhokwa tota go nna teng kwa dipokanong. Leka go ba dira gore ba nne le kgatlhego. Mmontshe ditlhogo tse go tla tlotliwang ka tsone mo Thutong ya Tora ya Tebelo. Umaka ditlhogo tsa dipuo tsa phatlalatsa tse di tlang. Mmolelele dintlha tsa konokono tsa dipuo tse di tshwerweng mo Sekolong sa Bodihedi sa Puso ya Bomodimo le mo Thutong ya Buka ya Phuthego. Tlhalosa maikutlo a gago ka se o se ithutileng kwa dipokanong tseno le lebaka la go bo o bona go tlhokega gore o nne teng mo go tsone. Fa o kgona, mo pege mo sepalangweng sa gago. Go mo founela pele ga dipokano go ka nna ga mo kgothaletsa gore a tle kwa go tsone.

10 Fa moithuti wa Bibela a tla kwa pokanong, mo dire gore a ikutlwe a amogelesega. Mo itsise ba bangwe, go akaretsa le bagolwane tota. Fa a tla kwa puong ya phatlalatsa, mo itsise gore sebui ke mang. Mo tsamaise mo Holong ya Bogosi. Mo tlhalosetse gore go dirwa eng mo dikhaontareng tsa dibuka le tsa dimakasine, mabokose a meneelo, laeborari, le temana ya ngwaga. Mmolelele gore holo eno ga se ntlo ya kobamelo fela mme gape ke lefelo le go rulaganngwang tiro ya go rera ya mo motseng wa lona gone.

11 Mo tlhalosetse kafa dipokano tsa rona di tshwarwang ka teng. Bontsha moithuti yono dikgatiso tse re di dirisang. Mo tlhalosetse gore Bibela ke buka ya konokono e re e dirisang. Mongwe le mongwe o ka akgela, go akaretsa le bana ba bannye tota. Mo tlhalosetse gore mmino le mafoko a one o o mo bukeng ya dipina o ne wa gatisiwa ke Basupi ba ga Jehofa gore re o opele mo kobamelong ya rona. Dira gore a tlhokomele mefuta ya batho ba ba sa tshwaneng ba ba kopanelang. Akgela ka tsela e e siameng ka moya o o botsalano le wa go amogela baeng o o leng teng. Go mo kgatlhegela ka tsela e e peloephepa, le ya bopelonomi go ka nna lengwe la mabaka a a nonofileng a go tlhotlheletsa moithuti gore a tle gape.

12 Lebaka la Go Bo Ba Bangwe Ba Ka Nyema Moko: Gantsi, go sa kgathalesege sotlhe se o se dirang, ba bangwe ba ka okaoka go tla kwa phuthegong. O se ka wa fela pelo ka bonako. Leka go ipaya mo seemong sa bone. Go fitlha jaanong, gongwe ga ba ise ba bone go tlhokega gore ba ye ditirelong tsa bodumedi fa e se fela fa go na le sengwe se se kgethegileng. Gongwe maloko a lelapa kana ditsala tse di gaufi le bone di ka nna tsa tswa di ba gatelela. Ba ka nna ba tshosediwa ke baagisani bao ba ba buang ka go ba sotla. Mme ke boammaaruri gore, ba ka nna ba itewa tsebe ke go latela dilo tse di amanang le tikologo le tsa go itlosa bodutu. Ba ka nna ba di leba jaaka dikgoreletsi tse di ka sekang tsa twe sepe; o tlhoka go ba thusa go leba dilo ka pono e e siameng mme ‘ba ke ba dumalane le dilo tse di molemo.’—Bafil. 1:10.

13 Mo tlhalosetse Dikwalo tse di tla mo thusang go itshoka. Mo tlhalosetse ka botlalo gore go potlakile gore rotlhe re kgothadiwe le go agiwa semoyeng mme se re se bona fa re kopane mmogo. (Bar. 1:11, 12) Jesu o ne a phepafatsa seno gore go ganediwa ke balelapa ga se lone lebaka le le utlwalang la gore motho a nyeme moko. (Math. 10:34-39) Paulo o ne a re nonotsha gore re se ka ra tlhabiwa ke ditlhong go ipolela phatlalatsa gore re barutwa ba ga Jesu. (2 Tim. 1:8, 12-14) Ditiro tsa motho ka namana le dilo tse di itayang motho tsebe o tshwanetse a di tlhokomela; go sa nneng jalo, di ka nna serai mo go ene. (Luke 21:34-36) Batho ba Jehofa a tla ba segofatsang ke ba ba dirang ka moyasebele otlhe, eseng ka go ngodiega. (Bakol. 3:23, 24) Fa o dira gore ba anaanele melaometheo e e ntseng jalo ya Bibela o ka nna wa ba bulela tsela ya gore ba tswelele pele semoyeng.

14 Dikgoro Di Butswe: Ntlo ya ga Jehofa ya kobamelo ya boammaaruri e kwa godimo ga tse dingwe tsotlhe. Taletso eno e mo mafatsheng a le 229 go dikologa lefatshe: “Ntloñ, a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa, . . . me o tla re ruta ditsela tsa gagwè, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa gagwè.” (Isa. 2:3) Fa batho ba eleng gone ba kopanelang ba utlwa ka tsela e e siameng ba ka boloka matshelo a bone. Fa re lebisa ba ba kgatlhegang kwa phuthegong ya ga Jehofa e tla nna nngwe ya ditsela tse di molemolemo tse re ka ba thusang ka tsone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela